Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ngomoga Pelo mo go Bakwang ke Tiragalo Nngwe e e Garolang Pelo go Tla Fela!

Go Ngomoga Pelo mo go Bakwang ke Tiragalo Nngwe e e Garolang Pelo go Tla Fela!

Go Ngomoga Pelo mo go Bakwang ke Tiragalo Nngwe e e Garolang Pelo go Tla Fela!

GONGWE o ne o le lesole le le neng le lwa mo ntweng mme o tshwenngwa ke ditoro tse di maswe e bile mo mogopolong wa gago o sa ntse o bona dilo tse di maswe tse di neng di diragala kwa ntweng tse di dirang gore go nne jaaka e kete go mo go wena ntwa ga e ise e fele. Gongwe o ile wa diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko thata jaaka go betelelwa e bile o ikutlwa jaaka e kete go na le karolo nngwe ya botshelo jwa gago e e neng ya swa mo masetlapelong ao. Kgotsa e ka tswa e le gore mongwe yo o mo ratang o tlhokafetse ka ntlha ya masetlapelo a tlholego kgotsa ka ntlha ya kotsi mme go botlhoko fela thata go tswelela o tshela motho yoo a seyo.

A o ipotsa gore a maikutlo a a ntseng jalo a ka fetolwa? Re ka araba re tlhatswegile pelo re re: Ee, a ka fetolwa! Gone jaanong, botlhe ba ba kileng ba diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko ba ka gomodiwa ke Lefoko la Modimo, Baebele.

Re ka Thusiwa go Itshokela Tiragalo e e Garolang Pelo

Mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a diragalelwa ke dilo tse di tshosang thata tse di neng di tshosetsa botshelo jwa gagwe. Tsela e a tlhalosang dingwe tsa tsone ka teng di kwadilwe mo Baebeleng. Paulo o ne a kwala jaana: “Ga re eletse gore lo bo lo se na kitso, ka ga pitlagano e e neng ya re diragalela kwa kgaolong ya Asia, gore re ne re le mo kgatelelong e kgolo e e fetang nonofo ya rona, mo re neng re sa tlhomamisege gotlhelele le ka matshelo a rona. Tota e bile, re ne re ikutlwa gore re ne re amogetse katlholo ya loso.”—2 Bakorintha 1:8, 9.

Le fa gone go sa itsiwe gore tota go diragetseng mo tiragalong eo, ruri e ne e le botlhoko thata. (2 Bakorintha 11:23-27) Paulo o ne a kgona jang go itshoka?

Fa a ne a gopola matshwenyego a gagwe kwa Asia, o ne a kwala jaana: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.”—2 Bakorintha 1:3, 4.

Ee, batho ba ba falotseng tiragalo e e garolang pelo ba ka bona thuso mo go “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” O ka bona jang kgomotso eo?

Kafa o ka Bonang Thuso ka Teng

Sa ntlha—kopa thuso. Fa o ikutlwa o lepeletse mo maikutlong, gakologelwa gore ba bangwe le bone ba kile ba ikutlwa jaaka wena. Ba ba fentseng maikutlo ano gantsi ba itumelela go thusa ba bangwe. Jaaka moaposetoloi Paulo, gantsi ba nna le maikutlo a gore ba tshwanetse go bolelela ba bangwe “ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano” ka kgomotso e ba e neilweng ke Modimo ka nako ya fa ba ne ba le mo tekong. O se ka wa okaoka go atamela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa—mongwe le mongwe fela yo o ikutlwang o gololesegile mo go ene—mme o kope gore a go thuse gore o ka bona jang thuso e e tswang kwa go Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe.”

Rapela o sa kgaotse. Fa o thatafalelwa ke go rapela ka gonne o ikutlwa o galefile, kopa mongwe yo o tshwanelegang semoyeng gore a rapele le wena. (Jakobe 5:14-16) Fa o bua le Jehofa Modimo, gakologelwa go ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Dikwalo di gatelela gantsintsi gore Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ka namana.

Mokwadi wa Pesalema 94 o ka tswa a ne a kile a diragalelwa ke sengwe se se botlhoko thata, ka gonne o ne a kwala jaana: “Fa Jehofa a ka bo a sa nthusa, morago ga lobakanyana moya wa me o ka bo o agile mo tidimalong. Fa ke ne ke re: ‘Lonao lwa me lo tla tsamaya lo sa tsepama,’ bopelonomi jwa gago jwa lorato, wena Jehofa, bo ne jwa nna jwa ntshegetsa. Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—Pesalema 94:17-19.

Ba bangwe ba ba nang le bothata jono jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo gantsi ba tshwenngwa ke “dikakanyo tse di tlhobaetsang,” tse ka dinako tse dingwe di ka nnang jaaka maikutlo a a fekeetsang a letshogo kgotsa a tšhakgalo. Le fa go ntse jalo, thapelo e e tswang pelong e ka thusa go go “tshegetsa” go fitlha maikutlo ao a feta. Tsaya Jehofa e le motsadi yo o lorato mme wena o le ngwana yo mmotlana yo a mo sireletsang ka lorato. Gakologelwa tsholofetso ya Baebele ya gore “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:7.

Go fola—e ka nna ga mo mmeleng, mo tlhaloganyong kgotsa ga semoya—go tsaya nako. Ka jalo go tla bo go sa utlwale go lebelela gore thapelo e ka tlisa kagiso ka yone nako eo mo go ba ba tshwentsweng thata ke ditiragalo tse di garolang pelo. Le fa go ntse jalo, go rapela o sa kgaotse go botlhokwa. Go tla thusa yo o nang le bothata gore a se ka a fekeediwa thata ke maikutlo a a mo tlelang morago ga tiragalo e e garolang pelo mme a dira gore a itlhoboge.

Bala o bo o tlhatlhanye ka Lefoko la Modimo. Fa o palelwa ke go tlhoma mogopolo, kopa mongwe gore a go balele dipego tse di kgothatsang tsa Baebele. O ka nna wa tlhopha dikarolo tse di senolang kafa Jehofa a tshwenyegileng thata ka teng ka tsela e e lorato ka batho ba gagwe ba ba ikanyegang, go sa kgathalesege gore ba tshwenyegile thata go le kana kang mo maikutlong kgotsa gore ba ikutlwa ba itlhobogile go le kana kang.

Jane, yo o umakilweng mo ditlhogong tse di fetileng, o ne a gomodiwa ke ditemana tse dintsi tsa Baebele mo go Dipesalema. Di akaretsa Pesalema 3:1-8; 6:6-8; 9:9, 10; 11:1-7; 18:5, 6; 23:1-6; 27:7-9; 30:11, 12; 31:12, 19-22; 32:7, 8; 34:18, 19; 36:7-10; 55:5-9, 22; 56:8-11; 63:6-8; 84:8-10; 130:1-6. O se ka wa leka go bala ditemana di le dintsi tsa Baebele ka nako e le nngwe. Go na le moo, iphe nako ya go tlhatlhanya ka tsone le ya go rapela.

Go Ngomoga Pelo ka Selekanyo se se Iseng Se ke Se Bonwe

Go a hutsafatsa gore ga go a tshwanela go re gakgamatsa gore dipetelelo, dipolao, dintwa le thubakanyo e e sa tlhokegeng di atile jaana gompieno. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu Keresete o ne a tlhalosa motlha wa rona jaaka o mo go one go neng go tla nna le “go oketsega ga go tlhoka molao.” O ne a oketsa ka gore: “Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”Mathaio 24:7, 12.

Mo dingwageng tsa bosheng go ngomoga pelo mo go bakwang ke ditiragalo tse di garolang pelo go tlwaelegile fela thata—gantsi go bakiwa ke tsone ditiragalo tse Jesu a di boleletseng pele. Jaaka go kwadilwe mo Baebeleng mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21, Jesu o ne a bolela gore mo nakong ya bofelo ya lefatshe leno, go ne go tla nna le dintwa mo ditšhabeng tsotlhe, masetlapelo a tlholego, le go oketsega ga tlolomolao le go tlhoka lorato. Le fa go ntse jalo, gape jaaka Jesu a ne a bolela, thuso ga e kgakala thata.

Fa a sena go tlhalosa go oketsega thata ga go ngomoga pelo mo go neng go tla aparela lefatshe lotlhe le go simologa ga “pitlagano e kgolo” e e neng e tla latela, tlhokomela gore Jesu o ne a bolela gore batho ba ne ba tshwanetse go dira eng: “Emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.” (Mathaio 24:21-31; Luke 21:28) Ee, jaaka maemo a lefatshe a ntse a nna maswe go ya pele, re ka tlhomamisega gore pitlagano e kgolo e e tlelang tsamaiso eno ya dilo e e bakang matshwenyego e tla felela ka gore boikepo botlhe bo fedisiwe mme go tsene tsamaiso e ntšha ya tshiamo.—1 Johane 2:17; Tshenolo 21:3, 4.

Ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore kgololo ya rona e tla tla fela fa boikepo le thubakanyo di sena go oketsega thata. Dikatlholo tsa Modimo mo nakong e e fetileng kgatlhanong le lefatshe la motlha wa ga Noa le baagi ba ba bosula ba Sodoma le Gomora di ne tsa diragadiwa fela jalo. Go diragadiwa mo go ntseng jalo ga katlholo ya bomodimo mo nakong e e fetileng go bontsha se se tla diragalang mo isagweng.—2 Petere 2:5, 6.

Bokhutlo Jwa go Ngomoga Pelo ka Ntlha ya Tiragalo Nngwe e e Garolang Pelo

Fa e le gore o na le bothata jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo nngwe e e garolang pelo (PTSD [post-traumatic stress disorder]), o ka ipotsa gore a go gopola dilo tse di go diragaletseng mo nakong e e fetileng tse di botlhoko go tla tsamaya go fela. Le fa go ntse jalo, karabo e e tlhomameng ke: Ee, di tla fela! Mo go Isaia 65:17, Jehofa Modimo o bolela jaana: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” Le fa gone mabadi a mo tlhaloganyong a go garoga pelo mo nakong e e fetileng a ka lebega a nnetse ruri, lokwalo lono lo re tlhomamisetsa gore letsatsi lengwe a tla bo a sa tlhole a na le maatla a go re tshwenya gotlhelele.

Gompieno, morago ga lobaka lo lo fetang ngwaga Jane a batlile a betelelwa, o direla jaaka mmulatsela (moefangele wa nako e e tletseng) wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a bolela jaana bosheng: “Ke ne ka ikutlwa ke siame gape fela fa tsheko e sena go fela mme motho yo o neng a ntlhasetse a atlhotswe—dikgwedi di feta robedi morago ga go tlhaselwa. Ka nako eno mo ngwageng o o fetileng, ke ne nka se akanye gore ke ne nka nna le kagiso le boitumelo tse jaanong ke di itumelelang. Ke leboga Jehofa ka ntlha ya tsholofetso ya gagwe e ntle ya botshelo jo bo sa khutleng le tshono ya go bolelela ba bangwe tsholofelo eo.”—Pesalema 27:14.

Fa e le gore o lwantshana le maikutlo a go itlhoboga le go kgwaralala maikutlo mo go bakwang ke PTSD, le wena o ka nonotshiwa ke tsholofelo eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete go ka go thusa gore o itshoke

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Go bala Lefoko la Modimo le go rapela go ka go nonotsha

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go ise go ye kae go garoga pelo ga mefuta yotlhe go tla bo go fetile