Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Thusang ka Gone

Kafa o ka Thusang ka Gone

Kafa o ka Thusang ka Gone

“Bana ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tlhoka thuso. Mme bana bao ba ka se bone thuso eo ka bobone fela. Sa ntlha, motsadi o tshwanetse go lemoga bothata a bo a bo tsaya e le kgang e e masisi. Go dira jalo ga go motlhofo.”—Dr. Mark S. Gold.

KE ENG se o ka se dirang fa o belaela gore ngwana wa gago o tshwenyegile thata mo maikutlong? Sa ntlha, o se ka wa itlhaganelela go dira tshwetso malebana le seo. Ka gonne matshwao a o a bonang e ka tswa e le a sengwe se sele gotlhelele. * Mo godimo ga moo, basha botlhe ba a tle ba tsogelwe gangwe le gape mo maikutlong. Mme fa bothata jono bo tsaya lobaka lo loleele mme bo lebega e se go hutsafala ga nakwana fela, go ka nna molemo go ya go bona ngaka ka jone. Malebana le seno, go molemo go akanya ka mafoko a ga Jesu a a reng: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Mathaio 9:12.

Phuthologa mme o neye ngaka tshedimosetso epe fela e e ka thusang, go akaretsa le diphetogo tse di diregileng bosheng mo botshelong jwa mosha tse di ka tswang di bakile khutsafalo eno ya gagwe. Tlhomamisa gore ngaka e dirisa nako e e lekaneng go reetsa matshwao a bolwetse pele e ka bolela gore bothata ke eng. Dr. David G. Fassler o tlhagisa jaana: “Ga go kgonege go kokoanya tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang gore ngwana a tlhatlhobiwe ka botlalo mo metsotsong e le masomeamabedi fela.”

O se ka wa tshaba go botsa ngaka dipotso dipe fela tse o ka tswang o na le tsone. Ka sekai, fa ngaka e akanya gore ngwana wa gago o tshwenyegile thata mo maikutlong, o ka nna wa batla go botsa gore ke eng, fa a sa bone e le bolwetse bongwe bo sele. Fa o belaela se ngaka e se bolelang, mmolelele gore o ka rata go utlwa gore ngaka e nngwe yone e tla reng. Ruri ga go na ngaka epe e e siameng e e tla go thibelang go dira jalo.

Go Amogela Boemo le go Lebana Najo

Fa e le gore ngwana wa gago o tshwenyegile thata mo maikutlong, o se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke boemo jono. Boammaaruri ke gore go tshwenyega thata mo maikutlong go ka ama le basha ba ba molemo tota. Eleruri, Baebele e bontsha gore go utlwa botlhoko mo maikutlong go amile ba ba neng ba iteka ka natla go direla Modimo, go sa kgathalesege dingwaga tsa bone. Akanya ka Jobe yo o ikanyegang yo o neng a ikutlwa a latlhilwe ke Modimo mme ka jalo a tlhalosa fa a tlhoile botshelo. (Jobe 10:1; 29:2, 4, 5) Hana e ne e le motlhanka wa Modimo yo o neng a nna “moya o bogalaka” gore a bo a se ka a kgona le go ja. (1 Samuele 1:4-10) Gape go ne go na le monna mongwe yo o neng a ineetse mo Modimong e bong Jakobe, yo o neng a fetsa malatsi a le mantsi a hutsafetse e bile ‘a sa batle go gomodiwa’ fa morwawe a sena go tlhokafala. Tota e bile, Jakobe o ne a bolela fa a ne a eletsa go ya go tsena le morwawe kwa lebitleng! (Genesise 37:33-35) Ka jalo, ga se gantsi go tshwenyega thata mo maikutlong go bakwang ke go dira phoso nngwe mo dilong tsa semoya.

Le fa go ntse jalo, fa mosha a tshwenyegile thata mo maikutlong, seno se ka tlisetsa batsadi bothata jo bogolo. Mmè mongwe yo o nang le ngwana yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o bolela jaana: “Ke tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka se ke se buang le se ke se dirang. Ke tshwenyegile thata, ke a boifa, ke galefile e bile ke lapile.” Yo mongwe ene o bolela jaana: “Fa ke dule mme ke bona mmè mongwe a tlile mabenkeleng le ngwana wa gagwe wa mosetsana wa dingwaga tsa bolesome, pelo ya me e ne e rotha kgodu e khibidu ka gonne ke akanya gore nna ga ke kgone go dira jalo le [morwadiake] e bile seo ga se kitla se tsamaya se direga.”

Ga go na molato ope ka go ikutlwa jalo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, maikutlo a a ntseng jalo a ka nna a go fekeetsa thata. Fa seo se direga, ke eng fa o sa bulele tsala e o e ikanyang mafatlha a gago? Diane 17:17 e bolela jaana: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” Gape, o se ka wa tlhokomologa thapelo. Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re latlhela morwalo wa rona mo Modimong, o tla re tshegetsa.—Pesalema 55:22.

Go Pega ba Bangwe Molato

Batsadi ba le bantsi ba ba nang le basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba kgobega marapo fela thata mme ba ikutlwa gore ka tsela nngwe ke bone ba bakileng boemo jono. Motsadi mongwe o bolela jaana: “Fa ngwana wa gago a tshwenyegile thata mo maikutlong, ruri o ikutlwa o le molato e bile ga go na ope yo o ka dirang gore o se ka wa ikutlwa jalo. O nna o ntse o ipotsa gore, ‘Ke kae fa re dirileng phoso gone? Go senyegile kae? Ke bakile bothata jono jang?’” Batsadi ba ka dira jang gore ba akanye ka tsela e e lekalekaneng fa ba lebane le boemo jono?

Ga go na pelaelo gore boemo jo bo seng monate mo gae bo ka ama ngwana fela thata. Go a utlwala go bo Baebele e tlhagisa borre jaana: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” (Bakolosa 3:21) Ka jalo, batsadi ba tla bo ba dira sentle go sekaseka tsela e ba dirisanang le bana ba bone ka yone mme ba dire diphetogo fa go tlhokegang gone.

Mme go tshwenyega thata mo maikutlong ga se ka dinako tsotlhe go bakwang ke phoso ya batsadi. Bothata joo bo fitlhelwa le mo malapeng a a ratanang tota. Ka jalo, batsadi ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go thusa bana ba bone ga ba a tshwanela go ikutlwa ba le molato.

Go botlhokwa ka tsela e e tshwanang gore go se ka ga pegwa mosha yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong molato. Aitsane, gongwe le ene ga a kgone go laola bothata jono. Mmè mongwe o bolela jaana: “Ke ne nka se ka ka mo latofaletsa go bo a tshwerwe ke bolwetse jwa thutlwa kgotsa ke nyumonia.” Mme o bolela jaana: “Mme ke ne ke mo pega molato fa a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke ne ke latofaletsa ngwanake go bo a lwala—mme seo se ntira gore ke sulafalelwe tota.” Fa batsadi le batho ba bangwe ba leba go tshwenyega thata mo maikutlong e le bolwetse mme e seng bokoa, seno se tla ba thusa go bona kafa ba ka emang molwetse nokeng ka gone.

Go godisa mosha yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong go ka baka bothata jo bogolo thata mo kamanong e batsadi ba nang le yone. Mosadi mongwe yo o nyetsweng o bolela jaana: “Re ne re pegana molato, segolo jang fa re akanya ka botshelo jo re neng re lebeletse go bo tshela le botshelo jo jaanong re neng re bo tshela ka ntlha ya morwaarona.” Tim, yo morwadie a tshwenyegileng thata mo maikutlong o bolela jaana: “Go motlhofo go pega molekane wa gago molato. Fa batsadi ba na le mathata a lenyalo pele ngwana a bontsha matshwao a gore o tshwenyegile thata mo maikutlong, tsela e e akabatsang e ngwana a itshwarang ka yone e ka nna ya ba okeletsa mathata.” Lo se ka lwa letla gore go tshwenyega thata mo maikutlong ga ngwana go bake kgaogano mo lenyalong la lona! Tota ga o ka ke wa rarabolola bothata bope ka go ipega molato, go o pega ngwana wa gago kgotsa molekane wa gago. Selo se se botlhokwa ke go ema molwetse nokeng.

Go mo Ema Nokeng

Baebele e tlhagisa Bakeresete jaana: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.” (1 Bathesalonika 5:14) Fa mosha yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong a na le bothata jwa go ikutlwa a se na molemo wa sepe, o ka mo thusa. Jang? E seng ka go mo kgoba ka mafoko a a jaaka, “Ga o a tshwanela go ikutlwa jalo” kgotsa, “Go ikutlwa jalo ga go a siama.” Go na le moo, leka go mo tlhomogela pelo o mmontshe gore o mo ‘utlwela botlhoko.’ (1 Petere 3:8) Paulo o ile a kgothatsa Bakeresete gore ba ‘lele le batho ba ba lelang.’ (Baroma 12:15) Gakologelwa gore motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong ka tsela ya mmatota o mo botlhokong tota. Botlhoko jo a bo utlwang ga se selo fela se a se ikakanyetsang, e bile ga a itire e kete o mo botlhokong fela gore a gape tlhokomelo ya ba bangwe. Fa o sena go reetsa, leka go mo dira gore a go bulele mafatlha a gagwe. Mmotse gore ke ka ntlha yang fa a ikutlwa ka tsela eo. Morago ga moo, ka bonolo le ka bopelotelele, thusa mosha yono go bona gore ke ka ntlha yang fa go se na mabaka a gore a itseele kwa tlase jalo. Go mo tlhomamisetsa gore Modimo o a mo rata le gore o mo utlwela botlhoko go ka nna ga thusa go fokotsa ditlhobaelo tse a nang le tsone.—1 Petere 5:6, 7.

Go ka tswa go na le dikgato tse dingwe gape tse di mosola tse o ka di tsayang. Ka sekai, o ka nna wa tshwanelwa ke go ela tlhoko gore ngwana wa gago yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o ikhutsa ka tsela e e tshwanetseng, o ja dijo tse di nang le dikotla ka tsela e e tshwanetseng le gore o a ikatisa. (Moreri 4:6) Fa ngaka e naya mosha yoo molemo mongwe, go tla nna botlhale go mo thusa go bona botlhokwa jwa go o dirisa. Le ka motlha o se ka wa lapa pelo go mo ema nokeng, le gone o se ka wa tlogela go mmontsha lorato.

Ga go na pelaelo gore go tshwenyega thata mo maikutlong ke selo se se botlhoko tota mo mosheng ka boene le mo lelapeng lotlhe. Kgabagare, bopelotelele, boitshoko le lorato di tla dira gore basha ba ba tshwenyegileng mo maikutlong ba kgone go thusiwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go begwa gore malwetse mangwe—a a akaretsang go oketsega ga disele tse ditshweu tsa madi, bolwetse jwa sukiri, tlhaelo ya madi, go sa berekeng sentle ga kgeleswa ya thyroid le go fokotsega ga sukiri mo mading—a ka baka matshwao a bolwetse jo bo tshwanang le jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong ka tsela ya mmatota o mo botlhokong jo bogolo. Botlhoko joo ga se selo fela se a se ikakanyetsang

[Lebokoso mo go tsebe 13]

FA O LE MOSHA YO O TSHWENYEGILENG THATA MO MAIKUTLONG

Ga se gore ga o kitla o bona thuso epe e bile boemo jwa gago bo tla tokafala. Go tshwenyega ga gago thata mo maikutlong go ka tswa go bakwa ke (1) go sa lekalekane ga dikhemikale kgotsa (2) maemo mangwe mo botshelong a o sa kgoneng go a laola ka gope. Le fa go ka tswa go bakwa ke eng, ga se molato wa gago go bo o le mo boemong jo o leng mo go jone. Le fa go ntse jalo, ke eng se o ka se dirang ka boemo jono?

Baebele e bolela gore “go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Diane 18:24) Ke ka ntlha yang fa o sa senke tsala e e ntseng jalo mme o e bulele mafatlha a gago? Mongwe wa batsadi ba gago kgotsa motho mongwe yo o godileng a ka nna tsala e kgolo ya gago mo go lwantsheng go tshwenyega thata mo maikutlong ga gago.

Fa batsadi ba gago ba belaela gore o tshwenyegile thata mo maikutlong ka tsela e e tlhokang kalafi, ba ka nna ba go isa kwa ngakeng e e nang le maitemogelo a go alafa bothata jono. Eno ke kgato e e botlhale, ka gonne gantsi go tshwenyega thata mo maikutlong go ka kokobediwa fela thata ka kalafi fa e le teng. Ka sekai, fa go bakwa ke bothata jwa go sa lekalekane ga dikhemikale mo mmeleng, go ka akantshiwa gore o newe molemo o o alafang go tshwenyega thata mo maikutlong. Fa e le gore seno ke bothata jwa gago, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go nwa molemo oo. O dira fela gore dikhemikale mo mmeleng wa gago di boe gape di lekalekane sentle, mme seno e ka nna sone se o se tlhokang go go thusa gore o boe gape o itumele le go ritibala mo botshelong.

Batho ba le bantsi ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ile ba bona kgomotso ka go bala Baebele le go atamela gaufi le Modimo ka thapelo. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” *Pesalema 34:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . A ke Tshwanetse go Bolelela Mongwe Gore ke Tshwenyegile Thata mo Maikutlong?” se se mo makasineng wa Tsogang! ya November 8, 2000.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

THUSO LE TSHOLOFELO KA BA BA LWALANG

E re ka go tshwenyega thata mo maikutlong e le bothata jo bo raraaneng, ga re a kgona go tlotla ka dintlha tsotlhe tsa kgang eno mo motseletseleng wa ditlhogo tse dikhutshwane tseno. Le fa go ntse jalo, bagatisi ba Tsogang! ba solofela gore dintlha tse go tlotlilweng ka tsone fano di ka thusa basha le batsadi ba bone go itshokela bolwetse jono jo bo koafatsang.

O ka tswa o lemogile gore bontsi jwa kaelo e e mo setlhogong se se fetileng e theilwe mo Baebeleng. Ke boammaaruri gore ke buka ya bogologolo. Le fa go ntse jalo, kgakololo ya yone e mosola gompieno fela jaaka e ne e le mosola ka nako ya fa e ne e kwalwa. Ka ntlha yang? Ka gonne le mororo dinako di fetogile, batho bone ga ba a fetoga. Re lebane le mathata a a tshwanang le a dikokomana tse di fetileng di neng di lebane le one. Pharologano e e leng teng gompieno ke gore mathata ano a magolo thata e bile a raraane fela thata.

Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le lengwe gape la go bo Baebele e le mosola fela thata: E tlhotlheleditswe ke Modimo. (2 Timotheo 3:16) Jaaka e le Mmopi wa rona, o itse se re se tlhokang gore re tle re solegelwe molemo thata mo botshelong.

Gone ke boammaaruri gore Baebele ga se bukathuto ya kalafi. Ke gone ka moo e sa re thibeleng go batla kalafi e e tshwanetseng ya malwetse a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong. Gape, Baebele e na le melaometheo e e ka re thusang go gomotsa ba ba lwalang. Go feta moo, e na le tsholofetso ya Modimo ya gore go ise go ye kae, o tla fodisa matlhoko otlhe a rona. (Pesalema 103:3) Ee, Jehofa o ikaeletse go “rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.”—Isaia 57:15.

A o batla go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofelo e e molemo eno? Tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa kwalela kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng 5 ya makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Leka go mo tlhomogela pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Go botlhale go ya go bona ngaka fa mosha a fetsa lobaka lo loleele a tshwenyegile thata mo maikutlong

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Fa o le motsadi, o se ka wa itlhaganelela go ipega molato, kgotsa go o pega molekane wa gago kgotsa ngwana wa gago