Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgwetlho ya go Tlhokomela Bana

Kgwetlho ya go Tlhokomela Bana

Kgwetlho ya go Tlhokomela Bana

Boritane ke naga ya Bophirima e e humileng thata. Mme go akanyediwa gore ngwaga le ngwaga bana ba teng ba feta 100 000—palo e e menaganeng gabedi go feta kafa go neng go akanngwa ka teng pele—ba ngwega mo gae. Ka ntlha ya seo, ngwana a le 1 mo go ba le 7 o sotlwa ka thubakanyo kgotsa ka tsa tlhakanelodikobo.

Ian Sparks, mokaedimogolo wa Mokgatlho wa Bana o bolela jaana: “Fa bana ba ikutlwa ba kgaphetswe kwa thoko e bile ba latlhilwe, go ka nna ga lebega go ngwega mo gae e le yone tharabololo.” O oketsa ka gore: “Kgang eno e ama bana ba mefuta yotlhe—bana ba kgona go ngwega mo magaeng a a mo tikologong e ntle fela jaaka ba kgona go ngwega go tswa mo magaeng a a mo tikologong e e humanegileng.”

Go tlhokomela bana le go ba thapisa ke boikarabelo jo bogolo. Thuso e ka bonwa kae? Buka e e reng Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng e diretswe go thusa mo go seno. Dikgaolo tsa yone tse 16 di akaretsa “Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng,” “Thusa Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome go Gatela Pele,” le “Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula.” Dikgaolo tsotlhe tse 16 tsa buka eno di na le kgakololo e e mosola, mme se se botlhokwa thata, di dirisa Baebele jaaka motswedi wa botlhale jwa maemo a a kwa godimo go feta jwa rona.

O ka kopa khopi ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka go tlatsa setlankana se se fa tlase o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng seno kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di bontshitsweng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.