Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kokomana E e Mo Kotsing

Kokomana E e Mo Kotsing

Kokomana E e Mo Kotsing

“Go tla go fitlha mo dikgweding tse pedi tse di fetileng, ke ne ke ntse ke itumetse e bile ke le matlhagatlhaga. Jaanong nako le nako fa ke bona sebaka sa go dira sengwe, ke a bo ke lapile thata gore nka se dira. Ke ikutlwa ke sa itumela gotlhelele e bile ke fela pelo ka bonako, ga ke itse gore batho ba ka intshokela jang. Ga ke kgone go tlhalosa gore tota go tla jang gore ke bo ke ikutlwa jaana.”—Paul.

“Ke nnela go lela le go nna ke utlwile botlhoko. Fa ke sa utlwa botlhoko, ke nna ke tsigame fela. Ga go na sepe fela se ke se itumelelang. Ga ke tlhole ke rata go kopana le ditsala tsa me. Gantsi ke aga ke robetse. Ke fetsa malatsi a le mantsi ke sa kgone go tsoga gore ke ye sekolong e bile maduo a me kwa sekolong a wetse kwa tlase fela thata.”—Melanie.

PAUL le Melanie ga se bone fela ba ba ikutlwang ka tsela eno. Dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le robedi tsa basha ba kwa United States ba na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong le gore ngwaga le ngwaga, diperesente di le nnè tsa bone ba tshwenyega fela thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, dipalopalo tseno ga di re bolelele kgang yotlhe, ka gonne gantsi go tshwenyega thata mo maikutlong ga go lemogiwe kgotsa go tlhokomologiwa gotlhelele. David G. Fassler yo o ithutang tlhaloganyo ya basha o kwala jaana: “Tota e bile, fa ke sena go sekaseka patlisiso e e dirilweng mo baneng le mo basheng ba dingwaga tsa bolesome, ke dumela gore basha ba ba fetang a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le banè ba tla tshwenyega fela thata mo maikutlong pele ga ba nna le dingwaga di le lesomerobedi.”

Diphelelo Tse di Diphatsa

Go tshwenyega thata mo maikutlong go na le diphelelo tse di diphatsa mo basheng ba dingwaga tsa bolesome. Eleruri, bomankge ba dumela gore ke gone go bakang mathata a go ja mo basheng, malwetse a tlhaloganyo le a mmele, go nna le mathata kwa sekolong le go dirisa diokobatsi.

Se se kotsi le go feta ke gore go tshwenyega thata mo maikutlong go amanngwa le go ipolaya ga basha. Go ya ka Setheo sa Bosetšhaba sa Boitekanelo Jwa Tlhaloganyo sa kwa United States, diperesente di le supa tsa basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba a ipolaya. * Seno le sone ga se re bolelele bothata jotlhe, e re ka go dumelwa gore fa mosha mongwe a ipolaya, go na le ba le bantsi ka nako eo ba ba lekang go ipolaya. Ka jalo, pego ya Lekgotla la Carnegie la Kgolo ya Basha e tlhalosa jaana ka lebaka le le utlwalang: “Go tsaya mathata a basha motlhofo fela gompieno ke go baka mathata a a masisi. Go a tlhokomologa jalo ruri go tsenya kokomana eno mo kotsing.”

Botshelo Jo bo Se Nang Mathata?

Bangwe ba go fitlhela go le thata go dumela gore tota basha ba ka tshwenyega thata mo maikutlong. Bagolo ba ka nna ba re, ‘Ke bana fela batho ba. Ba tshela botshelo jo bo se nang mathata, e bile tota ga ba na ditlhobaelo tse bagolo ba nang le tsone.’ Kgotsa a ba na le tsone? Boammaaruri ke gore basha ba na le mathata a magolo go feta kafa bagolo ba le bantsi ba lemogang ka gone. Dr. Daniel Goleman o tlhalosa jaana: “Fa e sa le go simolola ka lekgolo la [bo20] la dingwaga, dikokomana ka go tlhomagana ga tsone mo lefatsheng lotlhe di ile tsa tshelela mo kotsing e kgolo ya go nna le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong go feta batsadi ba bone—e seng go hutsafala fela, mme go kotlomana pelo fela go go seng kana ka sepe, go ngomoga pelo, go ikutlwela botlhoko le go felelwa ke tsholofelo gotlhelele—fa botshelo bo ntse bo tsweletse. Mme fa nako e ntse e ya mathata ao a simolola gale fela thata mo botshelong.”

Le fa go ntse jalo, batsadi ba le bantsi ba ka nna ba ganetsa ba re: ‘Rona mo nakong ya rona ya bosha ga re ise re ko re tshwenyege thata mo maikutlong. Ke eng fa ngwana wa rona a tlhasetswe ke maikutlo a a sa siamang jaana?’ Mme bagolo ga ba a tshwanela go bapisa nako ya bone ya bosha le ya basha ba gompieno. Tota e bile, batho ga ba tshwane malebana le tsela e ba lebang lefatshe le le ba dikologileng ka yone le tsela e ba le tsibogelang ka yone.

Mo godimo ga moo, basha ba gompieno ba lebane le kgwetlho e nngwe gape. Dr. Kathleen McCoy o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Understanding Your Teenager’s Depression: “Ba golela mo lefatsheng le le farologaneng thata le le batsadi ba bone ba neng ba golela mo go lone mo nakong ya bone ya bosha.” Dr. McCoy o konela jaana fa a sena go umaka diphetogo dingwe tse dikgolo di le mmalwa tse di diregileng mo masomeng a dingwaga a bosheng: “Gompieno, basha ba ikutlwa ba sa sireletsega, ba nyemile mooko e bile ba feletswe ke tsholofelo go feta kafa go neng go ntse ka rona mo kokomaneng e e fetileng.”

Ka ntlha ya bothata jo bo kanakana jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ga basha, ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno tse tharo:

• Mangwe a matshwao a a bontshang gore mosha o tshwenyegile thata mo maikutlong ke afe?

• Bothata jono bo bakwa ke eng?

• Basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka thusiwa jang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bomankge bangwe ba dumela gore palo e e leng yone tota e kwa godimo thata, e re ka dintsho di le dintsi tse go tweng di diregile ka kotsi e ka tswa e ne e le tsa batho ba ba ipolaileng.