Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Bala Baebele?

Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Bala Baebele?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Bala Baebele?

“Ka dinako tse dingwe, Baebele e thata go e tlhaloganya, mme seno se kgoba marapo tota.”—Annalieza, yo o nang le dingwaga di le 17.

“Ke fitlhetse Baebele e lapisa.”—Kimberly, yo o nang le dingwaga di le 22.

BATHO ba bantsi ga ba rate go bala sepe fela. Ka jalo buka e kgolo jaaka Baebele e ka nna ya lebega e boitshega—le e leng mo babading ba ba tlhoafetseng tota. Tammy, yo o nang le dingwaga di le 17 o bolela jaana: “Nna ke ne ke bona Baebele e le buka e kima e e nang le mafoko a mantsi a a thata go a tlhaloganya. Go bala Baebele go batla gore motho a tlhome mogopolo thata mme a itshoke.”

Mo godimo ga moo, tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, ditiro tsa mo gae, le boitlosobodutu di ka nna tsa go jela nako e ntsi le nonofo. Seno le sone se ka dira gore go nne thata go tlhoma mogopolo le go itumelela go bala Baebele. Alicia, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, le ene o ipha nako gore a baakanyetse le gore a nne teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela ba bangwe se a se dumelang. O dumela jaana: “Go bala Baebele go ka nna thata ka gonne go lebega go na le dilo tse dintsintsi tse motho a tshwanetseng go di dira.”

Le fa go ntse jalo, Alicia, Tammy le basha ba bangwe ba bantsi ba ile ba kgona go fenya dikgoreletsi tseo. Jaanong ba bala Baebele ka metlha e bile ba itumelela go e bala. Le wena o ka go itumelela! Akanya ka dilo tse tharo tse o ka di dirang go dira gore o itumelele go bala Baebele.

Iphe Nako ya go Bala Baebele

Kelly, yo o nang le dingwaga di le 18 o bolela jaana: “Ke akanya gore basha ba bolela gore go bala Baebele go a lapisa ka gonne ga ba ise ba e bale mo go lekaneng.” Fela jaaka o itumelela motshameko mongwe o o o tshamekang kgapetsakgapetsa, o tla itumelela go bala Baebele fa o e bala ka metlha.

Mme go tweng fa o se na nako go le kalo? Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baefeso 5:15, 16) O ka “ithekela nako” ka go dirisa nako e nnye mo dilong tse e seng tsa botlhokwa jaaka go lebelela thelebishene. Lefoko le Paulo a le diriseditseng “nako” le ka raya nako e e beetsweng maikaelelo mangwe a a rileng. Nako ya gago ya go bala Baebele e ka nna efe?

Ba bantsi ba bala Baebele mo mosong, fa ba se na go bala temana ya Dikwalo le ditlhaloso tse di mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. * Ba bangwe ba rata go bala pele ga ba ya go robala bosigo. Tlhopha nako e e go siametseng, mme o dire diphetogo mo thulaganyong ya gago fa go tlhokega. Alicia o bolela jaana: “Go fetofetoga le maemo ruri ke gone go go nthusang go boloka thulaganyo ya ka metlha ya go bala.”

Basha bangwe ba Bakeresete ba beela kwa thoko metsotso e le 10 go ya go 15 letsatsi le letsatsi gore ba bale Baebele. Ka go dira jalo, ba kgonne go bala Baebele yotlhe mo ngwageng o le mongwe kgotsa tse pedi! Le fa go lebega o ka se kgone go dira seno, ipeele mokgele wa go bala karolo nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi. Ka go ngaparela nako ya gago e o e beileng ya go bala Baebele, lorato lwa gago ka Lefoko la Modimo lo tla gola.—Pesalema 119:97; 1 Petere 2:2.

Rapelela Botlhale

Ee gone, le batho ba ba balang Baebele ka metlha ba fitlhela dikarolo dingwe tsa Lefoko la Modimo di le thata go di tlhaloganya. Mokwadi wa Baebele, e bong Jehofa Modimo, o batla gore o tlhaloganye Lefoko la gagwe. Buka ya Ditiro e bolela ka monna mongwe wa Moethiopia yo o neng a le mo mosepeleng, yo o neng a sa kgone go tlhaloganya ka botlalo boporofeti bongwe jo bo mo go Isaia kgaolo 53. Monna yoo o ne a ikemiseditse go kopa thuso, mme moengele wa ga Jehofa o ne a romela morongwa Filipo gore a mo tlhalosetse boporofeti joo.—Ditiro 8:26-39.

Ka jalo, go bala Baebele ka tsela e e nang le matswela ga go simolole ka go bala, mme go simolola ka thapelo. Batho ba bangwe ba itlwaeditse go rapela Jehofa pele ga ba bula Baebele, gore a ba neye botlhale gore ba tlhaloganye mme ba utlwe dithuto tse ba di balang. (2 Timotheo 2:7; Jakobe 1:5) Moya wa Modimo o ka go gakolola le ditemana dingwe tsa Baebele tse di tla go thusang go araba dipotso kgotsa go fenya diteko.

Monna mongwe yo mosha wa Mokeresete o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 12, rre o ne a tlogela lelapa la rona. Letsatsi lengwe ke ne ke rapela ke le mo dikobong, ke kopa Jehofa gore a dire gore rre a boe. Go tswa foo ke ne ka tsaya Baebele ya me mme ka bala Pesalema 10:14: ‘Yo o tlhokileng lesego, e bong mosimane yo o se nang rre, o ineela mo go wena [Jehofa]. Wena o fetogile mothusi wa gagwe.’ Ke ne ka ema go sekae. Ke ne ke utlwa e kete Jehofa o bua le nna mme o nkitsise gore ke mothusi wa me; gore ke Rre. Ke ne nka nna le rre ofe yo o botoka go mo gaisa?”

A o ka go dira mokgwa wa gago gore o rapele nako le nako fa o nna fa fatshe go bala Baebele? Adrian o akantsha jaana: “Rapela pele ga o bala—le fa o sena go bala tota—gore e nne puisano fa gare ga gago le Jehofa.” Thapelo e e tswang pelong e tla nonotsha maikemisetso a gago a go ngaparela thulaganyo ya gago ya go bala Baebele e bile e tla nonotsha kamano ya gago le Modimo.—Jakobe 4:8.

Dira Gore go Bala Baebele go Tshele

Kimberly, yo o nopotsweng kwa tshimologong, o ne a bona Baebele e lapisa. Ke boammaaruri gore Baebele ke buka ya bogologolo thata—e kwadilwe pele ga go dirwa khomputara, thelebishene kgotsa sefofane—le batho ba ba mo Baebeleng ba tlhokafetse dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Buka ya bogologolo jalo e ka naya maatla jang?

Mo metlheng ya mokwalolodi Esera, banna le basadi ba le diketekete le “botlhe ba ba botlhale go ka reetsa” ba ne ba phuthegile kwa Jerusalema go ya go reetsa fa go balwa Molao wa ga Moshe. Ka nako eo, Molao o ne o na le dingwaga di feta 1 000 o le teng! Le fa go ntse jalo, Esera le bathusi ba gagwe “ba tswelela ba balela buka kwa godimo, molao wa Modimo wa boammaaruri, o tlhalosiwa ka botlalo, gape o dirwa gore o nne le bokao; mme ba tswelela ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.” Fa banna bano ba ne ba tlhalosa Dikwalo mme ba dira gore mmalo wa bone o nne le bokao, matswela e ne ya nna eng? “Batho botlhe ba tsamaya ba ya go ja le go nwa le go romela dingwe tsa tsone le go tswelela ba ipela thata, gonne ba ne ba tlhalogantse mafoko a ba neng ba a itsisitswe.”—Nehemia 8:1-12.

O ka dira jang gore mmalo wa gago wa Baebele o ‘nne le bokao’? Cathy, yo o tsayang go bala e le tiro e e thata, o balela kwa godimo gore a kgone go tlhoma mogopolo. Nicki o leka go ipaya mo boemong jwa pego e a e balang. O bolela jaana: “Ke leka go akanya kafa ke neng ke ka ikutlwa ka teng fa ke ne ke le mo boemong joo. Polelo e ke e ratang thata ke pego ya ga Ruthe le Naomi. Nka e bala gantsintsi. Fa ke ne ke fudugela kwa toropong e sele ke ne ka gomodiwa ke polelo eno ka gonne ke ne ke kgona go akanya kafa Ruthe a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a fudugela kwa lefelong le a sa le itseng e bile a sa itse ope. Ke ne ka bona kafa a neng a ikanya Jehofa ka teng mme seo se ne sa nthusa gore le nna ke dire jalo.”—Ruthe, dikgaolo 1-4.

Gore Baebele e kgone go “naya maatla” go tlhokega gore motho a tlhatlhanye. Nako le nako fa o bala, iphe nako ya go akanya ka dikwalo tse o di balang mme o akanye ka kelotlhoko gore o tla dirisa jang se o se ithutileng. O ka nna wa rata go bala dibuka tse di thusang go ithuta Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa gore o tokafatse go bala ga gago. *

Itshoke!

Go ngaparela thulaganyo ya go bala Baebele ga go motlhofo. Le eleng dithulaganyo tse di molemo thata tsa go bala Baebele di tlhoka go fetolwa fa nako e ntse e tsamaya. O ka itshokela jang mokgele wa gago wa go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

Ditsala tsa gago le ba lelapa la gaeno ba ka go thusa. Amber yo o nang le dingwaga di le 15 o bolela jaana: “Ke nna le nnake mo kamoreng e le nngwe. Ka dinako tse dingwe bosigo ke a bo ke lapile mo e leng gore ke batla fela go robala, mme nnake o nkgakolola gore ke dire mmalo wa me. Ka jalo ga nke ke lebala!” Fa lokwalo longwe kgotsa karolo nngwe e go kgatlha, bolelela ba bangwe ka yone. Seno se tla godisa thata tsela e o anaanelang Lefoko la Modimo ka yone mme se ka nna sa dira gore ba kgatlhegele go bala Baebele. (Baroma 1:11, 12) Fa o tlhokomologa go bala Baebele letsatsi le le lengwe kgotsa go feta foo, o se ka wa itlhoboga! Simolola fa o emeng teng, mme o ikemisetse le go feta go ngaparela thulaganyo ya gago.

Le ka motlha o se ka wa lebala kafa o tla solegelwang molemo thata ka teng ke go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Ka go reetsa Jehofa ka Lefoko la gagwe, o ka itumelela go nna le botsalano jo bogolo le ene. O tla tlhaloganya dikgopolo tsa gagwe le maikutlo a gagwe. (Diane 2:1-5) Boammaaruri jono jo bo tlhwatlhwakgolo jo bo tswang kwa go Rraarona wa selegodimo bo tla go sireletsa. “Lekau le tla ntlafatsa tselana ya lone jang?” mopesalema o ne a botsa jalo. “Ka go nna le itebeletse kafa lefokong la gago.” (Pesalema 119:9) Ka jalo, simolola thulaganyo ya gago ya ka metlha ya go bala Baebele—o bo o e ngaparele. O ka nna wa go itumelela thata go feta kafa o neng o akantse ka teng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 22 Makasine wa October 1, 2000 wa Tora ya Tebelo, ditsebe 16-17, o naya dikakantsho tse dintsi tse di mosola tse di ka go thusang go ithuta Baebele ka botlalo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Thapelo le go batlisisa di tla tokafatsa go bala ga gago Baebele e bile di tla go thusa go tlhaloganya bokao jwa Dikwalo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go ipaya mo boemong jwa pego go tla dira gore Dikwalo di tshele