Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Lemoga Matshwao

Tsela ya go Lemoga Matshwao

Tsela ya go Lemoga Matshwao

“Go hutsafala ke boikutlo jo bo tlwaelegileng fela jwa tlholego; go tshwenyega thata mo maikutlong ke bolwetse. Bothata jo bo leng teng ke go tlhaloganya le go lemoga pharologanyo fa gare ga maemo ano.”—Dr. David G. Fassler.

FELA jaaka malwetse a mangwe a mantsi, go tshwenyega thata mo maikutlong go na le matshwao a a bonalang sentle. Mme ga go motlhofo go le kalo go lemoga matshwao ano. Ka ntlha yang? Ka gonne mo e batlang e nna basha botlhe ba a hutsafala gangwe le gape fela jaaka bagolo. Pharologanyo ke eng fa gare ga go hutsafala fela le go tshwenyega thata mo maikutlong? Go ikaegile thata ka gore seemo seno se botlhoko go le kana kang le gore se tsaya lobaka lo lo kae.

Botlhoko bo ya ka gore maikutlo a a sa siamang ano a tlhokofatsa mosha go le kana kang. Go tshwenyega thata mo maikutlong ke go lwala maikutlo go go botlhoko thata go go dirang gore mosha a se ka a dira dilo ka tsela ya ka tlwaelo mme go botlhoko go gaisa go hutsafala ga nakwana fela. Dr. Andrew Slaby o tlhalosa botlhoko jwa bolwetse jono jaana: “A ko o akanye ka botlhoko jo bo thunyang mo pelong jo o kileng wa bo utlwa—go robega lerapo, go opiwa ke leino kgotsa ditlhabi tsa pelegi—menaganya botlhoko joo ga some re bo re tsaya gore ga o itse gore bo bakwa ke eng; fa o kgona go dira jalo, he o ka kgona go utlwa kafa botlhoko jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo utlwalang ka gone.”

Lobaka lo kaya gore boemo jwa go kgobega marapo bo tsaya nako e kae. Go ya ka diporofesa tsa kalafi e bong Leon Cytryn le Donald H. McKnew, Jr., “ngwana yo go se nang matshwao ape a gore o a gomotsega kgotsa o simolola botshelo jwa gagwe jo bo tlwaelegileng mo sebakeng sa beke morago ga a sena go hutsafala thata (ka ntlha ya lebaka lepe fela)—kgotsa mo dikgweding di le thataro fa a sena go diragalelwa ke se a se kayang e le go latlhegelwa thata—o mo kotsing ya go tlelwa ke bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.”

Matshwao a a Tlwaelegileng

Fa fela go bonala mosha a na le matshwao a le mmalwa letsatsi le letsatsi, a le teng letsatsi lotlhe ka sebaka sa dibeke di le pedi, bothata joo bo kaiwa e le go tshwenyega thata mo maikutlong. Go nna le bothata joo ka lobaka lo lokhutshwanyane fela go kaiwa e le go tshwenyega thata mo maikutlong ga nakwana. Fa matshwao ano a tsaya bobotlana sebaka sa ngwaga a sa kokobele lobaka lo lo fetang dikgwedi di le pedi, seo se kaiwa e le mofuta wa go tshwenyega thata mo maikutlong o o itirileng seemera. Mo mefuteng eno e mebedi, mangwe a matshwao a a tlwaelegileng a a bontshang gore motho o tshwenyegile thata mo maikutlong ke afe? *

Go fetoga ka bonako ga maikutlo le tsela e motho a itshwarang ka yone. Mosha yo o neng a le bonolo fela e setse e le motho yo o bogale. Boikutlo jwa botsuolodi, tota le go ngwega mo gae, ke dilo tse gantsi di dirwang ke basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong.

Go itlhaola mo go ba bangwe. Mosha yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o itlhaola mo ditsaleng tsa gagwe. Kgotsa e ka tswa e le gore ditsala di itlhaola mo mosheng yono yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong ka ntlha ya go lemoga go fetoga go go sa itumediseng ga maikutlo a gagwe le tsela e a itshwarang ka yone.

Go sa kgatlhegele mo e ka nnang dilo tsotlhe. Ke fa mosha a se matlhagatlhaga jaaka tlwaelo. Dilo tse a neng a di kgatlhegela thata bosheng jaana a rata go fetisa nako ka go di dira o setse jaanong a di leba jaaka tse di lapisang.

Phetogo e kgolo mo mokgweng wa gagwe wa go ja. Bomankge ba le bantsi ba akanya gore mathata a a tshwanang le anorexia, bulimia le go nna le bothata jwa go ja go feta tekano gantsi a tshwara batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong (e bile fa gongwe a ka tswa a bakwa ke gone).

Mathata a go robala. Ke fa mosha a felelwa ke boroko kgotsa a robala thata. Bangwe ba nna le mathata a go robala, ga ba na boroko bosigo jotlhe mme ba fetsa letsatsi lotlhe ba robetse.

Go wela tlase ga maduo a sekolo. Mosha yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o na le bothata jwa go dirisana sentle le barutabana le dithaka tsa gagwe, mme maduo a gagwe le one a simolola go wela kwa tlase. Go ise go ye kae, mosha yono o itsemeletsa go ya sekolong.

Ditiro tse di kotsi kgotsa tsa go ikgobatsa. Go itshwara ka tsela ‘e e kotsi thata’ go ka nna ga bontsha gore mosha ga a sa tlhole a rata botshelo. Go itshegakaka letlalo le gone go ka nna ga nna letshwao la go tshwenyega.

Go ikutlwa a se na mosola kgotsa a le molato ka tsela e e sa tshwanelang. Mosha o itshwayatshwaya diphoso thata, a ikutlwa gore o paletswe gotlhelele, le fa go ka tswa go bonala gore ga go a nna jalo.

Mathata a mmele le tlhaloganyo. Fa go sa bonwe sepe se tota se bakang mathata a a jaaka go opiwa ke tlhogo, go opiwa ke mokwatla, go nna le ditlhabi mo maleng le mathata a mangwe a a tshwanang le ano, a ka tswa a supa gore o tshwenyegile thata mo maikutlong.

Go akanya gangwe le gape ka loso kgotsa ka go ipolaya. Go akanya thata ka dilo tse di tshosang go ka nna ga supa gore o tshwenyegile thata mo maikutlong. Go nna a tshosetsa a re o tla ipolaya le gone go supa jalo.—Bona lebokoso le le fa tlase.

Bolwetse Jwa Bipolar

Mangwe a matshwao ano a ka tswa a le mo bolwetseng jo bongwe jo bo masisi—bolwetse jwa bipolar. Go ya ka dingaka e bong Barbara D. Ingersoll le Sam Goldstein, bolwetse jwa bipolar (jo gape bo itsiweng e le manic-depressive disorder) ke “bolwetse jwa go tshwenyega thata ga motho mo maikutlong go go tlang go refosana le go itumela ga gagwe go feta selekanyo le go nna matlhagatlhaga thata ka tsela e e feteletseng.”

Go nna matlhagatlhaga thata jalo go bidiwa mania. Matshwao a jone a ka akaretsa go nna le mogopolo o o sa iketlang, go balabala thata, le go felelwa ke boroko. Tota e bile, motho yo bo mo tshwereng a ka fetsa malatsi a le mantsi a se na boroko mme a sa bontshe letsapa lepe. Letshwao le lengwe la bolwetse jwa bipolar ke go dira dilo ka go phamoga motho a sa akanyetse ditlamorago tsa teng. Setheo sa Bosetšhaba sa Boitekanelo Jwa Tlhaloganyo sa United States se bega jaana: “Bolwetse jwa mania gantsi bo ama tsela e motho a akanyang ka yone, go dira ditshwetso ga gagwe le tsela e a dirisanang le ba bangwe ka yone ka ditsela tse di bakang mathata a a masisi e bile di tlhabisa ditlhong.” Bolwetse jono jwa mania bo tsaya lobaka lo lo kana kang? Ka dinako tse dingwe bo tsaya malatsi a le mmalwa fela; mme ka dinako tse dingwe, bolwetse jwa mania bo tsaya dikgwedi di le mmalwa pele ga bo tseelwa sebaka ke jo bo tsamaisanang le jone, e leng go tshwenyega thata mo maikutlong.

Batho ba ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa bipolar ke ba ba nang le maloko a lelapa a a nang le jone. Dikgang tse di monate ke gore go na le tsholofelo ka batho ba ba tshwerweng ke jone. Buka ya The Bipolar Child e bolela jaana: “Fa bo lemogiwa go sa le gale bo bo bo alafiwa ka tshwanelo, bana bano le malapa a bone ba ka tshela matshelo a a ritibetseng fela thata.”

Go botlhokwa go ela tlhoko gore lepe la matshwao ano, fa le le nosi fela, ga le supe gore motho o tshwenyegile thata mo maikutlong kgotsa gore o tshwerwe ke bolwetse jwa bipolar. Gantsi ke fa matshwao ano a bonala a le mantsi ka nako e le nngwe fela lobaka lo loleele a dirang gore go swediwe ka gore motho o tshwenyegile thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, potso e e iseng e arabiwe ke gore, Ke ka ntlha yang fa basha ba tshwenngwa ke bothata jono jo bo sa tlhaloganngweng?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Matshwao a a umakilweng fano ke matshwao fela a a akaretsang mme ga se a a dirisediwang go bolela gore motho o tshwenyegile thata mo maikutlong.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

FA NGWANA A BATLA GO SWA

Go ya ka Ditheo Tsa Taolo ya Malwetse tsa United States, mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana palo ya basha ba ba ipolaileng kwa United States e ne e feta ya basha botlhe ba ba bolailweng ke kankere, bolwetse jwa pelo, AIDS, makoa a ba belegweng ka one, go swa mohama, nyumonia, foluu le bolwetse jwa mafatlha jo bo tsayang lobaka lo loleele. Ntlha e nngwe e e tshwenyang ke e: Go ile ga nna le koketsego e kgolo thata ya dintsho tse di begilweng tsa batho ba ba ipolaileng ba dingwaga tse di magareng ga 10 le 14.

A go ipolaya ga basha go ka thibelwa? Ka dinako tse dingwe, ee. Dr. Kathleen McCoy o kwala jaana: “Dipalopalo di bontsha gore basha ba le bantsi fa ba ipolaya ba a bo ba setse ba kile ba leka go ipolaya mo nakong e e fetileng kgotsa go umaka fela le go tlhagisa gore ba ka nna ba ipolaya. Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a simolola go umaka fela kgang ya go ipolaya, ke nako ya go mo reetsa ka kelotlhoko gongwe le go batla thuso ya porofeshenale.”

Palo e e kwa godimo ya basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong e gatelela botlhokwa jwa gore batsadi le bagolo ba bangwe ba ise tlhogong sepe fela se mosha a se dirang se se bontshang gore o batla go ipolaya. Dr. Andrew Slaby o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya No One Saw My Pain: “Mo e batlang e nna kgetsi nngwe le nngwe ya go ipolaya ga mosha e ke ileng ka e sekaseka, dilo tse di neng di supa gore mosha o rulaganyetsa go ipolaya di ile tsa tlhokomologiwa kgotsa tsa tsewa motlhofo fela. Maloko a lelapa le ditsala ba ne ba sa tlhaloganye bomasisi jwa diphetogo tse ba neng ba di bona. Ba ne ba tlhoma mogopolo wa bone mo diphelelong tsa seno sotlhe e seng mo bothateng ka bojone, mo e leng gore go ne ga bolelwa gore se se bakang seno ke ‘mathata a lelapa’ kgotsa ‘go dirisa diokobatsi’ kgotsa ‘anorexia.’ Ka dinako tse dingwe, go ne go alafiwa bogale, go tlhakana tlhogo le go tenegatenega fela mme go sa alafiwe go tshwenyega thata mo maikutlong ka bogone. Bothata ka bojone bo ne jwa sala, bo mmogisa e bile bo etegela.”

Molaetsa o utlwala sentle fano: Tseela tlhogong dilo tsotlhe tse di bontshang gore mosha o batla go ipolaya!

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ka dinako tse dingwe, go dira ditiro tsa botsuolodi ke bosupi jwa gore motho o tshwenyegile thata mo maikutlong

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong gantsi ga ba sa tlhole ba rata dilo tse pele ba neng ba di kgatlhegela