Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Motho o Senya Motswedi wa Gagwe wa Dijo?

A Motho o Senya Motswedi wa Gagwe wa Dijo?

A Motho o Senya Motswedi wa Gagwe wa Dijo?

“Gompieno mathata a rona a magolo ga se dikoloto le madi a a tlhaelang kgotsa kgaisano ya lefatshe mme ke go tlhoka tsela ya go tshela matshelo a a kgotsofatsang, a a itumedisang kwantle ga go senya karolo ya lefatshe e e tlamelang mefuta yotlhe ya botshelo. Batho ga ba ise nke ba lebane le matshosetsi a a kana kana: go fela ga tsone dilo tse di re bolokang re tshela.”—Moitse wa dijini David Suzuki.

APOLE ke selo se se ka tsewang motlhofo fela. Fa o nna kwa diapole di tlhogang di le dintsi teng, o ka nna wa akanya gore go motlhofo go di bona le gore o ka itlhophela fela e o e ratang mo mefutafuteng ya tsone e mentsi. A mme o ne o itse gore go ka tswa go na le mefuta e le mmalwa fela ya diapole gompieno go feta e e neng e le teng dingwaga di le 100 tse di fetileng?

Magareng ga 1804 le 1905, go ne go na le mefuta e le 7 098 ya diapole e e neng e lengwa kwa United States. Gompieno mefuta e le 6 121 ya tsone—e leng diperesente di le 86—ga e tlhole e le teng. Le dipere di diragaletswe ke se se tshwanang. Mo e ka nnang diperesente di le 88 tsa mefuta e le 2 683 e e kileng ya bo e jalwa pele ga e tlhole e le teng. Mme dipalopalo tsa merogo tsone di maswe le go feta. Go na le sengwe se se nyelelang, se se bidiwang go nna le mefutafuta e e sa tshwaneng ya botshelo—e seng fela go nna le mefuta e e sa tshwaneng ya ditshedi tse di farologaneng mme gape go nna le mefuta e e farologaneng mo teng ga mofuta o le mongwe wa setshedi se se rileng. Mefuta e e farologaneng ya merogo e e lengwang kwa United States e fokotsegile ka diperesente di le 97 mo dingwageng tse di kafa tlase ga di le 80! A mme tota go botlhokwa go nna le mefuta e e farologaneng ya ditshedi?

Borasaense ba bantsi ba re ee go botlhokwa. Le fa gone go sa ntse go ganetsanwa ka kgang ya gore go nna le mefuta e mentsi ya ditshedi go mosola go le kana kang, baitse ba le bantsi ba tikologo ba bolela gore go nna le mefuta e e farologaneng ya ditshedi go botlhokwa mo dilong tse di tshelang mo lefatsheng. Ba bolela gore go botlhokwa fela thata mo dijalong tse re di jalelang go di ja fela jaaka go le botlhokwa mo dijalong tse di itlhogelang fela kwa dikgweng, mo ditswatsweng le mo mafelong a go melang tlhaga thata mo go one mo lefatsheng. Gape go botlhokwa gore go nne le mefuta e e farologaneng ya ditshedi mo teng ga mofuta o le mongwe. Ka sekai, go nna le mefuta e e farologaneng ya raese go thusa go dira gore mefuta e mengwe e kgone go emelana le leroborobo lengwe la dijalo le le ka tlhagang. Ka jalo, pampiri nngwe e e gatisitsweng ke Worldwatch Institute bosheng jaana e bontshitse gore go na le selo se le sengwe se segolo se se ka bontshang batho gore go kotsi go le kana kang go fokotsa mefuta e mentsintsi ya ditshedi e e leng teng mo lefatsheng—selo seo ke matswela a a nnang teng mo motsweding wa rona wa dijo.

Go fela ga dijalo go ka ama thobo ya dijo ka ditsela di ka nna pedi: sa ntlha, go senya dijalo tse di itlhogelang fela kwa nageng tse di amanang le dijalo tse di lengwang, dijalo tse di ka ntshang dijini tsa dijalo tse di ka dirisiwang mo isagweng, mme sa bobedi, go fokotsa mefuta e e farologaneng ya dijalo mo teng ga mofuta o le mongwe o o lengwang. Ka sekai, kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, go bonala go ne ga lengwa mefuta e ka feta 100 000 ya raese kwa Asia mme bobotlana e le 30 000 ya yone e lengwa kwa India fela. Jaanong diperesente di le 75 tsa raese ya India di na le mefuta e le lesome fela ya raese. Mefuta e le 2 000 ya raese ya Sri Lanka e fedile mme go setse e le 5 fela. Kwa Mexico, kwa mmidi o tlholegang teng, go lengwa fela diperesente di le 20 tsa mefuta e e farologaneng e e neng e le teng ka bo1930.

Ga se dijo fela tse di leng mo kotsing. Mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa melemo e e rekisiwang e dirwa go tswa mo dijalong, mme dijalo tse disha tsa melemo di ntse di tsweletse di bonwa. Le fa go ntse jalo, ka metlha dijalo di a fedisiwa. A e ka tswa e le gore gongwe rona ka borona re kgaola kala e e re fepang?

Go ya ka World Conservation Union, mo mefuteng e le 18 000 ya dijalo le diphologolo tse go ntseng go dirwa dipatlisiso ka yone, e feta 11 000 ya yone e a fela. Kwa mafelong a a tshwanang le Indonesia, Malaysia le Latin America, kwa go remilweng dikgwa tse dikgolo gore go lengwe mefuta e e rileng ya ditlhare gone, babatlisisi ba akanyetsa fela gore go ka tloga go senngwa mefuta e le kae ya dijalo—kgotsa e e setseng e fedisitswe gotlhelele. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba re go fela ga dijalo go tsamaya “ka lobelo lo logolo thata,” go bega jalo The UNESCO Courier.

Ee gone, lefatshe le sa ntse le tlhagisa dijo tse dintsi thata. Mme palo ya batho e e oketsegang thata e tla kgona jang go iphepa fa mefuta e e farologaneng ya dijo tsa lefatshe e fela? Dinaga tse di farologaneng di bontshitse go tshwenyega ka ntlha eno ka go tlhoma mabolokelo a dipeo gore ba tlhomamise gore peo ya dijalo tse di botlhokwa e se ka ya fela. Ditshingwana dingwe tsa dijalo di tsere matsapa a go somarela mefuta e e rileng ya dijalo. Saense e dirile sedirisiwa se se maatla se sesha sa go fetolwa ga dijini. A mme mabolokelo a dipeo le saense ruri di ka kgona go rarabolola bothata jono? Setlhogo se se latelang se tla tlhatlhoba potso eno.