Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Tshwenyega go le Kanakana?

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Tshwenyega go le Kanakana?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Tshwenyega go le Kanakana?

“Isagwe e ka nna sengwe sa dilo tse di ngomolang pelo thata mo mosheng. O tshwenyega thata ka ga gago. A ke tswe mo gae? A ke ye sekolong? A ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng? A ke nyale? O na le dilo tse dintsi thata tse o tshwanelwang ke go tlhopha mo go tsone mo e leng gore go a tshosa.”—Shane, yo o nang le dingwaga di le 20.

A O TSHWENYEGA thata? Basha ba bantsi ba a tshwenyega mme e le ka mabaka a a farologaneng. Lokwalodikgang longwe lo lo gatisitsweng go kaela batsadi lo begile jaana: “Patlisiso ya bosheng e e dirilweng lefatshe ka bophara ya basha ba ba nang le dingwaga tse di magareng ga 15 le 18 mo dinageng tse 41 e senotse gore basha ba bantsi gompieno ba tshwenyegile thata ka go bona tiro e e duelang sentle.” Go tswa foo go latela go tshwenyega ka botsogo jwa batsadi ba bone. Go boifa go latlhegelwa ke mongwe yo ba mo ratang ke lengwe la mabaka a a ba tshwenyang thata.

Patlisiso ya Lephata la Thuto la United States e tlhokometse gore basha ba United States ba tshwenyegile thata ka “go falola ka maduo a a kwa godimo thata kwa sekolong.” Patlisiso yone eo e senotse gape gore basha ba bantsi ba ikutlwa jaaka Shane a ne a ikutlwa (yo o nopotsweng kwa tshimologong). Mosha yo mongwe yo o bidiwang Ashley, o bolela jaana: “Ke tshwenyegile ka isagwe ya me.”

Le fa go ntse jalo, basha ba bangwe ba tshwenyega ka pabalesego ya bone. Go ya ka patlisiso nngwe ya 1996, mo e ka nnang basha ba le diperesente di le 50 kwa United States ba ne ba bona thubakanyo e nna maswe thata kwa sekolong. Basha ba feta dimilione di le robedi (diperesente di le 37) ba begile gore go na le mongwe yo ba mo itseng yo o thuntshitsweng ka tlhobolo!

Le fa go ntse jalo, ga se matshwenyego otlhe a a maswe go le kalo. Basha ba bantsi ba boifela botshelo jwa bone mo setšhabeng. Makasine mongwe o o kwalwang mo khomputareng o o kwaletsweng batsadi o bolela jaana: “Basha ba tshwenyega ka go nna le tsala ya mosimane kgotsa tsala ya mosetsana, mme gantsi ba tshwenyega ka go sa nne le ditsala gotlhelele.” Mosetsana mongwe wa mosha yo o bidiwang Meagan o ne a bua jaana a hutsafetse: “Motho o ka nna jang mo fesheneng? Ke tlhoka ditsala.” Ka tsela e e tshwanang, mosha mongwe wa Mokeresete yo o nang le dingwaga di le 15 yo o bidiwang Natanael o bolela jaana: “Bana kwa sekolong ba tshwenyega thata ka ponalo ya bone. Ba tshwenyega ka gore ba tsamaya jang, ba bua jang, e bile ba lebega jang mo go ba bangwe. Ga ba batle gore ba bangwe ba ba lebe e le dieleele.”

Mathata—Ke Karolo ya Botshelo

Go ne go tla nna monate fa re ne re ka tshela re se na matshwenyego ape. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Ka jalo mathata—le matshwenyego a a tsamaisanang le one—ke karolo ya botshelo. Mme fa o akanya thata ka matshwenyego le ditlhobaelo, o ka ikgobatsa thata. Baebele e tlhagisa jaana: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang.”—Diane 12:25.

Tsela e nngwe ya go tila go tshwenyega go sa tlhokege ke go laola tsela e o itshwarang ka yone. Ana yo o nang le dingwaga di le 16 o bolela jaana: “Bontsi jwa bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba tshwenyegile ka gore ba tla nna baimana kgotsa gore ba tla tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.” Mme o ka tila go nna le matshwenyego a a ntseng jalo ka go ngaparela melao ya Baebele ya boitsholo. (Bagalatia 6:7) Le fa go ntse jalo, ga go reye gore mathata otlhe a gago a tla rarabologa motlhofo fela ka tsela eo. O ka dira jang gore o tlogele go tshwenyega thata jaana?

“Tshwenyega ka Botlhale”

Batho ba bantsi ba letla matshwenyego a emisa matshelo a bone. Mme setlhogo se se tlhagang mo makasineng mongwe wa basha se ne sa akantsha gore motho o ka “tshwenyega ka botlhale” ka go dira gore matshwenyego a fetoge tiro e e mosola! Baebele e na le melaometheo e mentsi e e ka go thusang go dira jalo. Akanya ka Diane 21:5: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” Tla re re ka sekai, o batla go nna le kokoano le dingwe tsa ditsala tsa gago mo phuthegong. Go rulaganya dilo sentle go ka go ntsha mo matshwenyegong. Ipotse jaana, ‘Tota ke tla laletsa bomang? Ke batla gore ba goroge leng? Ke batla gore ba tsamaye leng? Ke tlhoka dijo tse di motlhofo di le kana kang? Ba ka itumelela go tshameka metshameko efe e e monate?’ Fa o akanyetsa dilo sentle thata jalo, kokoano ya gago e tla tsamaya sentle.

Le fa go ntse jalo, o ka itlisetsa matshwenyego ka go raraanya dilo thata. Jesu Keresete o ne a gakolola mosadi mongwe yo o neng a tsaya matsapa a a neng a sa tlhokege a go naya moeng wa gagwe dijo: “Mme, go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela.” (Luke 10:42) Ka jalo ipotse: ‘Tota ke eng sa botlhokwa se se tla dirang gore kokoano eno e atlege?’ Go tlogela dilo di sa raraana go tla fokotsa tlhobaelo ya gago.

Selo se sengwe se se ka go bakelang matshwenyego e ka nna pabalesego ya gago kwa sekolong. Go ka tswa go se na sepe se se kalo se o ka se dirang go fetola boemo kwa sekolong. Mme go na le dikgato tse di mosola tse o ka di tsayang go itshireletsa. Diane 22:3 e bolela jaana: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” Go tila go nna mo mafelong a a kotsi—e seng fela mafelo a a kwa thoko mme gape le mafelo a a se nang tlhokomelo e ntle ya batsadi kwa bana ba ba sa utlweng ba ratang go nna teng—go ka go thusa gore o se ka wa tsena mo mathateng.

Tiro ya sekolo e ka nna lebaka le lengwe la go tshwenyega. Gongwe o na le ditiro di le mmalwa tsa botlhokwa tsa sekolo tse o tshwanetseng go di direla kwa gae mme o tshwenyegile gore a o tla di fetsa tsotlhe ka nako. Molaomotheo o o mo go Bafilipi 1:10 o a thusa: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” Ee, ithute go baya dilo tse di tlang pele kwa pele! Sekaseka gore ke tiro efe e e tla batlegang ka bonako mme o dire yone pele. Go tswa foo o dire e e latelang. Kgabagare o tla kgona go laola boemo.

Batla Kgakololo

Fa Aaron a ne a sa ntse a le mosha, o ne a tshwenyegile thata ka go falola ditlhatlhobo tsa makgaolakgang mo e leng gore o ne a nna le ditlhabi mo mafatlheng. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka bua le batsadi ba me, mme ba ne ba nkisa ngakeng. E ne ya lemoga ka bonako gore go ne go se na sepe se se phoso ka pelo ya me mme ya tlhalosa kafa tlhobaelo e ka amang mmele ka teng. Moragonyana batsadi ba me ba ne ba nthusa go lemoga gore ke ne ke dirile sotlhe se ke neng nka se dira go ipaakanyetsa ditlhatlhobo mme jaanong ke ne ke tlhoka go tshwenyega ka go itlhokomela. Tlhobaelo ya me e ne ya nyelela, ditlhabi tsa mafatlha tsa fela, mme ke ne ka falola ditlhatlhobo tsa me sentle.”

Fa o ikutlwa o imetswe ke matshwenyego, o se ka wa didimala fela. Diane 12:25, e karolo ya yone e nopotsweng fa godimo, e bolela jaana fa e feletse: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” Ke fela fa o bua ka “go tshwenyega ka tlhobaelo” ya gago o ka bonang “lefoko le le molemo” la kgothatso!

Sa ntlha, o ka nna wa rata go buisana le batsadi ba gago; ba ka nna ba go naya dikakantsho dingwe. Batho ba ba godileng semoyeng mo phuthegong ya Bokeresete ya mo lefelong la gaeno le bone ba ka go ema nokeng. Janelle yo o nang le dingwaga di le 15 o bolela jaana: “Ke ne ke tshwenyegile ka go ya sekolong se segolo, ke ne ke tshaba sengwe le sengwe—diokobatsi, tlhakanelodikobo, thubakanyo—go fitlha ke bua le mogolwane wa mo phuthegong. O ne a nnaya dikakantsho tse dintsi tse di nthusitseng. Ke ne ka ikutlwa botoka ka bonako ka gonne jaanong ke ne ke lemoga gore ke ne nka itshokela maemo ao.”

O se Ka wa Beela Dilo Kwa Thoko

Ka dinako tse dingwe fa go na le sengwe se re tshwanetseng go se dira, re se beela kwa thoko ka gonne re sa rate go se dira. Ka sekai, Shevone yo o nang le dingwaga di le 19, o ne a na le kgotlhang le Mokeresete ka ene. O ne a itse gore o ne a tshwanetse go buisana le ene ka kgang eo, mme o ne a e beela kwa thoko. O ipolela jaana: “Fa ke ne ke ntse ke e beela kwa thoko, e ne e ntshwenya le go feta.” Go tswa foo Shevone o ne a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:23, 24, a a rotloetsang Mokeresete go baakanya mathata a a ntseng jalo ka bonako. Shevone o gakologelwa jaana: “Fa ke se na go dira jalo labofelo, ke ne ka imologa.”

A go na le sengwe se o se beetseng kwa thoko—tiro nngwe e o sa e rateng kgotsa go buisana le mongwe ka sengwe? E dire ka bonako mme matshwenyego a gago a tla fokotsega.

Maemo a a Masisi

Ga se maemo otlhe a a rarabololwang motlhofo jalo. Akanya ka lekawana le le bidiwang Abdur. Mmaagwe o na le kankere, mme o tshwanetse go mo tlamela a bo a tlamele le monnawe wa mosimane. Jaaka motho a ne a ka lebelela, Abdur o tshwenyegile ka boemo jwa ga mmaagwe. Mme o bolela jaana: “Mafoko a ga Jesu a a nthusa, ‘Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?’ Go na le gore ke tshwenyege, ke leka go sekaseka boemo mme ke bone se se ka tlisang matswela a a molemo.”—Mathaio 6:27.

Ga go motlhofo go ritibala fa o le mo mathateng. Batho ba bangwe ba tshwenyega thata mo e leng gore ga ba tlhole ba itlhokomela sentle, ba gana go ja. Le fa go ntse jalo, buka ya Helping Your Teenager Deal With Stress e tlhagisa gore fa o sa iphepe ka tshwanelo, o “tla palelwa ke go lepalepana le matswela a a maswe a kgatelelo mme e bile o ka tsenwa motlhofo ke malwetse a mangwe a magolo.” Ka jalo itlhokomele mo mmeleng. Ikhutse mo go lekaneng mme o je sentle.

O ka imologa thata fa o latela kgakololo eno ya Baebele: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Shane yo o nopotsweng kwa tshimologong, o ne a tlhobaetse ka isagwe ya gagwe. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka simolola go tlhoma mogopolo thata mo Lefokong la Modimo le mo maikaelelong a gagwe.” Go ise go ye kae o ne a lemoga gore isagwe ya gagwe e ne e tla nna monate fa a ne a ka e dirisa go direla Modimo. (Tshenolo 4:11) Shane o bolela jaana: “Ke ne ka tlogela go tlhola ke tshwenyega ka ga me. Ke ne ke na le sengwe sa botlhokwa thata se ke neng ke tshwanetse go akanya ka sone.”

Ka jalo fa o iphitlhela o tshwenyega thata, batla ditsela tse di molemo tsa go lebana le bothata jwa gago. Batla kgakololo mo bathong ba ba godileng. Mme mo godimo ga tsotlhe, bolelela Jehofa matshwenyego a gago ‘ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Ka thuso ya gagwe, gongwe o tla tlogela go tlhola o tshwenyega thata.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Buisana le batsadi ba gago ka matshwenyego a gago

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Fa o baakanya mathata ka bonako, o tla tlogela go tlhola o tshwenyega