Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Toropo ya Afrika Kwa Botlhaba bo Kopanang le Bophirima Gone

Toropo ya Afrika Kwa Botlhaba bo Kopanang le Bophirima Gone

Toropo ya Afrika Kwa Botlhaba bo Kopanang le Bophirima Gone

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA

O BONA mebalabala e mentle tota fa o tsamaya mo mmileng wa Durban! O tla bona gore bontsi jwa batho ba apara jaaka batho ba mafatshe a Bophirima, segolobogolo basha. Mme tlhokomela gape le bommè ba Bazulu ba apere mesese ya bone e e lebegang sentle e meleele ba rwele ditukwi tse di mebalabala mo ditlhogong. Gape go na le bommè ba Baindia ba ba apereng di-sari kgotsa mesese ya Di-Punjabi e e aparwang le marokgwe. Fa o atamela fa losing lwa lewatle, o ka nna wa bona banna bangwe ba Bazulu ba apere moaparo wa bone o o feletseng ba goga dikoloi tsa bone tsa diritšha. Eleruri, Durban ke toropo ya Afrika e e tlhomologileng e kwa go yone Botlhaba bo kopanang le Bophirima. Hisitori ya toropo eno e e kgatlhang thata ke eng?

Toropo ya Afrika Borwa ya Durban e nnile le banni ka lobaka lo lo kafa tlase ga makgolo a mabedi a dingwaga. Bayuropa ba ka nna 40 ba ba neng ba tlile go e dira kolone ba ne ba nna mo go yone ka 1824. Ka nako eo bogosi jo bo maatla jwa Bazulu jo bo neng bo eteletswe pele ke Shaka, kgosi ya bone ya motlhabani, bo ne bo tlhomilwe kwa bokone jwa Durban. Dingwaga di le masome a mabedi moragonyana, Durban le karolo ya yone ya naga e e mo gare, di ne tsa gapiwa ke Boritane. Batho ba ba neng ba tlile go dira toropo eo kolone le Bazulu ba ne ba lwa dintwa di le mmalwa mo lekgolong la bo19 la dingwaga.

Go sa ntse go le jalo, masetlelara a Baesemane a ne a lemoga gore ntšhe e ne e gola sentle kwa dikarolong tse di gaufi le lotshitshi. Ba ne ba rulaganya gore go tle babereki go tswa kwa India, e le yone e neng e le kolone ya Boritane ka nako eo, gore ba tle go dira mo masimong a bone a sukiri. Magareng ga 1860 le 1911, go ne ga tla Baindia ba feta 150 000 kwa Durban. Ka ntlha ya seo, gompieno karolo ya toropo ya Durban e na le batho ba ba fetang dimilione tse tharo, ba ba akaretsang batho ba ba tswang mo dikarolong tse tharo tse di farologaneng tsa lefatshe—Bazulu, Baasia ba ba tswang kwa India, le batho ba Boritane le ba bophirima ba Yuropa.

Toropo eno gape e na le dikarolo tse dingwe tse di kgatlhang. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong, e na le boemakepe jwa tlholego jo bo kgaogantsweng le Lewatle la Indian ke karolo e tshesane ya lefatshe e e bidiwang Bluff. Karolo eno ya lefatshe e ntle e bogodimo jwa dimetara di feta 300 mme e apesitswe ke dimela. Letsatsi le letsatsi go feta dikepe tse dikgolo mo boemakepeng jono jo bo sireleditsweng ka tsela ya tlholego. Buka ya Discovery Guide to Southern Africa e tlhalosa gore Durban e na le “boemakepe jo bogolo le jo bo dirisiwang thata go a feta otlhe mo Afrika, jo bo bewang mo boemong jwa borobongwe mo lefatsheng lotlhe.” Batho ba ba mo malatsing a boikhutso ba rata matshitshi a mantle a lewatle a Durban gape ba rata metsi a one a a bothitho. Go na le mafelo a a siametseng go dira motshameko wa go shapa fa godimo ga makhubu, mme ba ba thumang ba ka gololesega ka gore matloa a a thibang dishaka a tlhokometswe sentle.

Barati ba Baebele ba na le lebaka le lengwe la go kgatlhegela toropo eno. Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, ba ne ba tlhoma ofisi ya bone ya lekala mono ka 1910. Mme ka April 1914, go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha mo Afrika ya Baithuti ba Baebele mo Durban. Go ne go na le batho ba ka nna 50, go akaretsa baemedi ba ba tswang kwa dikarolong tse di kgakala tsa Afrika Borwa. Kwa kopanong eo ya botlhokwa, go ne ga kolobediwa baobamedi ba basha ba le 16. Ba le mmalwa ba batho ba ba neng ba le teng e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba ikanyega go ya losong, go akaretsa William W. Johnston, yo e neng e le wa ntlha go okamela ofisi ya lekala mo Afrika.

Basupi ba ga Jehofa ba rulagantse dikopano tse dintsi kwa Durban fa e sa le ka 1914. Ka December 2000, batho ba ka nna 14 848 ba ne ba nna teng kwa dikopanong tse pedi tsa “Badiri ba Lefoko la Modimo” tse di neng di tshwaretswe kwa toropong eo, mme go ne ga kolobediwa batho ba le 278 ba basha. Akanya ka lengwe la malapa a mantsi a Baindia a a neng a le teng. Dingwaga di le lesome tse di fetileng, rrè wa teng, Alan, o ne a bontshiwa boammaaruri jwa Baebele ke morwadie, Somashini. Alan o ne a sa ntse a leka go tswa mo go tshwakgolweng ke tagi mme o ne a batla boikaelelo mo botshelong. Somashini, yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le tharo fela, o ne a tlisetsa rraagwe buka e a neng a e tsere kwa ntlong ya moagelani wa bone. Setlhogo sa yone, Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? se ne sa kgatlha Alan ka bonako. O ne a itumelela se a neng a se bala mme a simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya se a neng a se ithuta mo Baebeleng, Alan o ne a kwadisa lenyalo la gagwe kafa molaong. Go ise go ye kae mosadi wa gagwe, Rani, o ne a kgatlhega mme le ene a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo banyalani bano ba ne ba nna le batsadi ba ga Rani, ba e neng e le maloko a nngwe ya dikereke tsa Labokeresete. Batsadi ba ne ba le kgatlhanong le bodumedi jo bosha jwa banyalani bano ba basha, mme ba ne ba ba naya tlhagiso eno e ba neng ba sa ikemisetsa go e fetola: “Tlhophang gore a lo tlogela Basupi kgotsa lo tswa mo ntlong ya rona!”

Alan le Rani ba ne ba swetsa ka gore ba tsamaye, le fa go ne go le thata go bona manno. Ditsala mo gare ga Basupi ba ga Jehofa di ne tsa ba thusa go bona lefelo le le siameng la bonno. Ka 1992 Alan le Rani ba ne ba kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba tswela pele, mme gompieno Alan o direla jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Go na le diphuthego di feta 50 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa karolong ya toropo ya Durban. Bontsi jwa tsone ke tsa Bazulu. Le fa go ntse jalo, diphuthego tse dingwe, segolobogolo tse di gaufi le toropo, di na le Bazulu, Baindia le Basweu. Fa o etela kwa go nngwe ya dipokano tseno, o tla bona se se fetang Botlhaba bo kopana le Bophirima. Gongwe Mosupi yo o apereng sentle wa Moafrika o tla bo a tshwere pokano kgotsa Mosupi wa Moindia kgotsa Mosupi wa Mosweu. Mme se se salang ke gore: Mo bareetsing o tla bona bosupi jo bo feletseng jwa gore Baebele e na le maatla a go kopanya batho ba ditšhaba tsotlhe mo botsalanong jo bo lorato jo bo nnelang ruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Dipokano tsa phuthego di kopanya batho ba ditso tsotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Alan, Rani le bana ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Holo ya toropo ya Durban

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Photos: Courtesy Gonsul Pillay