Bothata Jwa Lefatshe ka Bophara
Bothata Jwa Lefatshe ka Bophara
“Go ipolaya ke bothata jo bo masisi jwa botsogo mo bathong.”—David Satcher, mookamedi wa dingaka tse di arang kwa United States, ka 1999.
POLELO eo e ne e tshwaya lekgetlho la ntlha mo hisitoring fa mookamedi wa dingaka tse di arang wa United States a ne a bua phatlalatsa ka go ipolaya. Jaanong kwa nageng eo, batho ba ba ipolayang ba bantsi go feta ba ba bolawang ke batho ba bangwe. Ga go gakgamatse go bo Senate ya United States e ne ya bolela gore go thibela go ipolaya ga batho e tshwanetse go nna selo se setšhaba sotlhe se tshwenyegileng ka sone.
Le fa go ntse jalo, palo ya batho ba ba ipolayang kwa United States, e e neng e le 11,4 mo bathong ba le 100 000 ka 1997, e kwa tlase ga palo ya lefatshe lotlhe e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo ka 2000—e e leng batho ba le 16 mo go ba le 100 000. Dipalo tsa batho ba ba ipolayang lefatshe ka bophara di oketsegile ka diperesente di le 60 mo dingwageng tse 45 tse di fetileng. Jaanong mo ngwageng o le mongwe, mo e ka nnang batho ba le milione lefatshe ka bophara ba a ipolaya. Seno se raya gore go swa mo e ka nnang motho a le mongwe mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 40 fela!
Le fa go ntse jalo, dipalopalo tseno di ka se senole sotlhe se se diragalang. Mo makgetlhong a mantsi ba lelapa ba ganela gore motho o ipolaile. Mo godimo ga moo, go akanyediwa gore mo mothong a le mongwe yo o ipolayang, go na le batho ba bangwe ba ba magareng ga 10 le 25 ba ba lekang go ipolaya. Patlisiso nngwe e ne ya fitlhela gore diperesente di le 25 tsa baithuti ba sekolo se segolwane kwa United States ba ne ba dumela gore mo ngwageng o o fetileng, ba ne ba kile ba akanya thata ka go ipolaya; mme diperesente di le 8 mo setlhopheng seo se se neng se botsolotswa ba ne ba lekile go ipolaya. Dipatlisiso tse dingwe di fitlhetse gore diperesente di le magareng ga 5 le 15 tsa batho ba bagolo ba setse ba kile ba akanya ka go ipolaya ka nako nngwe.
Ditso Tse di sa Tshwaneng
Batho ba leba go ipolaya ka ditsela tse di farologaneng thata. Ba bangwe ba go tsaya e le tlolomolao, ba bangwe ba go tsaya e le tsela e magatlapa a tshabang mathata ka yone, mme ba bangwe ba go tsaya e le tsela e e tlotlegang ya go bontsha gore ba swabetse phoso nngwe e ba e dirileng. Ba bangwe e bile ba go tsaya e le tsela e e molemolemo ya go dira gore go dirwe sengwe se ba se batlang. Ke ka ntlha yang fa batho ba go leba ka ditsela tse di sa tshwaneng jaana? Setso se na le seabe se segolo mo ntlheng eno. Tota e bile The Harvard Mental Health Letter e bolela gore setso se ka nna sa ba sa “dira gore motho a batle go ipolaya.”
Akanya ka naga nngwe kwa Yuropa bogare—Hungary. Dr. Zoltán Rihmer o bitsa tlwaelo e e kwa godimo ya go ipolaya ga batho koo a re ke “‘setso’ se se utlwisang botlhoko” sa kwa Hungary. Béla Buda, motsamaisi wa Setheo sa Setšhaba sa Botsogo, o boletse gore batho ba Hungary ba ipolaya motlhofo fela, le gone ba ipolaela sengwe le sengwe fela. Go ya ka Buda batho ba teng “fela fa a na le kankere—o a itse gore a e fedise jang.”
Kwa India go ne go na le ngwao nngwe ya bodumedi e e bidiwang suttee. Le fa gone tlwaelo eo ya gore motlholagadi a itatlhele mo sebesong fa monna wa gagwe a fisiwa e sa bolo go thibelwa, ga e ise e nyelele gotlhelele. Go bolelwa gore fa mosadi mongwe a sena go ipolaya ka tsela eno, batho ba bantsi ba mo lefelong la gabone ba ne ba tlotlomatsa masetlapelo ao. Go ya ka India Today, kwa karolong eo ya India “go bonwe basadi ba ka
nna 25 ba iphisa jalo mo dibesong tse go fisiwang banna ba bone mo go tsone mo dingwageng tse 25.”Selo sengwe se motho a ka se tlhokomelang ke gore kwa Japane palo ya batho ba ba ipolayang e menagane gararo go feta ya batho ba ba bolawang ke dikotsi tsa tsela! “Setso sa Japane se se iseng se ko se tsamaye se kgale go ipolaya, se itsege ka go dirisa mokgwa mongwe o o dirisiwang mo kobamelong le o o tlhomamisitsweng wa go itlhaba mo mpeng ka tšhaka go ntshetsa mala kwantle (seppuku, kgotsa hara-kiri),” go bolela jalo Japan—An Illustrated Encyclopedia.
Inazo Nitobe, yo moragonyana a neng a nna mokwaledi wa mokwaledikakaretso wa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, mo bukeng ya gagwe Bushido—The Soul of Japan, o ne a tlhalosa tsela e batho ba ba latelang setso seno ba ratang go swa ka teng. O ne a kwala jaana: “[Seppuku], e leng mokgwa o o simolotseng mo Metlheng ya Bogare, e ne e le tsela e batlhabani ba neng ba e dirisa go intsha mo molatong, go kopa gore ba itshwarelwe diphoso tsa bone, go tshabela ditlhong, go golola ditsala tsa bone, kgotsa go bontsha ka yone gore se ba se buang se boammaaruri.” Le fa mokgwa ono wa moetlo wa go ipolaya ka kakaretso e le selo se se neng se dirwa mo nakong e e fetileng, go na le batho ba sekae ba ba sa ntseng ba o dirisa go fitlhelela sengwe mo setšhabeng.
Kafa letlhakoreng le lengwe mo go Labokeresete, go ipolaya ga go bolo go lejwa e le tlolomolao. Ka lekgolo la borataro le la bosupa la dingwaga, Kereke ya Roma Katoliki e ne e kgaola batho ba ba neng ba ipolaile mme e sa dumele go ba fitlha ka tsela e e tlwaelegileng ya kereke. Mo mafelong mangwe tlhagafalo ya bodumedi e dirile gore go latelwe mekgwa mengwe e e sa tlwaelegang malebana le go ipolaya—go akaretsa go kaletsa setopo le go se tlhaba ka mopako mo pelong.
Sengwe se se gakgamatsang e ne e le gore batho ba ba neng ba leka go ipolaya ba ne ba ka atlholelwa loso. Monna mongwe wa Moesemane wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a kalediwa ka gonne a ne a lekile go ipolaya ka go ikgaola mometso. Ka jalo balaodi ba ne ba dira se monna yoo ka boene a neng a paletswe ke go se dira. Le fa kotlhao ya go leka go ipolaya e fetogile fa dingwaga di ntse di feta, e nnile fela ka 1961 fa Palamente ya Boritane e ne e bolela gore go ipolaya le go leka go ipolaya e ne e sa tlhole e le tlolomolao. Kwa Ireland go ne ga tswelela go lejwa e le tlolomolao go fitlha ka 1993.
Gompieno, bakwadi bangwe ba kgothaletsa go ipolaya ba re ke tsela e motho a ka nnang a e itlhophela. Buka nngwe ya 1991 e e neng e bua ka go thusa batho ba ba lwalang la go swa e ne ya akantsha ditsela dingwe tsa go ipolaya. Moragonyana, palo e kgolo ya batho ba ba neng ba sa lwale la go swa ba ne ba dirisa mengwe ya mekgwa e e neng e akantshitswe mo go yone.
A tota go ipolaya ke tharabololo ya mathata a motho? Kgotsa a go na le mabaka a a utlwalang a gore motho a tswelele a tshela? Pele ga re tlhatlhoba dipotso tseno, a pele re tlhatlhobeng se se dirang gore batho ba ipolaye.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
Mo ngwageng o le mongwe, batho ba ka nna milione lefatshe ka bophara ba a ipolaya. Seno se raya gore go swa motho a le mongwe mo metsotswaneng mengwe le mengwe e 40 fela!