Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Diokobatsi Tsa Kalafi ka Botlhale

Dirisa Diokobatsi Tsa Kalafi ka Botlhale

Dirisa Diokobatsi Tsa Kalafi ka Botlhale

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA

FA NGAKA ya gago e go naya diokobatsi tsa kalafi, kwantle ga pelaelo e di go naya ka tumelo ya gore di tla go thusa, o go di naya morago ga go go tlhatlhoba, ka kitso ya bongaka le maitemogelo. Le fa go ntse jalo, molwetse ga a tshwanela go tsaya gore ngaka e ikarabelela ka mo go feletseng ka botsogo jwa gagwe. Molwetse ke ene a ikarabelelang ka se a se tsenyang mo mmeleng wa gagwe.

Fa o nwa melemo e o e neilweng ke ngaka, sekaseka dikaelo tse di mosola tse di latelang tse di ntshitsweng ke ngaka ya kalafi:

● Diokobatsi tsotlhe di na le mo di se kitlang di tshwara motho sentle gone. O na le tshwanelo ya go itse gore o newa molemo ofe le gore o ka nna wa nna le ditlamorago dife tse di sa siamang. Fa ngaka ya gago e sa go neye tshedimosetso eno, o se ka wa tshaba go botsa. Gantsi o tla solegelwa molemo ke go nwa melemo eo go feta go nna le ditlamorago tse di sa siamang. Mme o tshwanetse go bolelelwa gore o tle o dire tshwetso e e botlhale.

● Diokobatsi di ama motho mongwe le mongwe ka tsela e e farologaneng. Ngaka ya gago e ka se kgone go itse sentle tota gore seokobatsi se se rileng se tla go tshwara jang. Fa o tshosiwa ke go bona ditlamorago tse di sa siamang tse o neng o sa di lebelela, ikgolaganye le ngaka ya gago.

● Botsa gore o tla tshwanela go dirisa molemo oo ka lobaka lo lo kana kang. Gape o batlisise gore a o ka go tshwakgola.

● O tlhokomele gore o se ka wa emisa go nwa molemo ka bowena fela, gongwe e le ka gonne o ikutlwa o le botoka. Go tlogela go nwa molemo ka bonako go ka nna ga gakatsa boemo jwa gago. Go na le moo, botsa ngaka ya gago pele.

● Ka metlha o dirise melemo e o e neilweng ke ngaka o kaelwa ke yone.