Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Basadi ba ba Itewang

Go Thusa Basadi ba ba Itewang

Go Thusa Basadi ba ba Itewang

GO KA dirwang go thusa basadi ba ba amiwang ke tirisodikgoka? Santlha, motho o tshwanetse go tlhaloganya bothata jo ba leng mo go jone. Gantsi banna ga ba ba utlwise botlhoko mo mmeleng fela fa ba ba itaya. Gantsi ba tshosediwa ka mafoko mo e leng gore mosadi o ikutlwa a se na mosola ope e bile a sa kgone go dira sepe ka bothata jono jwa gagwe.

Akanya ka Roxana, yo go neng ga buiwa ka kgang ya gagwe mo setlhogong sa ntlha. Ka dinako tse dingwe, monna wa gagwe o mo tlhaba ka mafoko. “O ntlontlolola ka mafoko,” Roxana o bolela jalo. “O nthaya a re: ‘Le go fetsa sekolo ga o a se fetsa. O ka kgona jang go tlhokomela bana fa ke seyo? O mmè yo o bobodu fela yo o se nang mosola wa sepe. A o akanya gore fa o ne o ka ntlogela molao o ne o ka go letla gore o tsamaye ka bana?’”

Monna wa ga Roxana o laola le madi mo ntlong. Ga a mo letle go dirisa koloi, e bile o nna a founa letsatsi lotlhe go tlhola gore o dirang. Fa a akantsha sengwe, o tlala bogale. Ka ntlha ya moo, Roxana o ithutile go nna fela a sa ntshe maikutlo a gagwe.

Jaaka fa re ka bona, go sotla basadi ke bothata jo bo raraaneng. Gore o ba thuse, ba reetse ka kutlwelobotlhoko. Gakologelwa gore gantsi go thata gore mosadi yo o sotliwang a bue ka se se ntseng se mo diragalela. Mokgele wa gago e tshwanetse ya nna go nonotsha mosadi yo o sotliwang fa a ntse a lebana le bothata jono go ya ka fa a kgonang ka gone.

Basadi bangwe ba ba itewang ba ka nna ba tshwanelwa ke go kopa thuso kwa molaong. Ka dinako tse dingwe, thuso e e tshwanang le go tsenelela ga mapodise e ka nna ya dira gore monna yo o sotlang mosadi wa gagwe a bone kafa ditiro tsa gagwe di leng masisi ka gone. Le fa go ntse jalo, gantsi maitlhomo ape fela a go fetoga a monna yono a nnang le one fa mapodise a sena go tsenelela a nyelela ka bonako fela morago ga moo.

A mosadi yo o itewang o tshwanetse go tlogela monna wa gagwe? Baebele e leba go kgaogana ga banyalani ka tsela e e masisi. Le fa go ntse jalo, ga e patelele mosadi yo o itewang ke monna gore a nne le monna yo o tsenyang botsogo jwa gagwe mo kotsing kgotsa le jone botshelo jwa gagwe tota. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala jaana: “Fa tota a ka mo tlogela, a a nne a sa nyalwa kgotsa go sa nneng jalo a boelane gape le monna wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:10-16) E re ka Baebele e sa thibele banyalani go kgaogana fa maemo a le maswe thata, se mosadi a se dirang mo kgannyeng eno ke tshwetso ya gagwe ka namana. (Bagalatia 6:5) Ga go na ope yo o tshwanetseng go tlhotlheletsa mosadi gore a tlogele monna wa gagwe, e bile ga go na ope yo o tshwanetseng go gatelela mosadi yo o itewang gore a nne le monna wa gagwe yo o lesotlo fa botsogo, botshelo le bomoya jwa gagwe di le mo kotsing.

A go Na le Tsholofelo ka Banna ba ba Itayang Basadi?

Go sotla mosadi ke go tlola melaometheo ya Baebele fela ka tlhamalalo. Re bala jaana mo go Baefeso 4:29, 31: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona . . . A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”

Ga go na monna ope yo o ipolelang gore ke molatedi wa ga Keresete yo ruri a ka reng o rata mosadi wa gagwe fa a mo sotla. Fa a sa tshware mosadi wa gagwe sentle, ditiro tse dingwe tsotlhe tsa gagwe tse di molemo di tla nna le mosola ofe? “Moitei” ga a tshwanelege go bona ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Timotheo 3:3; 1 Bakorintha 13:1-3) Eleruri, motho ope fela yo o ipolelang gore ke Mokeresete yo gangwe le gape a phatlogang ka bogale e bile a sa ikwatlhaele go dira jalo a ka kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete.—Bagalatia 5:19-21; 2 Johane 9, 10.

A banna ba ba dirisang dikgoka ba ka fetola boitshwaro jono jwa bone? Bangwe ba bo fetotse. Le fa go ntse jalo, gantsi motho yo o itayang mosadi wa gagwe ga a kitla a fetoga ntle le fa (1) a dumela gore boitshwaro jwa gagwe ga bo a siama, (2) a batla go fetola mokgwa ono wa gagwe, le fa (3) a batla thuso. Basupi ba ga Jehofa ba fitlhetse gore Baebele e ka nna sedirisiwa se se nonofileng thata se se ka tlhotlheletsang motho gore a fetoge. Ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ba ithutang Baebele le bone ba ile ba nna le keletso e e nonofileng ya go itumedisa Modimo. Malebana le Jehofa Modimo, baithuti ba basha bano ba Baebele ba ithuta gore “moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Ke boammaaruri gore go fetoga ga monna yo o itayang mosadi wa gagwe ga se kgang fela ya gore a se ka a tlhola a mo itaya. Go akaretsa le go ithuta go fetola tsela e a lebang mosadi wa gagwe ka yone gotlhelele.

Fa monna a simolola go nna le kitso ya Modimo, o ithuta go leba mosadi wa gagwe e seng jaaka motlhanka mme jaaka “mothusi” gape e seng jaaka motho wa maemo a a kwa tlase mme jaaka motho yo o ‘tlotlwang.’ (Genesise 2:18; 1 Petere 3:7) Gape o ithuta go nna kutlwelobotlhoko le go bona botlhokwa jwa go reetsa maikutlo a mosadi wa gagwe. (Genesise 21:12; Moreri 4:1) Go ithuta Baebele le batho ba bangwe ga Basupi ba ga Jehofa go thusitse banyalani ba le bantsi. Ga go a tshwanela ga nna le motho yo o dirisang maatla ka tsela e e sa tshwanelang, yo o gatelelang, kgotsa yo o setlhogo mo lelapeng la Bokeresete.—Baefeso 5:25, 28, 29.

“Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Ka jalo, botlhale jo bo leng mo Baebeleng bo ka thusa banyalani go sekaseka mathata a bone e bile bo ka ba naya bopelokgale jwa go a rarabolola. Mo godimo ga moo, Baebele e na le tsholofetso e e tlhomamisegileng le e e kgothatsang ya go bona lefatshe le le se nang tirisodikgoka fa Kgosi ya ga Jehofa ya selegodimo e tla bo e busa batho botlhe ba ba kutlo. Baebele e bolela jaana: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—Pesalema 72:12, 14.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Ga go a tshwanela ga nna le motho yo o dirisang maatla ka tsela e e sa tshwanelang, yo o gatelelang, kgotsa yo o setlhogo mo lelapeng la Bokeresete

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Go Baakanya Dikgopolo Tse Di Phoso

Basadi ba ba itewang ke bone ba ba dirang gore banna ba bone ba ba iteye.

Banna ba le bantsi ba ba itayang basadi ba bone ga ba ipone phoso ka se ba se dirang, ba bolela gore basadi ba bone ke bone ba ba galefisang. Tota le batho bangwe ba e leng ditsala tsa lelapa ba ka nna ba dumalana le kgang ya gore ga go motlhofo go dirisana le mosadi yono, ke gone ka moo gangwe le gape monna wa gagwe a galefang thata jaana. Mme seno ke go pega mosadi yo o itewang molato le go bolela gore moitei ga a na molato ope. Mme tota, gantsi basadi ba ba itewang ba dira maiteko ka tlhoafalo a go reba banna ba bone bogale. Mo godimo ga moo, le ka motlha go itaya mosadi ga go a siama le fa maemo e ka nna afe. Buka ya The Batterer—A Psychological Profile e bolela jaana: “Banna ba dikgotlatshekelo di ba romelang go ya go alafiwa ka ntlha ya go itaya basadi ba bone ba tshwakgotswe ke tirisodikgoka. Ba e dirisa jaaka selo sa go ntsha kgalefo ya bone le go tshwenyega ga bone thata mo maikutlong, e leng tsela ya go laola le go rarabolola dikgotlhang, le selo se se fokotsang dikgogakgogano. . . . Gantsi, ga ba kgone le go dumela gore ba na le bothata kgotsa ga ba tseye bothata jono masisi.”

Bojalwa bo dira gore monna a iteye mosadi wa gagwe.

Ke boammaaruri gore banna bangwe ba dirisa dikgoka thata fa ba fetsa go nwa. Mme a go a utlwala go pega bojalwa molato? K. J. Wilson o kwala jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang When Violence Begins at Home: “Monna yo o itayang mosadi wa gagwe o pega go tlhapelwa ga gagwe molato go na le go ipega molato ene ka boene ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe.” O tswelela jaana: “Mo setšhabeng sa rona, go lebega e kete tirisodikgoka ya mo lapeng e amogelwa sentle fa e dirwa ke motho yo o tlhapetsweng. Mosadi yo o sotliwang a ka tila go leba monna wa gagwe jaaka motho yo o lesotlo, go na le moo o mo leba jaaka motho yo o nwang bobe kgotsa letagwa.” Wilson o bontsha gore go akanya ka tsela e e ntseng jalo go ka dira gore mosadi a nne le tsholofelo e e se kitlang e diragadiwa ya gore “fa fela monna a ne a ka tlogela go nwa, tirisodikgoka e ne e tla fela.”

Gone jaanong jaana, babatlisisi ba le bantsi ba leba go nwa le go itaya mosadi jaaka mathata a mabedi a a sa tsamaisaneng. Mo godimo ga moo, bontsi jwa banna ba ba sa diriseng diokobatsi sentle ga ba iteye basadi ba bone. Bakwadi ba buka e e reng When Men Batter Women ba bolela jaana: “Se se dirang gore go itaya basadi go tswelele pele ke go bo banna ba ba ba itayang ba atlega mo go ba laoleng, mo go ba tshosetseng le mo go ba direng gore ba ikobe. . . . Go nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang ke karolo fela ya botshelo jwa monna yo o itayang mosadi wa gagwe. Mme re tla bo re dira phoso go tsaya gore go dirisa diokobatsi go baka tirisodikgoka.”

Banna ba ba itayang basadi ba bone ba galefela mongwe le mongwe.

Gantsi monna yo o itayang mosadi wa gagwe o kgona go nna botsalano mo bathong ba bangwe. Botho jwa gagwe bo a fetoga gotlhelele. Ke gone ka moo ditsala tsa lelapa di fitlhelang go le thata go dumela kgang ya gore o dirisa dikgoka. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore monna yo o itayang mosadi wa gagwe o dirisa tsela e e setlhogo eno jaaka tsela ya go laola mosadi wa gagwe.

Basadi ga ba tshwenyege fa ba sotlwa.

Go bonala kgopolo eno e bakwa ke go bo batho ba sa tlhaloganye boemo jono jo mosadi a sa kgoneng go dira sepe ka jone. Mosadi yo o itewang ke monna wa gagwe a ka nna a bo a na le ditsala tse di ka mo amogelang mo ntlong ya bone beke e le nngwe kgotsa tse pedi, mme o tla dirang morago ga moo? Go boima tota go batla tiro gore a duele rente a ntse a tlhokomela bana mo letlhakoreng le lengwe. E bile molao o ka nna wa se ka wa dumela gore a tsamaye le bana. Bangwe ba ne ba leka go tsamaya mme banna ba bone ba ne ba ba batla mme ba ba busetsa gae, ka dikgoka kgotsa ka go ba rapela. Ditsala tse di sa tlhaloganyeng boemo jono di ka nna tsa tsaya gore basadi bano ga ba tshwenyege fa ba sotlwa.