Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Gongwe o Tla Fetoga Jaanong”

“Gongwe o Tla Fetoga Jaanong”

“Gongwe o Tla Fetoga Jaanong”

ROXANA * ke mmè yo o matlhagatlhaga yo montle yo o nang le bana ba le banè, yo o nyetsweng ke ngaka e e tlotlegang thata ya moari kwa Amerika Borwa. O bolela jaana: “Monna wa me o botsalano tota mo basading, le banna ba bangwe ba mo rata tota.” Mme go na le sengwe se se sa rategeng ka molekane yono wa ga Roxana, se se sa bonweng le ke ditsala tsa bone tse dikgolo. “Ke tau fa a le kwa gae. O lefufa fela thata.”

Sefatlhego sa ga Roxana se bontsha go tlhobaela fa a ntse a tswelela ka kgang ya gagwe. “Bothata jono bo ne jwa simolola dibeke di le mmalwa fela re sena go nyalana. Re ne ra etelwa ke bokgaitsadiake le mmè, mme go ne go le monate tota fa ke ntse ke tlotla e bile ke tshega le bone. Mme e ne ya re fa ba sena go tsamaya, monna wa me a ntatlhela mo godimo ga sofa, a tuka bogale. Ke ne ke sa dumele se se neng se direga.”

Se se utlwisang botlhoko ke gore seo e ne e le tshimologo fela ya mathata a ga Roxana, gonne o feditse dingwaga di le dintsi monna wa gagwe a ntse a mo itaya gangwe le gape. Go bonala go sotlwa gono ga gagwe go tla gangwe le gape. Monna wa ga Roxana o a mo itaya, go tswa foo a bo a kopa maitshwarelo a sa fetse e bile a solofetsa gore ga a kitla a tlhola a dira jalo gape. Boitshwaro jwa gagwe bo a tokafala—le teng ka nakonyana fela. Morago ga moo bothata jono bo simolola gape. Roxana o bolela jaana: “Ke nna ke akanya gore gongwe o tla fetoga jaanong. Tota le fa ke tshaba mo gae, ke nna ke boela gape kwa go ene.”

Roxana o boifa gore letsatsi lengwe mokgwa ono wa go nna dikgoka ga monna wa gagwe o tla fetelela. O bolela jaana: “O kile a ntshosetsa ka gore o tla mpolaya, a bolaye bana a bo a ipolaya. Nako nngwe o ne a mpaya sekere mo kgokgotsong. Ka nako e nngwe o ne a ntshosetsa ka tlhobolo, a ntshupa ka yone mo tsebeng a bo a e thuntsha! Ka lesego e ne e sa tlhatlhelwa, mme ke ne ka batla ke bolawa ke letshogo.”

Mokgwa wa go Swa Senku

Fela jaaka Roxana, basadi ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba bogisiwa ke banna ba bone ba ba dikgoka. * Ba le bantsi ba bone ba itidimalela fela ka bothata jono jwa bone. Ba akanya gore go bo bega ga go kitla go thusa ka sepe. Mo godimo ga moo, banna ba le bantsi ba ba sotlang basadi ba bone gantsi ba itatola se ba se dirileng ka mafoko a a jaaka, “Mosadi wa me o tenegatenega fela go sa twe sepe” kgotsa, “O rata go feteletsa dilo.”

Go utlwisa botlhoko go bo basadi ba le bantsi ba tshelela mo letshogong la gore ba ka nna ba tlhaselwa mo lefelong le ba neng ba tshwanetse go ikutlwa ba sireletsegile thata mo go lone—legae la bone ka namana. Le fa go ntse jalo, se se swabisang ke gore gantsi go utlwelwa mosotli botlhoko e seng yo o sotlwang. Eleruri, bangwe ga ba kgone go dumela gore monna yo o lebegang e le motho yo o tlotlegang mo setšhabeng a ka itaya molekane wa gagwe wa lenyalo. Akanya ka se se neng sa direga ka mosadi yo o bidiwang Anita fa a ne a phunya sekaku ka tsela e monna wa gagwe yo o tlotlegang thata a neng a mo sotla ka yone. “Mongwe wa batho ba re tlwaelaneng nabo o ne a nthaya a re: ‘O ka latofatsa jang monna yo o tlotlegang jaana?’ Yo mongwe o ne a re e tshwanetse ya bo e le nna ke mo rumolang! Tota le fa ditiro tse monna wa me a neng a di dira di sena go itsiwe, bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba simolola go ntlhokomologa. Ba ne ba re ke ka bo ke itshokile fela ka gonne ‘banna ba ntse jalo.’”

Jaaka fa boitemogelo jwa ga Anita bo bontsha, batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go dumela gore monna a ka sotla mosadi setlhogo jaana. Ke eng se se dirang gore monna a nne setlhogo jaana mo mosading yo a bolelang gore o a mo rata? Batho ba ba amiwang ke tirisodikgoka ba ka thusiwa jang?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a a mo ditlhogong tseno a fetotswe.

^ ser. 7 Re a lemoga gore banna ba le bantsi le bone ba a tle ba itewe ke basadi. Mme dipatlisiso di bontsha gore gantsi basadi ke bone ba gobadiwang e bile dikgobalo tseo di masisi tota. Ka jalo, ditlhogo tseno di tlotla ka go sotlwa ga basadi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

Mefuta e e Farologaneng ya Tirisodikgoka mo Lapeng

Go ya ka Maiphako a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a go Fedisa Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi, lereo le le reng “tirisodikgoka kgatlhanong le basadi” le ka bolela “tiro epe fela ya dikgoka e monna a ka e dirang e e felelang ka, kgotsa e go ka diregang gore e felele ka gore monna a gobatse mosadi mo mmeleng, a mo gobatse ka tsa tlhakanelodikobo kgotsa a mo gobatse mo tlhaloganyong, kgotsa a mo sotle, go akaretsa le go mo tshosetsa ka ditiro tse di ntseng jalo, go mo gatelela le go mo tima kgololesego, e ka tswa a dira jalo mo gare ga batho ba bangwe kgotsa fa ba le babedi fela.” Gareng ga dilo tse dingwe, tirisodikgoka eno e akaretsa “go tshwara mosadi makgwakgwa mo mmeleng, mo go tsa tlhakanelodikobo le mo tlhaloganyong go go dirwang mo lelapeng le mo setšhabeng ka kakaretso, go akaretsa le go itaya mosadi, go sotla bana ba basetsana ka go tlhakanela dikobo le bone, tirisodikgoka e e amanang le go ntshiwa ga magadi, go betelela molekane wa lenyalo, go gobatsa dirwe tsa mosadi tsa tsalo le ditlwaelo tse dingwe tsa setso tse di kotsi tse di dirwang mo basading.”