Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ka Dinako Tse Dingwe e Kete ke a Lora!”

“Ka Dinako Tse Dingwe e Kete ke a Lora!”

“Ka Dinako Tse Dingwe e Kete ke a Lora!”

Lourdes o leba toropo go tswa mo balekhoneng ya folete ya gagwe, a beile menwana mo molomong wa gagwe o o roromang. Ke mosadi wa kwa Latin-America yo o feditseng dingwaga di le 20 a bogisiwa ke monna wa gagwe e bong Alfredo yo o ratang go dirisa dikgoka. Alfredo o ne a tlhotlheletsega go fetoga. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go le thata gore Lourdes a bue ka botlhoko jo a neng a bo itshokela mo mmeleng le mo maikutlong.

Lourdes o bolela jaana ka lentswe le le kwa tlase: “Bothata jono bo simolotse dibeke di le pedi fela fa re sena go nyalana. Nako nngwe o ne a nkgola meno a mabedi. Nako nngwe ke ne ka tila lebole la gagwe mme la thuba oteropo. Mme go tlhabiwa ka mafoko go utlwisa botlhoko le go feta. O ne a mpitsa ‘letlakala le le se nang mosola’ e bile a ntshwara jaaka e kete ke ne ke le seeleele fela. Ke ne ke batla go tsamaya, mme ke ne ke ka tsamaya jang ke na le bana ba bararo?”

Alfredo o ama legetla la ga Lourdes ka bonolo. O bolela jaana: “Ke porofeshenale wa maemo a a kwa godimo. Ke ne ka tlhabiwa ke ditlhong fa ke ne ke bilediwa kwa kgotlatshekelong mme ke newa ditaelo tsa gore ke tlogele go itaya mosadi wa me. Ke ne ka leka go fetoga, mme go ise go ye kae ke fa ke tswelela pele fela ke mo itaya.”

Dilo di ne tsa fetoga jang? Lourdes o tlhalosa jaana a phuthologile go sekae jaanong: “Mmè yo o berekang mo lebenkeleng le le mo khoneng ya seterata ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a ithaopela go nthusa go tlhaloganya Baebele. Ke ile ka ithuta gore Jehofa Modimo o tsaya basadi e le ba botlhokwa. Ke ne ka simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, le fa go ne ga galefisa Alfredo kwa tshimologong. E ne e le selo se sesha mo go nna gore ke nne nakonyana le ditsala kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona gore nka kgona go nna le dilo tse ke di dumelang tse nka di tlhalosang ke phuthologile ka ba ka di ruta ba bangwe. Ke ne ka lemoga gore Modimo o ne a ntsaya ke le botlhokwa. Seno se ne sa nkgothatsa.

“Go ne ga tla phetogo e ke se kitlang ke bo ke tsamaya ke e lebala. Alfredo o ne a sa ntse a ya Tirelong ya Mmisa ya Katoliki Sontaga mongwe le mongwe, mme o ne a ganetsa se ke neng ke se dira le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mo leba mo matlhong mme ka mmolelela jaana ka bonolo mme ke tiisitse: ‘Alfredo, se o se akanyang ga se se nna ke se akanyang.’ Mme o ne a se ka a ntitaya! Nakonyana fela morago ga moo, ke ne ka kolobediwa, mme ga a ise a ke a tlhole a ntitaya gape mo dingwageng di le tlhano fa e sa le go tloga ka nako eo.”

Mme diphetogo tse dikgolo di ne di sa ntse di larile kwa pele. Alfredo o tlhalosa jaana: “Dingwaga di ka nna tharo fa Lourdes a sena go kolobediwa, motho mongwe yo ke neng ke bereka le ene yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a ntaletsa go tla kwa ntlong ya gagwe, mme a ntlhalosetsa dilo tse di kgatlhang tota tse di tswang mo Baebeleng. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene ke sa bolelele mosadi wa me. Go ise go ye kae, ke fa ke tsamaya le Lourdes go ya kwa dipokanong. Dipuo di le dintsi tse ke neng ke di utlwa koo di ne di bua ka botshelo jwa lelapa, mme gantsi di ne di dira gore ke sale ke tlhabilwe ke ditlhong.”

Alfredo o ne a kgatlhwa ke go bona maloko a phuthego, go akaretsa le banna, ba feela morago ga dipokano. Fa a etela kwa magaeng a bone, o ne a bona banna ba thusa basadi ba bone go tlhatswa dijana. Ditironyana tse dinnye tseno di ne tsa bontsha Alfredo kafa lorato lwa boammaaruri lo bontshiwang ka gone.

Go ise go ye kae, Alfredo o ne a kolobediwa, jaanong ene le mosadi wa gagwe ke badiredi ba nako e e tletseng. Lourdes o bolela jaana: “Gantsi o nthusa go tlosa dijana mo tafoleng fa re sena go ja le go alola bolao. O nkakgolela tsela e ke apayang ka yone, e bile o ntetla go itlhophela dilo tse ke di ratang—tse di jaaka mmino o ke ratang go o reetsa kgotsa gore ke dilo dife tsa ntlo tse re ka di rekang. Tseno ke dilo tse Alfredo a neng a ka se ka a bo a di dira mo nakong e e fetileng! Bosheng jaana o ne a nthekela dithunya e le lekgetlo la ntlhantlha. Ka dinako tse dingwe e kete ke a lora!”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Ke ne ka lemoga gore ke ne ke le botlhokwa mo Modimong. Seno se ne sa nkgothatsa”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Alfredo o ne a kgatlhwa ke go bona maloko a phuthego, go akaretsa le banna, ba feela morago ga dipokano

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

O ne a bona banna ba thusa basadi ba bone go tlhatswa dijana

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Bosheng jaana o ne a nthekela dithunya e le lekgetlo la ntlhantlha”