Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Banna ba Itaya Basadi?

Ke Eng fa Banna ba Itaya Basadi?

Ke Eng fa Banna ba Itaya Basadi?

BAITSE bangwe ba bolela gore basadi ba mo kotsing e kgolo ya go bolawa ke banna ba bone go feta ya go bolawa ke dikebekwa tse dingwe tsotlhe di kopane. Go dirilwe dipatlisiso di le mmalwa go leka go fedisa go sotlwa ga basadi. Ke monna wa mofuta ofe yo o itayang mosadi wa gagwe? O godile ka tsela e e ntseng jang? A o ne a dirisa dikgoka fa ba ne ba sa ntse ba ratana? Monna yo o itayang mosadi wa gagwe o itshwara jang fa a alafiwa?

Selo sengwe se baitse ba se ithutileng ke gore banna ba ba itayang basadi ba bone ga ba tshwane. Go na le mofuta wa monna yo o dirisang dikgoka sewelo fela. Ga a dirise sebetsa sepe e bile ga se motho yo o sotletseng mosadi wa gagwe ruri. Mo go ene tirisodikgoka ga se mokgwa e bile go bonala a tlhotlhelediwa ke tikologo e a leng mo go yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le monna yo o nang le mokgwa wa go tlhola a iteetse mosadi wa gagwe ruri. O mo sotla ka dinako tsotlhe e bile ga a bontshe le fa e le sesuponyana sa go ikwatlhaya.

Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo go na le mefuta e e farologaneng ya banna ba ba itayang basadi ba bone ga le bolele gore ditsela tse dingwe tsa go itaya basadi ga di masisi. Ke boammaaruri gore mofuta ope fela wa go sotla motho mo mmeleng o ka baka kgobalo—tota le loso. Ka jalo, lebaka fela la go bo monna yo mongwe a sa dirise dikgoka gantsi kgotsa a sa dirise dikgoka thata jaaka yo mongwe ga le bolele gore ga a na molato ope. Go itaya mosadi ga go “amogelesege” gotlhelele. Le fa go ntse jalo, ke dilo dife tse di ka dirang gore monna a sotle mosadi mo mmeleng yo a neng a ikana gore o tla mo tlhokomela botshelo jotlhe jwa gagwe?

Tlhotlheletso e e Tswang mo Lapeng

Ga go gakgamatse gore banna ba le bantsi ba ba sotlang basadi ba bone ba goletse mo malapeng a a tletseng lesotlo. Michael Groetsch, yo o feditseng sebaka se se fetang masome a mabedi a dingwaga a dira dipatlisiso ka go sotlwa ga basadi o kwala jaana: “Banna ba le bantsi ba ba itayang basadi ba bone ba goletse mo malapeng ‘a go neng go le dintwa fela mo go one.’ Jaaka masea le bana ba bannye, ba goletse mo maemong a a tletseng bobaba ao go sotlwa mo maikutlong le mo mmeleng e neng e le ‘dilo tse di tlwaelegileng fela.’” Go ya ka moitse mongwe, ngwana wa mosimane yo o golelang mo tikologong e e ntseng jalo, “a ka gotsa lenyatso le rraagwe a nang le lone mo basading a sa ntse a le monnye thata. Mosimane yo o ithuta gore monna o tshwanetse gore ka metlha a laole basadi le gore tsela ya go kgona go ba laola jalo ke go ba tshosa, go ba utlwisa botlhoko le go ba tlontlolola. Gape, o ithuta gore tsela e le yosi e a ka dirang gore a amogelwe ke rraagwe ka yone ke go itshwara ka tsela e rraagwe a itshwarang ka yone.”

Baebele e bolela ka phepafalo gore tsela e motsadi a itshwarang ka yone e ka tlhotlheletsa ngwana fela thata, ka tsela e e molemo kgotsa e e bosula. (Diane 22:6; Bakolosa 3:21) Gone ke boammaaruri gore maemo a lelapa le monna a goletseng mo go lone ga a mo neye lebaka la go itaya mosadi, mme a ka thusa go bontsha gore ke eng se se bakileng gore a nne le mokgwa ono wa tirisodikgoka.

Tlhotlheletso ya Setso

Kwa dinageng dingwe, go itaya mosadi go a amogelesega e bile go tsewa e le selo se se tlwaelegileng fela. Pego ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bolela jaana: “Tshwanelo ya gore monna a iteye mosadi wa gagwe kgotsa a mo tshosetse ka tsela e e makgwakgwa ka gore o tla mo itaya ke selo se se amogelwang ke batho ba le bantsi mo setšhabeng.”

Tota le kwa dinageng tse go sotla mosadi ka tsela e e ntseng jalo go sa amogelweng kwa go tsone, batho ba le bantsi ba nna le mokgwa wa go dirisa dikgoka. Go akanya ga banna bangwe ka tsela ya go tlhoka tlhaloganyo malebana le kgang eno go a tshosa. Go ya ka lekwalodikgang la Afrika Borwa la Weekly Mail and Guardian, mo patlisisong e e neng ya dirwa kwa Cape Peninsula, go ne ga fitlhelwa gore bontsi jwa banna ba ba bolelang gore ga ba sotle balekane ba bone ba lenyalo ba ne ba akanya gore go itaya mosadi ke selo se se amogelesegang le gore go dira jalo ga se tirisodikgoka.

Go leba dilo ka tsela e e sokameng jalo go lebega gantsi go simolola mo bongwaneng. Ka sekai, kwa Boritane, patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore diperesente di le 75 tsa basimane ba ba nang le dingwaga di le 11 le di le 12 ba akanya gore go siame gore monna a iteye mosadi fa a mo galefisitse.

Ga go Na Seipato sa go Itaya Mosadi

Mabaka a a fa godimo a ka nna a thusa go tlhalosa lebaka la go bo basadi ba itewa, mme ga a dire gore seo e nne selo se se amogelesegang. Re ka bolela ka tsela e e motlhofo fela gore go itaya molekane wa gago wa lenyalo ke boleo jo bo masisi mo matlhong a Modimo. Re bala jaana mo lefokong la gagwe e leng Baebele: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.”—Baefeso 5:28, 29.

Bogologolo, Baebele e ne ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo batho ba le bantsi ba tla bo ba “sotla,” ‘ba se na lorato lwa tlholego,’ e bile ba le “bogale.” (2 Timotheo 3:1-3; The New English Bible) Go anama jaana ga go itewa ga basadi ke sesupo se sengwe se se bontshang gore re tshela mo go yone nako eo e e bolelwang ke boporofeti jono. Mme ke eng se se ka dirwang go thusa batho ba ba sotliwang mo mmeleng? A go na le tsholofelo epe ya gore batho ba ba itayang basadi ba bone ba tla fetola boitshwaro jwa bone?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Monna yo o tlhaselang mosadi wa gagwe ke sekebekwa fela jaaka monna yo o itayang motho ka lebole a sa mo itse.”—When Men Batter Women

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Tirisodikgoka Mo Lapeng Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Lefatshe lotlhe le na le bothata jwa banna ba ba ikgogomosang ba ba sotlang basadi ba bone, jaaka dipego tse di latelang di bontsha.

Egepeto: Patlisiso e e neng ya dirwa dikgwedi di le tharo kwa Alexandria e ne ya bontsha gore tirisodikgoka mo lapeng ke lone lebaka le legolo la go gobadiwa ga basadi. Diperesente di le 27,9 tsa basadi botlhe ba ba yang kwa mafelong a go thusiwang batho ba ba utlwileng botlhoko mo maikutlong kwa go one ba tla ka ntlha ya lebaka leno.—Résumé 5 of the Fourth World Conference on Women.

Thailand: Mo motseng o mogolo go e feta yotlhe wa Bangkok, diperesente di le 50 tsa basadi ba ba nyetsweng ba itewa ka metlha.—Pacific Institute for Women’s Health.

Hong Kong: “Palo ya basadi ba ba reng ba ile ba itewa ke banna ba bone e tlhatlogetse kwa godimo ka diperesente di feta 40 mo ngwageng o o fetileng.”—South China Morning Post, July 21, 2000.

Japane: Palo ya basadi ba ba batlang lefelo le ba ka sireletsegang mo go lone e tlhatlogile go tswa go 4 843 ka 1995 go ya go 6 340 ka 1998. “Mo e ka nnang nngwetharong ya bone ba ne ba bolela gore ba ne ba batla lefelo le ba neng ba ka sireletsega mo go lone ka ntlha ya tirisodikgoka ya banna ba bone.”—The Japan Times, September 10, 2000.

Boritane: “Metsotswana mengwe le mengwe e merataro, mosadi o a betelelwa, o a itewa kgotsa o tlhabiwa ka sengwe golo gongwe mo Boritane. Go ya ka pego ya Scotland Yard, “letsatsi le letsatsi, mapodise a founelwa makgetlo a le 1 300 ke batho ba ba amiwang ke tirisodikgoka ya mo lapeng—a founelwa makgetlo a feta 570 000 ka ngwaga. Diperesente di le 81 tsa bone ke basadi ba ba neng ba tlhaselwa ke banna.”—The Times, October 25, 2000.

Peru: Diperesente di le 70 tsa ditiro tsotlhe tsa bokebekwa tse di neng tsa begelwa mapodise di ama basadi ba ba neng ba itewa ke banna ba bone.—Pacific Institute for Women’s Health.

Russia: “Mo ngwageng o le mongwe fela, basadi ba le 14 500 ba Ba-Russia ba ne ba bolawa ke banna ba bone, mme ba bangwe ba le 56 400 ba ne ba golafala kgotsa ba gobala mo go botlhoko ka ntlha ya tirosodikgoka mo lapeng.”—The Guardian.

China: Porofesa Chen Yiyun, mokaedi wa Jinglun Family Center o bolela jaana: “Ke bothata jo bosha. Bo oketsega ka lobelo, segolobogolo mo metseng ya setoropo. Tlhotlheletso e e tswang mo baagelaning ga e sa tlhole e kgona go thibela tirisodikgoka ya mo lapeng.”—The Guardian.

Nicaragua: “Tirosodikgoka kgatlhanong le basadi e a oketsega kwa Nicaragua. Patlisiso nngwe e ne ya bolela gore ngogola fela, diperesente di le 52 tsa basadi ba kwa Nicaragua ba ne ba amiwa ke mofuta mongwe wa tirisodikgoka ya mo lapeng e dirwa ke banna ba bone.”—BBC News.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Matshwao a Kotsi

Go ya ka patlisiso e e neng ya dirwa ke Richard J. Gelles kwa Yunibesithing ya Rhode Island, U.S.A., a a latelang ano ke matshwao a a bontshang gore monna a ka nna a sotla mosadi mo mmeleng le mo maikutlong:

1. Monna yo o setse a kile a dirisa dikgoka mo lapeng.

2. Ga a bereke.

3. O dirisa diokobatsi tse di sa letlelelwang ke molao mo e ka nnang gangwe ka ngwaga.

4. Fa a ne a sa ntse a le kwa gae, o ne a bona rraagwe a itaya mmaagwe.

5. Batho ba babedi ba ga ba a nyalana; ba nna mmogo fela.

6. Fa e le gore o a bereka, o duelwa madi a mannye.

7. Ga a fetsa sekolo.

8. O na le dingwaga tse di magareng ga 18 le 30.

9. A le mongwe kgotsa ka bobedi jwa bone ba dirisa dikgoka mo baneng ba bone mo gae.

10. Itsholelo ya bone e kwa tlase thata.

11. Monna le mosadi ke ba ditso tse di sa tshwaneng.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tirisodikgoka ya mo lapeng e ka ama bana fela thata