Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong

Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong

Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong

“Mongwe le mongwe yo o ipolayang o na le mabaka a gagwe a go dira jalo: ke a gagwe a le esi, a a sa itsiweng ke ope, e bile e le a a mo tshwenyang thata.”—Kay Redfield Jamison, ngaka ya malwetse a tlhaloganyo.

“GO TSHELA go ngomola pelo.” Ryunosuke Akutagawa, mokwadi yo o itsegeng wa Japane wa mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, o ne a bolela jalo pelenyana fela ga a ipolaya. Le fa go ntse jalo, pele ga a bua mafoko ano o ne a re: “Boammaaruri ke gore ga ke batle go swa, mme fela . . . ”

Jaaka Akutagawa, bontsi jwa batho ba ba ipolayang ga ba batle go swa mme ba batla fela go “emisa se se diragalang,” go ne ga bolela jalo porofesa mongwe wa thutotlhaloganyo. Mafoko a a fitlhelwang a kwadilwe ke batho ba ba ipolaileng a bontsha seno. Dipolelwana tse di tshwanang le ‘Ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshoka,’ kgotsa ‘Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go tswelela ke tshela?’ di bontsha keletso e kgolo ya go batla go tswa mo maemong a a botlhoko thata a a diragalang mo botshelong. Mme jaaka moitse mongwe a tlhalosa, go ipolaya go “tshwana le go fodisa mofikela ka bomo ya nuklea.”

Le fa gone mabaka a go bo batho ba ipolaya a sa tshwane, gantsi go na le ditiragalo dingwe mo botshelong tse di tsosang maikutlo a go batla go ipolaya.

Ditiragalo Tse di a Tsosang

Gantsi basha ba ba itlhobogang ba bo ba ipolaya ba dira jalo ka ntlha ya mabaka a a ka nnang a lebega a sa utlwale mo go ba bangwe. Fa ba utlwile botlhoko mme ba sa kgone go dira sepe ka gone, basha ba ka nna ba leba go swa ga bone e le tsela ya go ipusolosetsa mo go ba ba ba utlwisitseng botlhoko. Hiroshi Inamura, yo o berekang ka batho ba ba batlang go ipolaya kwa Japane, o ne a kwala jaana: “Ka go ipolaya, bana ba bo tota ba batla go otlhaya batho ba ba ba utlwisitseng botlhoko.”

Patlisiso nngwe ya bosheng kwa Boritane e ne ya bontsha gore fa bana ba sotlwa thata, go ka direga go menagane ga supa gore ba leke go ipolaya. Bana bano ba utlwa botlhoko tota mo maikutlong. Mosimane mongwe wa dingwaga tse 13 yo o neng a ikaletsa o ne a tlogela lokwalo lo a neng a kwadile maina a matlhano a basha ba ba neng ba mo tshwenya thata ba e bile ba kileng ba mo tseela madi. O ne a kwala jaana, “Tsweetswee sireletsang bana ba bangwe.”

Ba bangwe ba ka nna ba leka go ipolaya fa ba tsena mo mathateng kwa sekolong kgotsa mo molaong, fa ba kgaogana le motho yo ba ratanang le ene, fa ba sa dira sentle kwa sekolong, fa ba ngomotswe pelo ke ditlhatlhobo kgotsa fa ba tshwenyegile ka isagwe. Mo gare ga basha ba ba falolang ka maduo a a kwa godimo kwa sekolong ba ba ka tswang e le batho ba ba sa batleng go dira diphoso, fa ba ka dira bokoa golo gongwe kgotsa ba palelwa—e ka tswa go diregile jalo tota kgotsa e le se ba se akanyang fela—go ka nna ga dira gore ba leke go ipolaya.

Mo bagolong, mathata a a amanang le tsa madi kgotsa tiro ke one a go tlwaelegileng gore a tsosa maikutlo a go ipolaya. Kwa Japane, morago ga gore itsholelo e wele kwa tlase ka dingwagangwaga, batho ba feta 30 000 ka ngwaga ba ne ba ipolaya. Go ya ka Mainichi Daily News, mo e ka nnang dikwatara tse tharo tsa banna ba ba mo dingwageng tse di mo magareng ba ba ipolaileng ba dirile jalo “ka ntlha ya mathata a a bakwang ke dikoloto, go sa tsamaye sentle ga kgwebo, khumanego le go tlhoka tiro.” Le mathata a lelapa a ka dira gore motho a ipolaye. Lokwalodikgang lwa Finland lo ne lwa bega jaana: “Bosheng banna ba ba tlhadilweng ba dingwaga tsa magareng” ke bone ba leng mo kotsing e kgolo ya go ipolaya. Patlisiso nngwe kwa Hungary e ne ya bega gore bontsi jwa basetsana ba ba godiseditsweng mo malapeng a a thubegileng ba akanya thata ka go ipolaya.

Go tlogela tiro le bolwetse le one ke mangwe a mabaka a a bakang go ipolaya, segolobogolo mo batsofeng. Gantsi batho ba tlhopha go ipolaya, mme e se gore ba lwala la go swa, mme e le ka gonne molwetse a tsaya gore a ka se itshokele go sotlega.

Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o ipolayang ka ntlha ya dilo tseno. Go fapaana le seo, batho ba bantsi ga ba ipolaye fa ba lebane le maemo a a ngomolang pelo jalo. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa bangwe ba leba go ipolaya e le tharabololo fa ba bangwe bone ba sa go lebe jalo?

Mabaka a Konokono

“Gantsi fa motho a ya go swetsa ka go ipolaya o a bo a dirwa ke gore a ile a akanya sengwe ka tiragalo nngwe e a e boneng e direga,” go bolela jalo Kay Redfield Jamison, porofesa wa malwetse a tlhaloganyo kwa Johns Hopkins University School of Medicine. O oketsa ka gore: “Ditlhaloganyo tse dintsi, fa di itekanetse sentle, ga di akanye ka tiragalo epe e le maswe thata mo motho a tshwanetseng go ipolaya ka ntlha ya yone.” Eve K. Mościcki, wa Setheo sa Setšhaba sa Botsogo Jwa Tlhaloganyo sa United States o bolela gore mabaka a mantsi—a mangwe a one e leng a konokono—a nna le seabe mo go direng gore motho a batle go ipolaya. Mabaka a a ntseng jalo a konokono a akaretsa malwetse a tlhaloganyo le a a tshwakgolang, popego ya dijini, le tsela e boboko jwa motho bo berekang ka yone. A re sekasekeng mangwe a one.

Le le kwa pelepele mo mabakeng ano ke malwetse a tlhaloganyo le a go tshwakgoga, jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo thata le go sa re sepe, bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go rata go ijesa dijo tsa ditoro, go dirisa bojalwa kgotsa diokobatsi mo go feteletseng. Dipatlisiso kwa Yuropa le kwa United States di bontsha gore diperesente di feta 90 tsa batho ba ba ipolaileng di amanngwa le malwetse ao. Tota e bile, babatlisisi ba Sweden ba ne ba lemoga gore mo banneng ba ba neng ba se na ape a malwetse ao, palo ya batho ba ba ipolayang e ne e le 8,3 mo bathong bangwe le bangwe ba le 100 000, mme mo go ba ba gateletsweng thata mo maikutlong e ne ya oketsega go nna 650 mo bathong bangwe le bangwe ba le 100 000! Mme baitse ba bolela gore mabaka a a gogelang kwa goreng batho ba ipolaye a tshwana le a kwa dinageng tsa Botlhaba. Le fa go ntse jalo, tota le fa motho a tshwenyegile thata mo maikutlong mme go tla go kopane le ditiragalo tse di tsosang maikutlo a go ipolaya seno ka bosone ga se dire gore motho a tshwanelwe ke go ipolaya.

Porofesa Jamison, yo o kileng a leka go ipolaya, o bolela gore: “Batho ba lebega ba kgona go itshokela go tshwenyega thata mo maikutlong fa fela ba na le tumelo ya gore dilo di tla tokafala.” Le fa go ntse jalo, o lemogile gore fa boikutlo jwa go itlhoboga bo ntse bo gakala mo mothong, tlhaloganyo ya gagwe ga e tlhole e kgona go thibela maikutlo a go batla go ipolaya. O tshwantsha boemo jono le tsela e maboriki a koloi a felang ka teng fa a ntse a dirisiwa.

Go botlhokwa thata go lemoga mokgwa o o ntseng jalo ka gonne go tshwenyega thata mo maikutlong go ka alafiwa. Maikutlo a go itlhoboga a ka fetolwa. Fa go baakanngwa mathata a konokono, batho ba ka nna ba itshwara ka tsela e sele fa ba lebane le botlhoko le kgatelelo tse gantsi di bakang go ipolaya.

Bangwe ba akanya gore tsela e dijini tsa motho di ntseng ka yone ke lebaka la konokono le le bakang gore batho ba bantsi ba ipolaye. Ke boammaaruri gore dijini di na le seabe se segolo mo bothong jwa motho, mme dipatlisiso di senola gore mo masikeng mangwe go diragala gantsi gore batho ba ipolaye go feta mo go a mangwe. Le fa go ntse jalo, Jamison o bolela gore “tshekamelo ya dijini ya go batla go ipolaya ga e reye gore motho wa teng o tshwanetse go ipolaya.”

Tsela e boboko bo berekang ka yone le yone e ka nna lebaka la konokono. Mo bobokong dinyurone di le dimilionemilione di buisana ka dikhemikale. Kwa bofelong jwa ditshika, go na le diphatlha tse dinnye tse di bidiwang di-synaps tse dikhemikale tse di fetisang melaetsa fa gare ga mesifa di fetisang tshedimosetso ka tsone ka dikhemikale. Selekanyo sa dikhemikale tse di fetisang melaetsa fa gare ga mesifa, serotonin, se ka tswa se na le seabe mo tseleng e motho a bopegileng ka yone e e dirang gore go nne motlhofo gore a batle go ipolaya. Buka Inside the Brain e tlhalosa gore: “Fa selekanyo sa serotonin se le kwa tlase . . . go ka dira gore motho a felelwe ke boitumelo, a se ka a kgatlhegela go bo a tshela mme go nne motlhofo gore a tshwenyege thata mo maikutlong le go ipolaya.”

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, ga go na motho ope yo o laoletsweng go ipolaya. Dimilione tsa batho di itshokela mahutsana le go ngomoga pelo. Ke tsela e tlhaloganyo le pelo di lebanang ka yone le dikgatelelo tse di dirang gore batho bangwe ba ipolaye. Ga go a tshwanela gore go rarabololwe fela se se bakang go ipolaya mme go tshwanetse ga lebanwa gape le mabaka a a go bakang.

Ka jalo, ke eng se se ka dirwang go dira gore batho ba nne le pono e e siameng mme ba nne le matlhagatlhaga a go itumelela botshelo?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go Ipolaya le Bodutu

Bodutu ke lengwe la mabaka a a dirang gore batho ba tshwenyege thata mo maikutlong ba bo ba ipolaye. Jouko Lönnqvist, yo o neng a eteletse pele patlisiso ya go ipolaya ga batho kwa Finland, o ne a re: “Batho ba bantsi [ba ba ipolaileng], ba ne ba jewa ke bodutu letsatsi le letsatsi. Ba ne ba na le nako e ntsi e ba nnang ba sa dire sepe ka yone mme ba na le batho ba le mmalwa ba ba ka tsalanang le bone.” Kenshiro Ohara, ngaka ya malwetse a tlhaloganyo kwa Hamamatsu University School of Medicine kwa Japane, o ne a akgela ka gore lebaka le legolo le le neng le baka koketsego e kgolo jaana ya go ipolaya ga banna ba dingwaga tse di mo magareng mo nageng eo e ne e le go ikutlwa ba “kgaphetswe kwa thoko.”

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Bong le go Ipolaya

Go ya ka patlisiso nngwe kwa United States, le fa go lebega go direga makgetlho a menagane gabedi go ya go a mararo gore basadi ba leke go ipolaya, mo makgetlhong mangwe le mangwe a mane banna ba a kgona go ipolaya fa ba leka go dira jalo. Basadi ba ka tshwenyega thata mo maikutlong makgetlho a menagane gabedi go feta banna, e leng selo se se dirang gore basadi ba bantsi ba leke go ipolaya. Le fa go ntse jalo, malwetse a basadi a go tshwenyega thata mo maikutlong a ka tswa a se maswe go le kalo, ka jalo ba ka dirisa mekgwa e e seng maswe thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, banna ba ka nna ba dirisa ditsela tsa dikgoka e bile ba ikemiseditse go tlhomamisa gore ba feleletsa ba ipolaile.

Le fa go ntse jalo, kwa China, basadi ba le bantsi go feta banna ba kgona go ipolaya. Tota e bile, patlisiso nngwe e senola gore diperesente di ka nna 56 tsa basadi ba ba ipolayang mo lefatsheng ke ba kwa China, segolobogolo kwa magaeng. Go bolelwa gore lengwe la mabaka a a dirang gore basadi ba leke go ipolaya go le kanakana mo go felelang ka gore ba feletse ba ipolaile ke gore go motlhofo go bona dibolayaditshenekegi tse di botlhole.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Mo bagolong, mathata a tsa madi kgotsa a a amanang le tiro ke tsone dilo tse dikgolo tse di bakang go batla go ipolaya