O ka Bona Thuso
O ka Bona Thuso
‘DIPILISI tse di robatsang di le 49 mo koping. A ke di nwe kgotsa nnyaa?’ monna yo o nang le dingwaga tse 28 wa kwa Switzerland o ne a ipotsa jalo. Mosadi wa gagwe le bana ba ne ba mo tlogetse, mme o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, fa a sena go nwa dingwe tsa tsone, o ne a re: ‘Nnyaa. Ga ke batle go swa!’ Ka lesego, o ne a tswelela a tshela mme a re bolelela ka tiragalo eo. Ga se ka metlha batho ba ba nang le maikutlo a go ipolaya ba felelang ba ipolaile.
Alex Crosby wa Ditikatikwe Tsa go Laola Malwetse Le go A Thibela tsa United States o ne a bolela jaana malebana le maiteko a basha a go ipolaya: “Fa o kgona go ba thibela le fa e le ka diura di sekaenyana fela, o ka kgona go ba emisa gore ba se ka ba ipolaya. Fa o tsenelela, go na le batho ba bantsi ba o ka ba thibang gore ba se ka ba feleletsa ba ipolaile. O ka boloka matshelo a bone.”
Fa Porofesa Hisashi Kurosawa a ne a bereka kwa Lefelong la go Boloka Matshelo le la Maemo a Tshoganyetso kwa Kholetšheng ya Kalafi ya Japane, o ne a thusa batho ba le makgolokgolo ba ba neng ba batla go ipolaya gore ba boe ba ikemisetse go tshela. Ee, ka go tsenelela ga mofuta mongwe, o ka boloka matshelo a ba le bantsi. Go tlhokega thuso ya mofuta mang?
Go Lebana le Mathata a a Dirang Gore Batho ba Ipolaye
Jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, babatlisisi ba bolela gore diperesente di le 90 tsa batho ba ba ipolaileng ba ne ba na le mathata a tlhaloganyo kgotsa a go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo. Ka jalo, Eve K. Mościcki wa Setheo sa Setšhaba sa Botsogo Jwa Tlhaloganyo sa United States, o bolela gore: “Selo se segolo thata se se bonalang se ka thusa go thibela go ipolaya ga batho ba dingwaga tsotlhe ke go thibela malwetse a tlhaloganyo le a go tshwakgoga.”
Go a hutsafatsa gore batho ba bantsi ba ba nang le malwetse ao ga ba batle thuso. Ka ntlha yang? Yoshimoto Takahashi wa Setheo sa Malwetse a Tlhaloganyo sa Toropo ya Tokyo o bolela jaana: “Ka gonne ba kgethololwa thata mo setšhabeng.” O oketsa ka gore ka ntlha ya seo le batho ba ba kgonang go lemoga gore ba a lwala ba okaoka go batla kalafi ka bonako.
Le fa go ntse jalo, ba bangwe ga ba letle ditlhong gore di ba thibele. Hiroshi Ogawa, mogasi yo o itsegeng wa thelebishene yo o kileng a gasa lenaneo la gagwe kwa Japane ka dingwaga tse 17 o ne a dumela phatlalatsa gore o tshwenyegile
thata mo maikutlong le gore e bile o kile a batla a ipolaya. Ogawa o ne a bolela jaana: “Go tshwenyega thata mo maikutlong go tshwantshiwa le mofikela wa tlhaloganyo.” O ne a tlhalosa gore o ka tshwara mongwe le mongwe, mme motho o kgona go fola.Bua le Mongwe
Béla Buda, modiredimogolo wa tsa botsogo wa Hungary yo o nopotsweng pelenyana, o bolela jaana: “Fa motho a leka go itharabololela bothata jwa gagwe a le esi fela, gantsi o bo bona bo le botona thata e bile bo ka se rarabologe.” Kakgelo eno e gatelela botlhale jwa seane sa bogologolo mo Baebeleng: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.”—Diane 18:1.
Reetsa mafoko ao a a botlhale. O se ka wa itetla go kgaratlha o le nosi mo mathateng a gago a magolo thata a a go fekeetsang. Batla thuso ya mongwe yo o ka mo ikanyang le yo o ka mmulelang mafatlha. O ka nna wa re, ‘Mme gone, ga ke na motho yo nka mmulelang mafatlha.’ Go ya ka ngaka ya botsogo jwa tlhaloganyo Dr. Naoki Sato, batho ba bantsi ba ikutlwa jalo. Sato o ne a umaka gore balwetse ba ka nna ba tila go bulela batho ba bangwe mafatlha ka gonne ba sa batle go senola makoa a bone.
Motho o ka bona kae motho yo o ka mo reetsang? Mo mafelong a mantsi o ka kopa thuso kwa mafelong a go thibela go ipolaya kgotsa ka go founela nomoro nngwe ya batho ba ba thapetsweng go thusa motho yo o mo mathateng kgotsa a batla ngaka nngwe e e itsegeng e e alafang mathata a maikutlo. Mme baitse bangwe ba lemoga motswedi o mongwe wa thuso—bodumedi. Bo ka thusa jang?
Ba Bone Thuso E ba E Tlhokang
Marin, monna mongwe yo o segole kwa Bulgaria, o ne a na le keletso e e nonofileng ya go ipolaya. Letsatsi lengwe o ne a bona lokwalopaka longwe lwa bodumedi lwa Tora ya Tebelo, e leng kgatiso
ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a amogela taletso e e mo makasineng oo ya gore a etelwe ke Basupi ba ga Jehofa. Marin o tlhalosa gore matswela e ne ya nna afe: “Ke ne ka ithuta mo go bone gore botshelo ke mpho e e tswang kwa go Rraarona wa selegodimo le gore ga re na tshwanelo ya go ikutlwisa botlhoko kgotsa ya go fedisa botshelo jwa rona ka boomo. Ka jalo, ke ne ka fetogela maikutlo a me a pele a go ipolaya mme ka simolola go rata botshelo gape!” Marin gape o ne a engwa nokeng ka lorato ke phuthego ya Bokeresete. Le fa gone a sa ntse a le segole o bolela jaana: “Jaanong malatsi a me a tletse boipelo le thitibalo, mme ke na le dilo tse dintsi tse di molemo tse ke di dirang ka one—e bile di dintsi mo ke se nang nako ya go di dira tsotlhe! Seno sotlhe ka thuso ya ga Jehofa le Basupi ba gagwe.”Lekawana la kwa Switzerland le le umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno le lone le ne la newa thuso ke Basupi ba ga Jehofa. Gompieno o akgela ka “bopelonomi jwa lelapa la Bokeresete” le le neng la mo amogela mo legaeng la bone. O oketsa ka gore: “Moragonyana, maloko a phuthego [ya Basupi ba ga Jehofa] a ne a refosana go ntaletsa go tla dijong ka malatsi a mantsi. Ga ke a thusiwa fela ke go amogelwa sentle mme gape ke thusitswe ke gore ke ne ke kgona go bua le mongwe.”
Monna yono o ne a kgothadiwa ke se a neng a se ithuta mo Baebeleng, segolobogolo fa a ne a ithuta ka lorato lo Modimo wa boammaaruri, Jehofa, a nang le lone mo bathong. (Johane 3:16) Eleruri Jehofa Modimo o a go reetsa fa o mo ‘tshololela pelo ya gago.’ (Pesalema 62:8) “Matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe,” e seng gore a tshwaye batho diphoso, mme e le gore a “bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Jehofa o re tlhomamisetsa gore: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”—Isaia 41:10.
Mabapi le tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le lesha, monna yoo wa kwa Switzerland o ne a re: “Seno se thusitse thata go fokotsa matshwenyego a me.” Tsholofelo eno, e e tlhalosiwang go twe ke “tshetledi ya moya,” e akaretsa tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.—Bahebera 6:19; Pesalema 37:10, 11, 29.
Botshelo Jwa Gago bo Botlhokwa Mo go Ba Bangwe
Ke boammaaruri gore o ka nna wa lebana le maemo a a dirang gore o ikutlwe e kete o nosi le gore ga go na ope yo o ka kgathalang fa o ka swa. Le fa go ntse jalo, gakologelwa: Go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga go ikutlwa o le nosi le go nna nosi. Mo metlheng ya Baebele moporofeti Elija o kile a tshwenyega thata mo maikutlong. O ne a raya Jehofa a re: “Baporofeti ba gago ba ba bolaile ka tšhaka, mo e leng gore go setse nna fela.” Ee, Elija o ne a ikutlwa a le nosi—mme go na le lebaka la go bo a ne a ikutlwa jalo. Ba le bantsi ba baporofeti mmogo le ene ba ne ba bolailwe. O ne a tshosediwa go bolawa mme o ne a tshaba mme a boloka botshelo jwa gagwe. A mme gone tota o ne a le nosi? Nnyaa. Jehofa o ne a mmolelela gore go na le batho ba le 7 000 ba ba ikanyegang ba, go tshwana le ene, ba neng ba leka go direla Modimo wa boammaaruri ka boikanyego mo metlheng eo e e thata. (1 Dikgosi 19:1-18) Go tweng ka wena? A go ka direga gore ga o nosi jaaka o akanya?
Go na le batho ba ba amegang ka wena. O ka nna wa akanya ka batsadi ba gago, molekane wa gago, bana ba gago le ditsala tsa gago. Mme go na le ba bangwe. Mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa, o ka fitlhela Bakeresete ba ba godileng ba ba go kgatlhegelang, ba ba tla go reetsang ka bopelotelele, le ba ba tla go rapelelang le go rapela le wena. (Jakobe 5:14, 15) Mme le fa motho mongwe le mongwe yo o sa itekanelang a ne a ka go swabisa, go na le Mongwe yo le ka motlha a ka se go tlogeleng. Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a re: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) Ee, Jehofa o a go “kgathalela.” (1 Petere 5:7) Le ka motlha o se ka wa lebala gore o tlhwatlhwakgolo mo matlhong a ga Jehofa.
Botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong. Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe botshelo bo ka nna jwa bonala e le morwalo go na le go nna mpho. Le fa go ntse jalo, a o ka akanya kafa o neng o ka ikutlwa ka teng fa o ne o ka naya mongwe mpho e e tlhwatlhwakgolo mme a e latlha a ise a e dirise? Rona batho ba ba sa itekanelang ga re ise re dirise mpho ya botshelo go le kalo. Tota e bile, Baebele e bontsha gore botshelo jo re bo tshelang gone jaanong ga se “botshelo jwa mmatota” mo matlhong a Modimo. (1 Timotheo 6:19) Ee, mo isagweng e e gaufi botshelo jwa rona bo tla itekanela ka mo go feletseng, bo tla nna le bokao, e bile bo tla itumedisa. Jang?
Baebele e bolela jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Leka go akanya kafa botshelo jwa gago bo tla nnang ka teng fa mafoko ao a diragadiwa. Iketle. Leka go itirela setshwantsho se se feletseng se se kgatlhang mo mogopolong. Setshwantsho seo ga se toro fela e e se nang go diragala. Fa o tlhatlhanya kafa Jehofa a neng a tshwere batho ba gagwe ka teng mo nakong e e fetileng, o tla mo tshepa ka mo go oketsegileng mme setshwantsho seo se tla nna sa mmatota mo go wena.—Pesalema 136:1-26.
Go ka nna ga tsaya nakonyana pele ga o boela gape o nna le keletso ya go tshela. Tswelela o rapela “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4; Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17) Jehofa o tla go naya nonofo e o e tlhokang. O tla go ruta gore go botlhokwa go tshela.—Isaia 40:29.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]
O ka Thusa Jang Mongwe yo o Bonalang a Batla go Ipolaya?
O tshwanetse go dira eng fa mongwe a go bolelela gore o batla go ipolaya? Ditikatikwe Tsa go Laola Malwetse Le go A Thibela (Centers for Disease Control and Prevention [CDC]) tsa United States di gakolola jaana: “Nna moreetsi yo o molemo.” Mo letle gore a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng. Le fa go ntse jalo, gantsi motho yo o batlang go ipolaya o a ikgogona e bile ga a bue. Gopola gore o utlwa botlhoko tota kgotsa o utlwa a se na tsholofelo. Fa o mmolelela gore o lemogile gore o itshwara ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang, seno se ka nna sa dira gore a bue mme a go bulele mafatlha.
Fa o mo reeditse, mmontshe gore o mo utlwela botlhoko. CDC e bolela gore: “Go botlhokwa go gatelela gore botshelo jwa motho yoo bo botlhokwa mo go wena le mo bathong ba bangwe.” Mmolelele gore loso lwa gagwe lo ka go utlwisa botlhoko thata la ba la utlwisa le ba bangwe botlhoko. Thusa motho yoo gore a lemoge gore Mmopi wa gagwe o a mo kgathalela.—1 Petere 5:7.
Baitse gape ba akantsha gore go tlosiwe sengwe le sengwe se motho yoo a ka nnang a se dirisa go ipolaya—segolobogolo dibetsa. Fa go lebega boemo bo nna maswe thata, o ka nna wa rata go kgothaletsa motho yoo gore a batle thuso ya ngaka. Mo maemong a a maswe le go feta o ka nna wa tshwanelwa ke gore wena ka bowena o batle thuso ya tshoganetso ya mofuta mongwe ya bongaka.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
A go Na le Mongwe Yo o Mo Ratang yo o Ipolaileng?
Fa mongwe a ipolaya, ba lelapa le ditsala tsa gagwe tse di gaufi ba tshwenyega thata mo mogopolong. Ba bantsi ba ipona molato ka bomadimabe joo. Ba bua dilo tse di tshwanang le: ‘Fa fela nkabo ke nnile nako e telelenyana le ene ka letsatsi leo,’ ‘Fa fela nkabo ke ne ka laola loleme lwa me ka nako eo,’ ‘Fa fela nkabo ke dirile mo go oketsegileng go mo thusa.’ Tseno tsotlhe di raya gore, ‘Fa fela nkabo ke ne ka dira seno kgotsa sele, moratiwa wa me o ka bo a sa ntse a tshela.’ A go a utlwala go ipona molato ka go bo motho yo mongwe a ipolaile?
Gakologelwa, go motlhofo thata go lemoga maikutlo a go batla go ipolaya fa motho a setse a ipolaile. Pele ga motho a dira jalo, ga go motlhofo go lemoga sepe. Baebele ya re: “Ke pelo fela e itseng botlhoko jwa yone, mme ga go na motho ope o sele yo o ka utlwang boipelo jwa yone.” (Diane 14:10, Tanakh) Ka dinako tse dingwe ga go kgonege gotlhelele gore o lemoge se motho yo mongwe a se akanyang kgotsa kafa a ikutlwang ka teng. Batho ba bantsi ba ba batlang go ipolaya ga ba kgone go bolelela ba bangwe maikutlo a bone a a kwa teng, le eleng ba lelapa la bone tota.
Buka e e reng Giving Sorrow Words e bolela jaana ka matshwao a a ka bontshang gore motho o ka tswa a batla go ipolaya: “Boammaaruri ke gore ga go motlhofo go lemoga matshwao ao.” Buka yone eo e oketsa ka gore le fa o ka tswa o lemogile matshwao mangwe, seo ka bosone ga se tlhomamise gore o ne o ka thibela gore motho yoo a se ka a ipolaya. Go na le gore o itlhokofatse, o ka nna wa gomodiwa ke mafoko ano a ga Kgosi Solomone yo o botlhale: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Moratiwa wa gago ga a tlhokofadiwe mo diheleng tsa molelo. Mme tlalelo e kgolo ya tlhaloganyo le ya maikutlo tse di dirileng gore a feleletse a ipolaile di khutlile. Ga a boge; o ikhuditse.
Go ka tswa go le molemo gore gone jaanong o tshwenyege ka boitumelo jwa ba ba tshelang, go akaretsa le wena. Solomone o ne a tswelela jaana: “Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago” fa o sa ntse o tshela. (Moreri 9:10) O ka tlhomamisega gore tsholofelo ya mo isagweng ya botshelo ya batho ba ba ipolaileng e mo diatleng tsa ga Jehofa, “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 Bakorintha 1:3. *
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 34 O tla bona pono e e lekalekaneng ya tsholofelo ya mo isagweng ya batho ba ba ipolaileng mo setlhogong se se reng, “Maikutlo a Baebele: A ba Ba Ipolaileng ba Tlile go Tsoga?” mo makasineng wa Tsogang! wa September 8, 1990.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
‘A Modimo o Tla Intshwarela fa ke Ikutlwa Jaana?’
Go kopanela le Basupi ba ga Jehofa go thusitse batho ba bantsi go fenya maikutlo a go batla go ipolaya. Le fa go ntse jalo, gompieno ga go na motho yo o sa amiweng ke ditiragalo tse di ngomolang pelo tsa botshelo kgotsa ke go tshwenyega thata mo maikutlong. Bakeresete ba ba kileng ba akanya ka go ipolaya gantsi ba tshwenngwa ke go ikutlwa ba le molato thata go bo ba ile ba nna le dikakanyo tseo. Go ikutlwa ba le molato go ka nna ga ba okeletsa morwalo o o ba imelang. Ka jalo go ka lebanwa jang le maikutlo a a ntseng jalo?
Go botlhokwa go ela tlhoko gore bangwe ba banna le basadi ba ba ikanyegang mo metlheng ya Baebele ba ne ba na le maikutlo a a sa siamang thata ka botshelo. Rebeka, mosadi wa tlhogo ya lotso e bong Isake, o kile a ngomoga pelo thata ka bothata jwa lelapa la bone mo a neng a re: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me.” (Genesise 27:46) Jobe, yo o neng a tlhokafalelwa ke bana, a lwala thata, a latlhegelwa ke khumo ya gagwe le boemo jwa gagwe mo setšhabeng, o ne a re: “Moya wa me o ila botshelo jwa me.” (Jobe 10:1) Moshe o kile a ikuela jaana kwa Modimong: “Tsweetswee mpolaele ruri.” (Dipalo 11:15) Elija, moporofeti wa Modimo, o kile a re: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me.” (1 Dikgosi 19:4) Mme moporofeti Jona o ne a bua jaana kgapetsakgapetsa: “Go botoka gore ke swe go na le gore ke tshele.”—Jona 4:8.
A Jehofa o ne a kgala batho bano go bo ba ne ba ikutlwa jalo? Nnyaa. E bile o bolokile se ba se buileng mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata go tlhokomela gore, ga go na bape ba batho bao ba ba ikanyegang ba ba neng ba letla maikutlo a bone gore a ba pateletse go ipolaya. Jehofa o ne a ba rata; o ne a batla gore ba tshele. Boammaaruri ke gore, Modimo o tshwenyegile le ka botshelo jwa batho ba ba boikepo. O ba kopa gore ba fetole ditsela tsa bone mme ‘ba tswelele ba tshela.’ (Esekiele 33:11) A bo a batla thata jang gore batho ba ba tshwenyegileng ka gore a ba amogele ba tswelele ba tshela!
Modimo o re neile setlhabelo sa thekololo sa Morwawe, phuthego ya Bokeresete, Baebele le tshiamelo ya thapelo. Tsela eno ya go buisana le Modimo—thapelo—e nna e ntse e bulegile. Modimo o kgona go utlwa e bile o tla utlwa botlhe ba ba mo atamelang ka boikokobetso le ka bopeloephepa. “Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Bahebera 4:16.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ba bangwe ba kgathalela botshelo jwa gago
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Bua le mongwe