Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Balela Bana ba Gago Kwa Godimo?
Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Balela Bana ba Gago Kwa Godimo?
“O ne a tla kwa go nna, a palamela mo diropeng tsa me a goga buka ya gagwe e e menegileng ditsebe e bile e tshasegetswe ke . . . botoro, a nthaya a re . . . , ‘Mpalele yone, tlhe Papa; mpalele yone.’”—Dr. Clifford Schimmels, porofesa wa thuto.
BANA—ba ithuta ka bonako fela thata. Dipatlisiso di bontsha gore fa bana ba sa ntse ba le kafa tlase ga dingwaga di le tharo boboko jwa bone bo gola ka bonako. Ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa batsadi tse di tshwanang le go bala, go opela le go ba bontsha lorato di ka nna le seabe sa botlhokwa thata mo go direng gore ngwana a gole sentle. Le fa go ntse jalo, go ya ka patlisiso nngwe, ke mo e ka nnang fela halofo ya batsadi botlhe ba ba nang le bana ba dingwaga tse di magareng ga tse pedi le robedi ba ba balelang bana ba bone letsatsi le letsatsi. O ka nna wa ipotsa jaana, ‘A tota go mosola go balela ngwanake?’
Go Dira Gore Ngwana a Rate go Bala
Baitseanape ba re karabo ke ee. “Selo se se botlhokwa thata mo go ageng kitso e e tlhokegang go thusa bana go atlega mo go baleng ke go ba balela kwa godimo. Seno se botlhokwa thata mo dingwageng tsa pele ga a ya kwa sekolong,” go bolela jalo buka ya Becoming a Nation of Readers.
Fa bana ba reeditse dipolelo tse di balwang mo bukeng, ba ithuta ba sa le babotlana gore ditlhaka tse di mo tsebeng ya buka di tsamaisana le mafoko a re a buang. Ba tlwaelana gape le tsela e dibuka di kwalwang ka yone. “Nako le nako fa re balela ngwana, re tsenya molaetsa wa ‘boitumelo’ mo bobokong jwa ngwana. O ka nna wa ba wa e bitsa papatso, o dira gore ngwana a lebe dibuka le mokwalo e le selo se se itumedisang,” go bolela jalo buka nngwe e e buang ka go balela kwa godimo. Batsadi ba ba dirang gore bana ba bone ba rate dibuka ka tsela eno ba tla tsenya mo baneng ba bone keletso ya botshelo jotlhe ya go nna babadi.
Go ba Thusa go Tlhaloganya Lefatshe le ba Tshelang mo go Lone
Batsadi ba ba balelang bana ba bone kwa godimo ba ka ba naya mpho e e botlhokwa thata—go itse batho, mafelo le dilo. Ba ka “etela” lefatshe ba dirisa ditsebe tsa dibuka kwantle ga gore ba duele madi a mantsintsi. Akanya ka sekai sa ga Anthony yo o nang le dingwaga di le pedi, yo o neng a balelwa ke mmaagwe go tloga fa a sena go tsholwa. Mmaagwe o bolela jaana: “Loeto lwa gagwe lwa ntlha go ya kwa serapeng sa diphologolo e ne e le la go ribolola sesha.” Go ribolola sesha? Ee, le mororo Anthony a ne a bona dipitse tsa naga, ditau, dithutlwa le diphologolo tse dingwe ka namana ka lekgetlho la ntlha, o ne a setse a itse ka diphologolo tseno.
Mmaagwe o tswela pele go tlhalosa jaana: “Anthony, a le dingwaga di le pedi fela, o nnile tsala le batho ba bantsi thata, diphologolo, dilo tse dingwe le dikgopolo, gotlhe gono a dirisa dibuka fela.” Ee, go balela bana kwa godimo fa ba sa ntse ba le bannye go ka ba thusa thata go dira gore ba tlhaloganye lefatshe le ba tshelang mo go lone.
Go Dira Gore lo Atamalane Thata
Mo dingwageng tsa fa ba sa le bannye thata, bana ba babotlana ba tlhagolela maikutlo a a tla tlhotlheletsang ditiro tsa bone mo dingwageng tse di tla latelang. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go thaya motheo wa botsalano jo bo gaufi jo bo bonalang ka go tshepana, go tlotlana le go tlhaloganyana. Go bala go ka nna le seabe sa botlhokwa thata mo go seno.
Fa batsadi ba ipha nako ya go tshwara bana ba bone mo matsogong a bone le go ba balela, se ba se buang ke gore: “Ke a go rata.” Phoebe, mmè mongwe wa kwa Canada, o boletse jaana ka go balela morwawe, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le robedi: “Nna le monna wa me re akanya gore seno se thusitse thata mo go direng gore Nathan a ikutlwe a le gaufi thata le rona. O bua le rona ka tshosologo e bile gantsi o re bolelela maikutlo a gagwe. Go dirile gore re nne le kamano e e kgethegileng.”
Cindy o ne a itlwaetsa go balela morwadie kwa godimo fa a ne a sa ntse a na le ngwaga e bile a kgona go dula le go reetsa motsotso kgotsa e le mebedi. A go thusitse ka tsela nngwe? Cindy o bolela jaana: “Maemo a a botsalano, a a ritibetseng a go bala mmogo gantsi ke sone se se tlhokegang go thusa Abigail go ntsha mafatlha a gagwe go re bolelela ka ditiragalo dingwe tsa kwa sekolong kgotsa ka bothata bongwe jo a nang le jone le tsala ya gagwe. Ke motsadi ofe yo o ka se rateng seno?” Ee ruri, go balela kwa godimo go ka dira gore go nne le botsala jo bogolo fa gare ga motsadi le ngwana.
Go Ruta Ngwana Bokgoni jo bo Tlhokegang mo Botshelong
“Bana ba rona gompieno ba tsenya dilo di le dintsi tse di se nang mosola tota mo megopolong ya bone, ka thelebishene le ka dibuka tse dingwe, mo e leng gore jaanong, go feta le fa e le leng pele, ba tlhoka go otliwa mo tlhaloganyong, go akanya sentle, botlhale le tlhotlheletso e e siameng e e tla ba thusang go tshela ka mekgwa e mentle le go leba matshelo a bone ka tsela e e siameng,” go bolela jalo buka e e bidiwang 3 Steps to a Strong Family. Batsadi ba mo boemong jo bo siameng jwa go tlhotlheletsa bana ba bone ka tsela e e siameng le e e ka ba tswelang mosola.
Go dira gore ngwana a tlwaelane le mafoko a a raraaneng le a a bopegileng sentle a a fitlhelwang mo dibukeng e ka nna tsela e e molemo ya go ruta ngwana gore a kgone go itlhalosa sentle ka go bua le go kwala. Dorothy Butler, mokwadi wa buka ya Babies Need Books, o bolela jaana: “Boleng jwa go akanya jwa motho bo tla ikaega ka boleng jwa puo ya gagwe. Puo eleruri e botlhokwa thata mo go ithuteng le mo go akanyeng. Go kgona go buisana sentle le ba bangwe go botlhokwa thata fa o batla go nna le dikamano tse di siameng le ba bangwe.”
Go bala dibuka tse di tshwanelang sentle le gone go ka dira gore motho a nne le maitsholo a a siameng le mekgwa e mentle. Batsadi ba ba balelang bana ba bone le go bontshana mabaka le bone ba ka ba thusa go nna le bokgoni jwa go rarabolola mathata. Fa Cindy a ne a bala le morwadie yo o bidiwang Abigail, o ne a leba ka kelotlhoko tsela e Abigail a tsibogelang ka yone se se tlhalosiwang mo dipolelong tse a di balang. “Rona batsadi,
re ka ithuta go le gontsi ka mekgwa e e bofitlha mo bothong jwa gagwe mme gongwe re mo thuse go tlosa dikakanyo tse di sa siamang a sa ntse a le monnye.” Eleruri, go balela bana kwa godimo go ka ruta mogopolo le pelo.Dira Gore go Bala e Nne Selo se se Itumedisang
Bala “ka bonolo,” o bolokile seemo se ritibetse, se iketlile, e bile se itumedisa. Batsadi ba ba kelotlhoko ba itse gore ba tshwanetse go emisa leng go bala. Lena o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe Andrew, yo o nang le dingwaga di le pedi, o lapile thata e bile ga a kgone go nna a sisibetse lobaka lo loleele. Re khutshwafatsa thulaganyo ya rona ya go bala gore re dumalane le seemo se a leng mo go sone. Ga re batle gore Andrew a nne le maikutlo a a sa siamang ka go bala, ka jalo ga re mo pateletse go bala nako e telele go feta kafa a ka kgonang ka gone.”
Go balela kwa godimo ga se kgang fela ya go bala se se gatisitsweng. Itse gore o tshwanetse go bula leng tsebe ya buka e e nang le ditshwantsho go dira gore ngwana a nne a ntse a na le kgatlhego. Balela kwa pele. Go fetofetola lentswe le go gatelela kgopolo go ka tsenya botshelo mo go se o se balang. Fa ngwana wa gago a utlwa o bala ka lentswe le le lorato seno se ka dira gore a ikutlwe a babalesegile.
Melemo e nna megolo fa ngwana wa gago a tsaya karolo ka tlhagafalo. Ema go sekae nako le nako le go botsa dipotso tse di tla dirang gore a itlhalose. Dira gore ngwana wa gago a bue mo gontsinyana ka go mo naya dikarabo di le mmalwa tse a ka tlhophang mo go tsone.
O Tshwanetse go Tlhopha Dibuka Tsa Gago
Le fa go ntse jalo, gongwe ntlha nngwe e e botlhokwa thata ke gore o tlhophe dibuka tse di molemo. Go dira jalo go tlhoka gore o batlisise go sekae. Sekaseka dibuka ka kelotlhoko, mme o bale fela tse di nang le molaetsa o o siameng kgotsa o o rutang le tse di rutang dilo tse di molemo. Lebelela khabara, ditshwantsho le mokgwa wa go kwala ka kakaretso. Tlhopha dibuka tse di kgatlhang motsadi mmogo le ngwana. Gantsi bana ba tla kopa gore ba balelwe polelo e e tshwanang gangwe le gape.
Batsadi mo lefatsheng lotlhe ba itumeletse segolobogolo Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * E kwaletswe gore batsadi ba e bale le bana ba bone ba bannye, e bile ga e thuse fela bana gore ba nne babadi ba ba molemo mme gape e dira gore ba kgatlhegele Baebele.
Batsadi ba ba balelang bana ba bone kwa godimo ba ka dira gore bana ba bone ba nne le mekgwa e e molemo ya go bala, e e ka tlisang diphelelo tse di molemo mo botshelong. JoAnne o ne a akgela jaana malebana le morwadie: “Jennifer ga a felela fela ka go ithuta go bala le go kwala pele ga a simolola sekolo le go nna le lorato lwa go bala mme se se botlhokwa thata, go dirile gore a rate Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa. Jennifer o ithutile go ikaega ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, e leng Baebele, go mo kaela mo ditshwetsong tsotlhe tsa gagwe.” Ee ruri, se o thusang ngwana go se rata se ka nna botlhokwa thata go feta se o mo thusang go se ithuta.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 24 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 30]
Fa o Balela Ngwana wa Gago
• Simolola fa a sa ntse a le losea.
• Letla ngwana wa gago go nna fa fatshe a siamele go bala.
• Balang dipolelo tse lo di ratang loobabedi.
• Bala gantsi ka mo o ka kgonang ka gone e bile o tsentse maikutlo.
• Dira gore ngwana wa gago a nne le seabe ka go mmotsa dipotso.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
Photograph taken at the Wildlife Conservation Society’s Bronx Zoo