Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dijo Tsa Gago di Sireletsegile go le Kana Kang?

Dijo Tsa Gago di Sireletsegile go le Kana Kang?

Dijo Tsa Gago di Sireletsegile go le Kana Kang?

A O JA gararo ka letsatsi? Fa go le jalo, e tla re o na le dingwaga di le 70, o tla bo o jele makgetlho a a fetang 75 000. Mo mothong yo o tlwaelegileng wa kwa Yuropa, seno se raya gore o tla bo o jele—gareng ga dijo tse dingwe—mae a ka nna 10 000, dilofo tsa borotho di le 5 000, dikgetsi tsa ditapole di le 100, mehama e le 6 ya kgomo le dinku tse 2. A ke mmereko go ja dijo tseno tsotlhe? Le e seng! A bo re itumelela jang ne go utlwa mafoko a a tshwanang le “itumelele dijo tsa gago”! Mookamedi wa sekolo sa go apaya o ne a bo a bolela jaana: “Dijo di botlhokwa fela thata mo botshelong.”

Ka dinako tse dintsi, re ipolelela fela gore dijo tse re di jang di siame le gore di itekanetse. Mme fa go ne go ka direga gore se le sengwe fela sa dijo tsele tse 75 000, se ne se na le sengwe se se kotsi mo go rona, re ne re ka lwala fela thata. A re ka tlhomamisega gore se re se jang se sireletsegile? Mo malatsing ano, batho ka bontsi ba bonala ba na le dipelaelo mo kgannyeng eo. Mo dinageng dingwe go sireletsega ga dijo e setse e le selo se se tlhobaetsang thata. Ka ntlha yang?

Mabaka a go Tlhobaela

Ngwaga le ngwaga, malwetse a a bakiwang ke dijo a ama diperesente di ka nna 15 tsa baagi ba Yuropa. Ka sekai, mo masimologong a bo1980, oli e e apayang e e botlhole kwa Spain e ne ya bolaya batho ba le 1 000 mme ya lwatsa ba bangwe ba le 20 000 thata. Ka 1999 baagi ba Belgium ba ne ba tshoga tota fa go ne go begiwa gore dilo tse di tshwanang le mae, nama ya koko, tšhisi le botoro di ka tswa di ne di na le botlhole jo bo bidiwang dioxin. Bosheng jaana, bareki ba Boritane ba ne ba tshoga—le madirelo a nama ya kgomo a ne a batla a phutlhama—fa dikgomo di ne di tshwaediwa ke bolwetse jwa bovine spongiform encephalopathy (bolwetse jwa botsenwa jwa dikgomo). Morago ga moo go ne ga tlhagoga bolwetse jwa molomo le tlhakwana, jo bo neng jwa tlhoka gore go bolawe dimilionemilione tsa dikgomo, dinku, dikolobe le dipodi di bo di latlhiwe.

Le fa maemo a le kotsi jalo, go na le mabaka a mangwe a a tshwenyang batho malebana le dijo. Bareki ba tshwenngwa ke mekgwa e mesha e e dirisiwang gone jaanong mo go goleng le mo go dirweng ga dijo. Khomishene ya Yuropa e ne ya kwala jaana ka 1998: “Boranyane jo bosha jwa saense jo bo tshwanang le go dirisiwa ga marang mo dijong go bolaya megare le go fetolwa ga dijine tsa dijalo go tsositse dipuopuo.” A mekgwa e e ntseng jalo ya segompieno ya saense e tokafatsa dijo kgotsa e a di senya? Le gone ke eng se re ka se dirang go dira gore dijo tsa rona di nne di babalesegile?