Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dijo Tse di Siametseng Mongwe le Mongwe

Dijo Tse di Siametseng Mongwe le Mongwe

Dijo Tse di Siametseng Mongwe le Mongwe

GO JA dijo tse di itekanetseng ke selo se se itumedisang. Mme jaaka re bone, dijo tse di ntseng jalo ga go motlhofo go di bona. Se se maswe le go feta, go na le dimilione tsa batho ba ba nang le dijo tse dipotlana go ka di ja mo eleng gore ga ba akanyetse gore a dijo tsa bone di babalesegile ka mo go lekaneng kgotsa di itekanetse. Ba tshwaregile thata ka go batla dijo tse di lekaneng e le fela gore ba tshele. A e ka tswa e le gore Modimo o ne a batla gore dilo di nne ka tsela eno?

Akanya ka seo. Fa Modimo a ne a baya monna le mosadi mo lefatsheng, a ba ne ba na le lebaka lepe la go tlhobaela ka dijo? Nnyaa, legoka! Pego e e mo bukeng ya Baebele ya Genesise e bolela jaana: “Jehofa Modimo a dira gore go mele mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se eletsegang mo ponong ya motho e bile se le molemo go ka nna dijo.” (Genesise 2:9) Ka jalo Adame le Efa ba ne ba na le mefutafuta ya dijo tse di itumedisang mmogo le letlotlo le lentsintsi fela la tsone. Modimo yo o ba bopileng o ne a itse sentle gore ke eng se ba neng ba se tlhoka se se neng se tla ba otla; o ne a itse gape gore ke eng se se neng se tla ba itumedisa. Ke boammaaruri gore ga re mo tshimong ya Edene gompieno. A mme Modimo o fetotse maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong ka batho le lefatshe?

Re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore go ise go ye kae mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla nna le dijo tse dintsi tse di itekanetseng le tse di siameng! Tumelo eno e ka re thusa thata go nna le boikutlo jo bo siameng malebana le kgang ya pabalesego ya dijo gompieno. Tsholofelo e e ntseng jalo, fa e tlhomame e bile e ikanyega, e ka re thusa gore re se ka ra batla go tatalala mo go se re se dumelang kgotsa ra nna le dipono tse di feteletseng ka dilo.

Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega jaana gore go ise go ye kae botshelo ga bo ne bo tshwana le pele? Baithuti ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo ba itse gore gone jaanong re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo. Tsamaiso ya gone jaanong e laolwa ka botlhale jwa batho, jo bo sa tlhomamang mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo e bile bo lekeletsa dilo thata. Fa go tla mo boranyaneng jwa go dira dijo, go tsoga dipotso tse dintsi thata malebana le gore a mekgwa eno e babalesegile kgotsa e kotsi. Dipotso tseno di baka poifo, dikgotlhang le dikgaogano mo bathong.—2 Timotheo 3:1-5.

Mmopi wa batho o solofeditse go emisetsa tsamaiso eno ya dilo ka e nngwe e ntšha e e feletseng. Maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong—a gore lefatshe lotlhe e nne paradaise e e tshwanang le tshimo ya Edene, le tlale ka batho ba ba itumetseng le ba ba itekanetseng—a tla diragadiwa. Ka nako eo, botlhale jo bo itekanetseng jwa Modimo jo bo kopanyang batho bo tla bo bo tletse mo lefatsheng. (Isaia 11:9) Botlhale jwa batho jo bo sa tlhomamisegang ga bo kitla bo tlhola bo nna gone. Tsamaiso e ntšha e e dirilweng ke Modimo e tla fedisa dipelaelo tsotlhe tse batho ba nang le tsone malebana le pabalesego ya dijo tsa rona. A ga go utlwale gore re konele ka gore Modimo yo o bopileng batho gape o tla tlhaloganya gore ke eng se re se tlhokang gore re otlege?

Dijo Tse di Itekanetseng go Tswa go Mmopi

Baebele e na le boporofeti jo bo utlwalang sentle jo bo tlhalosang maemo a botshelo mo tsamaisong e e tlang ya dilo. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “[Modimo] o tla naya peo ya lona e lo e jalang mo lefatsheng pula, a lo neye senkgwe e le kungo ya mmu, se e tla nnang se se nonneng le se se nang le mafura. Mo letsatsing leo diruiwa tsa gago di tla fula mo mafulong a a bulegileng. Dikgomo le diesele tse di godileng sentle tse di lemang mmu di tla ja furu e e lokilweng ka sorele, e e neng ya olosiwa ka garawe le ka foroko.”

Boporofeti jwa ga Isaia bo bolela gape jaana: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.” The New American Bible e ranola polelwana eno ya bofelo ka gore, “mokete wa dijo tse di humileng le beine e e monatenate, e e matute, dijo tse di humileng le tse di itshekileng, beine e e matute.”—Isaia 25:6; 30:23, 24.

A seno se utlwala se go kgatlha? Boporofeti jwa ga Isaia bo re tlhomamisetsa gore mongwe le mongwe yo o tshelang mo tsamaisong e ntšha ya Modimo o tla nna le dijo tse dintsi. A go tla bo go babalesegile go ja? Ee ruri. Boporofeti jo bongwe bo re tlhomamisetsa gore batho ba Modimo “ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:4) Puso ya Modimo ya Bomesia, e e tla simololang go busa mo lefatsheng mo isagweng e e fa gautshwane e tla tlhomamisa gore re nna le polokesego e e ntseng jalo e e feletseng.—Isaia 9:6, 7

Ga go kitla le ka motlha go nna le dipelaelo ka dijo tsa rona gore a di babalesegile kgotsa nnyaa. Go na le moo, re tla itumelela go raana jaana: “Itumelele dijo tsa gago.”

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Go ise go ye kae mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla nna le dijo tse dintsi tse di itekanetseng le tse di siameng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Modimo o solofetsa batho botlhe dijo tse di babalesegileng le tse di siameng