Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Dirang Gore Dijo di Nne di Sireletsegile ka Gone

Kafa o ka Dirang Gore Dijo di Nne di Sireletsegile ka Gone

Kafa o ka Dirang Gore Dijo di Nne di Sireletsegile ka Gone

A GO ja go kotsi? Dipalopalo dingwe di ka dira gore o konele ka gore go kotsi. Go ya ka World Health Organization (WHO), batho ba ka nna dimilione di le 130 mo Kgaolong ya Yuropa ya WHO ba tshwarwa ke malwetse a a bakiwang ke dijo ngwaga le ngwaga. Ka 1998 go ne ga begiwa gore batho ba ba fetang 100 000 kwa United Kingdom fela, ba ne ba lwatswa ke dijo mme ba ka nna 200 ba bone ba ne ba swa. Go fopholediwa gore kwa United States ngwaga le ngwaga go lwala batho ba le dimilione di le 76 ba lwatswa ke dijo tse ba di jeleng mme mo go yone palo eo, ba le 325 000 ba robadiwa kwa bookelong mme ba le 5 000 ba feleletsa ba sule.

Mo lefatsheng ka bophara, go boima thata go bona dipalo tse di tlhomameng. Le fa go ntse jalo, WHO e bega gore ka 1998, batho ba ka nna dimilione di le 2,2 ba ne ba swa ka ntlha ya malwetse a letshololo—mme ba le dimilione di le 1,8 ba bone e ne e le bana. Pego eno e bolela jaana: “Bontsi jwa batho bano e ne e le ka ntlha ya dijo tse di senyegileng le metsi a a nowang.”

Dipalopalo tseo di ka utlwala di tshosa. A mme dipalopalo tseno di tshwanetse go dira gore re tshoge gore dijo tsa rona di kotsi? Ga go bonale jalo. Akanya ka sekai se sengwe. Kwa Australia, go na le batho ba le dimilione tse 4,2 tsa batho ba ba lwatswang ke dijo ngwaga le ngwaga—kgotsa ba ka nna 11 500 letsatsi le letsatsi! Seno se ka lebega e le palo e ntsi. Mme a ko o e lebe go tswa mo letlhakoreng le lengwe. Batho ba Australia ba ja dijo di ka nna dimilione di le dikete di le 20 ka ngwaga; mo dijong tseo, tse di kwa tlase ga 1/50 ya peresente e le 1 di baka malwetse. Ka mafoko a mangwe, kgonagalo ya go lwala o lwatswa ke sejo sengwe le sengwe ke e nnye fela thata.

Le fa go le jalo, gone go teng gore di ka go lwatsa e bile seo se a tshosa. Ke eng se se dirang gore dijo di lwatse batho le gone ke eng se se ka dirwang go fokotsa kotsi eo?

Dilo Tse di Bakang Malwetse mo Dijong

Malwetse a le mantsi a ka kgona go fetela mo bathong a tlisiwa ke dijo—malwetse a a fetang a le 200, go bolela jalo lokwalopaka lwa Emerging Infectious Diseases. Mme dilo tse di bakang malwetse a a ntseng jalo ga di dintsi. Go ya ka Dr. Iain Swadling, mookamedi wa tshedimosetso ya dijo wa Lephata la Tirelo ya Boditšhabatšhaba la Tshedimosetso ya Dijo, o bolela gore diperesente di ka nna 90 tsa malwetse otlhe a a bakiwang ke dijo di bakiwa ke mofuta wa ditshedinyana tse “gongwe di leng kwa tlase ga di le mosomeamabedi nné.” Dilo tse di farologaneng tse di bakang malwetse—dibaerase, dibakateria, diparasaete, botlhole le dilo tse dingwe—di tsena jang mo dijong?

Dr. Swadling o ntsha lenaane la ditsela tse tlhano tse di tlwaelegileng thata tse dijo di senyegang ka tsone: “Go dirisa dijo tse di setseng di ntse di senyegile; batho ba ba apayang dijo mme ba lwala; lefelo le le sa lekanang go boloka dijo go kopanyeletsa le dijo tse di apewang diura di le mmalwa pele ga di jewa; dijo tse di tsenyang tse dingwe megare ka nako ya fa di apewa; dijo tse di sa apewang sentle kgotsa tse di omosiwang ka themperetšha e e kwa tlase thata.” Le fa lenaane leo le ka lebega le tshwenya, le na le dikgang tse di itumedisang. Mo makgetlhong a le mantsi malwetse a a bakiwang ke dijo a ka thibelwa motlhofo. Go bona gore ke eng se o ka se dirang go tlhomamisa gore dijo tse o di jang di babalesegile, bona lebokoso le le mo ditsebeng 18 le 19.

Go Tlhopha ka Tsela e e Lekalekaneng

Ka ntlha ya dikotsi tse di farologaneng le ditlhobaelo ka dijo, gompieno batho bangwe ba swetsa ka gore ba dirise nako e ntsinyana go reka, go apaya le go ja dijo tse di itekanetseng. Fa o utlwa o rata kgopolo eo, batla mabenkele kgotsa dimmaraka tsa mo lefelong le o nnang mo go lone tse di rekisang dijo tse di itekanetseng le dijo tse di sa fetolwang. Buka nngwe ya bareki e tlhalosa jaana: “Bareki ba le bantsi ba ya kwa barekising—e ka ne e le kwa dimmarakeng tse di bulwang gangwe ka beke [mo go rekisiwang dijo tse di foreshe gone] kgotsa kwa dijo di dirwang gone—e le gore ba reke dijo fa di sa ntse di le foreshe mme ba bone le mo di direlwang gone le gore di dirwa jang.” Go dira jalo go ka thusa fa o reka nama.

Ka tsela e e tshwanang, go ka nna molemo go reka dijo ka paka e di lengwang ka yone, ka gonne e ka nna tsone tse di itekanetseng sentle. Le fa go ntse jalo, lemoga gore fa o dira jalo, ga o kitla o nna le mefuta e e farologaneng ya maungo le merogo mo ngwageng otlhe.

A o tshwanetse go ja fela dijo tse go dirisitsweng menontsha ya tlholego fela mo go tsone? Eo ke tshwetso e o tshwanetseng go itirela yone ka bowena. Batho ba le bantsi ba rata dijo tse di ntseng jalo, bangwe kwantle ga pelaelo ba dirwa ke gore ga ba tshepe boranyane jo bosha jo bo dirisiwang mo madirelong a dijo. Mme ga se mongwe le mongwe yo o dumelang gore temothuo e go dirisiwang menontsha ya tlholego fela mo go yone e ntsha dijo tse di siameng.

Le fa e le eng se o se tlhophang ka dijo, tlhatlhoba ka kelotlhoko se o se rekang. “Fa go tsenwa mo dijong,” go bolela jalo moitseanape mongwe yo o nopotsweng mo lokwalodikgannyeng longwe lwa beke le beke lo lo bidiwang Die Zeit, “moreki o leba fela tlhwatlhwa.” Go gontle go nna motho yo o somarelang, mme o lebelele gape le lenaane la dilo tse di dirisitsweng go dira dijo tse o di rekang. Go fopholediwa gore mo e ka nnang halofo ya batho ba ba rekang dijo kwa dinageng tsa Bophirima ga ba iphe nako ya gore ba bale tshedimosetso ya dikotla e e kwadilweng ka fa ntle ga meteme ya dijo. Gone ke boammaaruri gore mo dinageng dingwe ga nke go kwalwa dintlha tsotlhe ka dijo tse o di rekang. Mme fa o batla dijo tse di babalesegileng, dira se o ka se kgonang go tlhatlhoba dilo tse di dirisitsweng go baakanya dijo tseo.

Le fa ditshwetso tsa gago e ka ne e le dife malebana le dijo tse o di jang, gongwe o tla tlhoka go fetofetoga ka dinako tse dingwe, o dire gore maemo a gago a tsamaisane le maemo a mmatota a mo nageng e o agileng mo go yone. Mo bathong ba le bantsi mo metlheng eno ya segompieno, ga go kgonege—go ja madi a mantsi, go senya nako, go matsapa—go leka go tlhomamisa gore ba ja fela dijo tse di itekanetseng ka metlha yotlhe.

A seo se raya gore ga o ka ke wa tlhola o tshepa sepe sa lefatshe la gompieno? Nnyaa, ke go leba dilo fela jaaka di ntse. Le fa go ntse jalo, mafoko a a molemo ke gore go ise go ye kae dilo di tla fetoga di nna botoka.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Dikgato Tse O ka Di Tsayang

Tlhapa. Tlhomamisa gore o tlhapa matsogo a gago mo metsing a a bolelo a a nang le sesepa pele ga o apaya dijo dingwe le dingwe. Tlhapa ka dinako tsotlhe fa o sena go dirisa ntlwana ya boithomelo, fa o sena go tlhokomela ditlhokego tsa bophepa tsa lesea kgotsa ngwana (tse di tshwanang le go fetola mongato kgotsa go minola ngwana) kgotsa go tshwara phologolo epe fela, go akaretsa le diruiwa tsa mo gae. Tlhatswa didirisiwa dipe fela, lomati lo go segelwang mo go lone le mo o neng o berekela gone ka metsi a a bolelo a a nang le sesepa fa o sena go apaya dijo dingwe le dingwe—segolobogolo fa o sena go tshwara nama e iseng e apeiwe, nama ya koko kgotsa tlhapi. “Tlhatswa maungo le merogo mo metsing a a bothitho,” go akantsha jalo makasine wa Test, gore o bolaye ditshenekegi le dibolayaditshenekegi tse di saletseng. Mo mabakeng a le mantsi go obola, go ntsha matlapi le go bedisa dijo ke ditsela tse di molemo thata tsa go phepafatsa dijo. Fa e le ka lethisi kgotsa khabetšhe, o tshwanetse go ntsha makakaba mme o a latlhe.

Apaya dijo gore di butswe sentle. Fa mogote o dijo di apeilweng ka one o feta didikirii tsa Celsius di le 70, le fa e le ka nako e khutshwane fela, mo e ka nnang dibakateria tsotlhe, dibaerase le diparasaete di tla swa. Nama ya koko e tshwanetse go apewa ka mogote o o fetang oo, go fitlha go didikirii tsa Celsius di le 80. Dijo tse di omosiwang di tshwanetse gore di gotediwe ka themperetšha e e fitlhang go didikirii tsa Celsius di le 75 kgotsa di tshwanetse gore di nne mogote le go fufutsa. O se ka wa ja nama ya koko e e sa ntseng e le khibidu mo gare, ditlae tsa mae tse di sa butswang sentle kgotsa tlhapi e e iseng e butswe le e o ka se kgoneng go e kgaoganya motlhofo fela ka foroko.

Boloka dijo o di kgaogantse. Boloka nama e e iseng e apeiwe, nama ya koko kgotsa tlhapi e sa kopakopana le dijo tse dingwe ka dinako tsotlhe—fa o e reka, o e boloka le fa o e apaya. O se ka wa letla metsi a tsone a elela kgotsa a rothela mo dijong tse dingwe. Gape, o se ka wa baya dijo tse di apeilweng mo sejaneng se pele se neng se na le nama e e iseng e apewe, tlhapi kgotsa nama ya koko e e iseng e apewe ntle le fa sejana seo se ile sa tlhatswiwa sentle ka metsi a a mogote a a nang le sesepa.

Boloka dijo le go di gatsetsa ka tsela e e siameng. Foriji e ka thibela gore dibakateria tse di kotsi di nne gone, mme themperetšha e tshwanetse go nna didikirii tsa Celsius di le 4. Forisara e tshwanetse go nna didikirii tsa Celsius di le 17 kafa tlase ga boswakgapetla. Dijo tse di senyegang di se ka tsa nna kwa ntle ga foriji lobaka lo lo fetang diura tse pedi. Fa o siamisa dijo pele ga o ja, khurumetsa dijana tsotlhe gore dintshi di se ka tsa kotama mo go tsone.

Nna kelotlhoko fa o ja kwa resetšhurenteng. Go ya ka phopholetso nngwe, go simologa ka diperesente tse di ka nnang 60 go ya go tse 80 tsa malwetse a a bakiwang ke dijo mo dinageng tse di tlhabologileng a tswa mo dijong tse di sa apeelwang mo gae. Tlhomamisa gore resetšhurente epe fela e o yang kwa go yone e fitlhelela ditekanyetso tsa pholo tse di batliwang ke molao. Reka nama e e buduleng sentle. Fa o reka dijo tse di sa jelweng mo lebenkeleng, tlhomamisa gore o di ja pele ga diura tse pedi morago ga go di reka. Fa go ka feta nako e ntsi, di omose ka mogote wa themperetšhara e e fitlhang go didikirii tsa Celsius di le 74.

Latlha dijo tse di bonalang di senyegile. Fa o belaela gore dijo dingwe ga di a siama kgotsa di senyegile, go botoka gore o di latlhe gore o tle babalesege. Gone ke boammaaruri, ga go a siama go latlha dijo tse di siameng. Le fa go le jalo, go lwatswa ke dijo tse di senyegileng go ka nna kotsi le go feta mo go wena.

[Motswedi wa Setshwantsho]

—Bontsi jwa dintlha tseno di tswa mo Food Safety Tips, ya Food Safety Technology Council kwa United States.