Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Nonotshitswe ke go Tshepa Modimo

Ke Nonotshitswe ke go Tshepa Modimo

Ke Nonotshitswe ke go Tshepa Modimo

JAAKA GO BOLETSE RACHEL SACKSIONI-LEVEE

FA MODISA MONGWE WA RONA A NE A NTITAYA MO SEFATLHEGONG KA GONNE KE NE KE GANA GO DIRA MOTŠHINE WA DIBOMO TSA BANASI, MODISA YO MONGWE O NE A MO RAYA A RE: “GO BOTOKA GORE O MO TLOGELE. ‘BA-BIBELFORSCHER’ BA KA MPA BA ITEWA GORE BA BO BA SWE KA NTLHA YA MODIMO WA BONE.”

TIRAGALO eno e diragetse ka December 1944 kwa Beendorff, kwa kampeng e basadi ba dirisiwang tiro e e bokete gone gaufi le meepo ya letswai kwa bokone jwa Jeremane. E re ke tlhalose gore go tlile jang gore ke ye koo le kafa ke neng ka falola ka teng mo dikgweding di le mmalwa tsa bofelo tsa Ntwa ya Lefatshe II.

Ke tsholetswe mo lelapeng la Bajuda kwa Amsterdam, kwa Netherlands, ka 1908, ke le ngwana wa bobedi mo basetsaneng ba bararo. Rre e ne e le morethefatsi wa diteemane, jaaka Bajuda ba bantsi kwa Amsterdam ba ne ba dira tiro eo pele ga Ntwa ya Lefatshe II. O ne a tlhokafala fa ke ne ke na le dingwaga di le 12, mme morago ga moo Ntatemogolo o ne a tla go nna le rona. Ntatemogolo e ne le Mojuda yo o ineetseng tota, mme o ne a tlhomamisa gore re godisiwa go ya ka dingwao tsa Sejuda.

Ke ne ka sala dikgato tsa ga Rre morago ka go ithuta tiro ya go seta diteemane, mme ka 1930 ka nyalwa ke modirimmogo le nna. Re ne ra nna le bana ba babedi—Silvain, mosimane yo o matlhagatlhaga wa segatlhamelamasisi, le Carry, yo e neng e le mosetsana yo o bonolo, yo o didimetseng. Ka maswabi, lenyalo la rona ga le a ka la tshwarelela. Ka 1938, fela fa re sena go tlhalana, ke ne ka nyalwa ke Louis Sacksioni, yo le ene e neng e le morethefatsi wa diteemane. Morwadiarona Johanna o ne a tsholwa ka February 1940.

Le fa Louis e ne e le Mojuda, o ne a sa dire dilo go ya ka bodumedi jwa gagwe. Ka jalo re ne re sa tlhole re keteka mekete ya Sejuda e ke neng ke e rata thata fa ke ne ke le ngwana. Ruri ke ne ke e tlhologelelwa, mme mo pelong ya me ke ne ka tswelela ke dumela mo Modimong.

Go Fetola Bodumedi

Kwa tshimologong ya 1940, ngwaga o Bajeremane ba simolotseng ka one go gapa Netherlands, go ne ga tla mosadi mongwe kwa legaeng la rona mme a bua le nna ka Baebele. Ke ne ke sa tlhaloganye bontsi jwa dilo tse a neng a di bua, mme ke ne ke tsaya dibuka mo go ene nako le nako fa a tlile. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa bale dibuka tse a neng a di tlogela ka gonne ke ne ke sa batle sepe se se ka nkamanyang le Jesu. Ke ne ke rutilwe gore e ne e le Mojuda wa motlhanogi.

Mme letsatsi lengwe go ne ga tla monna mongwe kwa gae. Ke ne ka mmotsa dipotso tse di jaaka, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a sa bope batho ba bangwe fa Adame le Efa ba sena go leofa? Ke ka ntlha yang fa go na le tshotlego e ntsi jaana? Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhoane jaana e bile ba tsosa ntwa?” O ne a ntlhomamisetsa gore fa ke ne ke le pelotelele o ne a ka araba dipotso tsa me go tswa mo Baebeleng. Ka jalo re ne ra rulaganya go nna le thuto ya Baebele ya legae.

Mme gone, ke ne ke sa dumalane le mogopolo wa gore Jesu e ne e le Mesia. Mme morago ga moo, fa ke sena go rapela ka kgang eo, ke ne ka simolola go bala boporofeti jwa ga Mesia mo Baebeleng, mme ka bo leba ka tsela e e farologaneng. (Pesalema 22:7, 8, 18; Isaia 53:1-12) Jehofa o ne a dira gore ke kgone go bona gore boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa ka Jesu. Monna wa me o ne a sa kgatlhegele se ke neng ke se ithuta, mme ga a ka a nkgoreletsa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Re Rera re Ntse re Iphitlhile

Nako e Bajeremane ba neng ba gapa Netherlands ka yone e ne e le kotsi mo go nna. Ka gonne ga se fela gore ke ne ke le Mojuda, ba Bajeremane ba neng ba ba tsenya mo dikampeng tsa pogisetso, mme gape ke ne ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mokgatlho wa bodumedi o Banasi ba neng ba leka go o senya. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ke le matlhagatlhaga, ke dirisa palogare ya diura di le 60 ka kgwedi ke bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya Bokeresete e ke neng ke sa tswa go e ithuta.—Mathaio 24:14.

Maitseboa mangwe ka December 1942, monna wa me o ne a se ka a boa go tswa kwa tirong. Go ne ga felela e le gore o ne a tshwerwe kwa tirong ene mmogo le batho ba a neng a bereka le bone. Ga ke a ka ka tlhola ke mmona gape. Basupi mmogo le nna ba ne ba nkgakolola gore nna le bongwanake re ye go iphitlha. Ke ne ka nna le kgaitsadi mongwe wa Mokeresete kwa karolong e nngwe ya Amsterdam. Ka gonne go ne go le kotsi thata gore re nne kwa lefelong le le lengwe fela re le banè, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela bongwanake le batho ba bangwe.

Gantsi ke ne ke falola ka tshoba la mogodu. Mo maitseboeng mangwe Mosupi mongwe o ne a nkisa kwa lefelong le lesha la go iphitlha ka sekuta sa gagwe. Le fa go ntse jalo, lebone la sekuta sa gagwe le ne le sa bereke, mme re ne ra emisiwa ke mapodise a mabedi a Ba-Dutch. Ba ne ba mponesa ka dipone tsa bone mo sefatlhegong mme ba lemoga gore ke Mojuda. Ka lesego, ba ne ba re: “Tsamayang ka bonako—mme lo tsamaye ka maoto.”

Go Tshwarwa le go Tsenngwa mo Kgolegelong

Mo mosong mongwe ka May 1944 fa ke ne ke tloga ke simolola bodiredi jwa me, ke ne ka tshwarwa—e seng ka gonne ke ne ke le Mosupi mme e le ka gonne ke ne ke le Mojuda. Ke ne ka isiwa kwa kgolegelong kwa Amsterdam, kwa ke neng ka nna malatsi a le lesome teng. Go tswa foo ke ne ka pegwa mo tereneng, mmogo le Bajuda ba bangwe, ra isiwa kwa kampeng ya Westerbork kwa bokonebotlhaba jwa Netherlands. Go tswa koo, Bajuda ba ne ba isiwa Jeremane.

Kwa Westerbork ke ne ka kopana le monnawe monna wa me le morwawe, ba le bone ba neng ba tshwerwe. E ne e le nna fela Mosupi mo Bajudeng, mme ke ne ke rapela Jehofa ka metlha gore a nnonotshe. Malatsi a le mabedi morago ga moo nna le monnawe monna wa me, le morwawe re ne re le mo tereneng ya dikgomo e e neng e tloga e ya Auschwitz kgotsa Sobibor, tse e neng e le dikampa tsa polaelo kwa Poland. Ka tshoganyetso, leina la me le ne la bidiwa mme ke ne ka isiwa kwa tereneng e sele—terena e e tlwaelegileng ya batho.

Go ne go palame batho ba pele ke neng ke bereka le bone mo tirong ya diteemane. Go ne ga isiwa babereki ba diteemane ba ka nna lekgolo kwa Bergen-Belsen kwa bokone jwa Jeremane. Moragonyana ke ne ka utlwa gore tiro ya me e ne e bolokile botshelo jwa me, ka gonne Bajuda ba ba neng ba isiwa kwa Auschwitz le Sobibor gantsi ba ne ba romelwa ka tlhamalalo kwa matlwaneng a go bolaelwang batho ka gase kwa go one. Ke sone se se diragaletseng monna wa me, bongwanake ba babedi, le ba bangwe ba losika. Le fa go ntse jalo, ka nako eo ke ne ke sa itse se se neng se ba diragaletse.

Kwa Bergen-Belsen rona baseti ba diteemane re ne re nna kwa bonnong jo bo kgethegileng. Go ne go sa lebelelwa gore re dire tiro epe e nngwe ka gonne go ne go somarelwa diatla tsa rona ka ntlha ya tiro ya rona e e bonolo. E ne e le nna fela Mosupi mo setlhopheng sa rona, mme ka bopelokgale, ke ne ke bolelela Bajuda ka nna ka tumelo ya me e ntšha. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ntsaya ke le motlhanogi, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tsewa jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Ke ne ke se na Baebele mme ke ne ke eletsa dijo tsa semoya. Ngaka nngwe ya Mojuda kwa kampeng e ne e na le yone, mme o ne a e nnaya fa ke ne ke e ananya ka manathwana a sekae a borotho le botoro. Ke ne ka nna dikgwedi di le supa le ‘setlhopha sa diteemane’ kwa Bergen-Belsen. Re ne re tshwerwe sentle, mme seo se ne sa dira gore magolegwa a mangwe a Bajuda a se ka a rata seo. Le fa go ntse jalo, la bofelo go ne ga se ka ga bonwa diteemane tse re neng re ka bereka ka tsone. Ka jalo ka December 5, 1944, rona basadi ba ka nna 70 ba Bajuda re ne ra isiwa kwa kampeng e basadi ba neng ba dirisiwa tiro e e bokete kwa go yone kwa Beendorff.

Go Gana go Dira Dibetsa

Mo meepong e e gaufi le kampa, mo e ka nnang dimetara di le 400 kafa tlase ga lefatshe, magolegwa a ne a newa tiro ya go dira metšhine ya dibomo. Fa ke ne ke gana go dira tiro eno, ke ne ka itewa ka mabole a le mmalwa a a botlhoko. (Isaia 2:4) Modisa wa rona o ne a nkgarumela a mpolelela gore ke tshwanetse gore ke bo ke ikemiseditse go bereka mo letsatsing le le latelang.

Mo mosong o o latelang, ke ne ke seyo fa go ne go tlholwa ba ba leng teng, ke setse kwa lefelong la rona la bonno. Ke ne ke tlhomamisegile gore ke ne ke tlile go thuntshiwa, ka jalo ke ne ka rapela Jehofa gore a ntuele ka ntlha ya tumelo ya me. Ke ne ka boaboeletsa pesalema ya Baebele e e reng: “Ke ikantse Modimo. Ga ke na go boifa. Motho wa mo lefatsheng o ka ntirang?”—Pesalema 56:11.

Mafelo a bonno a ne a phuruphudiwa, mme ke ne ka ntshiwa mo go one. Ke yone nako e mongwe wa badisa ba rona a neng a ntitaya gantsi, a botsa jaana: “Ke mang a reng o se ka wa bereka?” Nako le nako ke ne ke mo raya ke re ke Modimo. Ke yone nako e modisa yo mongwe a neng a mo raya a re: “Go botoka gore o mo tlogele. Ba-Bibelforscher  * ba ka mpa ba itewa gore ba bo ba swe ka ntlha ya Modimo wa bone.” Mafoko a gagwe a ne a nnonotsha thata.

E re ka go tlhatswa matlwana a boithomelo e ne e le kotlhao e re neng re e newa e bile e le tiro e e leswe go di feta tsotlhe, ke ne ka ithaopela go e dira. Ke ne ke itumeletse go amogela kabelo eo ka gonne e ne e le tiro e ke neng nka e dira ka segakolodi se se phepa. Mo mosong mongwe molaodi wa kampa yo o neng a tshajwa ke batho botlhe o ne a tla. O ne a ema fa pele ga me mme a re: “A ke wena Mojuda yo o ganang go bereka?”

Ke ne ka araba ka re, “O a bona gore ke a bereka.”

“A mme o ka berekela ntwa?”

Ke ne ka araba ka re, “Nnyaa. Modimo ga a batle seo.”

“Akere mme o tla bo o sa nne le seabe mo polaong?”

Ke ne ka tlhalosa gore fa ke ne nka nna le seabe mo go direng dibetsa, ke ne ke tla bo ke senya segakolodi sa me sa Bokeresete.

O ne a tsaya lefeelo mo go nna mme a re: “A nka se go bolaye ka lone?”

Ke ne ka araba ka re, “Ee o ka mpolaya ka lone, mme lefeelo ga le a direlwa go bolaya. Tlhobolo ke yone e diretsweng seo.”

Re ne ra bua ka gore Jesu ke Mojuda le gore le fa ke le Mojuda, ke ne ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a ne a tsamaya, magolegwa mmogo le nna ba ne ba tla kwa go nna, ba gakgamaditswe ke gore ke ne ke le sebete go bua le molaodi wa kampa ke wetse dibete jalo. Ke ne ka ba bolelela gore e ne e se kgang ya gore ke ne ke le sebete mme ke ne ke kgonne go dira jalo ka gonne Modimo wa me a ne a nneile nonofo ya go dira jalo.

Go Falola Bokhutlo Jwa Ntwa

Ka April 10, 1945, fa mephato e e kopaneng ya masole e ne e atamela Beendorff, re ne ra tshwanelwa gore re eme letsatsi lotlhe mo lolwapeng re emetse go bidiwa ga maina go tlhola gore ke bomang ba ba leng teng. Morago ga foo, rona basadi ba ka nna 150 re ne ra pitlaganngwa mo teng ga diterena tse di rwalang dikgomo, go se na dijo kgotsa metsi. Diterena tseo di ne di ya kwa mafelong a re neng re sa a itse, mme ra fetsa malatsi a le mantsi re ya kwa le kwa mo pele ga mephato ya masole. Ba bangwe ba ne ba bolaya magolegwa mmogo le bone ka go ba kgama gore go tle go nne le manno a a bulegileng mo dikoloing, mme ka ntlha ya seo, basadi ba bantsi ba ne ba tshwenyega thata mo tlhaloganyong. Ke ne ka thusiwa ke go tshepa tlhokomelo ya ga Jehofa.

Letsatsi lengwe terena ya rona e ne ya ema gaufi le kampa ya banna, mme re ne ra letlelelwa go tswela kwa ntle. Ba le mmalwa mo go rona ba ne ba newa diemere gore re ye go ga metsi kwa kampeng. Fa ke goroga kwa pompong, ke ne ka nwa metsi a mantsi pele ga ke tlatsa emere. Fa ke boa, basadi ba ne ba nkgogogela jaaka diphologolo tsa naga. Mme metsi otlhe a a neng a le mo emereng a ne a tshologa. Maloko a SS (maloko a setlhopha se se kwa godimo sa badisi ba ga Hitler) ba ne ba eme foo ba tshega. Malatsi a le lesome le bongwe morago ga moo, re ne ra iphitlhela re le kwa Eidelstedt, kampa e e kwa motseng o o kwa ntle ga Hamburg. Mo e ka nnang halofo ya batho ba ba neng ba le mo setlhopheng sa rona ba ne ba tlhokafetse ka ntlha ya go tshwarwa setlhogo mo mosepeleng.

Letsatsi lengwe fa re le kwa Eidelstedt, ke ne ke balela basadi bangwe ba le mmalwa Baebele. Molaodi wa kampa a ema fa fensetereng ka tshoganyetso. Re ne re tshogile tota ka gonne Baebele e ne e le buka e e ileditsweng mo kampeng. Molaodi o ne a tsena, a tsaya Baebele mme a re: “Ke yone Baebele e?” Ke ne ka wela dibete fa a ne a e busa, a re: “Fa mongwe wa basadi a swa, o tla tshwanelwa ke go bala sengwe go tswa mo go yone.”

Go Kopana Gape le Basupi Mmogo le Nna

Fa re sena go gololwa malatsi a le 14 moragonyana, mokgatlho wa Sefapano se Sehibidu o ne wa re isa kwa sekolong sengwe gaufi le Malmö, kwa Sweden. Koo, re ne ra nna re tlhaoletswe kwa thoko ka lobakanyana. Ke ne ka kopa mongwe wa batlhokomedi ba rona gore a bolelele Basupi ba ga Jehofa gore ke ne ke le mo bonnong jwa batshabi. Malatsi a se kae morago ga foo, leina la me le ne la bidiwa. Fa ke ne ke bolelela mosadi yoo gore ke Mosupi, o ne a simolola go lela sa masisapelo. Le ene e ne e le Mosupi! Fa a sena go didimala, o ne a mpolelela gore Basupi ba Sweden ka metlha ba ne ba rapelela bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi ba Bakeresete mo dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi.

Go simologa ka nako eo go ya pele, kgaitsadi yoo o ne a tla letsatsi le letsatsi a tshotse kofi le sejonyana se se botshe. Fa ke sena go tswa mo bonnong jwa batshabi, ke ne ka fudusediwa kwa lefelong lengwe gaufi le Göteborg. Fa ke fitlha koo, ke ne ka fitlhela Basupi ba ntiretse kokoano e kgolo ya mo thapameng eo. Le fa ke ne ke sa kgone go ba tlhaloganya, go ne go intumedisa tota go bo ke dikologilwe ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba me gape.

Fa ke ne ke le kwa Göteborg, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le tswa kwa Mosuping mongwe kwa Amsterdam a mpolelela gore bongwanake Silvain le Carry le botlhe ba losika lwa me ba ne ba tshwarwa mme ba se ka ba tlhola ba boa. Go ne go falotse morwadiake Johanna fela le nnake yo mmotlana mo go botlhe. Bosheng jaana ke ne ka bona maina a morwaake le morwadiake mo lenaaneng la Bajuda ba ba neng ba bolawa ka gase kwa Auschwitz le Sobibor.

Tiro ya Morago ga Ntwa

Fa ke sena go boela kwa Amsterdam ke ne ka kopana gape le Johanna, yo o neng a na le dingwaga tse tlhano ka nako eo, mme ke ne ka simolola bodiredi gape. Ka dinako tse dingwe ke ne ke kopana le maloko a NSB, Mokgatlho wa Bonashinale le Boshoshialise wa Ba-Dutch, phathi ya sepolotiki e e neng e dirisana le Bajeremane. Batho bano ba ne ba nnile le seabe mo go bolayeng lelapa la me lotlhe. Ke ne ka tshwanelwa ke go fenya maikutlo a letlhoo gore ke kgone go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ke ne ke ntse ke akanya gore Jehofa ke ene a bonang pelo le gore ke ene yo la bofelo a tlileng go atlhola, e seng nna. Mme ke ne ka segofalediwa seo thata!

Ke ne ka simolola thuto ya Baebele le mosadi yo monna wa gagwe a neng a le mo kgolegelong ka ntlha ya go dirisana ga gagwe le Banasi. Fa ke ne ke tlhatloga ka ditepisi ke ya kwa ntlong ya bone, ke ne ke na le go utlwa baagelani ba re: “Bonang! Mojuda yole o etela batho ba NSB gape.” Go sa kgathalesege kganetso e kgolo e e neng e tswa mo monneng wa gagwe yo o kgatlhanong le Bajuda yo o neng a le kwa kgolegelong, mosadi yono le bomorwadie ba bararo botlhe ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa.

Ke itumelela gore moragonyana ngwanake Johanna o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa. Nna le ene re ne ra fuduga ra ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi. Re ne ra ipelela masego a mantsi a semoya. Jaanong ke nna mo toropong e potlana kwa borwa jwa Netherlands, kwa ke nnang le seabe ka mo ke ka kgonang ka teng mmogo le phuthego mo tirong ya go rera. Fa ke leba kwa morago, nka bolela fela gore ga ke ise nke ke nne le maikutlo a gore Jehofa o ntatlhile. Ka metlha ke ne ke utlwa gore Jehofa le Morwawe yo o rategang, Jesu, ba na le nna, le mo dinakong tse di thata tota.

Ka nako ya ntwa, ke tlhokafaletswe ke monna, bana ba babedi le bontsi jwa ba lelapa la gaetsho. Le fa go ntse jalo, tsholofelo ya me ke go boa ke ba bona botlhe gape mo bogautshwaneng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Fa ke ntse ke le nosi mme ke akanya ka dilo tse di ntiragaletseng, ke akanya ka mafoko a mopesalema ka boitumelo le tebogo: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.”—Pesalema 34:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 25 Leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsiwe ka lone kwa Jeremane ka nako eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bajuda ba isiwa kwa Jeremane go tswa kwa kampeng kwa Westerbork

[Motswedi wa Setshwantsho]

Herinneringscentrum kamp Westerbork

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le bongwanake Carry le Silvain, ba ka bobedi jwa bone ba tlhokafetseng ka nako ya Polao ya Kgailo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fa ke ne ke tlhaoletswe kwa thoko kwa Sweden

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Karata ya nakwana ya itshupo ya fa ke busediwa gae

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le ngwanake Johanna gompieno