Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotsi ya go Intsha O sa Le Mmotlana ke Efe?

Kotsi ya go Intsha O sa Le Mmotlana ke Efe?

Basha Ba Botsa Jaana . . .

Kotsi ya go Intsha O sa Le Mmotlana ke Efe?

“Bosheng jaana, basimane bangwe kwa sekolong ba ntse ba nkopa gore ke tswe le bone kgotsa ba ne ba nkopa gore ke ratane le bone.”—Becky, yo o nang le dingwaga tse 11. *

“Bana ba le bantsi kwa sekolong sa rona ba a intsha. Tota e bile, ga se selo se se sa tlwaelegang go bona basimane le basetsana ba atlana mo diphashiting.”—Liana, moithuti mongwe wa mophato wa bolesome.

BANA ba le bantsi ba simolola go intsha ba sa ntse ba le bannye thata. Metswedi ya tshedimosetso e rotloetsa mokgwa ono jaaka sengwe se se tlwaelegileng—jaaka e kete ke boitlosobodutu fela jo bo se nang kotsi. Oneyda yo o nang le dingwaga di le 12 o bolela jaana: “Mo e ka nnang mongwe le mongwe kwa sekolong o na le motho yo a ratanang nae.” Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Jenifer o gakologelwa jaana: “Ke gakologelwa bana ba ba ka nnang dingwaga di le robonngwe ba ba neng ba ratana.” O oketsa jaana: “Ke ne ka simolola go gatelelwa ke dithaka gore ke intshe fa ke ne ke na le dingwaga di le 11.”

Gone go a utlwala gore fa o sa intshe le mongwe, o ka nna wa ikutlwa o le letlhaodi fela. Eleruri, o ka nna wa bo wa tshegiwa kgotsa wa sotliwa ka go bo o sa dire jalo. Jenifer o ne a gana go intsha le basimane ba ba neng ba mo kopa gore a intshe le bone ka ntlha ya gore a ne a ikutlwa a le monnye thata gore a ka intsha. Ba ne ba itshwara jang? Jenifer o gakologelwa jaana: “Ba ne ba ntshotla e bile ba ntshega.” Ga go na ope yo o ratang go sotlwa. A mme o tshwanetse go intsha fela ka gonne ba bangwe ba dira jalo? Tota go intsha ke eng? Mme boikaelelo jwa gone ke bofe?

Go Intsha ke Eng?

‘Ga re intshe. Re ditsala fela,’ basha ba le bantsi ba bolela jalo, le mororo ba dirisa nako e ntsi ba na le mongwe wa bong bo sele. Mme le fa o ka tswa o e bitsa eng—go intsha, go tsamaya mmogo kgotsa go bonana fela—fa mosimane le mosetsana ba naana tlhokomelo e e kgethegileng e bile ba simolola go dirisa nako e ntsinyana ba le mmogo, gantsi go a bo go na le se se fetang botsalano fela. Le gone go intsha ga se fela fa o na le motho yo mongwe ka namana. Dipuisano go dirisiwa Internet, ka thelefouno, ka makwalo kgotsa ka E-mail le tsone e ka nna ditsela tsa go intsha.

Potso ke gore, Go kotsi go le kana kang go dirisa nako e ntsi le motho a le mongwe wa bong bo sele?

Dikotsi Tsa go Intsha

Mo go Diane 30:19, Baebele e bua ka “tsela ya monna yo o nonofileng a na le morweetsana.” Polelwana eno e bontsha gore gantsi fa monna le mosadi ba tsalana ka tsela nngwe go na le tsela e e rileng e botsala jono bo tsamayang ka yone. Fa ka bobedi ba godile e bile ba latela melao ya Modimo, go intsha go ka felela ka lorato mme kgabagare ka lenyalo le le tlotlegang. Ka gonne tota gone Modimo o bopile monna le mosadi gore ba kgatlhegelane. Mme go tweng fa e le gore ga o ise o gole sentle gore o ka tsena mo lenyalong? O itsenya mo kotsing fa o intsha o sa le monnye.

Ka ntlha yang? Ka gonne fa o dirisa nako e ntsi o na le mongwe wa bong bo sele, ke selo sa tlholego fela gore o tseege maikutlo. Pele ga o lemoga seo, o lebelela pele gore o mmone gape. Fa lo se mmogo, o iphitlhela o akanya ka ene. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dintsi maikutlo a bontshiwa ke motho a le mongwe—mme yo mongwe o utlwa botlhoko. Le eleng le fa loobabedi lo ikutlwa ka tsela e e tshwanang, go betisa pelo e bile go ngomola pelo fa yo mongwe a ise a gole sentle mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong gore a ka tsena mo lenyalong. Tota, ke eng se botsalano jo bo ntseng jalo bo ka se dirang? Seane sa Baebele se bolela jaana: “A motho a ka gogobela molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe tsa se ka tsa sha?”—Diane 6:27.

Akanya ka mosha mongwe yo o bidiwang Nina. O bolela jaana: “Ke ne ka kopana le mosimane mongwe ka Internet. Re ne re tshwara motlotlo ka khomputara diura di le dintsi letsatsi le letsatsi. Ke ne ka mo rata thata, mme ke ne ke tlhola ke akanya fela ka ene. Botsalano jwa rona ga bo a ka jwa tsaya nako e telele. Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong fa botsalano jwa rona bo ne bo fela. O ne a nteletsa mogala mme a mpolelela gore o ne a tlile go ipolaya ka ntlha ya gore re kgaogane. Seo se ne sa dira gore ke tshwenyege thata mo maikutlong le go feta.” Fa Nina a akanya ka tiragalo eno, o konela jaana: “Ga go a thusa ka sepe! Re kgaogane dingwaga di le pedi tse di fetileng mme ke sa ntse ke tshwenyegile thata mo maikutlong.” Nina o ne a sa ntse a le monnye thata gore a ka ratana le mongwe.

Se se kgatlhang ke gore fa Baebele e bua ka “tsela ya monna yo o nonofileng a na le morweetsana,” e kane e bua ka tlhakanelodikobo. Mo lefatsheng la segompieno, go intsha gantsi go felela ka tlhakanelodikobo. Go ka nna ga simolola go se na sepe se se molato, go tshwaranwa fela ka diatla. Morago ga moo go ka nna ga latela go tlamparelana ka bonako le go atlana mo lerameng. Ke kgang e nngwe fa bagolo ba babedi ba ba sa ntseng ba le basha ba ba itlamileng ba bontshana lorato ka tsela eno. Mme fa batho ba babedi ba le bannye thata gore ba ka nyalana, boitshwaro jo bo ntseng jalo bo tla tlhotlheletsa keletso ya go tlhakanela dikobo go sa tlhokege. Ditiro tsa “lorato” di ka nna tsa gola go nna tse di sa siamang kgotsa tse di leswe. Di ka nna tsa felela le ka mokgwa mongwe wa kgokafalo. *

Maungo a kgokafalo a botlhoko. Batho bangwe ba ba gokafalang ba tshwarwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Ba bangwe ga ba tlhole ba itlotla e bile ba sentse segakolodi sa bone. Basetsana bangwe ba a ima. Ga go gakgamatse go bo Baebele e ntsha taelo eno: “Tshabang kgokafalo”! (1 Bakorintha 6:13, 18; 1 Bathesalonika 4:3) Go sa intshe pele ga nako go tla go thusa gore o utlwe taelo eno.

Nako E o Ka Intshang ka Yone

Seno ga se reye gore ga o kitla o kgona go intsha le ka motlha. Mme fa e le gore o mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome, go ka direga gore o mo go se Baebele e se bitsang e re ke “nako ya bosha.” (1 Bakorintha 7:36) O sa ntse o simolola fela go gola mo go reng o nne monna kgotsa mosadi yo e tla reng kgabagare o bo o le ene. Ka nako eno, o simolola go gola mo mmeleng, mo maikutlong le ka tlhakanelodikobo. Maikutlo a gago—go akaretsa le keletso ya tlhakanelodikobo—di ka ne di le kwa godimo fela thata. Le fa go ntse jalo, maikutlo a a ntseng jalo a ka nna a fetofetoga ka bonako. Ka ntlha ya lebaka leno, go ratana ga basha ba dingwaga tsa bolesome ga go tseye lobaka lo loleele. “Fa ke intsha,” go gakologelwa jalo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome, “gantsi go ne go simolola mo bekeng eno e re mo bekeng e e latelang go bo go fedile.”

Go phepafetse gore ga go botlhale gore o intshe fa o sa ntse o le ‘mo nakong ya bosha.’ Go botoka gore o eme pele go fitlhela o ikitse sentle, o itse se o se ratang le se o sa se rateng le gore ke mekgele efe e o eletsang go e latelela. Gape, o tshwanetse gore o bo o godile sentle gore o diragatse maikarabelo a lenyalo. Ka sekai, Jehofa o lebeletse gore monna yo o nyetseng a tlamele lelapa la gagwe—ka dilo tsa senama, tse di bonalang le tsa semoya. Fa o le mosimane wa dingwaga tsa bolesome, a o siametse go bona tiro le go tlamela mosadi gongwe le bana? A o mo boemong jwa gore o ba thuse go tlhokomela bomoya jwa bone? Mme go tweng fa e le gore o mosetsana? Mosadi o tshwanetse go rata le go tlotla monna wa gagwe; o tshwanetse go tshegetsa ditshwetso tse a di dirang. A ruri o siametse go dira jalo ka nako e telele? Gape, a o siametse go tlhokomela lelapa ka metlha—go apaya dijo le go tlhokomela bana?—Baefeso 5:22-25, 28-31; 1 Timotheo 5:8.

Ka sekai: Kwa dinageng tsa Botlhaba basha ba eletsa go kgweetsa koloi ya kwa ga bone. Mme ke eng se mosha a tshwanetseng go se dira pele ga a ka letlelelwa go kgweetsa? Mo dinageng tse dintsi o tshwanetse go thapisiwa o bo o kwale tlhatlhobo le go tlhatlhobiwa ka tsela e o kgweetsang ka yone pele ga o fiwa laesense eo. Ka ntlha yang? Ka gonne go kgweetsa ke boikarabelo jo bogolo. Botshelo jwa gago le matshelo a ba bangwe a tla bo a ikaegile ka wena fa o kgweetsa. Ee, lenyalo le lone ke boikarabelo jo bogolo tota! Jaaka mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome, o ka ne o ise o siamele lenyalo. Mo ntlheng eo, o tla bo o le botlhale go ganana le thaelo ya go intsha, e re ka go intsha e le kgato ya gore o bone molekane wa lenyalo. Fa re bua ka tlhamalalo: Fa o ise o siamele lenyalo, ga o a tshwanela go intsha.

Gore o dire tshwetso e e botlhale mo ntlheng eno, o tlhoka se Baebele e se bitsang “kitso le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 1:4) Ka jalo e ka nna kgopolo e ntle gore o sole molemo kitso le maitemogelo a mongwe yo o godileng. Batsadi ba Bakeresete gantsi ke bone ba leng mo boemong jo bo siameng jwa gore ba go thuse go sekaseka gore a o setse o siametse lenyalo. E bile gape o ka nna wa batla kgakololo e e rileng go tswa mo malokong a a godileng a phuthego ya Bokeresete. Fa batsadi ba gago ba sa batle o intsha, go tla nna molemo gore o dirisane sentle le bone. Keletso ya bone ke go go thusa gore o “thibose masetlapelo.”—Moreri 11:10.

Fa ba ikutlwa gore ga o ise o siamele go intsha, ba ka nna ba buelela gore gone jaanong, go na le gore o lebise fela tlhokomelo ya gago mo mothong a le esi, o nne le ditsala tse dintsi. Go tsalana le batho ba ba nyetseng le ba ba sa nyalang, ba ba godileng le ba bannye, mmogo le ba e leng dithaka tsa gago, go ka go thusa go tokafatsa botho jwa gago le go nna le pono e e siameng ya botshelo le lenyalo.

Ga go kitla go nna motlhofo go leta go fitlhela o siametse go ka intsha. Mme go mosola go leta. O tla ipoloka mo mathateng a le mantsi ka go dirisa “nako ya bosha” gore o gole go nna mogolo yo o nang le boikarabelo. O tla ipha nako ya gore o gole go nna motho yo a ka kgonang go emelana le dikgatelelo tsa lenyalo le maikarabelo a lone. Gape o tla ipha nako ya gore o gole go nna motho wa semoya. Ka tsela eo, fa labofelo o setse o siametse go intsha, ba bangwe ba tla go bona o le motho yo go ka nnang molemo tota gore ba go itse.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 14 Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranolwang ka gore kgokafalo ke por·neiʹa. Le raya ditiro tsa tlhakanelodikobo go dirisiwa dirwe tsa tlhakanelodikobo ka kwa ntle ga lenyalo. Seno se akaretsa go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo le tlhakanelodikobo ka molomo.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Gantsi ditsela tsa go bontshana lorato di baka mathata