Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsatsi la go Phutlhama ga Twin Towers

Letsatsi la go Phutlhama ga Twin Towers

Letsatsi la go Phutlhama ga Twin Towers

DITIRAGALO tsa September 11, 2001, kwa New York City, Washington, D.C., le kwa Pennsylvania di ka se tsoge di phimogile mo megopolong ya baagi ba lefatshe ba le dimilione di le dintsi, gongwe ba le dimilione di le diketekete. O ne o le kae fa o ne o bona kgotsa o utlwa ka dikgang tsa go tlhaselwa ga World Trade Center kwa New York le Pentagon kwa Washington?

Go senngwa ga dikago tse dintsi jaana ka bofefo jo bo gakgamatsang, mme se se botlhokwa le go feta, go ganyaolwa ga matshelo a batho ba le bantsi jaana, go neile batho lebaka la go ipha nako ya go akanya.

Re ithutile eng ka dilo tse re di tsayang di le botlhokwa le tse re di tlhophang mo botshelong? Ditiragalo tseo tsa masetlapelo di bontshitse jang gore batho bangwe ba na le dinonofo tse di molemo—tse di jaaka go intsha setlhabelo, kutlwelobotlhoko, boitshoko le go tlhoka bopelotshetlha? Setlhogo seno le se se latelang di tla leka go araba potso eno ya bobedi.

Bafalodi ba Bolela Se se Ba Diragaletseng

Ka bonako fela morago ga masetlapelo ano a kwa New York, mesepele ya diterena tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe e ne ya emisiwa mme batho ba le diketekete ba ne ba tswa kwa Manhattan e e kwa tlase ka dinao—ba kgabaganya ka borogo jwa Brooklyn le jwa Manhattan ka bontsi. Ba ne ba kgona go bona dikago tsa diofisi le tsa feketeri tsa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa sentle. Go ise go ye kae, bangwe ba ba neng ba tshaba masetlapelo ano ba ne ba ya kwa dikagong tseo.

Alisha, (kafa mojeng), morwadia Mosupi mongwe e ne e le mongwe wa ba ntlha go goroga kwa go tsone. O ne a tletse lerole le molora. * O ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke le mo tereneng ke ya tirong, ke ne ke bona mosi o tlhatloga kwa World Trade Center. E ne ya re fa ke goroga kwa lefelong le masetlapelo ano a diragetseng kwa go lone, ga bo go tletse digalase gongwe le gongwe fa fatshe, e bile ke ne ke kgona go utlwa le mogote. Batho ba ne ba ntse ba tabogela kwa le kwa fa mapodise a ntse a leka go ntsha botlhe mo lefelong leo. Go ne go lebega e kete ke lefelo la botlhabanelo.

“Ke ne ka tshabela mo kagong nngwe e e fa gaufi. Morago ga moo ka utlwa go thunya ga modumo o mogolo fa sefofane sa bobedi se ne se thula kago e e kafa borwa. E ne e le tiragalo e motho a ka se kgoneng go e tlhalosa, mosi o montsho o tletse gongwe le gongwe. Re ne ra laelwa go tswa mo lefelong leo le le kotsi. Ke ne ka pegwa mo mokorong o o neng o kgabaganya East River go ya Brooklyn. E ne ya re fa ke goroga ka kwa moseja ole wa yone, ka leba mme ka bona mokwalo o mogolo o o reng, ‘WATCHTOWER.’ Ntlokgolo ya bodumedi jwa ga Mmè! Ke ne ka se ka ka tlhola ke re ka moso, ka ya kwa dikagong tsa diofisi tseno. Ke ne ke itse gore ke tla fitlha ke tlhokomelwa sentle. Ke ne ka kgona go tlhapa mme morago ga moo ka founela batsadi ba me.”

Wendell (kafa mojeng) e ne e le molebeledi wa kgoro kwa Marriott Hotel e e fa gare ga dikago tseno tse pedi. O ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ke ntse ke theogetse mo lefelong la boamogelo fa ke ne ke utlwa go thunya ga ntlha ga modumo o mogolo. Ke ne ka bona go wa matlakala mo tikologong yotlhe. Ke ne ka leba go kgabaganya mmila, mme ka bona monna mongwe a rapaletse fa fatshe a tuka molelo. Ke ne ka apola baki le hempe ya me ka bonako mme ka tabogela kwa go ene ka leka go tima molelo oo. Motho mongwe yo o neng a feta ka tsela o ne a nthusa. Diaparo tsotlhe tsa gagwe di ne di jelwe ke molelo go setse dikausu le ditlhako fela. Morago ga moo batimamolelo ba ne ba tla mme ba mo tsaya go ya go mo alafa.

“Ka bonako fela morago ga moo, Bryant Gumbel wa dikgang tsa thelebishene ya CBS o ne a letsa mogala go batla mosupi yo o boneng ditiragalo tseno ka matlho. Ba lelapa la gaetsho kwa Virgin Islands ba ne ba utlwa ke bua ka tsone mo thelebisheng mme ka ntlha ya moo, ba itse gore ke ne ke falotse.”

Donald, serintlha sa monna yo o boleele jwa dimetara di le 1,95 yo o berekang kwa World Financial Center, o ne a le mo boalong jwa bo31 jwa kago e a neng a bereka mo go yone, a lebile Twin Towers le Marriot Hotel. O ne a re: “Ke ne ka sala ke atlhame ke garotswe pelo ke se ke se boneng. Batho ba ne ba wa ba bangwe ba itigela kwa tlase ka difensetere tsa kago e e kafa bokone. Ke ne ka boifa thata mme ka tswa mo kagong e ke neng ke le mo go yone ka lobelo lo ke neng ke ka kgona ka lone.”

Tiragalo e nngwe ke ya Mmè mongwe yo o mo dingwageng tsa bo60 le bomorwadie ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bo40. Ruth le monnawe e bong Joni ba ne ba robala le mmaabone e bong Janice kwa hoteleng e e gaufi le Twin Towers. Ruth yo e leng mooki yo o kwadisitsweng o bolela se se diragetseng: “Ke ne ke le mo shawareng. Ka tshoganyetso, ke fa Mmè le nnake ba nkgoa gore ke tswe mo shawareng. Re ne re le mo boalong jwa bo16, mme ba ne ba bona matlakala a wa a feta fa fensetereng. Mmè o ne a bona mmele mongwe wa motho o feta ka lobelo lo logolo fa godimo ga marulelo mangwe fa gaufi jaaka e kete o ne o betsega o tswa mo teng ga sengwe.

“Ke ne ka apara ka bonako mme ra fologela kwa tlase ka ditepisi. Batho ba ne ba ntse ba goakaka. Re ne ra tswela kwa mmileng. Re ne ra utlwa modumo o mogolo wa go thunya ga dilo ra ba ra bona ditlhase tsa molelo. Re ne ra laelwa gore re tshabele kwa borwa kwa Battery Park, kwa go neng go na le Mokoro wa kwa Staten Island gone. Fa re le mo tseleng re ya koo, Mmè, yo o tshwenngwang thata ke bolwetse jwa asema o ne a re timelela. O ne a tlile go kgona jang mo mesing, mo meloreng le mo ditholeng tse di kanakana? Re ne ra fetsa metsotso e le masome a mararo re mmatla mme ra se ka ra mmona. Le fa go ntse jalo, la ntlha re ne re sa tshwenyege thata ka ene ka gonne ke motho yo o kgonang go itlhokomela sentle e bile o kgona go laola maikutlo a gagwe.

“Kgabagare re ne ra laelwa gore re ye kwa Brooklyn Bridge mme re kgabaganyetse ka kwa moseja ole. Akanya fela gore re ne ra wela makgwafo jang fa re sena go kgabaganyetsa borogo jono kwa Brooklyn mme re bona ditlhaka tse dikgolo tse di reng ‘WATCHTOWER’! Re ne re itse gore re babalesegile jaanong.

“Re ne ra amogelwa ka diatla tsoopedi ra ba ra newa marobalo. Gape re ne ra newa diaparo e re ka re ne re se na dipe tse dingwe. Mmè ene o ne a le kae ka nako eo? Re ne ra fetsa bosigo jotlhe re leka go mmatla mo maokelong mme ra boa ka ngoba e sa fotlhwa. Mo e ka nnang ka 11:30 a.m. letsatsi le le latelang, re ne ra amogela molaetsa. Mmè o ne a le kwa tlase mo lefelong la boamogelo! Go ne go diragetseng ka ene?”

Mmaagwe basetsana bano, e bong Janice, o tsweletsa pego eno jaana: “Fa re ne re tswa ka potlako mo hoteleng, ke ne ke tshwenyegile ka tsala nngwe ya me ya motsofe, yo o neng a se ka a kgona go tswa le rona. Ke ne ke batla go boela morago go ya go mo tsaya ka bonna. Mme go ne go le kotsi thata go dira jalo. Ke ne ka timelelwa ke bomorwadiake mo tlhakatlhakanong eo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa tshwenyege thata ka bone e re ka e le basetsana ba ba botlhale e bile Ruth ene e le mooki yo o ithutetseng tiro eo.

“Gongwe le gongwe kwa ke neng ke leba gone ke ne ke bona batho ba ba tlhokang thuso—segolobogolo bana le masea. Ke ne ka thusa ba le bantsi ka moo ke neng ke ka kgona ka gone. Ke ne ka ya kwa lefelong le batho ba ba gobetseng ba neng ba alafelwa kwa go lone, go simololwa pele ka ba ba gobetseng thata go bo go latela ba ba gobetseng go sekae. Ke ne ka thusa ka go tlhapisa mapodise le batimamolelo diatla le difatlhego tse di neng di omeletse mosidi le seretse. Ke ne ka nna koo go fitlha mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong. Morago ga moo ke ne ka palama mokoro wa bofelo o o yang Staten Island. Ke ne ke akanya gore gongwe bomorwadiake ba ne ba tshabetse teng. Mme ka fitlhela ba seyo.

“Mo mosong ke ne ka leka go pagama mokoro wa ntlha gore ke boele kwa Manhattan, mme ke ne ka se ka ka letlwa go o pagama ka gonne ke ne ke se mo tirong ya maemo a tshoganyetso. Morago ga moo ka bona mongwe wa mapodise a ke neng ke a thusitse. Ke ne ka mmitsa ka re: ‘John! Ke tshwanetse go boela Manhattan.’ A araba a re: ‘Wena ntshala morago.’

“Fa ke goroga kwa Manhattan, ke ne ka boela kwa Marriott Hotel. Gongwe go ne go sa ntse go na le sebaka sa go thusa tsala ya me ya motsofe. Le eseng! Hotele ya teng e ne e le marope fela. Go ne go se na batho bape mo karolong e e kwa tlase ya lefelo leno—go rile tuu. E le mapodise fela le batimamolelo, difatlhego tsa bone di tlhontse ka ntlha ya masetlapelo ano.

“Ke ne ka tsena mo tseleng ka tsamaya ka Brooklyn Bridge. E rile ke le gaufi le go tswa ka yone, ka bona ditlhaka dingwe tse ke di tlwaetseng, ‘WATCHTOWER.’ Gongwe ke ne ke tla fitlhela bomorwadiake teng. Go ne ga nna fela jalo, ba ne ba tla kwa lefelong la boamogelo go tla go ntumedisa. Re ne ra tlamparelana ra lela!

“Se se gakgamatsang ke gore ga ke a ka ka nna le bothata bope ka bolwetse jwa me jwa asema, le fa ke ne ke tsamaya mo gare ga mosi oo otlhe, lerole le molora. Ke ne ke rapela gangwe le gape, ka gonne ke ne ke batla go thusa ba bangwe, ke sa batle go nna mokgweleo mo go ope.”

“Ga go Fa se Ka Kotamang Gone!”

Rachel, mosetsana yo o sa ntseng a simolola dingwaga tsa bo20, o ne a bolelela mokwadi wa Tsogang! jaana: “Ke ne ke tsamaya go bapa le difolete tse re nnang mo go tsone kwa Manhattan o o kwa tlase fa ke tla utlwa modumo wa sefofane se feta fa godimo. Se ne se tlhodia thata mo ke neng ka leba kwa godimo. Ke ne ke sa dumele se ke se bonang—sefofane se se boitshegang se go neng go bonala sentle gore se ya kwa tlase. Ke ne ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa se ne se fofela kwa tlase thata jaana le gone ka lobelo lo lo kanakana. Ga go fa se ka kotamang gone! Gongwe mokgweetsi wa sone o ne a sa tlhole a kgona go se laola. Morago ga moo ka utlwa mosadi mongwe a kua a re, ‘Sefofane se thudile kago!’ Go ne ga runya molelo o o boitshegang mo kagong e e kafa bokone. Ka bona go bulegile phatlha e e boitshegang e ntsho mo kagong eo.

“E ne e le selo se se boifisang se ke iseng ke ko ke se bone mo botshelong jwa me. E ne e kete ke a lora. Ke ne ka sala ke atlhame fela ke rile tuu. Go ise go ye kae, kago ya bobedi e ne ya thulwa ke sefofane se sengwe, mme kgabagare dikago tseno ka bobedi tsa phutlhama. Ke ne ka boifa thata. Ruri ke ne ke sa dumele se ke se boneng!”

“Fa e Le Gore ke Tla Tshwanelwa ke go Thuma, ke Tla Thuma”

Denise yo o nang le dingwaga di le 16, o ne a sa tswa go goroga kwa sekolong gaufi le American Stock Exchange, e e leng bokgakala jwa diseterata di le tharo fela kafa borwa jwa World Trade Center. “Nako e ne e le morago fela ga ura ya 9:00 a.m. Ke ne ke itse gore go diragetse sengwe, mme ke sa itse gore e ne e le eng. Ke ne ke le mo boalong jwa bo11 jwa sekolo sa rona, re rutwa hisitori mo tlelaseng. Baithuti botlhe ba ne ba lebega ba tshogile. Morutabana wa rona o ne a sa ntse a batla gore re kwale tlhatlhobo. Mme rona re ne re batla go ya gae.

“Morago ga moo kago e re neng re le mo go yone e ne ya tshikinyega fa sefofane sa bobedi se ne se betsagana mo kagong e e kafa borwa. Mme re ne re ise re itse gore go diragetseng. Go ise go ye kae, ke fa ke utlwa walkie-talkie ya morutabana e re: ‘Difofane tse pedi di thutse Twin Towers!’ Ke ne ka ipolelela ka re, ‘Ga go botlhale go nna mo sekolong. Dirukutlhi di tlhasetse, morago ga mo di tla bo di tlhasela le Stock Exchange.’ Mme ra tswa.

“Re ne ra tabogela kwa Battery Park. Ke ne ka gadima go leba se se neng se direga kwa morago. Mme ka bona gore kago e e kafa borwa e ne e tlile go phutlhama. Morago ga moo ka akanya gore dikago tse dingwe tsotlhe tse ditelele le tsone di tlile go wa. Ke ne ke hema ka bothata, ka gonne dinko tsa me le mometso di ne di tletse molora le lerole. Ke ne ka tabogela kwa East River, ke ipolelela ke re, ‘Fa e le gore ke tla tshwanelwa ke go thuma, ke tla thuma.’ Fa ke ntse ke tshaba jalo, ke ne ka rapela Jehofa gore a mpoloke.

“Kgabagare, ke ne ka pegwa mo mokorong o o yang kwa New Jersey. Mmè o ne a fetsa diura tse di fetang tse tlhano a mpatla, mme le gale ke ne ke sireletsegile!”

“A Leno ke Letsatsi La me La Bofelo?”

Joshua yo o nang le dingwaga di le 28, wa kwa Princeton, kwa New Jersey, o ne a ruta setlhopha sa baithuti mo boalong jwa bo40 jwa kago e e kafa bokone. O gakologelwa jaana: “Ka tshoganetso, ke fa e kete go thuntse bomo. Lefatshe le ne la kutuma, mme ka tloga ka re, ‘Nnyaa, e ne e le thoromo ya lefatshe.’ Ke ne ka leba kwa ntle, mme ka se ka ka dumela se ke neng ke se bona—go ne go fofa mosi le matlakala fela go dikologa kago yotlhe. Ke ne ka raya baithuti mo tlelaseng ka re, ‘Tlogelang sengwe le sengwe. A re tsweng!’

“Re ne ra fologela kwa tlase ka ditepisi, tse di neng di ntse di tlala mosi, le metsi a ne a tswa ka dipomponyana tsa siling. Mme botlhe ba ne ba ritibetse fela. Ke ne ka nna ka rapelela gore re bo re tlhophile ditepisi tse di siameng gore re se ka ra kopana le molelo kwa tlase.

“Fa ke ntse ke tabogela kwa tlase jalo ka ditepisi, ke ne ka ipotsa ka re, ‘A leno ke letsatsi la me la bofelo?’ Ke ne ka nna ka rapela Jehofa, mme ka ikutlwa ke ritibetse ka tsela e e sa tlwaelegang. Ga ke ise nke ke ritibale jalo. Ga nkitla ke bo ke tsamaya ke lebala motsotso oo.

“Fa kgabagare re sena go tswela kwa ntle, mapodise a ne a kaela batho botlhe gore ba ye kae. Ke ne ka leba dikago tseno ka bobedi mme ka bona gore tsoopedi di ne di butswe phatlha fela e kgolo. E ne e kete ke a lora.

“Morago ga moo ka utlwa modumo mongwe o o tshosang—wa latelwa ke tshisibalo e e sa tlwaelegang e kete motho o tla utlwa le fa nnale e wela fa fatshe. Go ne go ntse jaaka e kete New York e ne e eme tsi. Tshisibalo eo ya latelwa ke modumo wa batho ba goa. Kago e e kafa borwa e ne e gosomana! Mosi o o seng kana ka sepe, molora le lerole tsa tla di re lebile. Di ne di dira jaaka fa motho a tle a di bone mo difilimeng. Mme eno yone e ne e le tiragalo ya mmatota. Re ne re sa kgone go hema fa leru leno le fitlha fa go rona.

“Ke ne ke setse ke fitlhile kwa Manhattan Bridge fa ke ne ke gadima mme ke bona kago e e kafa bokone e gosomana mmogo le eriele ya yone e kgolo ya thelebishene. Fa ke ntse ke kgabaganya ka borogo, ke ne ke ntse ke rapelela gore ke kgone go fitlha kwa Bethele, ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Mo botshelong jotlhe jwa me, ga ke ise ke tsamaye ke itumelele go bona lefelo leo jaaka ka nako eo. Mme mo leboteng la feketeri go ne go na le ditlhaka tse batho ba le diketekete ba di bonang letsatsi le letsatsi tse di reng, ‘Bala Baebele Lefoko la Modimo Letsatsi le Letsatsi’! Ke ne ka ipolelela ka re, ‘Ke setse ke goroga jaanong. Mma ke nne ke gatele pele.’

“Fa ke akanya ka ditiragalo tseo, di ne tsa gatelela mo mogopolong wa me gore ruri ke tshwanetse go rulaganya dilo tsa me tse di botlhokwa ka tshwanelo—gore dilo tse di botlhokwa mo botshelong di tshwanetse go tla pele.”

“Ke ne Ka Bona Batho ba Itiga mo Kagong”

Jessica yo o nang le dingwaga di le 22, o ne a bona ditiragalo tseno fa a tswa mo seteisheneng sa diterena tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe kwa karolong e e kwa tlase ya toropo. “Ke ne ka leba kwa godimo mme ka bona molora, matlakala le ditshipinyana tsa mefutafuta di wa di tswa kwa godimo. Batho ba ne ba letetse go dirisa difouno tsa botlhe mme ba ne ba tsenwa ke tsebetsebe ka ntlha ya go leta lobaka lo loleele. Ke ne ka rapelela gore ke ritibale. Morago ga moo ka utlwa modumo o mongwe gape wa go thunya mo gogolo. Go ne ga wa ditshipi le digalase go tswa kwa godimo. Ka utlwa batho ba goa ba re, ‘Ke sefofane se sengwe gape!’

“E ne ya re ke leba, ka bona pono e e boifisang—batho ba itiga kwa boalong jo bo kwa godimo koo go neng go runya mosi le molelo gone. Ke sa ntse ke kgona go bona tiragalo eo mo mogopolong wa me—monna le mosadi. Ba ne ba itshwarelela ka fensetere ka lobakanyana. Morago ga moo ba tshwanelwa ke go itiga, mme ba tsaya lobaka lo loleele ba wa. Motho o ne a sa kgone go itshokela pono eno.

“Kgabagare, ke ne ka fitlha kwa Brooklyn Bridge, kwa ke neng ka rola ditlhako tsa me gone tse di neng di nkokonela mme ka tabogela ka kwa letlhakoreng le lengwe la noka kwa Brooklyn. Ke ne ka tsena mo kagong ya diofisi tsa Watchtower, koo ba neng ba itlhaganelela go nthusa go ritibala gone.

“Fa ke le kwa gae mo maitseboeng ao, ke ne ka bala setlhogo sa Tsogang! ya September 8, 2001, se se buang kaga go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo. A bo e ne e le tshedimosetso e ke neng ke e tlhoka thata jang!”

Masetlapelo a magolo ano a ile a tlhotlheletsa batho go thusa ka tsela epe fela e ba neng ba ka kgona ka yone. Setlhogo se se latelang se tlhalosa kgang eo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Tsogang! e ne ya botsolotsa batho ba bangwe ba le bantsi ba ba falotseng ba re sa kgonang go ba akaretsa botlhe mo tlhalosong e khutshwane eno. Tirisanommogo ya bone e re thusitse go nna le pego eno e e feletseng e e boammaaruri.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 8, 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

E SENYEGILE

1 KAGO E E KAFA BOKONE 1 World Trade Center

2 KAGO E E KAFA BORWA 2 World Trade Center

3 MARRIOTT HOTEL 3 World Trade Center

7 7 WORLD TRADE CENTER

E SENYEGILE THATA

4 4 WORLD TRADE CENTER

5 5 WORLD TRADE CENTER

L ONE LIBERTY PLAZA

D DEUTSCHE BANK 130 Liberty St.

6 U.S. CUSTOMS HOUSE 6 World Trade Center

N S MAROGO A BATSAMAYA KA DINAO A BOKONE LE BORWA

A SENYEGILE GO SEKAE

2F 2 WORLD FINANCIAL CENTER

3F 3 WORLD FINANCIAL CENTER

W WINTER GARDEN

[Motswedi wa Setshwantsho]

As of October 4, 2001 3D Map of Lower Manhattan by Urban Data Solutions, Inc.

[Ditshwantsho]

Kwa godimodimo: Kago e e kafa borwa e ne ya phutlhama pele

Fa godimo: Bangwe ba ne ba tshabela kwa dikagong tsa Watchtower

Kafa mojeng: Makgolokgolo a batimamolelo le ditlhopha tsa banamodi ba ne ba bereka ka natla mo Ground Zero

[Metswedi ya Ditshwantsho]

AP Photo/Jerry Torrens

Andrea Booher/FEMA News Photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

AP Photo/Marty Lederhandler

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

AP Photo/Suzanne Plunkett