Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Dirang ka Dijo Tsa Rona?

Re Dirang ka Dijo Tsa Rona?

Re Dirang ka Dijo Tsa Rona?

GO FETOLA dijo tsa rona ga se kgopolo e ntšha. Tota e bile, batho ba ile ba nna ditswerere mo go fetoleng dijo ka dingwaga di le dintsi. Mekgwa e e kelotlhoko ya go tsadisa dikungo e dirile gore go nne le mefuta e mesha e mentsi ya dijalo, dikgomo le dinku. Eleruri, moemedi mongwe wa Lephata la Tsamaiso ya Dijo le Diokobatsi la United States o ne a bolela gore “mo e batlang e le dijo dingwe le dingwe tse o di rekang di ile tsa fetolwa go dirisiwa mekgwa e e tlwaelegileng ya go tsadisa.”

Go tsadisa dijo ga se yone fela tsela e le yosi ya go di fetola. Madirelo a dijo a simolotse mekgwa e le mentsi ya go tokafatsa dijo le go di dira, e ka ne e le ka go di natetsha kgotsa go dira gore di nne le mmala o montlenyana kgotsa go dira gore di tsamaisane le melao e e rileng e e beilweng le go di sireletsa gore di se ka tsa senyega. Batho ba tlwaetse go ja dijo tse di fetotsweng ka mokgwa mongwe.

Mme palo e e oketsegang ya bareki e a tshwenyega fa e utlwa gore ke eng se se dirwang gone jaanong ka dijo tsa rona. Ka ntlha yang? Bangwe ba boifa gore mekgwa e mesha ya boranyane e e dirisiwang gone jaanong e kotsi mo pabalesegong ya dijo tsa rona. A go a utlwala gore ba tshwenyege ka tsela eno? A re ko re tlhatlhobe dikarolo di le tharo tse go tshwenyegilweng ka tsone. *

Dihoromone le Dibolayabaketeria

Go tloga ka bo1950, go ntse go tsenngwa selekanyo se sennye sa dibolayabaketeria mo dijong tsa dikoko, tsa dikolobe le tsa dikgomo mo mafelong mangwe. Boikaelelo jwa seno ke go fokotsa malwetse, segolobogolo koo diphologolo di leng dintsi gone mme di kgotlhagane. Mo dinageng dingwe go tsenngwa dihoromone mo dijong tsa diphologolo go dira gore di gole ka bonako. Go bolelwa gore dihoromone le dibolayabaketeria di sireletsa diphologolo gore di se ka tsa tshwaediwa e bile di dira gore temothuo e nne le morokotso o montsi thata, mme e solegela moreki molemo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

Seno se lebega se siame. A mme nama ya diphologolo tse di fepiwang ka dilo tseno ga e kotsi mo bareking? Pego nngwe ka Komiti ya Ikonomi le Loago ya Batho ba Yuropa e ne ya konela ka gore go ka direga gore dibaketeria di ka tlhola dibolayabaketeria mme di fetele kwa mojing. “Dingwe tsa dibaketeria tseno, jaaka Salmonella le Campylobacter, di ka baka malwetse a a kotsi mo bathong ka dijo,” ke se pego e neng ya se lemoga. Mo godimo ga moo, go tweng fa e le gore dijo ga di na dibaketeria fela mme gape di na le masalela a dibolayabaketeria? Bangwe ba ile ba tshoga gore a e seng gore ditwatsi tse di bakang malwetse mo bathong ka bonya di ka simolola go nna le maatla a go emelana le dibolayabaketeria.

Go tweng ka nama e go dirisitsweng dihoromone mo go yone? Porofesa nngwe ya kwa Munich, kwa Jeremane, e bong Dr. Heinrich Karg, o bolela jaana: “Baitse botlhe ba dumela gore nama e e tswang mo diphologolong tse go dirisitsweng dihoromone mo go tsone ga e kotsi mo boitekanelong, fa fela dihoromone di tsentswe go ya ka dikaelo.” Le fa go ntse jalo, lokwalodikgang lwa Die Woche lo bega gore malebana le pabalesego ya nama ya diphologolo tse di fepiwang ka dijo tse di nang le dihoromone, “babatlisisi ba ile ba palelwa ke go dumalana ka kgopolo e e tshwanang mo dingwageng di le 15 tse di fetileng.” Mme kwa Fora kgang ya gore go dirisiwe dihoromone mo nameng e ile ya arabelwa ka ‘Nnyaa!’ yo mogolo. ‘Dihoromone ga di a tshwanelwa go dirisiwa!’ Go a bonala gore kganetsano eno ga e ise e rarabololwe.

Dijo Tse go Dirisiwang Marang mo go Tsone

Fa e sa le ditekeletso di simolola kwa Sweden ka 1916, bobotlana dinaga di le 39 di dumeletse mokgwa wa gore go dirisiwe marang a a kwa tlase mo dijong tse di tshwanang le ditapole, mmidi, maungo le nama mo go tsone. Ka ntlha yang? Go bolelwa gore go dirisiwa ga marang mo dijong go bolaya dibakateria, ditshenekegi le diparasaete tse dintsi, ka gone go fokotsa kotsi ya gore bareki ba tsenwe ke malwetse a a bakiwang ke dijo. Gape go thusa go dira gore dijo di nne di bolokilwe lobaka lo loleele di sa senyege.

Gone mme baitseanape ba bolela gore tota dijo tse re di jang di tshwanetse gore di bo di le phepa e bile di itekanetse. Mme ke mang yo o iphang nako ya go apaya dijo tse di itekanetseng ka metlha. Go ya ka makasine wa Test, ka tlwaelo motho o dirisa “metsotso e le lesome mo dijong tsa mo mosong le metsotso e le lesome le botlhano mo dijong tsa motshegare le tsa maitseboa.” Ga go gakgamatse gore bareki ba le bantsi ba rata dijo tse di setseng di apeilwe e bile di kgona go nna lobaka lo loleele di sa senyege. A mme dijo tse go dirisitsweng marang mo go tsone go bolaya megare di babalesegile?

Ka 1999 World Health Organization e ne ya gatisa buka nngwe e e neng ya kwalwa ke setlhopha sengwe sa baitseanape ba ditšhabatšhaba. Ba ne ba swetsa ka gore dijo tse go dirisitsweng marang mo go tsone “di bolokesegile go jewa e bile di na le dikotla tse di lekaneng.” Barati ba dijo tseo ba re go dirisa marang mo dijong go tshwana le go bolaya megare mo matseleng a dingaka di a dirisang go fapa ntho—megare ya matsela ano le yone e bolawa ka go dirisa marang—kgotsa ba re go tshwana le go fetisa dithoto mo motšhineng wa eleketeroniki o o tlhatlhobang dithoto kwa boemadifofaneng. Le fa go ntse jalo batshwayadiphoso ba gatelela gore go dirisiwa ga marang go dira gore dijo di se ka tsa nna le molemo ole wa tlhago e bile go ka tlisa dikotsi tse di iseng di itsege gone jaanong.

Dijo Tse di Fetotsweng go Dirisiwa Dijine

Baitseanape ba dijine ba na le lobakanyana jaanong ba kgona go ntsha jine go tswa mo DNA ya setshedi sengwe ba e tsenya mo DNA ya setshedi se sengwe sa mofuta o o tshwanang. Le fa go ntse jalo gompieno baitseanape ba dijine ba kgona go dira se se fetang seo. Ka sekai, go na le disetoroberi le ditamati tse di tsentsweng jine e e tserweng mo tlhaping, go dira gore di se ka tsa swa di bolawa ke serame.

Go builwe dilo di le dintsi thata ka dijo tse di fetotsweng dijine, bangwe ba dumalana le kgopolo eno fa ba bangwe bone ba e nyatsa. * Babueledi ba kgopolo eno ba bolela gore mokgwa ono wa boranyane mo ditsheding o ka laolesega e bile o ka ikanyega go na le mekgwa e mengwe e e tlwaelegileng ya go tsadisa dijalo, mme o ntsifatsa dijalo e bile o fokotsa palo ya batho ba ba bolawang ke tlala. Mme a dijo tseno tse di fetotsweng dijine di siametse go jewa?

Pego nngwe e e neng e bua ka kgang eno e ne ya kwalwa ke setlhopha sa baitsesaense se se neng se emela barutegi go tswa kwa Engelane le United States mmogo le Brazil, China, India, Mexico le ditšhaba tse dingwe tsa lefatshe tse di tlhabologang. Pego eno e e neng ya gatisiwa ka July 2000 e ne ya bega jaana: “Go fitlha gone jaanong, go setse go jetswe mo go fetang diheketara di le dimilione di le 30 tsa dijalo tse go dirisitsweng dijine tsa dijalo di sele mo go tsone mme ga go ise go lemogiwe ope yo o kileng a lwala a lwatswa ka tlhamalalo ke gore o jele dijalo tseno tse go dirisitsweng dijine tsa dijalo di sele mo go tsone kgotsa a lwatswa ke dijo tse di tswang mo go tsone. Mo dikgaolong dingwe go dumelwa gore dijo tsa dijine di babalesegile fela jaaka dijo tse di tlwaelegileng.

Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe, go na le ketsaetsego e ntsi. Kwa Austria, Boritane le Fora, bangwe ga ba tshepe dijo tseno tse di tsentsweng dijine tsa dijalo tse dingwe. Radipolotiki mongwe wa Mo-Dutch o ne a bolela jaana ka dijo tseno: “Go na le dijo dingwe tse re sa di rateng fela.” Batshwayaphoso ba dijo tse di ntseng jalo ba ipotsa gore a gone go siame go dira jalo le gore a seno ga se bake kotsi epe mo tikologong.

Baitseanape bangwe bone ba na le maikutlo a gore mokgwa ono wa go fetola dijine mo dijong o sa ntse o simolola le gore go sa ntse go tshwanelwa ke gore go dirwe diteko tse dintsi go bona gore a go ka tswa go na le dikotsi dingwe mo bareking. Ka sekai, Mokgatlho wa Tsa Kalafi wa Boritane o tsaya gore go fetolwa ga dijine go bonala go na le melemo e mentsi mo bathong. Le fa go le jalo, o bolela gore dikarolo tse dingwe tse di tlhobaetsang—tse di tshwanang le gore batho bangwe ba tla lwatswa ke dijo tseno tse di fetotsweng dijine—di kaya gore “go sa ntse go tlhokega go dira dipatlisiso tse di oketsegileng.”

Go Dira Tlhopho e e Siameng

Kwa dinageng dingwe diperesente di le 80 tsa dijo tse di jewang e a bo e le tse di fetotsweng ka tsela nngwe. Gantsi go tsenngwa metswako mengwe go di natetsha kgotsa go di dira gore di nne le moutlwalo o o rileng le mmala o o rileng mmogo le go dira gore di nne lobaka lo loleele di sa senyege. Tota e bile, buka nngwe e bolela gore “dijo di le dintsi tsa segompieno, tse di jaaka dijo tsa dikalori tse dinnye [dikilojoule tse dinnye], dijo tse di botlhoswana le tse di setseng di siametse go jewa, di ne di se kitla di nna gone fa go ne go sa tsenngwe dilo dingwe tse di oketsegileng mo dijong.” Gape dijo tse di ntseng jalo gantsi di na le metswako ya dijo tse di fetotsweng dijine.

Ka dingwaga di le dintsi temothuo ya lefatshe ka bophara e ikaegile ka mekgwa e batho ba le bantsi ba e lebang e le kotsi. Sekai se le sengwe fela sa mekgwa eno ke go dirisiwa ga dibolayaditshenekegi tse di botlhole. Mo godimo ga moo, ka lobaka lo loleele jaanong madirelo a dijo a ntse a dirisa dilo tse di tsenngwang mo dijong tse di ka neng di ile tsa lwatsa bareki bangwe. A boranyane jo bosha jwa saense malebana le dijo bo kotsi thata go feta mekgwa eno? Le eleng baitseanape ga ba dumalane mo ntlheng eno. Tota e bile, dipego tsa saense tse di nonofileng di tla di bua dilo tse di ganetsanang mo ntlheng eno e bile go bonala go thusa go dira gore go nne le dikgogakgogano mo kgopolong eno.

Gonne batho ba le bantsi ba bona go sa kgonege go se je dijo tse di dirilweng ka mekgwa ya segompieno ya boranyane kgotsa ka gonne ba bona go na le dilo tse dingwe tse di botlhokwa thata go tshwenyega ka tsone, ba swetsa ka gore ba se ka ba itshwenya ka kgang eno ya dijo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe, ba tshwenyegile tota. Ke eng se o ka se dirang fa wena le lelapa la gago lo sa itse gore a go lo siametse go ja dijo tse di fetotsweng tse go bonalang di raraantswe le go feta ke boranyane jwa saense jwa segompieno? Go na le dikgato tse di molemo tse o ka tlhophang go di tsaya, tse dingwe tsa tsone go tlotliwang ka tsone mo setlhogong se se latelang. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, go ka nna botlhale go tlhomamisa gore re na le kgopolo e e lekalekaneng mo kgannyeng eno.

Go sireletsa dijo go tshwana le pholo. Ga go na tsela epe e go ka tweng ga e na diphoso. Go ya ka makasine wa Jeremane wa natur & kosmos, le eleng mo gare ga batho ba ba itsegeng ba le kelotlhoko thata mo go tlhopheng le mo go apeyeng dijo, gantsi dijo tse di otlang ba a di tlhokomologa. Selo se se ka solegelang motho mongwe molemo se ka utlwisa ba bangwe botlhoko. Ka jalo a ga go botlhale gore re tlhagolele boikutlo jo bo siameng le go tila go feteletsa dilo?

Mme gone Baebele ga e re bolelele gore ke tshwetso efe e re tshwanetseng go e dira malebana le dijo tsa segompieno tse di dirilweng ka boranyane jwa maemo a a kwa godimo. Mme le fa go ntse jalo e re bolelela ka nonofo nngwe e re ka e tlhagolelang e e ka re thusang mo kgannyeng eno. Bafilipi 4:5 e re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” Go nna tekatekano go ka re thusa gore re dire ditshwetso tse di siameng e bile re se feteletse dilo. E ka re thibela mo go laoleng ba bangwe se ba tshwanetseng go se dira kgotsa ba sa tshwanelang go se dira mo kgannyeng eno. E ka re thusa gore re se ka ra tsena mo dikganetsanong tse di sa thuseng sepe, tse di bakang kgaogano re nnetse go ganetsana le ba dikakanyo tsa bone mo kgannyeng eno di farologanang le tsa rona.

Le fa go ntse jalo go tshwanetse ga dumelwa gore bontsi jwa dikotsi tse di amanang le dijo ga se tse go ka ganetsanwang ka tsone. Dingwe tsa tsone ke dife, e bile ke ditlhagiso dife tsa pabalesego tse o ka di tsayang?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Motho ke ene a tshwanetseng go itlhophela gore o ja eng. Tsogang! ga e buelele gore go jewe kgotsa go se jewe dijo tse di farologaneng tse go tlotliwang ka tsone fano, le fa go ka tswa go dirisiwa mekgwa efe ya boranyane jwa saense go di apaya. Boikaelelo jwa ditlhogo tseno ke go itsise babadi dintlha jaaka re di itse gone jaanong.

^ ser. 15 Tsweetswee bona makasine wa Tsogang! wa April 22, 2000 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

A moreki o amiwa ke dihoromone le dibolayabaketeria tse dikgomo di fepiwang ka tsone?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke selo se se botlhale go bala tshedimosetso e e ka fa ntle ga meteme ya dijo ka kelotlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go na le melemo ya go reka dijo tse di foreshe ka metlha