Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshegetso le Kutlwelobotlhoko go Tswa mo Mafelong a Mantsi

Tshegetso le Kutlwelobotlhoko go Tswa mo Mafelong a Mantsi

Tshegetso le Kutlwelobotlhoko go Tswa mo Mafelong a Mantsi

BAITHAOPI ba ne ba tswa kwa dikarolong tse dingwe tsa United States le kwa dinageng tse dingwe. Mongwe wa baithaopi bao e ne e le Tom (yo o bontshitsweng fa godimo), yo o nang le dingwaga di le 29, motimamolelo yo o tswang kwa Ottawa, kwa Canada. O ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ke ne ka bona ditiragalo tseno mo thelebisheneng mme ka eletsa go tla go tshegetsa batimamolelo ka nna mo New York. Ke dule ka Labotlhano ke tla ke kgweetsa mme ka goroga mo Ground Zero (Lefelo la go Thunya) ka Matlhatso go tla go thusa. Ke ne ka tsenngwa mo setlhopheng sa ba ba berekang ka dikgamelo, re rora matlakala ka tsone.

“Re ne ra nna ra farantlholola mo dithotobolong ka iketlo, re dirisa digarawe go batla sepe fela se se ka thusang gore re itse gore batimamolelo ba ba suleng ke bomang. Ke ne ka bona sedirisiwa sa Halligan se se dirisediwang go bula dikgoro tse di lotletsweng, le dilo tse di golaganyang mathumpu. E ne e le tiro e e boima tota. Baithaopi ba ka nna 50 ba tsere diura di le pedi go tlatsa lori ya matlakala.

“Ka Mantaga ka September 17, re ne ra bona mebele ya batimamolelo bangwe ba ba neng ba tabogela mo teng ga kago ka Labobedi o o fetileng. Ga nkitla ke bo ke tsamaya ke lebala tiragalo eo—botlhe ba ba neng ba dira tiro ya go namola ba ne ba rola ditlhoro le dihelemete tsa bone, mme ba ema ba sa tshikinyege—go tlotla badiri ka rona ba ba suleng.

“Fa ke ntse ke eme ke lebile tiragalo eno mo Ground Zero, ke ne ka tshosiwa ke go bona kafa botshelo bo leng bokhutshwane ka gone gompieno. E ne ya dira gore ke akanye ka botshelo jwa me, tiro ya me le lelapa la me. Le fa tiro ya me e le kotsi jaana, e mosola thata—re kgona go thusa batho le go ba falotsa.”

Basupi ba Thusa ka Tsela e e Mosola

Mo malatsing a ntlha a mabedi a masetlapelo ano, batho ba ka nna 70 ba ne ba tshabela kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba ba neng ba senyegetswe ke diphaposi tsa bone tsa kwa dihoteleng le dithoto tsa bone ba ne ba newa marobalo le diaparo tse dingwe. Ba ne ba newa le dijo. Gongwe se se botlhokwa le go feta ke gore ba ne ba tshegediwa mo maikutlong ke bagolwane ba ba nang le maitemogelo ba Bakeresete.

Gape, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba romela didirisiwa tsa maemo a tshoganyetso kwa ditlhopheng tse di neng di dira tiro ya go batla batho le go ba namola tse di neng di bereka mo lefelong la masetlapelo le le neng la simolola go bidiwa Ground Zero. Gape, ba ne ba ntsha dipalangwa gore di ye kwa lephateng la ditimamolelo go ya go tsaya batimamolelo go ba isa kwa lefelong la namolo. Ricardo (kafa mojeng kwa godimo) yo e leng Mosupi yo o nang le dingwaga di le 39 yo o dirang tiro ya go olela matlakala o ne a bereka mmogo le batho ba bangwe ba le makgolokgolo ba olela matlakala a a seng kana ka sepe letsatsi le letsatsi. O ne a bolelela Tsogang! jaana: “E ne e le pono e e hutsafatsang tota, segolo jang mo go ba ba dirang tiro ya go tima molelo, ba ba neng ba batla ditsala tsa bone tse di neng tsa nyamela moo. Ke ne ka ba bona ba ntsha monna mongwe a sa ntse a tshela yo o dirang tiro ya go tima molelo. Monna yo mongwe yo o dirang tiro ya go tima molelo o ne a bolailwe ke mmele wa motho mongwe o o neng wa mo wela o tswa kwa godimo. Batimamolelo ba le bantsi ba ne ba lela. Le nna ke ne ka lela sa masisapelo. Mo letsatsing leo, ga go na ope yo o neng a le pelokgale go ba feta.”

“Motlha le Tiragalo E e Sa Bonelwang Pele”

Go sule batho ba le diketekete mo masetlapelong ano. Mo go bone, go na le Basupi ba ka nna 14 ba ba neng ba le mo lefelong le masetlapelo ano a diragetseng mo go lone kgotsa ba ne ba le gaufi le lone. Joyce Cummings wa dingwaga di le 65 yo o tswang kwa Trinidad, o ne a ile go bona ngaka ya meno gaufi le World Trade Center. Ka maswabi, o ile ka nako e masetlapelo ano a diragetseng ka yone. Go bonala a ile a hupediwa ke mosi mme a potlakisediwa kwa bookelong jo bo neng bo le gaufi. Ga ba a ka ba kgona go boloka botshelo jwa gagwe. E ne e le mongwe wa batho ba bantsi ba ba neng ba tlelwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) O ne a itsiwe e le moreri yo o tlhoafetseng thata.

Calvin Dawson (bona lebokose) o ne a bereka kwa femeng ya kgwebisano mo boalong jwa bo84 jwa kago e e kafa borwa. O ne a le mo ofising ya gagwe a kgona go bona kago e e kafa bokone sentle fela fa e sena go thulwa ke sefofane. Mothapi wa gagwe yo o neng a seyo mo ofising o ne a founa go tlhola gore go diragetseng. O ne a re: “Calvin o ne a leka go mpolelela se a se bonang. O ne a re, ‘Batho ba a itiga!’ Ke ne ka mo laela gore a tswe moo mme a ntshe le ba bangwe mo ofising.” Calvin o ne a se ka a kgona go tswa. Mothapi wa gagwe o tswelela pele jaana: “Calvin e ne e le monna yo o molemo tota e bile re ne re mo rata rotlhe fela, ke raya le rona ba re sa amaneng le dilo tsa semoya. Re ne re rata bomolemo jwa gagwe le bopelotlhomogi jwa gagwe.”

Mosupi yo mongwe yo o ileng a amiwa ke tiragalo eno ke James Amato (kwa tlase kafa mojeng mo tsebeng e e fetileng), rre wa bana ba le banè e bile e le mokapotene wa lephata la ditimamolelo kwa New York. Ba ba neng ba mo itse ba re o ne a le pelokgale thata mo e leng gore “o ne a tle a tsene mo teng ga kago e e tukang le fa batho bone ba ne ba tswa mo go yone ba tshaba.” James o ne a tlhatlosiwa maemo go nna moeteledipele wa lephata la ditimamolelo a ntse a seyo.

Mosupi yo mongwe yo o neng a dira tiro ya go tima molelo, yo o feditseng dingwaga di le supa a dira tiro eno e ne e le George DiPasquale. O ne a nyetse Melissa mme a na le ngwana wa mosetsana wa dingwaga di le pedi, Georgia Rose. E ne e le mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Staten Island mme o ne a le mo boalong jwa bolesome jwa kago e e kafa borwa fa e gosomana. Le ene o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe fa a ntse a leka go thusa ba bangwe.

Bano ke ba babedi fela ba batimamolelo ba le makgolokgolo, mapodise le ba ba dirang tiro ya maemo a tshoganyetso ba ba neng ba swa fa ba ne ba leka ka bopelokgale go namola batho. Bopelokgale jwa banamodi bano bo ne bo boitshega. Ratoropo wa New York City e bong Rudolph Giuliani, o ne moragonyana a raya setlhopha sa batimamolelo ba ba tlhatlositsweng maemo a re: “Go eletsa ga lona go bereka ka bopelokgale mo maemong a a thata ano go re tlhotlheletsa rotlhe fela. . . . E bile . . . ga go na sekao sepe se se botoka sa bopelokgale go feta sa Lephata la Ditimamolelo la Toropo ya New York.”

Bodiredi jo bo Gomotsang

Mo malatsing a morago ga masetlapelo ano, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 900 000 kwa United States ba ne ba leka ka bojotlhe mo nageng yotlhe go gomotsa ba ba hutsafetseng. Go rata baagelani ba bone go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba gomotse ba ba hutsafetseng. (Mathaio 22:39) Mo bodireding jwa bone ba ne ba leka gape go bontsha batho tsholofelo e le yosi fela e batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba nang le yone.—2 Petere 3:13.

Basupi ba ne ba bua le batho ba ba bontsha kutlwelobotlhoko. Boikaelelo jwa bone e ne e le go ba gomotsa ba dirisa Dikwalo le go etsa sekao se se lapolosang sa ga Keresete, yo o neng a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.

Ditlhopha tsa bagolwane ba ba tswang kwa diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa tsa Manhattan di ne tsa letlwa go tsena mo Ground Zero go bua le banamodi koo le go ba gomotsa. Ba ne ba arabela ka tsela e e molemo tota. Badiredi bano ba ne ba akgela jaana: “Banna bao ba ne ba sekile dikeledi fa re ntse re bua le bone re dirisa dikwalo.” Banamodi ba ne ba itapolosa mo mokorong mo lefelong le e emang mo go lone. “Banna bano ba ne ba lebega ba kgobegile marapo thata, ba obile ditlhogo, ba sa kgone go lebana le se ba se boneng. Re ne ra nna le bone fa fatshe mme ra tlotla le bone ka dikwalo tsa Baebele. Banna bano ba ne ba re leboga thata ba re lebogela go tla ga rona, ba re tota ba ne ba tlhoka kgomotso eno.”

Batho ba go neng ga buiwa le bone morago ga masetlapelo ano ba ne gantsi ba batla sengwe se ba ka se balang, mme ba ne ba abelwa diboroutšhara di le diketekete mahala. Dingwe tsa tsone e ne e le tsa ditlhogo tse di reng Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala, Will There Ever Be a World Without War?, le A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? Gape, dimakasine tse pedi tsa Tsogang! di ne tsa dirisiwa ka tsela e e kgethegileng: E e buang kaga borukutlhi (June 8, 2001) le e e buang kaga go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo (September 8, 2001). Mo makgetlong a le mantsi, Basupi ba ne ba tlhalosa ka tsholofelo ya Baebele ya tsogo ya baswi. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Gongwe go ile ga fitlhelelwa batho ba le dimilionemilione ka molaetsa ono o o gomotsang.

A Tshwanetse go Dira Gore re Akanye

Masetlapelo a a tshwanang le ano a kwa New York City a tshwanetse go dira gore rotlhe re akanye gore re dirang ka matshelo a rona. A re tshelela go gagamalela dilo tsa bopelotshetlha, kgotsa a re leka go oketsa boitumelo jwa batho ba bangwe? Moporofeti Mika o ne a botsa jaana: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” (Mika 6:8) Boingotlo bo tshwanetse go re tlhotlheletsa go ya mo Lefokong la Modimo go bona gore ke tsholofelo efe ya boammaaruri e e leng teng ka batho ba ba suleng le go bona gore ke eng se Modimo a tla se dirang mo bogautshwaneng go tsosolosa Paradaise mo lefatsheng leno. Fa e le gore o batla go itse go le gontsi ka ditsholofetso tsa Baebele, re go kgothaletsa gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno.—Isaia 65:17, 21-25; Tshenolo 21:1-4.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

THAPELO YA GA TATIANA

Motlholagadi wa ga Calvin Dawson, e bong Lena, o ne a bolelela Tsogang! ka thapelo e morwadie yo o nang le dingwaga di le supa a neng a e rapela malatsi a le mmalwa fa a sena go itse gore rraagwe ga a ne a tlhola a boela gae. Lena o ne a rapetse, mme Tatiana a mmotsa a re, “Mama, a nka rapela?” Mmaagwe o ne a dumela. Tatiana o ne a rapela jaana: “Jehofa, Rraarona wa selegodimo, re rata go go lebogela dijo tseno le botshelo mo letsatsing leno. Mme re rata go kopa gore moya wa gago o nne le nna le Mama gore re nonofe. Gape re rata go kopa gore moya wa gago o nne le Papa, gore a boe a nonofile. Le gore fa a boa, a boe a le montle, a nonofile, a itumetse e bile a tsogile sentle, mme re mmone gape. Ka leina la ga Jesu . . . eh, gape o se ka wa lebala go nonotsha Mama. Amen.”

Lena, a sa tlhomamise sentle gore a Tatiana o ne a mo tlhalogantse, a mo raya a re: “Tiana, o rapetse sentle tota. Le fa go ntse jalo, Ratu, a o a itse gore Papa ga a kitla a tlhola a boa?” Ka yone nako eo, Tatiana a lebega mo sefatlhegong gore o garogile pelo. Mme a re: “Ga a kitla a tlhola a boa?” Mmaagwe a re: “Ee. Ke ne ke ithaya ke re ke go boleletse. Ke ne ke tsaya gore o tlhalogantse gore Papa ga a kitla a tlhola a boa.” Tatiana a re: “Mme o tlhola o mpolelela gore o tla boa mo lefatsheng le lesha!” Fa kgabagare Lena a sena go tlhaloganya morwadie, a mo raya a re: “Intshwarele, Tatiana. Ke ne ke sa go tlhaloganye. Ke ne ke tsaya gore wa re Papa o tla boa ka moso.” Lena o ne a re: “Ke ne ka itumela tota go itse gore lefatshe le lesha ke selo sa mmatota mo go ene.”