Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Batla Polokesego

Batho ba Batla Polokesego

Batho ba Batla Polokesego

“Bofelo jwa Lekgolo la bo20 la dingwaga ga bo a ka jwa bolela go fela ga tshololo ya madi le pogiso tse di pateletsang batho gore ba tswe ba tshabe go boloka matshelo a bone. Dimilione di le masome di simolotse mileniamo o mosha di le mo dikampeng tsa batshabi le mo mannong a mangwe a nakwana, ba tshaba gore ba tla bolawa fa ba ka leka go boela kwa magaeng a bone.”—Bill Frelick, Komiti ya Batshabi ya United States.

JACOB o ne a na le keletso. O ne a eletsa go bona lefelo le batho ba neng ba tla tshela ka kagiso, mo dibomo di neng di se kitla di bolaya dipodi tsa gabone le mo a neng a tla kgona go tsena sekolo gone.

Batho ba gagabo ba ne ba mmolelela gore lefelo le le ntseng jalo le teng tota, le fa le ne le le kgakala thata. Rraagwe o ne a mmolelela gore loeto lwa go ya koo lo kotsi fela thata, e re ka batho bangwe ba sule ka ntlha ya lenyora le tlala mo tseleng. Mme e ne ya re fa mosadi mongwe wa moagelani wa bone yo monna wa gagwe a neng a bolailwe a ne a tsaya loeto le bana ba gagwe ba babedi, Jacob o ne a swetsa ka gore o tla tsamaya a le esi.

Jacob o ne a sa tsaya dijo le fa e le diaparo e bile mo letsatsing la ntlha o ne a taboga fela a sa kgaotse. Tsela e e yang kwa polokesegong e ne e tletse ditopo. Ka letsatsi le le latelang, Jacob o ne a kopana le mosadi yo o tswang kwa motseng wa gaabo yo o neng a mmolelela gore a ka ba tseisa tsela ene le ditsala tsa gagwe. Ba ne ba tsamaya malatsi a le mantsi, ba feta metse e e se nang batho. Ka lekgetlho le lengwe ba ne ba tshwanela ke go kgabaganya lefelo le go epetsweng dibomo mo go lone, mme motho a le esi mo setlhopheng sa bone o ne a swa. Dijo tsa bone e ne e le matlhare.

Morago ga malatsi a le lesome, batho ba ne ba simolola go swa ka ntlha ya tlala le letsapa. Ka bonako morago ga moo, difofane di ne tsa ba tlhasela. Kgabagare, Jacob o ne a kgabaganya molelwane mme a goroga kwa kampeng ya batshabi. Gone jaanong o tsena sekolo, mme modumo wa difofane ga o tlhole o mo tshosa. Difofane tsotlhe tse a di bonang jaanong di tshotse dijo mo boemong jwa dibomo. Mme o gopola ba lelapa la gagwe e bile a ka rata go boela gae.

Go na le batho ba le bantsi go dikologa lefatshe ba ba tshwanang le Jacob. Ba le bantsi ba bone ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke ntwa e bile ba boga ka ntlha ya tlala le lenyora. Ba mmalwa fela ba ba tshedileng botshelo jo bo tlwaelegileng jwa lelapa e bile ba le bantsi ga ba kitla ba boela kwa magaeng a bone gape. Ke bahumanegi tota.

Mokomishinara yo Mogolo wa Batshabi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o kgaoganya bakgarakgatshegi bano ba ba humanegileng ka ditlhopha tse pedi. Motshabi o tlhalosiwa e le motho yo o tshabang kwa nageng ya gagwe ka ntlha ya go boifa go bogisiwa kgotsa go sotliwa go go leng teng. Motho yo o tlositsweng mo gae le ene ka go tshwana o ile a patelediwa go tlogela legae la gagwe ka ntlha ya ntwa kgotsa dikotsi tse di ntseng jalo tse dikgolo, mme o sa ntse a nna mo nageng ya gagabo. *

Ga go na ope yo o itseng ka tlhomamo gore ke batshabi ba le ba kae le batho ba ba tlositsweng mo magabone ba ba kgonang go itlamela mo dikampeng tsa nakwana kgotsa ke ba le kae ba ba kgarakgatshegang ba se na thuso go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe ba batla polokesego. Go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, palo ya lefatshe lotlhe ya batshabi e ka nna dimilione di le 40 mme halofo ya bone ke bana. Ba tswa kae?

Bothata Jwa Nako ya Rona

Bothata jwa batshabi bo ne jwa fetoga mo bofelong jwa ntwa ya ntlha ya lefatshe. Morago ga ntwa eo, mebusomegolo e ne ya senngwa le ditso tse dipotlana di ne tsa bogisiwa. Ka ntlha ya seo, dimilione tsa Bayuropa di ne tsa batla botshabelo mo dinageng tse eseng tsa bone. Ntwa ya bobedi ya lefatshe—e e neng e le maswe thata go feta ya pele—e ne ya dira gore dimilione di le dintsi di tshabe go tswa mo magaeng a bone. Fa e sa le go tloga ka 1945, dintwa di ne di lowa mo lefelong le le lengwe, mme le baagi fela ba ba iphitlhelang ba le mo dinageng tse di amegang ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke tsone.

“Le fa ntwa e ile ya dira gore go nne le batshabi bangwe, ke fela mo lekgolong la bomasomeamabedi la dingwaga dintwa tsa boditšhabatšhaba di ileng tsa ama batho botlhe ba dinaga tse di lwang,” go tlhalosa jalo Gil Loescher mo bukeng ya gagwe ya 1993 ya Beyond Charity—International Cooperation and the Global Refugee Crisis. “Gonne go sa tlhole go na le pharologanyo mo gare ga masole le ba e seng masole seno se ile sa dira gore go nne le palo e kgolo ya batshabi ba ba neng ba batla go ipona fela ba dule mo tlhakatlhakanong ya bothubaki jo bo sa tlhaoleng.”

Mo godimo ga moo, bontsi jwa dintwa tsa gompieno ke dintwa tsa selegae tse di bolayang thata eseng fela banna ba ba godileng mo go lekaneng go ya ntweng mme gape di bolaya basadi le bana. E re ka di tlhotlhelediwa ke dikgaogano tse dikgolo tsa setso le bodumedi, dingwe tsa dikgotlhang tseno di bonala di se kitla di fela. Mo nageng nngwe ya Afrika, mo karolo ya gone jaanong ya ntwa ya selegae e tsweletseng ka dingwaga di le 18, go na le dimilione di le nnè tsa batho ba ba tlositsweng mo magabone, fa dikete di le makgolokgolo di tshabetse moseja.

Gantsi tsela e le nosi fela e batho ba ba utlwisitsweng botlhoko ke ntwa ba ka tswang mo bothubaking ka yone ke gore ba tlogele legae. “Batshabi ba tlogela naga ya bone mme ba batla go tsena mo nageng e nngwe e seng ka go itlhophela kgotsa ka mabaka a bone ka namana, mme ka ntlha ya go patelediwa ke maemo,” go tlhalosa jalo buka ya The State of the World’s Refugees 1997-98. Le fa go ntse jalo, mo malatsing a segompieno go tsena mo nageng e nngwe go ka nna ga se nne motlhofo jalo.

Ka bo1990 palo ya lefatshe lotlhe ya batshabi e ne ya wela tlase go tswa go dimilione di le 17 go ya go dimilione di le 14. Le fa go ntse jalo, seno se se bonalang e le go tokafala ga maemo se a tsietsa. Go fopholediwa gore ka lone lesome leo la dingwaga, palo ya ba ba tlositsweng mo magabone e ne ya fitlhelela fa gare ga dimilione di le 25 le dimilione di le 30. Ke eng se se diragalang?

Go tsewa semolao gore o motshabi e nnile selo se se thata ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Dinaga di ka nna tsa bo di okaoka go amogela batshabi, gongwe e le ka ntlha ya gore ba sa kgone palo e ntsi ya batho ba ba tsenang mo nageng kgotsa ba tshwenyegile ka gore palo e kgolo ya batshabi e ka lere mathata mo ikonoming le mo dipolotiking. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, baagi ba ba tshogileng ga ba na le fa e le nonofo, dijo kgotsa madi a gore ba tseye loeto lo loleele go ya kwa molelwaneng. Ba ka kgona fela gore ba ye kwa lefelong le le babalesegileng mo nageng ya bone.

Palo e e Oketsegang ya Batshabi ba ba Tshabisiwang ke Maemo a Itsholelo

Mo godimo ga dimilione tsa batshabi ba e leng batshabi ba mmatota go na le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba humanegileng ba ba batlang go tokafatsa botshelo jwa bone ka tsela e le nosi fela e ba e itseng—ka go ya kwa nageng e maemo a botshelo a leng botoka thata mo go yone.

Ka February 17, 2001, sekepe sa bogologolo se se rusitseng se ne sa fitlha kwa lotshitshing lwa kwa Fora. Se ne se pegile banna ba ka nna sekete, basadi le bana ba ba neng ba le mo lewatleng mo e ka nnang beke ba se na dijo. Ba ne ba duetse madi a a kana ka R17 000 motho a le mongwe gore ba tsene mo loetong lono lo lo kotsi, ba sa itse le gore ba ne ba ya kwa nageng efe. Mokapotene le batho ba ba berekang mo sekepeng ba ne ba tshaba fa ba sena go fitlha mo lotshitshing lwa lewatle. Mme ka lesego bapagami ba ba tshogileng ba ne ba falodisiwa, mme puso ya Fora e ne ya solofetsa gore e tla akanyetsa kopo ya bone ya lefelo la botshabelo. Batho ba ba tshwanang le bone ba le dimilione ba leka maeto a a ntseng jalo ngwaga le ngwaga.

Ba le bantsi ba bajaki bano ba iketleeditse go lebana le mathata a a bokete le go sa tlhomamisege. Ka tsela nngwe ba kgobokanya madi a loeto ka gonne kwa ba tswang gone lehuma, thubakanyo, tlhaolele kgotsa dipuso tse di gatelelang—kgotsa ka dinako tse dingwe dilo tseno tsotlhe ka bonè jwa tsone di kopane—di dira gore botshelo bo bonale bo sa solofetse sepe.

Ba le bantsi ba bone ba swa fa ba leka go batla botshelo jo bo botoka. Ka dingwaga di le lesome tse di fetileng, bajaki ba ka nna 3 500 ba ne ba nwela kgotsa ba nyelela fa ba ne ba leka go kgabaganya Kgogomelo ya Gibraltar go tswa mo Afrika go ya kwa Spain. Ka ngwaga wa 2000, bajaki ba Ba-China ba le 58 ba ne ba hupelwa fa ba ne ba iphitlhile mo loring e e neng e ba tsaya go tloga kwa Belgium go ya Engelane. Bajaki ba bangwe ba bantsintsi ba swa ka ntlha ya lenyora kwa Sahara fa dilori tsa bone tse di tletseng, tse di senyegileng di robega mo gare ga sekaka.

Le mororo go le kotsi jalo, dipalo tsa batho ba lefatshe ba ba nnang batshabi ka ntlha ya maemo a tsa itsholelo di ntse di gola di sa kgaotse. Mo e ka nnang batho ba le halofo ya milione ba tsenngwa ka bokhukhuntshwane kwa Yuropa ngwaga le ngwaga; mme ba bangwe ba le 300 000 ba isiwa kwa United States. Morago kwa ka 1993, Mokgatlho o o Tlhokomelang Matlole a Baagi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o fopholeditse gore palo ya bajaki lefatshe ka bophara e ka nna dimilione di le 100, mme nngwetharong ya bone e dula kwa Yuropa le United States. Fa e sa le ka nako eo, ga go na pelaelo gore palo ya batho bano e oketsegile.

Ba le bantsi ba bajaki bano ga nke ba bona tshireletsego e ba e batlang. Mme ke batshabi ba sekae fela ba ba bonang botshabelo jo bo babalesegileng le jwa go ya go ile. Gantsi, bakgarakgatshegi bano ba tswa mo mathateng a mangwe ba ya kwa go a mangwe. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka a mangwe a mathata ano le dilo tse di a bakang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Mo motseletseleng wa ditlhogo tseno, fa re bua ka batho ba ba tlositsweng mo gae, ga re akaretse dimilione di le 90 go ya go dimilione di le 100 tsa batho bao ba ileng ba tlosiwa ka dikgoka mo magabone ka ntlha ya dithulaganyo tsa kagosesha tse di tshwanang le go aga matamo, meepo, dikgwa kgotsa dithulaganyo tsa temothuo.