Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Lefelo Le ba Ka le Bitsang Legae

Go Batla Lefelo Le ba Ka le Bitsang Legae

Go Batla Lefelo Le ba Ka le Bitsang Legae

“Le fa legae la gago le ka tswa e le la maemo a a kwa tlase jang, ga go na lefelo le le tshwanang le lone.”—John Howard Payne.

GO SIMOLOTSE pele e le ntwa, ntwa e e sa feleng. Morago ga moo ga latela komelelo, komelelo e e neng e nnela maswe go ya pele. Ka bonako fela morago ga komelelo ga tla leuba. Mme batho ba dira selo se le sosi fela se ba neng ba ka kgona go se dira—ba ne ba tlogela magae a bone ba ya go batlana le metsi, dijo le ditiro.

Ba fitlhile ba le diketekete kwa makgabaganyong a molelwane. Mme mo dingwageng tsa bosheng jaana batshabi ba le milione ba ne ba setse ba ile ba amogelwa, mme naga ya boagisani e ne e ka se tlhole e ba amogela jaanong. Mapodise a mo molelwaneng a a tshwereng melamu a ne a tlhomamisa gore ga go na ope yo o kgabaganyang.

Modiredimogolo wa mo lefelong leno wa bajaki o ne a tlhalosa mabaka a go bo ba sa tlhole ba amogela batshabi ba bantsintsi ba ba tshabelang kwa nageng ya bone. “Ga ba duele makgetho. Ba senya ditsela. Ba rema ditlhare. Ba re feletsa metsi. Nnyaa, ga re tlhole re batla ba bangwe gape.” *

Maemo a a tshwanang le ano a a utlwisang botlhoko a simolola go ata jaanong. Batho ba ba tlositsweng mo magaeng a bone ba fitlhela gore go bona lefelo le ba tla le bitsang legae la bone go ntse go ketefalela pele. “Jaaka fa palo ya batho ba ba senkang go sirelediwa e ntse e ntsifala, dinaga le tsone di ntse di okaoka thata go naya batho bano tshireletso,” go tlhalosa jalo pego nngwe ya bosheng jaana ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Tebalelo.

Ba ba lesego mme ba fitlha kwa kampeng ya batshabi ba ka nna ba bona polokesegonyana e e seng kalo, mme le yone ba ka se e bitse legae la bone. Le maemo a ba tshelang mo go one mo kampeng a ka nna a bo a se mantle le eseng.

Botshelo mo Dikampeng Tsa Batshabi

“[Kwa gae] o ka nna wa swa o bolawa ke lerumo, mme mo [kampeng ya batshabi] bana ba gago ba tla swa ba bolawa ke tlala,” go ne ga lela jalo motshabi mongwe wa Moafrika. Jaaka fa rre yono yo o neng a utlwile botlhoko a ne a lemoga, dikampa di le dintsi di lebane le bothata jwa tlhaelo ya dijo le metsi mmogo le go tlhaela ga bonno jo bo itekanetseng le jo bo lekaneng. O kgona go bona lebaka la seno motlhofo fela. Dinaga tse di tlhabologang, tse ka tshoganyetso fela di iphitlhelang di faraferwe ke diketekete tsa batshabi di ka nna tsa bo di kgaratlhela go fepa baagi ba tsone fela. Ga di kgone go fepa matšhutitšhuti a batho ba ka tshoganyetso fela ba emeng mo kgorong ba batla go tsena. Mme dinaga tse di humileng, tse le tsone di lebaneng le mathata a tsone, di ka nna tsa bo di okaoka go thusa batshabi ba le bantsi ba ba mo dinageng tse dingwe.

Fa batho ba ba fetang dimilione di le pedi ba ne ba tshaba kwa nageng nngwe ya Afrika ka 1994, dikampa tsa batshabi tse di neng tsa agiwa ka lepotlapotla di ne di tlhaela metsi le thulaganyo e e siameng ya go latlha leswe. Ka ntlha ya moo, kholera e e neng ya runya moo e ne ya bolaya batho ba le diketekete pele ga e kgona go laolega kgabagare. Se se neng sa dira dilo maswe le go feta, masole a a tlhometseng a ne a itlhakatlhakanya le baagi ba batshabi mme ka bonako fela ba simolola go laola go abiwa ga dilwana tsa namolo. Bothata jono bo ne bo se mo nageng eo fela. “Go nna teng ga masole mo gare ga batshabi go baketse baagi mathata a le mantsi. Go dirile gore ba tshosetswe, ba tshwenngwe ba bo ba gapiwe ka dikgoka,” go rialo pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

Batho ba lefelo le batshabi ba tshabelang kwa go lone le bone ba ka nna ba amiwa mo go botlhoko ke go ntsifala ga batshabi ba ba bolailweng ke tlala mo nageng ya bone. Mo kgaolong nngwe ya Afrika ya Great Lakes, badiredi bangwe ba ne ba ngongorega jaana: “[Batshabi] ba sentse mabolokelo a rona a dijo, ba sentse masimo a rona, dikgomo tsa rona, dirapa tsa rona tsa tlhago, ba bakile leuba ba ba ba anamisa malwetse a leroborobo . . . [Ba] bona thuso ya dijo fa rona re sa bone sepe.”

Le fa go ntse jalo, selo se se botlhoko le go feta e ka nna ya bo e le gore dikampa di le dintsi tsa batshabi, tse di neng di diretswe gore e nne tsa nakwana fela, di feleletsa e le magae a leruri. Ka sekai, kwa nageng nngwe kwa Botlhabagare, batshabi ba ka nna 200 000 ba kgotlagane mo kampeng nngwe e pele e neng e agetswe kwatara fela ya palo eo. “Ga go na gope gape kwa re ka yang teng,” mongwe wa bone o ne a tlhalosa jalo a utlwile botlhoko. Batshabi bano ba ba bogileng lobaka lo loleele jaana ga ba kgone go bona ditiro motlhofo mo nageng eno e ba tshabetseng kwa go yone, mme ba ba ka nnang diperesente di le 95 ga ba a thapiwa kgotsa ga ba na ditiro tse di tlhomameng. “Ruri ga ke itse gore [ba] kgona jang,” go ne ga bua jalo modiredi mongwe wa batshabi.

Mme fa maemo a utlwala a le maswe jalo mo dikampeng tsa batshabi, a ka nna a bo a le maswe le go feta mo bathong ba ba ileng ba tshwanelwa ke go tlosiwa mo magaeng a bone mme ba sa kgone go tswa mo nageng ya bone.

Matlhotlhapelo a go Tshwanelwa ke go Tlosiwa mo Legaeng la Gago

Go ya ka Mokomishinara yo Mogolo wa Batshabi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “tsela e bothata jono bo leng bogolo ka yone le selekanyo se bo ileng jwa gola ka sone, pogo e bo e bakang, le tsela e bo amang kagiso le polokesego ya dinaga tse dingwe ka yone, ka tshwanelo di dirile gore go tshaba ga batho mo magaeng a bone e nne bothata jo bogolo jo dinaga tse di farologaneng di tshwenyegileng ka jone.” Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, batho bano ba ba se nang magae a bone gantsi ba mo kotsing e kgolo go feta batshabi.

Ga go na mokgatlho ope wa boditšhabatšhaba o o tlhokomelang boitekanelo jwa batho ba ba tshabileng mo magaeng a bone, mme le metswedi ya dikgang ga e bue sepe se se kalokalo ka mathata a bone. Dipuso tsa bone, tse di tseneng ka tlhogo mo ntweng ya mofuta mongwe, di ka nna tsa bo di sa batle go ba thusa kgotsa di sa kgone go ba thusa. Gantsi malapa a a kgaogana ka nako ya fa ba tshaba ba tswa mo dikarolong tse di kotsi. Gonne ba tshwanelwa ke go tsamaya ka dinao, bangwe ba batho bano ba ba duleng ba tshaba kwa magaeng a bone ga ba kgone le go ya go fitlha kwa lefelong le le babalesegileng botoka le ba tshabelang kwa go lone.

Ba le bantsi ba batho bano ba tshabela kwa ditoropong, moo ba fitlhang ba tshela botshelo jwa tshotlego mo mekhukhung kgotsa mo dikagong tse di setseng di fetogile matlotla. Ba bangwe ba kgobokana mo dikampeng tse di agilweng ka nakwana fela, tse ka dinako tse dingwe di tlhaselwang ke batho ba ba tlhometseng. Gantsi, ba swa ka bontsi go feta setlhopha sepe se sengwe mo nageng.

Tota le maiteko a a dirwang ka boitlhomo jo bontle jwa go namola batho bano ba ba duleng ba tshaba mo magaeng a bone a ka boa a utlwisa beng ba one botlhoko. The State of the World’s Refugees 2000 e tlhalosa jaana: “Mo dingwageng tse di lesome tsa bofelo tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, mekgatlho ya namolo e e dirang mo dinageng tse di ganyaotsweng ke ntwa e ne ya namola batho ba le diketekete mme e dirile go le gontsi go thusa batho ba ba bogang. Le fa go ntse jalo, nngwe ya dithuto tse di botlhokwa tse re ithutileng tsone mo dingwageng tseno tse di lesome ke gore mo ntweng, ditiro tsa namolo di kgona go laolwa motlhofo fela ke dinaga tse di lwang, mme di ka feleletsa ka gore di nonotshe boemo jwa ba ba gatakang ditshwanelo tsa batho ba bangwe, le fa gone boikaelelo e ne e se go ba nonotsha. Selo se sengwe gape, dilo tsa namolo tse mekgatlho ya namolo e fepang ka tsone di ka thatafatsa letsogo la mekgatlho ya ntwa, ka go dira jalo di thusa go tsweletsa ntwa le go e lelefatsa.”

Go Batlana le Botshelo jo bo Botoka

Kwantle ga batshabi le batho ba ba tlogelang magae a bone mme ba sa tswe mo nageng ya bone, go na gape le palo e e golang ya batshabi ba ba tswang mo nageng ya bone ka ntlha ya maemo a itsholelo. Go na le mabaka a le mmalwa a a bakang seno. Dinaga tse di humileng tsa lefatshe di ntse di humela pele fa tse di humanegileng tsone di ntse di humanegela pele, mme letsatsi le letsatsi dithulaganyo tsa thelebishene di bontsha batho ba ba humanegileng ba lefatshe botshelo jwa dikhumokhumo jwa dinaga dingwe. Mo lefatsheng lotlhe go motlhofo jaanong go etela dinaga tse dingwe, mme le melelwane ga e tlhole e gagametse thata jalo. Dintwa tsa maraganela teng a bana ba mpa mmogo le go tlhaola ba bangwe ka ntlha ya lotso lwa bone kgotsa bodumedi jwa bone le gone go tlhotlheleditse batho go fudugela kwa dinageng tse di humileng.

Mme gone le fa bajaki bangwe—bogolo jang ba ba setseng ba na le ba losika kwa dinageng tseo tse di humileng—ba ka kgona go fuduga ka katlego, ba bangwe ba feleletsa ba sentse matshelo a bone. Ba ba iphitlhelang ba le mo diatleng tsa bagwebi ba dikebekwa ba lebana le kotsi e kgolo. (Bona mabokose a a mo setlhogong seno.) Lelapa le tshwanetse go sekaseka dikotsi tseno ka kelotlhoko pele ga le fudugela kwa nageng e nngwe ka ntlha ya mabaka a itsholelo.

Ka 1996 seketswana sengwe sa bogologolo se ne sa menoga mo Lewatleng la Mediterranean, mme batho ba le 280 ba nwela. Batho ba ba suleng mo tiragalong eno e ne e le ba ba neng ba fudugile go tswa kwa India, Pakistan, le Sri Lanka mme ba duetse madi a go tloga go R50 000 le R70 000 go ya kwa Yuropa. Pele ga sekepe seno se nwela, ba ne ba setse ba ile ba itshokela tlala, lenyora, le go sotlakakwa ka dibeke di le dintsi thata. “Loeto lwa bone go ya dikhumong” lo ne lwa fetoga go nna tiragalo e e tshosang e e neng ya felela ka masetlapelo.

Mo e ka nnang motshabi mongwe le mongwe, motho mongwe le mongwe yo o ileng a tshwanelwa ke go tlogela legae, kgotsa mojaki yo o seng kafa molaong o na le kgang ya gagwe e e tshosang go e bolela. Le fa batho bano ba ka tswa ba tswetse lebaka lefe mo magaeng a bone—e ka tswa e le ntwa, pogiso, kgotsa lehuma—pogo ya bone e dira gore re ipotse: A bothata jono bo tla tsamaya bo rarabololwa? Kgotsa a batshabi ba tla nna ba ntsifalela pele?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Boemo jo bo tlhalosiwang fa godimo fano bo ne jwa direga ka March 2001 kwa nageng nngwe ya Asia. Mme mathata a a tshwanang le ano a ile a tlhaga gape le kwa dinageng dingwe tsa Afrika.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mathata a Bajaki ba ba Seng Kafa Molaong

Kwantle ga batshabi le batho ba ba ileng ba tshwanelwa ke gore ba tlogele magae a bone, go na le “bajaki ba ba seng kafa molaong” ba ba ka dirang dimilione di le 15 go ya go dimilione di le 30 mo lefatsheng lotlhe. Bontsi jwa bone ke batho ba ba solofetseng gore fa ba ka ya kwa dinageng tse di humileng ba tla tswa mo lehumeng—gongwe le letlhoo le pogiso.

Gonne mo dingwageng tsa bosheng jaana go bonala go le thata go amogela bajaki kafa molaong, go simolotse kgwebo e ntšha e e seng kafa molaong ya bajaki. Tota e bile go gweba ka bajaki jaanong go fetogile go nna kgwebo e e tsenyang madi a mantsi tota mo digongwaneng tsa dikebekwa tsa boditšhabatšhaba. Babatlisisi bangwe ba lekanya gore e tsenya morokotso wa madi a a kana ka diranta di le dimilione di le dikete di le 104 ka ngwaga, mme e sa tsenye bagwebi mo kotsing. Pino Arlacchi, mokwaledi wa mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o ne a bitsa seno a re ke “mmaraka o o golang ka lobelo lo logolo go e gaisa yotlhe mo lefatsheng.”

Bajaki ba ba seng kafa molaong ba batla ba se na tshireletso epe ya semolao gotlhelele, mme ka metlha bagwebi bano ba ba tseela dipasa tsa bone. Bajaki bano ba ka nna ba bo ba dira mo madirelong a ba berekisiwang ka thata mo go one mme ba bona maduo a mannye, ba thapilwe go dira ditiro tsa kwa gae, mo kgwebong ya ditlhapi, kgotsa ba bereka mo temothuong. Bangwe ba bone ba feleletsa e le diaka. Fa ba ka tshwarwa ke bathati, go ka direga thata gore ba busetswe kwa dinageng tsa bone, ba se na le fa e le sente. Fa ba ka re ba ngongoregela maemo a ba berekelang mo go one, ba ka nna ba itewa kana le eleng go betelelwa kgotsa gongwe le malapa a bone kwa gae a tshosetswe ka gore a tla tlhaselwa.

Gantsi digongwana tsa dikebekwa di gogela batho bano ka go ba solofetsa gore di tla ba naya ditiro tse di duelang sentle. Ka ntlha ya moo, lelapa le le humanegileng le ka nna la beeletsa ka sotlhe se ba nang le sone gore fela ba romele a le mongwe fela mo lapeng go ya kwa Yuropa kgotsa kwa United States. Fa mojaki yono a sa kgone go duelela ditshenyegelo tsa gagwe, go tlile go lebelelwa gore a bereke ka thata go fitlhela madi otlhe a duelwa, e le madi a a ka nnang a fitlha go R346 000. ‘Botshelo jo bosha’ jo a bo solofeditsweng bo itshupa jaanong e le tiro ya bokgoba.

[Setshwantsho]

Batshabi ba ba seng kafa molaong kwa Spain

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bokgarebane bo Fedile

Lelapa la gaabo Siri le ne le nna kwa dithoteng tsa Borwabotlhaba jwa Asia, koo batsadi ba gagwe ba neng ba na le masimo a raese gone. Letsatsi lengwe mosadi mongwe o ne a bolelela batsadi ba gagwe gore o ne a ka kgona go bonela Siri tiro e e tla mo duelang madi a mantsi kwa toropong. Madi a a neng a ba solofetsa one, a bokana ka R17 000—madi a mantsi tota mo baleming bano ba kwa dithoteng—e ne e se selo se ba ka se ganang. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Siri o ne a iphitlhela e le motshwarwa kwa legaeng la diaka. Beng ba lefelo leno ba ne ba mmolelela gore fa a batla go boa a gololesega, o ne a tla tshwanelwa ke gore a ba duele R70 000. Siri o ne a na le dingwaga di le 15 ka nako eo.

Siri o ne a sa kgone go duela molato ono. O ne a tshwanelwa ke gore a dire jaaka a bolelelwa e seng jalo o tla itewa le go betelelwa. Fa fela a ne a le mosola ka tsela nngwe mo go bone, o ne a ka se ka a tsamaya a gololesega. Se se botlhoko ke gore ba le bantsi ba diaka tseno kgabagare ba a gololwa—mme ba boela kwa magaeng a bone kwa ba tla fitlhang ba swa gone ba bolawa ke AIDS.

Go na le kgwebo e e tshwanang le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Pego ya 1999 e e neng e na le setlhogo se se reng International Trafficking in Women to the United States e ne ya lekanyetsa gore ngwaga le ngwaga go gwebisanwa ka basadi le bana ba le magareng ga 700 000 le 2 000 000, ba le bantsi ba bone e le fa ba ya go dirwa diaka. Bangwe ba bone ba ka nna ba tsiediwa, ba bangwe bone ba tsewa fela ka dikgoka; mme mo e ka nnang botlhe fela ba patelelwa go dira se ba sa se batleng. Mosha mongwe go tswa kwa Yuropa Botlhaba yo o neng a namolwa mo segongwaneng sa diaka o ne a bua jaana ka batho ba ba neng ba mo thopile: “Ke ne ke sa akanye gore selo se se tshwanang le seno se ka direga. Batho bano ke diphologolo wa itse.”

Bangwe ba batho bano ba ba sotlwang ba ba madimabe ba tserwe mo dikampeng tsa batshabi, moo ba ka se kang ba gana fa ba solofetswa gore ba tla newa ditiro tse dintle le madi a mantsi kwa Yuropa kgotsa kwa United States. Mo basading ba le bantsi, go batla botshelo jo bo botoka go dirile gore ba fetoge makgoba a tlhakanelodikobo.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Bala Ditshenyegelo Pele Ga o Ya Majako ka Mabaka a Itsholelo

Ka ntlha ya go amega ga digongwana di le dintsi tsa dikebekwa mo go gwebeng ka bajaki, le ka ntlha ya mathata a go bona tetla ya semolao ya go jaka kwa dinageng tse di humileng, banna le borramalapa ba tshwanetse go sekaseka dipotso tse di latelang ka kelotlhoko pele ga ba dira tshwetso.

1. A maemo a rona a itsholelo a maswe jaana mo e leng gore mongwe mo lelapeng kgotsa lelapa lotlhe le tshwanetse go fudugela kwa nageng e e nang le maduo a a kwa godingwana?

2. Re tlile go itsenya mo molatong o o kana kang go duelela ditshenyegelo tsa go ya kwa nageng eno, mme molato ono o tlile go duelwa jang?

3. A seemo se re tlhoka gore re kgaoganye lelapa ka ntlha ya melemo mengwe ya itsholelo e e ka nnang ya se ka ya nna teng? Bajaki ba le bantsi ba ba seng kafa molaong ba go fitlhela go le thata tota go bona tiro ya ka metlha fa ba le kwa dinageng tse di humileng.

4. A ke tshwanetse go dumela dilo tse ke di bolelelwang ka maduo a a kwa godimo le melemo ya baagi? Baebele ya re “ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

5. Ke tlhomamisega go le kana kang gore ga re na go wela mo diatleng tsa mekgatlho ya dikebekwa?

6. Fa e le gore segongwana seo sa dikebekwa ke sone se se rulaganyetsang loeto lono, a ke a tlhaloganya gore mosadi wa me—kgotsa morwadiake—a ka nna a iphitlhela a patelesega go dira jaaka seaka?

7. A ke a lemoga gore fa ke tsena mo nageng ke le mojaki yo o seng kafa molaong, nka nna ka se ka ka kgona go bona tiro e e tlhomameng mme nka busetswa kwa nageng ya gaetsho, ke latlhegelwe ke madi otlhe a ke a beeleditseng mo loetong lono?

8. A ke batla go akanyetsa kgang ya go nna mojaki yo o seng kafa molaong kgotsa go dirisa ditsela tsa go sa ikanyege gore ke amogelwe mo dinageng tse di humileng?—Mathaio 22:21; Bahebera 13:18.

[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 8, 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mokgatlho wa Batshabi le Badiri ba Bajaki

Dikgaolo tse di nang le batho ba bantsi ba batshabi le ba ba tlositsweng mo magaeng a bone

Mekgatlho e megolo ya badiri ba bajaki

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Metswedi: The State of the World’s Refugees. The Global Migration Crisis; le World Refugee Survey 1999.

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Motshabi o letetse go isiwa kwa lefelong le lengwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN PHOTO 186226/M. Grafman