Lefatshe le Mongwe le Mongwe a Tla Amogelwang mo go Lone
Lefatshe le Mongwe le Mongwe a Tla Amogelwang mo go Lone
“E re ka botshabi e le bothata jwa lefatshe lotlhe, go batla ditharabololo e tshwanetse go nna selo sa lefatshe lotlhe.”—Gil Loescher, porofesa wa dikgolagano tsa boditšhabatšhaba.
BANYALANI bangwe ba basha ba ne ba tswa ba tsamaya go le bosigo. E re ka monna wa teng a ne a amegile ka pabalasego ya bone, ga a ka a senya nako epe, le fa ba ne ba na le ngwana yo monnye. O ne a utlwile gore mmusaesi yo o setlhogo wa naga o ne a loga maano a gore a bolaye batho mo motseng. Morago ga loeto lo lo lapisang lwa dikilometara tse di fetang 160, la bofelo lelapa leno le ne la kgabaganya molelwane go ya kwa lefelong le le babalesegileng.
Moragonyana lelapa leno le le humanegileng le ne la itsege lefatshe lotlhe. Leina la ngwana e ne e le Jesu, mme batsadi ba gagwe e ne e le Marea le Josefa. Batshabi bano ga ba a ka ba tlogela naga ya bone e le gore ba batle dikhumo. Go na le moo, boemo jwa bone e ne e le jo bo tsenyang matshelo a bone mo kotsing. Ee, ngwana wa bone o ne a le mo kotsing ya go bolawa!
Fela jaaka batshabi ba le bantsi, kgabagare Josefa le ba lelapa la gagwe ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone fa maemo a dipolotiki a tokafala. Mme kwantle ga pelaelo go tshaba ga bone ka nako go ne ga ba thusa go boloka botshelo jwa ngwana wa bone yo monnye. (Mathaio 2:13-16) Egepeto, naga e ba neng ba tshabetse kwa go yone, e ne e na le hisitori ya go amogela batshabi ba sepolotiki le ba ba tshabang ka ntlha ya maemo a itsholelo. Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, borraagwemogologolwane ba ga Jesu ba ne ba tshabetse kwa Egepeto fa leuba le ne le swafaditse naga ya Kanana.—Genesise 45:9-11.
A Sireletsegile Mme ga a Kgotsofatse
Fa motho a leba Dikwalo mmogo le dikai tsa segompieno go a bonala gore go tshabela kwa nageng e nngwe go ka boloka botshelo jwa motho. Le fa go ntse jalo e sa ntse e le selo se se utlwisang botlhoko gore lelapa lepe fela le tlogele legae la lone. Le fa legae e kane e le la maemo a a kwa tlase jang, e ka tswa e le lone le go dirisitsweng nako e ntsi le madi a mantsi mo go lone. E bile gape e ka tswa e le boswa jwa lelapa jo bo ba kopanyang le setso sa bone le naga ya bone. Mo godimo ga moo, batshabi ba ka tsaya dithotonyana tsa bone di sekae fela fa e le gore di teng. Ka jalo, ka metlha batshabi ba tsena mo lehumeng, go sa kgathalesege maemo a bone a pele.
Boikutlo jo ba nnang le jone pele jwa gore ba tlile go thusiwa go bona pabalesego bo ka fela ka bonako fa e le gore bokamoso jwa bone bo ikaegile fela ka gore ba tshele mo kampeng ya batshabi. E bile fa a nna moo nako e telele, he o tlile go gatelelwa go feta le pele, segolobogolo fa a sa kopane le batho ba bangwe ba lefelo le a tshabetseng kwa go lone. Batshabi, jaaka mongwe le mongwe, ba batla go nna le mo ba nnang gone ba go bitse legae la bone. Kampa ya batshabi ga se lefelo le le siametseng go ka godisa bana. A nako e tla nna teng e mongwe le mongwe a tla nnang le lefelo le a ka le bitsang legae la gagwe?
A go Busediwa Gae ke Yone Tharabololo?
Ka bo1990, batho ba le dimilione di le robongwe ba ba ntshitsweng mo magabone kgabagare ba ne ba boela kwa magaeng a bone. Mo go bangwe ba batho bano e ne e le paka e e itumedisang mme ka tlhagafalo ba ne ba simolola go aga matshelo a bone sesha. Mme ba bangwe bone ba ne ba na le maikutlo a gore re tla reng. Ba ne ba boa fela ka ntlha ya gore ba ne ba sa kgone go itshokela boemo jwa bone mo nageng ya botshabelo. Mathata a ba neng ba nna nao kwa botshwaro a ne a
le botlhoko mo eleng gore ba ne ba swetsa ka gore go tla nna botoka fa ba ne ba le kwa magaeng a bone, le mororo ba ne ba tla bo ba sa babalesega kwa gae.Le eleng ka fa tlase ga maemo a a siameng, go busediwa gae go na le mathata ka gonne go bolela go tlosiwa gotlhelele lekgetlho la bobedi. “Nako le nako fa batho ba ntshiwa mo lefelong le lengwe ba isiwa kwa go le lengwe ba latlhegelwa ke dilo tse ba itshedisang ka tsone, tse di jaaka naga ya bone, ditiro tsa bone, magae a bone le leruo la bone,” go tlhalosa jalo The State of the World’s Refugees 1997-98. “E bile nako le nako fa batho ba tlosiwa mo lefelong le lengwe ba isiwa kwa go le lengwe go raya gore ba tlile go simolola thulaganyo e e bokete ya go tsosolosa.” Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ka batshabi ba ba buseditsweng gae kwa Afrika bogare e begile gore “mo batshabing ba ba amogetseng thuso kwa lefelong la botshabelo, go boela morago go ne go ka nna boima go feta se se neng se ba diragalela kwa lefelong la botshabelo ka bolone.”
Le fa go ntse jalo, se se ngomolang pelo le go feta ke boemo jwa dimilione tsa batshabi ba ba patelediwang go boela kwa dinagagaeng tsa bone ba sa rate. Ba emetswe ke maemo afe koo? “Ba ba boelang morago ba ka nna ba tshwanelwa ke go tshela mo maemong a go se nang molao mo go one, mo dinokwane le tlolomolao di leng dintsi gone, mo masole a a tlogetseng tiro a tlhaselang baagi gone le mo dibetsa di bonwang motlhofo fela gone,” go bolela jalo pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go a bonala gore maemo a a ntseng jalo a a sa itumediseng ga a kgotsofatse le eleng ditlhokego tsa pabalesego tsa batho bano ba ba buseditsweng morago.
Go Aga Lefatshe le Mongwe le Mongwe a Sireletsegileng mo go Lone
Go pateletsa batshabi go boela lefelong la bone kgotsa go sa batle go boela morago ga go kitla go rarabolola mathata a batshabi fa bothata jwa konokono bo sa rarabololwe. Mmè Sadako Ogata, yo e kileng ya bo e le Mokomishinara yo Mogolo wa Batshabi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o ne a bolela jaana ka 1999: “Ditiragalo tsa lesome leno la dingwaga—mme segolobogolo tsa ngwaga o o fetileng ono—di bontsha ka phepafalo gore dikgang tse di amang batshabi di ka se tlotliwe kwantle ga go bua ka pabalasego.”
E bile go tlhaela ga pabalesego go ama dimilione tsa batho go ralala lefatshe. Kofi Annan, mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o tlhalosa jaana: “Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, dinaga di phutlhame ka ntlha ya dikgotlhang tsa selegae le tsa setšhaba, tse di amogang baagi ba bone tshireletsego e e siameng. Kwa dinageng tse dingwe, pabalesego ya batho e ile ya senngwa ke dipuso tse di sa batleng go direla ba bangwe molemo, tse di bogisang baganetsi ba tsone e bile di otlhaya maloko a a se nang molato a ditlhopha tse dipotlana.”
Dintwa, dipogiso le ntwa ya botšhaba—mabaka a konokono a go tlhoka pabalasego a Kofi Annan a a tlhalositseng—gantsi di simololwa ke letlhoo, go tlhaola batho ka lotso le tshiamololo. Bosula bono ga bo kitla bo fedisiwa motlhofo. A seno se raya gore bothata jwa batshabi ga bo na go tsamaya bo siama?
Fa dilo di ne di ka tlogelelwa mo diatleng tsa batho, go ne go tla nna fela jalo. Mme mo Baebeleng, Modimo o solofetsa gore “o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Dipesalema 46:9) Ka moporofeti wa gagwe Isaia, gape o tlhalosa nako ya fa batho “ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. . . . Ga ba kitla ba direla ka natla fela, le fa e le go tsholela pheretlhego; ka gonne ke bana ba ba bopilweng ke basegofadiwa ba ga Jehofa, mmogo le ditlogolwana tsa bone.” (Isaia 65:21-23) Maemo a a ntseng jalo eleruri a tla fedisa bothata jwa batshabi. A a ka fitlhelelwa?
“E re ka dintwa di simolola mo megopolong ya batho, go iphemela ka kagiso le gone go tshwanetse ga agiwa mo megopolong ya batho,” go bolela jalo polelo ya ntlha mo molaomotheong wa Mokgatlho wa Thuto, Saense le Setso wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Mmopi wa rona o itse sentle gore go a tlhokega go fetola tsela e re akanyang ka yone. Ene moporofeti yono o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe mo lefatsheng a tla babalesega ka letsatsi lengwe: “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.
Basupi ba ga Jehofa ba setse ba lemogile gore kitso ya ga Jehofa e ka fenya go tlhaola batho le letlhoo. Mo tirong ya bone ya boditšhabatšhaba ya go rera, ba batla go itsise ka mekgwa e mentle ya Bokeresete, e e tlhotlheletsang batho go ratana e seng go tlhoana le e leng mo dinageng tse di aparetsweng ke dintwa. Gape ba thusa batshabi ka tsela epe fela e ba ka kgonang ka yone.
Mo letlhakoreng le lengwe, ba lemoga gore tharabololo yotlhe ya bothata jwa batshabi e ikaegile ka Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, Jesu Keresete. O a itse ka fa letlhoo le ntwa di ka senyang matshelo a batho ka gone. Baebele e re tlhomamisetsa gore o tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo. (Isaia 11:1-5) Ka fa tlase ga puso ya gagwe ya bolegodimo, thato ya Modimo e tla diragadiwa mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong. (Mathaio 6:9, 10) Fa letsatsi leo le tla, ga go na ope yo go tla tlhokegang gore a nne motshabi. E bile mongwe le mongwe o tla nna le lefelo le a tla le bitsang legae la gagwe.
[Lebokoso mo go tsebe 12]
Go Tlhokega Eng go Rarabolola Mathata a Batshabi?
“Go kgotsofatsa ditlhoko tsa batho ba lefatshe ba ba tlositsweng mo ba neng ba nna gone—batshabi le ba ba tlositsweng mo magaeng a bone mme ba sa tswe mo dinageng tsa bone—ke bothata jo bo raraaneng thata, ga se kgang ya go ba naya fela pabalasego ya nakwana le thuso. Bo bolela go baakanya bothata jwa pogiso, bothubaki le dikgotlhang tse e leng tsone di dirang gore batho ba tshabe mo magaeng a bone. Bo batla gore go lemogiwe ditshwanelo tsa batho botlhe, basadi le bana ba itumelele kagiso, pabalesego le seriti kwantle ga gore ba tlogele magae a bone.”—The State of the World’s Refugees 2000.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Bogosi Jwa Modimo bo re Naya Tharabololo Efe?
“Tshiamo le tshiamiso di tla nna gone gongwe le gongwe mo nageng. Ka ntlha ya gore mongwe le mongwe o tla dira se se siameng, go tla nna le kagiso le pabalesego ka bosakhutleng. Batho ba Modimo ga ba kitla ba tshwenyega le magae a bone a tla nna ka kagiso le pabalesego.”—Isaia 32:16-18, Today’s English Version.