Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo le Tshwanetse go Nna Kgolagano e e Nnelang Ruri

Lenyalo le Tshwanetse go Nna Kgolagano e e Nnelang Ruri

Lenyalo le Tshwanetse go Nna Kgolagano e e Nnelang Ruri

GO YA ka tsela e dibaesekopo di le dintsi di felang ka teng, lenyalo ke selo se sentle se motho a ka berekelang go se fitlhelela. Gantsi, monna le mosadi ba feleletsa ba kopane mmogo, ba nyalane mme ba tshele ba “itumetse ka bosakhutleng morago ga moo.” Mo difiliming, gantsi kgang e fela jalo.

Mo botshelong jwa mmatota, lenyalo ga se bokhutlo, mme ke tshimologo fela ya botshelo jo bosha lo le mmogo. Mme gongwe fela jaaka Moreri 7:8 e bolela, “bokhutlo jwa kgang bo botoka morago ga moo go na le tshimologo ya yone.”

Kgolagano e e Nnelang Ruri

Go botlhokwa gore motho a bonele dilo kwa pele. Lenyalo le tshwanetse go nna le motheo o o nonofileng fa e le gore lo batla gore le nne le le tla nnelang ruri le le le kgotsofatsang. Fa go sa nna jalo, go ngomoga pelo go go nnang gone morago ga lenyalo go ka nna mo gontsi go na le pele ga lenyalo. Mokeresete ga a tshwanela go tsena mo lenyalong a akanya gore: ‘Fa le sa atlege, ke tla tlhala.’ Lenyalo le tshwanetse go lebiwa e le kgolagano e e nnelang ruri.

Jesu o ne a bontsha sentle gore lenyalo le ne le tshwanetse go nnela ruri fa a ne a araba potso e a neng a e bodiwa ya gore a go siame go tlhala. O ne a bolela jaana: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore [Modimo] yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:4-6.

Morago ga Letsatsi la Lenyalo

Go ile ga bolelwa sentle gore mo botshelong jwa Mokeresete, lenyalo ke la bobedi ka botlhokwa le fetwa fela ke go ineela ga gagwe mo Modimong. Boineelo bo golaganya motho le Mmopi ka bosakhutleng mme kolobetso e bontsha seo phatlalatsa. Lenyalo ke go bolela phatlalatsa gore o itlamile mo mothong yo mongwe—ka bosakhutleng. Ga o ka ke wa ineela mo Modimong kgotsa wa simolola kgolagano ya lenyalo o ntse o na le dipelaelo tse dikgolo. Ka jalo, ba ba akanyetsang lenyalo ba tshwanetse go tlhatlhoba ka kelotlhoko se motho yo a tla nyalanang nae a se dumelang, mekgele ya gagwe, mekgwa ya gagwe le maikutlo a gagwe.

Fa o baakanyetsa lenyalo, bopelonomi, go akanyetsa le moya wa go dirisana mmogo di botlhokwa. Dinonofo tse di ntseng jalo di botlhokwa thata le moragonyana mo go direng gore lenyalo le atlege. Batho ba ba sa tswang go nyalana ba ratana tota, mme morago ga lenyalo go tshwanetse ga gakologelwa gore letsatsi le letsatsi, lorato “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” Fa lorato lo bontshiwa ka metlha ngwaga le ngwaga, “ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:5, 8) Fa lo na le lorato lo lo nnetseng ruri, dinonofo tse di tshwanang le bopelotelele, bopelonomi, molemo, bonolo le boikgapo—maungo a moya wa Modimo—go tla nna motlhofo gore o di bontshe. Dinonofo tseno di botlhokwa gore lenyalo le atlege.—Bagalatia 5:22, 23.

Karolo e e thata ke go tswelela o bontsha dinonofo tseno morago ga letsatsi la lenyalo. Le fa go ntse jalo, selo se se tla go thusang gore o atlege mo go bontsheng dinonofo tse di ntseng jalo tse di siameng ke seno: Rata motho yo o mo nyetseng mme o ikemisetse go itima dilo dingwe.

Jesu o ne a re taelo e kgolo thata e batho ba e neilweng ke go rata Jehofa e bile o ne a bolela gore taelo e kgolo ya bobedi ke, “Rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Moagelani yo o gaufi thata le motho yo o nyetseng ke molekane wa gagwe wa lenyalo ka gonne ga go na sepe mo lefatsheng se se ka kopanyang batho ba babedi ka tsela e lenyalo le ba kopanyang ka yone.

Le fa go ntse jalo, go nna mmogo fela ka bogone ga go reye gore lo tla utlwana mo maikutlong. Kgolagano ya batho ba babedi ga se ka metlha e rayang gore batho ba babedi ba tla akanya ka tsela e e tshwanang. Gore kgolagano ya lona ya tlhakanelodikobo e kgotsofatse thata, go tshwanetse ga nna le kgolagano e nngwe gape—kgolagano ya pelo le maikaelelo. Mo makgetlong a le mantsi go ithontsha dilo dingwe ka ntlha ya motho yo mongwe ke selo se se tlhokegang gore lenyalo le atlege. Ke mang yo a tshwanetseng go ithontsha dilo jalo? A ke monna? A ke mosadi?

Go Bontsha Lorato le Tlotlo

Lefoko la Modimo le laela jaana: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Fa o kgona, intshe setlhabelo pele ga molekane wa gago a go kopa. Ka gonne tota selo se o se newang morago ga go se kopa kgapetsa ga o tlhole o se itumelela go le kalo. Go na le moo, molekane mongwe le mongwe mo lenyalong o tshwanetse go tlhagolela tlwaelo ya go tsaya kgato pele mo go bontsheng tlotlo go yo mongwe.

Ka sekai, banna ba laelwa gore ‘ba neye mosadi tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi, . . . e le gore dithapelo tsa bone di se ka tsa kgoreletsega.’ (1 Petere 3:7) Fa monna a sa tlotle mosadi wa gagwe, le eleng dithapelo tsa gagwe go Modimo di tla kgoreletsega. Le fa go ntse jalo, go raya eng go tlotla mosadi wa gago? Go raya gore o a mo akanyetsa ka dinako tsotlhe, o reetsa dikakanyo tsa gagwe, o mo letlelela gore a tlhophe pele mo dilong tse di farologaneng ka dinako tse dintsi. Mosadi le ene a ka tlotla monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang, ka go dira ka natla gore e nne molekane yo o nang le tirisanommogo.—Genesise 21:12; Diane 31:10-31.

Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.” Keresete o ne a rata balatedi ba gagwe go le kana kang? O ne a ikemiseditse go ba swela. Baebele e bolela gape jaana: “A mongwe le mongwe wa lona [banna] ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.” (Baefeso 5:28-33) E bile Lefoko la Modimo le bolelela basadi “go rata banna ba bone, . . . ba ipaya mo taolong ya banna ba bone, gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.”—Tito 2:4, 5.

Amogela Diphoso fa di Nna Teng

E re ka batho botlhe ba tshotswe ba sa itekanela, ba tla dira diphoso. (Baroma 3:23; 5:12; 1 Johane 1:8-10) Mme go na le gore re godise diphoso, reetsa se Baebele e se bolelang: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.” (1 Petere 4:8) Diphoso tse e seng tsa sepe di rarabololwa sentle ka go di lebala, o di tlodisa matlho. Go ka dirwa jalo le ka diphoso tse di masisi thata. Bakolosa 3:12-14 e bolela jaana: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”

Re tshwanetse go itshwarela diphoso le ditlhaelo tsa molekane wa rona ga kae? Petere o ne a botsa Jesu jaana: “‘Morena, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae gore ke mo itshwarele? Go fitlha go makgetlo a le supa?’ Jesu a mo raya a re: ‘Ke a go raya ka re, e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.’” (Mathaio 18:21, 22) E re ka Jesu a ne a bolela seno ka ba ba seng mo lenyalong, a bo go itshwarelana go tlhokega thata jang ne magareng ga balekane ba lenyalo!

Le fa lenyalo le ile la nna la tlhaselwa mo dingwageng tsa bosheng jaana, kgabagare lenyalo le tla falola ka gonne le ne la theiwa ke Modimo e bile sengwe le sengwe se a se tlhomang se “molemo tota.” (Genesise 1:31) Ga le kitla le senyega. E bile le ka atlega, segolobogolo gareng ga bao ba tlotlang le ba ba tlotlomatsang ditaelo tsa Modimo. Mme kgwetlho ke gore: A batho ba babedi ba tla kgomarela ditsholofetso tsa bone tse ba di dirileng ka letsatsi la lenyalo tsa go ratana le go ngomaelana? Seo e ka nna kgwetlho tota, e bile o ka nna wa tshwanelwa ke go kgaratlha gore o fenye. Mme diphelelo e tla bo e se tsa lefela!

[Lebokoso mo go tsebe 28]

TLHALO LE KGAOGANO

Modimo, Motlhodi wa lenyalo, o le rulagantse gore e nne kgolagano e e nnelang ruri. A mme go na le lebaka lepe fela la Dikwalo la gore motho a tlhale molekane wa gagwe—le le le ka mo letlelelang go nyala gape? Jesu o ne a araba kgang eno ka go bolela jaana: “Ke a lo raya ka re le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Mathaio 19:9) Go sa ikanyege ka tlhakanelodikobo go go diriwang ke molekane ke lone lebaka le le lengwe la tlhalo le le ka letlelelang molekane yo o se nang molato go nyala gape.

Mo godimo ga moo, mafoko a Baebele a a mo go 1 Bakorintha 7:10-16, le fa a kgothaletsa balekane ba lenyalo go nna mmogo, a letlelela kgaogano. Bangwe, morago ga go leka ka thata go boloka lenyalo la bone, ba ikutlwa gore ga ba na se ba ka se dirang fa e se go kgaogana. Ke mabaka afe a a letlelelwang ke Dikwalo go tsaya kgato e e ntseng jalo?

Lebaka le lengwe ke go gana go tlamela ba lelapa ka boomo. Fa monna a nyala, o rwala boikarabelo jwa go tlamela mosadi wa gagwe le bana. Monna yo ka boomo a sa tlameleng ditlhokego tsa senama tsa botshelo “o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Ka jalo go kgaogana go a kgonega.

Lebaka le lengwe ke go utlwisiwa botlhoko thata mo mmeleng. Ka jalo, fa monna a utlwisa mosadi wa gagwe botlhoko mo mmeleng, mosadi a ka nna a kgaogana le monna wa gagwe. (Bagalatia 5:19-21; Tito 1:7) “Moya wa [Modimo] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Dipesalema 11:5.

Lebaka le lengwe la go kgaogana ke go bewa mo kotsing ga bomoya jwa modumedi ka mo go feletseng—kamano ya gagwe le Modimo. Fa kganetso ya molekane, gongwe go akaretsa le go mo kganela, go dirile gore go latelela kobamelo ya boammaaruri go se kgonege e bile go beile bomoya jwa modumedi mo kotsing, ba bangwe ba badumedi ba ne ba bona go tlhokega go kgaogana. *Mathaio 22:37; Ditiro 5:27-32.

Le fa go ntse jalo, fa tlhalo e dirwa ka mabaka a a ntseng jalo, motho ga a kitla a gololesega go tsena mo lenyalong le lesha. Go ya ka Baebele, lebaka le le lengwe fela le le utlwalang la tlhalo le le letlelelang motho go nyala gape ke boaka kgotsa “kgokafalo.”—Mathaio 5:32.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 27 Bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1988, ditsebe 22-3, e e buang ka kgaogano.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Lenyalo le tshwanetse go lebiwa jaaka thulaganyo e e nnelang ruri

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ne a re re tshwanetse go itshwarela “makgetlo a le masome a supa le bosupa”