Letsatsi la Lenyalo—Le a Itumedisa Mme le Batla mo Gontsi
Letsatsi la Lenyalo—Le a Itumedisa Mme le Batla mo Gontsi
BAEBELE e bontsha gore e ne e le Jehofa Modimo—yo o itseng batho go gaisa ope fela—yo o neng a nyadisa banyalani ba ntlha. O ne a simolola lenyalo jaaka motheo wa konokono wa batho. (Genesise 2:18-24) Mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, e leng Baebele, re bona melaometheo e e farologaneng e e ka re thusang go re kaela fa re rulaganya lenyalo.
Ka sekai, Jesu o ne a re Bakeresete ba tshwanetse go ‘duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’ (Mathaio 22:21) Ka jalo, ba tshwanetse go ikobela molao wa naga. Lenyalo le le dumelanang le dilo tse di batlegang tsa molao le sireletsa ba ba nyalanang ka ditsela di le dintsi, tse di tshwanang le go tlhokomela bana (go akaretsa go tlamela ka ntlo, dijo le diaparo le thuto) le ditshwanelo tsa boswa. Gape go na le melao e e dirilweng gore e sireletse maloko a lelapa mo go sotliweng le mo go dirisiweng ka tsela e e sa tshwanelang. *
Dithulaganyo
Ke dilo dife tse di leng molemo tse di tshwanetseng go akanyediwa fa go setse go sweditswe ka gore batho ba babedi ba tla nyalana le gore lenyalo le tla dumelana le melao le melaometheo ya Baebele mmogo le melao ya naga? Gareng ga tseno ke letsatsi le mofuta wa moletlo wa lenyalo o o batliwang.
“E ka nna ya bo e le gore megopolo ya banyalani ga e tshwane le ya batsadi e bile ba ka ikutlwa ba etsaetsega magareng ga go tlhopha se ba se batlang le go latela ngwao ya lelapa,” go bolela jalo buka nngwe e e buang ka kgang eno. Ke eng se se ka dirwang? “Ga go na tharabololo e e motlhofo ya seno, fa e se fela go reetsa ka botlhale, go tlotla ka mathata le go se gagamatse dilo go le kalo. Ke nako e e amang mongwe le mongwe maikutlo e bile go rulaganyetsa dilo kwa pele le go tlhaloganya dilo go tla thusa thata go dira dithulaganyo motlhofo.”—The Complete Wedding Organiser and Record.
Le fa batsadi ba ba lorato ba ka dira go le gontsi go tlhomamisa gore letsatsi la lenyalo le a atlega, ba tshwanetse go tlhokomela gore ba se ka ba gatelela gore go dirwe go ya ka tsela e bone ba eletsang ka yone. Mo letlhakoreng le lengwe, le fa ditshwetso tsa bofelo di tla dirwa ke banyalani, gape ba tshwanetse go reetsa kgakololo e boitlhomo jwa yone e leng go thusa. Fa ba dira tshwetso ya gore ke kakantsho efe e ba tla e amogelang, banyalani ba tshwanetse go gakologelwa kgakololo eno ya Baebele: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo. Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang. A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—1 Bakorintha 10:23, 24.
Dipaakanyetso di akaretsa ditiro tse di farologaneng, go simolola ka go romela ditaletso go ya mo go rulaganyeng lefelo la moletlo. “Fa dilo di baakantswe sentle, dilo di bonelwa pele sentle e bile go dirilwe dithulaganyo ka tsela e e tshwanetseng, ga go kitla go nna le letsapa le legolo le le tseneletseng le go ngomoga pelo,” go bolela jalo H. Bowman mo bukeng ya gagwe ya Marriage for Moderns. “Le eleng le fa dilo di tsamaya sentle,” o gakolola jaana, “go ka nna le matsapa mme go botlhale go dira gotlhe mo o ka go kgonang go a fokotsa.”
Go tla bo go na le ditiro tsa botlhokwa tse o tshwanetseng go di dira le go itumedisa baeng. A
ditsala kgotsa ba lelapa ba ka ithaopela go thusa? A dilo tse dingwe tse banyalani ba sa tlhokeng go di dira ka bobone di ka abelwa batho ba bangwe ba ba nang le maikarabelo?Ditshenyegelo
Tekanyetso ya madi e botlhokwa. Ga go utlwale e bile ga go bontshe lorato go lebelela gore banyalani kgotsa batsadi ba bone ba tsene mo dikolotong tsa go duelela lenyalo le ba sa le kgoneng. Ba le bantsi ba ba ka kgonang lenyalo la maemo a a kwa godimo ba tlhopha gore e nne le lepotlana. Le fa go ntse jalo, banyalani bangwe ba fitlhetse gore go molemo go nna le lenaane la ditshenyegelo tse di akanyediwang le tse e leng tsone. Go ka go sologela molemo gape go nna le lenaane la matlha a o ipeetseng one a dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go rulaganngwa ka one. Go leka go tshwara matlha ao otlhe ka tlhogo go tlile go go ngomola tlhogo.
Lenyalo le tla ja bokae? Madi a teng a farologana go ya ka mafelo, mme kwa o ka tswang o nna gone, go ka nna molemo gore lo ipotse jaana: ‘A re tla kgona go duelela dilo tsotlhe tse re di rulagantseng? A di a tlhokega tota?’ Tina, mosadi mongwe yo mosha yo o neng a tlile go nyalwa o ne a re: “Dilo tse dingwe tse di neng di bonala di le ‘botlhokwa thata’ ka nako ya dithulaganyo di ne tsa bonala di se botlhokwa kwa morago.” Akanya ka se Jesu a neng a se gakolola: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Fa e le gore ga o ka ke wa kgona go duelela sengwe le sengwe se o se ratang, fokotsa dingwe. Le fa o ka kgona go le gontsi, o ka nna wa rata go boloka dilo di sa raraana.
Kwa Italy, dipontsho tse di neng tsa tshwarwa go tsweledisa pele ditirelo tsa manyalo le dilwana tse di rekisiwang gore di dirisiwe mo manyalong di ne tsa bontsha gore go fopholediwa gore monyadiwa wa kwa Italy a ka dirisa bokae mo lenyalong? Ditlolontlafatsi le go ipaakanya moriri, R4 000; go hira sejanaga se se manobonobo, R2 700; bidio ya letsatsi la lenyalo, R5 500; alebamo ya lenyalo (kwantle ga dinepe), R1 150-R4 550; dithunya, go simolola ka R5 500; dijo, R400-800 motho a le esi; mosese wa lenyalo, kwa godimo ga R11 000. Fa re akanya ka botlhokwa jwa tiragalo eno, motho o a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa motho a eletsa go dira sengwe se se kgethegileng. Mme le fa e le eng se go dirwang tshwetso ya gore se dirwe se tshwanetse go dirwa ka tekano.
Le fa bangwe ba dirisa madi a mantsi, ba bangwe ba itumelela go somarela—kgotsa ba dira jalo ka gonne ga ba na ka tsela e nngwe. “Re ne re le babulatsela [bareri ba nako e e tletseng ba dikgang tse di molemo], e bile re ne re se na madi ape, mme go ne go sa tshwenye,” go bolela jalo mosadi mongwe yo o neng a nyalwa. “Mmatsale o ne a reka lesela la mosese, o o neng wa rokiwa ke tsala nngwe jaaka mpho ya gagwe ya lenyalo. Ditaletso di ne tsa kwalwa ka letsogo ke monna wa me, mme tsala nngwe ya Mokeresete e ne ya re adima sejanaga. Re ne ra reka dilo tse di tlhokegang tsa kwa moletlong mme mongwe a re fa beine. E ne e se sepe se se tlhwatlhwa e e kwa godimo, mme se ne se lekane.” Go ya ka monyadi mongwe, fa ba lelapa le ditsala ba thusa, “ditshenyegelo di fokotsega thata.”
Le fa boemo jwa bone jwa madi e ka ne e le bofe, banyalani ba Bakeresete ba tla batla gore ba se ka ba feteletsa dilo, ba tlogele bolefatshe kgotsa go bontsha mabela. (1 Johane 2:15-17) A bo go ka utlwisa botlhoko jang ne fa tiragalo e e itumedisang jaaka lenyalo e tshwanetse go dira gore mongwe a tlhaele mo melaometheong ya Dikwalo e e malebana le go lekanyetsa, e e tlhagisang kgatlhanong le go ja bobe, go nwa go feta tekano kgotsa sepe fela se se ka dirang gore motho a se ka a lejwa e le “yo o se nang se a ka tshwaiwang phoso ka sone”!—Diane 23:20, 21; 1 Timotheo 3:2.
Tila mokgwa wa go leka go nna le lenyalo le legolo le le botoka go gaisa a mangwe. A o ko o akanye ka masire a a tlhwatlhwa e e kwa godimo Bafilipi 4:5.
a basadi bangwe ba babedi ba ba neng ba nyalwa kwa nageng nngwe ba neng ba a apere—lesire le lengwe le ne le le dimetara di le 13 ka bophara e bile boima jwa lone e le dikilogerama di le 220; le lengwe le ne le le boleele jwa dimetara di le 300, le tlhoka baetsana ba le 100 gore ba le tshware. A go tla bo go dumalana le kgakololo ya Baebele ya go nna tekatekano fa re etsisa batho bao?—A Dilo di Tshwanetse go Dirwa go ya Kafa Setsong?
Dingwao tsa lenyalo di a farologana go ya ka dinaga, ka jalo ga go kgonege go akgela ka tsone tsotlhe. Fa banyalani ba dira tshwetso ya gore ba tla latela tlwaelo nngwe e e rileng, ba tshwanetse go ipotsa jaana: ‘E kaya eng? A e amana le botlhodi jo bo eleletsang masego kgotsa tsalo—jo bo tshwanang le go tshela banyalani ka raese? A e amana le bodumedi jwa maaka kgotsa ditlwaelo tse dingwe tsa bodumedi tse di kgalwang ke Baebele? A e a utlwala kgotsa a e lorato? A e ka tlhabisa ba bangwe ditlhong kgotsa a e ka ba kgopisa? A e ka tsosa dipelaelo ka maitlhomo a banyalani? A e na le sengwe se se seng sentle mo go yone? Fa go na le dipelaelo mo go nngwe ya dintlha tseno, go ka nna botoka gore o se ka wa latela tlwaelo eo mme fa go tlhokega, dira gore balalediwa ba itse ka tshwetso eo nako e sa ntse e le gone.
Boitumelo le Maikutlo
Maikutlo a a nnang gone ka letsatsi la lenyalo e ka nna a a tlhakatlhakaneng, bangwe ba ipela thata fa ba bangwe bone ba tsholola dikeledi. Mosadi mongwe yo o neng a nyalwa o bolela jaana: “Go ne go itumetswe thata jaana, go ne go ntse jaaka e kete ke a lora.” Mme monna wa teng ene o gakologelwa jaana: “E ne e le letsatsi le le bosula thata mo go nna mme gape e le le le monate go gaisa malatsi otlhe a botshelo jwa me. Bagwagadi ba ne ba lela fela thata ka gonne ke ne ke tsaya morwadiabone wa leitibolo, mosadi wa me o ne a lela fa a bona batsadi ba gagwe ba lela, mme kwa morago, ke ne ka phatloga ka selelo le nna ka gonne ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshokela go ba bona ba lela.”
Go itshwara ka tsela e e ntseng jalo ga go a tshwanela go re tshosa—go bakwa ke go ngomoga pelo. E bile ga go a tshwanela go gakgamatsa fa dikamano tsa ba lelapa, le eleng magareng ga banyalani ka bobone, di na le go tla di gagamala ka dinako tse dingwe. “Ka gonne tota e bile gongwe ke lekgetlho la ntlha ba rulaganyetsa tiragalo e kgolo jaana mmogo mme go sa itse gore ba direng go ka ama dikamano tsa bone ka tsela nngwe,” go bolela jalo The Complete Wedding Organiser and Record. “Ga go thuse ka sepe go tenega ka gonne dilo di sa tsamaye sentle jaaka go ne go solofetswe; go batla kgakololo le thuso mo nakong e e ntseng jaana go ka thusa fela thata.”
Monna mongwe yo o neng a nyala o ne a bolela jaana: “Se ke neng nka se anaanela thata e bile ka metlha ke ikotlhaelang go bo ke ne ke se na sone e ne e le go nna le mongwe yo ke neng nka kgona go mmulela mafatlha le yo ke neng nka mmolelela maikutlo a me.” Ke mang yo a ka diragatsang seabe se se ntseng jalo botoka fa e se tsala e e godileng kgotsa wa losika kgotsa motho yo mongwe yo o nang le boitemogelo mo phuthegong ya Bokeresete?
Fa batsadi ba bona ngwana wa bone a tlogela legae, ba ka nna le boitumelo, boipelo, ba tlhoafalela ngwana wa bone le tlhobaelo. Le fa go le jalo, batsadi ba tshwanetse go lemoga gore nako e fitlhile ya gore ngwana wa bone a “tlogele rraagwe le mmaagwe” mme a ngaparele molekane wa gagwe mme ‘ba nne nama e le nngwe,’ fela jaaka Mmopi a ikaeletse. (Genesise 2:24) Fa mmè mongwe a ne a akgela kafa a neng a itshwara ka gone ka lenyalo la morwawe wa leitibolo, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tsholola dikeledi, mme mo godimo ga dikeledi tsa kutlobotlhoko, go ne go tswa le tsa boitumelo, ke itumelela go nna le ngwetsi e e rategang.”
Go dira gore moletlo e nne o o itumedisang le o o agang, batsadi—jaaka banyalani—ba tshwanetse go bontsha dinonofo tsa Bokeresete tsa go dirisana mmogo, go ritibala, go se nne bogagapa le go amogela dipono tse di farologaneng.—1 Bakorintha 13:4-8; Bagalatia 5:22-24; Bafilipi 2:2-4.
Basadi bangwe ba ba nyalwang ba tshaba gore sengwe ga se kitla se tsamaya sentle ka letsatsi la bone la lenyalo—gore leotwana la sejanaga le tla felelwa ke moya mme ba goroge thari kwa moletlong, gore maemo a bosa a tla nna maswe kgotsa mosese wa lenyalo o tla senyega ka motsotso Moreri 9:11) Leka go nna o itumetse le fa o lebana le mathata e bile o nne le pono e e siameng. Fa go ka direga gore sengwe se se ka sa tsamaya sentle, gakologelwa gore mo dingwageng tse di tla latelang, o ka nna wa bua o se tshega fa o tlotlela ba bangwe ka sone. O se ka wa letla gore selonyana se sennye se se sa tsamayeng sentle se senye boitumelo jwa lenyalo ka bolone.
wa bofelo mo o ka se kgoneng go baakanngwa. Gongwe ga go na sepe sa dilo tseo se se tla diragalang. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebelela dikgakgamatso. Ga se sengwe le sengwe se se tla tsamayang fela ka thelelo. O tshwanetse go amogela mathata fa a tla. ([Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Mo ntlheng eno, dinaga tse di farologaneng di iletsa go nyala lefufa, go tlhakanela dikobo le wa losika, boferefere, thubakanyo ya mo lelapeng le lenyalo la batho ba bannye.
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
“Dilo tse dingwe tse di neng di bonala di le ‘botlhokwa thata’ ka nako ya dithulaganyo di ne tsa bonala di se botlhokwa kwa morago.”—TINA, MOSADI MONGWE YO O NENG A NYALWA
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]
SEKAI SA LENAANE LA DILO TSE DI TSHWANETSENG GO TLHOKOMELWA *
Dikgwedi di le 6 kgotsa tse di kwa pele thata
❑ Tlotla ka dithulaganyo tsa lenyalo le monna kgotsa mosadi yo o tla nyalanang nae, ba bogwe le batsadi
❑ Tlotlang gore lo batla lenyalo la mofuta ofe
❑ Tlhatlhobang gore lo tla dirisa madi a a kana kang
❑ Tlhokomela dilo tse di batliwang ke molao
❑ Beeletsa lefelo la moletlo
❑ Ikopanye le motho yo o tsayang ditshwantsho
Dikgwedi di le 4
❑ Tlhopha (mo diaparong tse di leng teng), reka kgotsa roka diaparo tsa lenyalo
❑ Otara dithunya
❑ Tlhopha ditaletso mme o di otare
Dikgwedi di le 2
❑ Romela ditaletso
❑ Reka dipalamonwana
❑ Bona makwalo a a tlhokegang
Kgwedi e le 1
❑ Itekanye diaparo tsa lenyalo
❑ Tlhomamisa diotara le mabaka a a tshwanetseng go dirwa ka dinako tse di rileng
❑ Kwala makwalo a go lebogela dimpho dipe fela tse o setseng o di amogetse
Dibeke di le 2
❑ Simolola go isa dilwana tsa gago kwa bonnong jwa gago jo bosha
Beke e le 1
❑ Tlhomamisa gore bathusi botlhe ba itse gore ke eng se go lebeletsweng gore ba se dire
❑ Rulaganya gore dilo dipe fela tse di hirilweng kgotsa tse di adimilweng di busediwe kwa morago
❑ Abela ba bangwe ditiro tsotlhe tse o ka kgonang go di ba abela
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 31 Tseno di ka nna tsa fetolwa gore di tshwanele dilo tse di batliwang ke molao wa lefelo la lona le maemo a gago ka namana.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye”