Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Letsatsi le le Itumedisang Thata la Botshelo Jwa Rona”

“Letsatsi le le Itumedisang Thata la Botshelo Jwa Rona”

“Letsatsi le le Itumedisang Thata la Botshelo Jwa Rona”

LENYALO ke tiragalo e e itumedisang. Banyalani ba le bantsi ba ne ba bolela jaana: “E ne e le letsatsi le le itumedisang thata la botshelo jwa rona.” Mme gape e ka nna lengwe la malatsi a a batlang go le gontsi. Go ngomoga pelo le letsapa le le tseneletseng la banyalani le ba malapa a bone e ka nna le legolo ka ntlha ya ditshwetso le dipaakanyetso tsotlhe tse di tlhokegang mmogo le batho ba le bantsi ba banyalani bano ba tla kopanang le bone ka letsatsi leo.

Lenyalo le tshwaya tshimologo ya tsela e ntšha ya botshelo jwa banyalani. Mme ga e kitla e nna bone fela ba ba amegang. E re ka gantsi lenyalo la morwadio, morwao, kgaitsadio kgotsa mogoloo le bolela gore yo o rategang o itlhomela lelapa la gagwe kwa thoko, gantsi ba lelapa ba tla sala ba sa itse gore ba ikutlwe jang ka gone.

Ditlwaelo tsa manyalo di a farologana go ya ka dinaga e bile ga go kgonege gore re tlotle ka tsone tsotlhe fano. Ditlhogo tseno di tla tlotla ka seo e setseng e le tlwaelo kwa dinageng tsa Bophirima le dinaga tse di tshwanang. Kwa dinageng tseo, go nyala go ka ja madi a mantsi fela thata. Batho bangwe ba dirisa madi a mantsi thata mo dilong tse di leng malebana le letsatsi la lenyalo, go akaretsa go hira holo kgotsa resetšhurente gore e nne lefelo la mokete le la bojelo. Go fopholediwa gore tlhwatlhwa ya lenyalo le le tlwaelegileng kwa Italy ke madi a a fetang R90 000. Kwa Japane, fela jaaka kwa dinageng tse dingwe, e ka nna madi a le mantsi le go feta. Gantsi banyadi ga ba duele sekoloto seno. Batsadi ba bone ke bone ba ba duelang.

Manyalo ke kgwebo e kgolo. Dikgwebo di le dintsi di rotloetsa kgopolo ya lenyalo le le “se nang diphoso,” mo go se nang sepe se se tlhaelang. Ka gonne tota, ba re “leno ke letsatsi le le itumedisang thata la botshelo jwa gago!” Ka jalo ba ntsha lenaane le leleele la dilo tse di tshwanetseng go dirwa le ditirelo tse di “botlhokwa” go dira letsatsi la lenyalo la gago go nna le le “se nang diphoso.” Go ka nna ga bo go na le go laletsa batho, mosese wa gago o “montlentle,” mesese ya baetsana le diaparo tsa banna kgotsa disutu tse di tshwanang tsa baetsana ba basimane. Go na gape le dithunya, dikoloi tsa maratagolejwa gongwe le resetšhurente e mokete o tla ketekelwang mo go yone, motho yo o tsayang ditshwantsho, setlhopha sa mmino le dilo tse dingwe. Lenaane la dilo tsotlhe tse banyadi ba ka di ratang, mmogo le lenaane la ditshenyegelo, le ka dira gore borre ba le bantsi ba tsitsibane mmele.

Mo ditšhabeng tse di farologaneng, go gatelelwa thata gore go dirwe selo go ya kafa setso se batlang ka teng. Go na le tsela e e rileng e dilo tsotlhe di tshwanetseng go dirwa ka yone, mme go lebeletswe gore banyadi ba dire fela jalo. Ee, go na le dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di gakologelwa, mme go na le nako e nnye fela ya gore o di rulaganye tsotlhe.

A ke selo se se itumedisang se motho a ka lebelelang go se itumelela kgotsa a ke nako e e kgobang marapo? Le fa karabo ya gago e ka tswa e le efe, go akanyetsa sotlhe se lenyalo le ka se batlang go tsosa dipotso di le mmalwa. Ke eng se go nyala go se bolelang mo malatsing a segompieno? A tota go tlhokega gore motho a dire dilo tseno tsotlhe gore go twe o nyetse “sentle”? Go ka lebanwa jang le mathata a a farologaneng a a diragalang le a maikutlo?

Le fa gone go na le dilo tseno tsotlhe tse di ngomolang pelo, ba le bantsi ba ne ba rulaganya manyalo a bone ka botlalo e bile ba itumeletse moletlo ono. Maitemogelo a bone a ka thusa le ba bangwe ba ba ipaakanyetsang go nyala. Gape, go na le melaometheo ya Baebele e e ka thusang fa dithulaganyo tsa lenyalo di dirwa, e le gore lenyalo le nne le le ipedisang, le le itumedisang le le le agang mongwe le mongwe.