Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
Kgopolo E e Mo Baebeleng
Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
GO YA ka Baebele, go na le dibopiwa di le dintsi tsa baengele ba ba nnang mo lefelong la semoya. (Daniele 7:9, 10; Tshenolo 5:11) Go simolola kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, Dikwalo di umaka ka makgetlo a le makgolokgolo baengele ba ba ntseng ba ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo, ke di le pedi fela tsa dibopiwa tseno tsa semoya tse di umakiwang ka maina. Se sengwe ke moengele Gabariele, yo o neng a isa melaetsa e e tswang kwa Modimong kwa bathong ba bararo ba ba farologaneng ka lobaka lwa dingwaga di le 600. (Daniele 9:20-22; Luke 1:8-19, 26-28) Moengele yo mongwe yo o umakiwang ka leina mo Baebeleng ke Mikaele.
Go phepafetse gore Mikaele ke moengele yo o tlhomologileng. Ka sekai, mo bukeng ya Daniele, go tlhalosiwa gore Mikaele o tlhabana le madimona a a boikepo mo boemong jwa batho ba ga Jehofa. (Daniele 10:13; 12:1) Mo lokwalong lo lo tlhotlheleditsweng lwa Jude, Mikaele o ganetsana le Satane ka mmele wa ga Moshe. (Jude 9) Buka ya Tshenolo e bontsha gore Mikaele o tlhabana le Satane le madimona a gagwe mme o ba piriganya go tswa kwa legodimong. (Tshenolo 12:7-9) Ga go na moengele ope yo mongwe yo go bolelwang a na le maatla a magolo jalo le taolo mo babeng ba Modimo. Ga go gakgamatse he go bo Baebele e re Mikaele ke “moengele yo mogolo.”
Kganetsano ya Gore Mikaele ke Mang
Madumedi a Labokeresete mmogo le a Sejuda le Iselamo a na le dipono tse di sa tshwaneng malebana le baengele. Ditlhaloso tse dingwe ga di bue sepe se se utlwalang. Ka sekai, The Anchor Bible Dictionary e bolela jaana: “Go ka tswa go na le moengele a le mongwe wa maemo a a kwa godimo le/kgotsa setlhopha se sebotlana sa baengele ba bagolo (ba ka tlwaelo ba nnang banè kgotsa supa).” Go ya ka The Imperial Bible-Dictionary, Mikaele ke “leina la sebopiwa se se fetang motho ka nonofo, yo malebana le ene go nang le dikgopolo tse pedi tse di sa dumalaneng, gore e ka tswa e le Morena Jesu Keresete, Morwa Modimo, kgotsa gore ke mongwe wa ba go tweng ke baengele ba ba supa ba bagolo.”
Mo polelong ya bogologolo ya Sejuda baengele bano ba ba supa ba bagolo ke Gabariele, Jeremiele, Mikaele, Raguele, Sariele le Uriele. Kafa letlhakoreng le lengwe, Boiselamo bo dumela mo baengeleng ba le banè ba bagolo, e bong Jibril, Mikal,
Izrail le Israfil. Bokatoliki le jone bo dumela mo baengeleng ba banè: Mikaele, Gabariele, Rafaele le Uriele. Baebele ya reng? A go na le baengele ba bagolo ba le mokawana?Karabo ya Baebele
Kwantle ga Mikaele, ga go umakiwe moengele ope yo mogolo mo Baebeleng, e bile Dikwalo ga di dirise lefoko “moengele yo mogolo” mo bontsing. Baebele e tlhalosa Mikaele e re ke moengele yo mogolo, e raya gore ke ene fela e leng moengele yo mogolo. Ka jalo, go a utlwala go konela ka gore Jehofa Modimo mo dibopiweng tsa gagwe tsa selegodimo o neile fela sebopiwa se le sengwe, se le sengwe fela, taolo e e feletseng mo baengeleng ba bangwe botlhe.
Kwantle ga Mmopi ka boene, go umakiwa motho a le mongwe fela yo o ikanyegang yo baengele ba leng kafa tlase ga gagwe—e bong, Jesu Keresete. (Mathaio 13:41; 16:27; 24:31) Moaposetoloi Paulo o umaka “Morena Jesu” le “baengele ba gagwe ba ba maatla” ka tlhamalalo. (2 Bathesalonika 1:7) Mme Petere o ne a tlhalosa Jesu yo o tsositsweng a re: “O kafa seatleng sa moja sa Modimo, gonne o ne a ya legodimong; mme baengele le balaodi le bathata ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.”—1 Petere 3:22.
Le fa go se na polelo epe mo Baebeleng e e tlhalosang gore moengele yo mogolo Mikaele ke Jesu, go na le lekwalo le le lengwe le le amanyang Jesu le boemo jwa go nna moengele yo mogolo. Moaposetoloi Paulo mo lekwalong la gagwe le le yang go Bathesalonika, o ne a porofeta jaana: “Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo le ka terompeta ya Modimo, mme ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba tla tsoga pele.” (1 Bathesalonika 4:16) Mo lokwalong lono Jesu o tlhalosiwa a tsere maatla a gagwe jaaka Kgosi ya Modimo ya Bomesia. Le fa go ntse jalo, o bua ka “lentswe la moengele yo mogolo.” Gape, ela tlhoko gore o na le maatla a go tsosa baswi.
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng e le motho, o ne a tsosa batho ba le mmalwa. Fa a dira jalo, o ne a dirisa lentswe la gagwe go ba laela gore ba tsoge. Ka sekai, fa a ne a tsosa morwa mosadi wa motlholagadi kwa motseng wa Naine, o ne a re: “Lekau, ke a go raya ka re, Tsoga!” (Luke 7:14, 15) Moragonyana, pele ga Jesu a tsosa tsala ya gagwe Lasaro, o ne a “goa ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Lasaro, tswa!’” (Johane 11:43) Mme mo ditiragalong tseno, lentswe la ga Jesu e ne e le lentswe la motho yo o itekanetseng.
Fa Jesu ka boene a sena go tsosiwa, o ne a tsholelediwa kwa “boemong jo bo kwa godimo” kwa legodimong e le sebopiwa sa semoya. (Bafilipi 2:9) Ka gonne ga e tlhole e le motho, o na le lentswe la moengele yo mogolo. Ka jalo, fa terompeta ya Modimo e ne e tsosa “ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete” gore ba tsosediwe go ya legodimong, Jesu o ne a kua “mokgosi wa taelo,” mo lekgetlong leno “ka lentswe la moengele yo mogolo.” Go a utlwala go konela ka gore ke moengele yo mogolo fela yo o ka buang ka “lentswe la moengele yo mogolo.”
Ee, go na le dibopiwa tse dingwe tsa baengele tsa maemo a a kwa godimo, jaaka boserafa le ditšheruba. (Genesise 3:24; Isaia 6:2) Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bontsha gore Jesu Keresete yo o tsositsweng ke ene moengele yo mogolo mo baengeleng botlhe—Mikaele moengele yo mogolo.