Bamasai—Batho ba ba Tlhomologileng ba ba Mebalabala
Bamasai—Batho ba ba Tlhomologileng ba ba Mebalabala
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA
PINA e e kwa godimo ya mosimanyana wa Momasai (Momaasai) e ne ya utlwala go kgabaganya mokgatšha, e elela le phefo e e bongola thata ya moso. Fa letsatsi la moso le ntse le tlhatlogela kwa godingwana, lentswe le le monate la mosimanyana yono le ne la tlhatlogela kwa godimo thata, jaaka modumo wa nonyane e e opelelang kwa godimo ka nako ya matlhasedi a ntlha a letsatsi fa le ntsha nko.
Ke ne ke reeditse mosimanyana yono wa modisa wa Momasai fa letsatsi le le neng le ntse le tlhatloga le dira gore ke kgone go mmona sentle a eme fa gare ga dikgomo tsa ga rraagwe. O ne a eme ka leoto le le lengwe jaaka nonyane ya mogolodi a latlheletse letsela le leleele le lehibidu mo mmeleng le o bipile go sekae fela, a ikaegile ka lore lwa lerumo la gagwe a opelela motlhape o o ritibetseng. Mma ke go bolelele mo go oketsegileng ka Bamasai bano ba ba tlhomologileng.
O a Amogelwa mo Nageng ya Bamasai
Bamasai, batho ba ba mebalabala ba ba dirang tiro ya go disa ba nna mo mafelong a magolo a a bulegileng a Great Rift Valley ya Afrika Botlhaba. Bamasai ba nna mo nageng ya Kenya le ya Tanzania, mme ke masalela a kokomana ya motlha o o fetileng a a tshelang ka yone tsela e borraabonemogolo ba neng ba tshela ka yone makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Ga ba tshwenyege ka go boloka nako, matshelo a bone a laolwa ke go tlhaba le go phirima ga letsatsi le ke dipaka tse di fetofetogang.
Bokgoni jo Bamasai ba nang najo bo akaretsa go tshela mo tikologong ya maemo a a thata le mo mafelong a a makgawekgawe a Rift Valley. Ba tsamaya dikgala tse ditelele thata ka maoto a bone a maleele ba batlela dikgomo tsa bone mafulo a matala le metsi. Ba disetsa dikgomo tsa bone fa gare ga dirapa tsa dikgokong, dipitse tsa naga, dithutlwa le diphologolo tse dingwe tsa mo dipoeng tse di nnang mo nagagaeng ya bone.
Batho ba Dikgomo
Bamasai ba dumela gore dikgomo tsotlhe mo lefatsheng ke tsa bone. Tumelo eno ya bone e tswa mo tlhamaneng nngwe e e bolelang gore mo tshimologong Modimo o ne a na le barwa ba le bararo le gore o ne a naya mongwe le mongwe wa bone mpho. Morwa wa ntlha o ne a newa lerumo la go tsoma, wa bobedi a newa mogoma wa go lema, mme wa boraro a newa thobane
ya go disa dikgomo. Gatwe yono wa boraro o ne a nna rra setšhaba sa Bamasai. Le mororo ditso tse dingwe di na le dikgomo, Bamasai ba dumela gore tota dikgomo tseno ke tsa bone.Mo setšhabeng sa Bamasai, maemo le seriti se monna a nang le sone di bonwa ka bontsi jwa dikgomo tse a nang le tsone le gore o na le bana ba le kae. Eleruri, monna yo o nang le dikgomo tse di kafa tlase ga di le 50 o kaiwa a le dikobo di magetleng. Monna wa Momasai o solofela gore kgabagare o tla kgona go atisa dikgomo tsa gagwe go fitlha di nna sekete ka thuso ya bana ba gagwe ba bantsi le basadi ba gagwe.
Maloko a lelapa la Bamasai a rata dikgomo thata. Kgomo nngwe le nngwe e na le modumo o o tlhomologileng le mokgwa wa yone fela o lelapa le o itseng sentle. Gantsi ba tshwaya dikgomo ka tshipi e e molelo ka go rala metlhala e meleele e e kgogoropo le methalo e e raraaneng go kgabisa kgomo. Ba na le dipina tse ba di opelang tse di tlhalosang bontle jwa dikgomo dingwe tsa motlhape le kafa di ratiwang ka teng. Ba rata thata dipoo tse di nang le dinaka tse ditelele tse di makoro, mme ba tlhokomela namane ka lorato le go e neneketsa jaaka e kete ke ngwana yo o sa tswang go belegwa.
Gantsi magae a Bamasai a agiwa ke basadi mme ba a aga ka dikala tse di logagantsweng ka bojang morago ga moo ba bo ba dila dipota tsa one le go di kaba ka boloko jwa dikgomo. Matlo ano a a kgolokwe a a sebopego se se motopo, a agiwa gore a dire sediko se segolo se se sireletsang lesaka le le fa gare ga one le dikgomo di robalang mo go lone bosigo. Sediko seno sotlhe sa one se agelelwa ka legora la dikala tse di mebitlwa e e bogale le le sireletsang Bamasai le dikgomo tsa bone gore di se ka tsa tlhaselwa ke diphiri, mangau le ditau.
Botshelo jwa Bamasai bo ikaegile ka botsogo le go nonofa ga metlhape ya bone. Ba nwa mashi a dikgomo, mme ba dirisetsa boloko jwa tsone go kaba matlo a bone. Bamasai ba tlhaba dikgomo tsa bone sewelo fela gore ba di je; mme dinku le dipodi di le mmalwa tsone ba di ruetse go di ja. Mme fa ba tlhaba kgomo nngwe, ba dirisa karolo nngwe le nngwe ya yone. Dinaka ba di dirisa jaaka dijana tse ba bayang sengwe mo go tsone; ba betla ditlhakwana le marapo a tsone go nna mekgabisa mme ba suga letlalo la yone go dira ditlhako, diaparo, dilo tse ba alolang bolao ka tsone le go dira megala.
Ba Mebalabala e Bile ba Tlhomologile
Bamasai ke batho ba bantle ba baleele ba basesane ba ba nang le dipopego tse dintle. Diaparo tsa bone di mebalabala e mentle. Ba latlhelela letsela le le tsentsweng mebala e e bohibidu le bobududu jo bo galotseng mo godimo ga mebele ya bone e mesesane. Gantsi basadi ba ikgabisa ka
dikholara tse dikgolo tse di kgolokwe tse di tletseng dibaga le ka dithathelela tlhogo tse di mebalabala. Ka dinako tse dingwe ba tlama mabogo a bone le magwejana thata ka megala ya dikhoile tsa kopore. Gantsi banna le basadi ba lelefatsa matheneke a ditsebe tsa bone ka go a tsenya manyena a a boima le mekgabisa ya dibaga. Gantsi ba tlhakanya letsoku, e leng mmu o mohibidu o o sidilweng gore o nne loupa, le mafura a kgomo ba bo ba le itshasa ka matsetseleko mo mmeleng.Maitseboa mangwe, go gotsitswe molelo, ke ne ka lebelela setlhopha sa Bamasai se phuthega mmogo go tla go bina. Ba dira sediko ba bo ba binela gongwe. Fa ba ntse ba oketsa lobelo lo ba binang ka lone, dikholara tsa basetsana tse di tletseng dibaga di itaaganela gongwe mo magetleng a bone di ya kwa godimo le kwa tlase. Morago ga moo, batlhabani ba Bamasai ba tsena ka bongwe ka bongwe mo gare ga sediko seno ba refosana, ba tlolela kwa godimo thata ka tsela e e sa tlwaelegang. Ba ka bina jalo go fitlha bosigogare fa botlhe ba setse ba lapile.
Botshelo Jwa Lelapa la Bamasai
Ke ne ka fetsa motshegare otlhe o o mogote ke ntse le setlhopha sa basadi ba Bamasai kafa tlase ga moriti wa setlhare sa mokala, ke bogetse fa ba ntse ba somela matlalo a a sugilweng mo teng ga dibaga. Fa ba ntse ba tlotla e bile ba tshega, ga ba tseye tsia dinonyane tsa botale tse di ntseng di tlhodia fa godimo ga ditlhogo tsa bone di aga dintlhaga ka dirite tsa bojang. Fa letsatsi le ntse le kgabaganya, basadi ba tshwarega ka go ya nokeng le go ya go rwalela, go baakanya matlo a bone le go tlhokomela bananyana ba bone.
Fa letsatsi le setse le ya le lebile kgala ya bophirima, badisa ba simolola go boa le dikgomo tsa bone. Motlhape o simolola go leba gae ka iketlo, ditlhakwana tsa one di ntse di kubuetsa lerole le lehibidu le le bonesiwang ke marang a letsatsi le le ntseng le phirima ka iketlo. Fa basadi ba bona lerole le kubueditse kwa kgakala, ba tlogela ditiro tsa bone ka bonako go ya go baakanyetsa motlhape ono o o ntseng o atamela.
Fa dikgomo di setse di tsene mo teng ga lesaka, banna ba tsamayatsamaya mo gare ga tsone ba ntse ba
solasola dinaka tsa dipoo ba bogile bontle jwa tsone. Mosimanyana mongwe o gamela mashi a a bothitho mo leganong a a tswang mo theleng ya kgomo a bo a kgalemelwa ka bonako ke mmaagwe. Barweetsana ba tsena ba tswa mo gare ga mafaratlhatlha a dinaka le ditlhakwana, ba gama dikgomo ka matsetseleko, ba tlatsa digwana tsa bone tse ditelele thi ka mashi.Mo maitseboeng, rotlhe re kokoana fa molelong go ikomosa. Go utlwala monkgo wa mosi le wa nama e e besitsweng le monkgo o o bogale wa dikgomo tsa motlhape o o gaufinyana le rona. Monna mongwe yo mogolwane o nna fa fatshe go re lotlegela ka hisitori ya Bamasai le ka ditiro tsa bogatlhamelamasisi tse di neng tsa dirwa ke batlhabani ba Bamasai. O didimala fela fa a utlwa tau e rora kgakalanyana, morago ga moo a bo a tswelela go lotlega kgang e telele ya gagwe e e itumedisang bareetsi ba gagwe go se letsapa lepe le le mo fisang pelo. Kgabagare, botlhe ba tsena ka bongwe ka bongwe mo teng ga matlo a bone a a lefifi a a agilweng ka mmu a a nang le marulelo a a kgolokwe go ya go robala. Ga sala go rile tuu mo lefifing leo la bosigo go utlwala fela modumo wa go hema ga dikgomo tse di robetseng.
Bana ba Bamasai
Motse o a bo o setse o tlhanasela fa letsatsi le tswa. Bananyana ba tshameka mo phefong e e tsiditsana ya moso ba ipofile ka meitlamo ya dibaga fela mo mathekeng le mo melaleng. Setshego sa bana bano se kgothatsa Bamasai ka gonne ba rata bana ba bone thata e re ka ba dumela gore isagwe ya bone le pabalesego ya bone e ikaegile ka bone.
Bana ba bone ba godisiwa ke setšhaba sotlhe—mogolo ope fela mo setšhabeng a ka otlhaya ngwana le go mo kgwathisa fa a sa utlwe. Bana ba rutiwa go tlotla bagolo, mme ba ithuta ditsela tsa botshelo jwa lelapa la Bamasai ka bonako. Ga ba tshwenyege ka sepe fa ba sa ntse ba le bannye, mme fa ba ntse ba gola, barweetsana ba rutiwa go dira ditiro tsa fa gae mme basimanyana bone ba rutiwa go tlhokomela diruiwa le go di sireletsa. Batsadi ba ruta bana ba bone ka melemo ya kalafi ya setso ba bo ba ba ruta meetlo le dingwao tsa Bamasai tse di amang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Bamasai.
Go Tsena mo Bogolong
Fa basha ba ntse ba gola, ba ithuta dingwao le mekgwa e e tla bontshang gore ba tswa mo bongwaneng ba fetela mo bogolong. Mengwe ya meetlo e ba e ithutang e amana le bolwetse, bomadimabe, lenyalo le loso. Bamasai ba dumela gore ba tla hutsega fa ba sa latele mekgwa eno.
Batsadi ba Bamasai ba rulaganyetsa morwadiabone yo o sa leng lesea gore o tla nyalwa ke mang. Ba rulaganyetsa gore ngwana wa mosetsana a nyalwe ke monna yo o nang le dikgomo tse dintsi ka mo go lekaneng gore a kgone go duela bogadi jo rraagwe a tla bo batlang. Gantsi o tla nyalwa ke monna yo mogolo thata mo go ene mme a tle go nna mmogo le basadi ba bangwe ba monna yono mo ntlong ya gagwe.
Fa basimanyana ba ntse ba gola mo setšhabeng sa Bamasai, ba tsalana thata le basha ba bangwe ba basimane ba e leng dithaka tsa bone. Botsalano jo bo kgethegileng jo ba nnang le jone le dithaka tseno tsa bone e ka nna ya nna jwa botshelo jotlhe. Ba tla gola mmogo go tloga e sa le basha ba ba se nang maitemogelo go fitlha e nna batlhabani. Fa e le batlhabani ba nna le boikarabelo jwa go sireletsa lelapa lotlhe, go tlhokomela metswedi ya metsi ya mo setšhabeng sa bone le go sireletsa diruiwa mo diphologolong tse di tlhaga le gore di se ka tsa utswiwa. E re ka Bamasai ba itsiwe e le batho ba ba dinatla e bile ba le pelokgale, ga ba ke ba bonwa ba sa tshwara marumo a bone a a looditsweng sentle a a bogale.
Fa batlhabani ba na le dingwaga di ka nna 30, ba tsaya kgato ya bone ya bofelo ya go fetela mo bogolong. Ka boitumelo le ka modiro o mogolo, ba fetisediwa mo maemong a go nna bagolo; morago ga moo ba tla letlwa go nyala. Fa ba setse ba na le maemo ano a a tlotlegang, ba tla tlhoma mogopolo mo go batleng molekane le mo go oketseng motlhape wa bone wa dikgomo e bile go tla lebelelwa gore ba kgone go naya ba bangwe dikgakololo le go rarabolola dikgotlhang.
Isagwe ya Bamasai e Ntse Jang?
Gompieno jaana dingwao tse di tlhomologileng le setso sa Bamasai di nyelela ka bofefo. Mo mafelong mangwe, Bamasai ga ba tlhole ba kgona go tsamayatsamaya ba gololesegile ka dikgomo tsa bone ba batla mafulo a masha. Dibata tse dikgolo tsa lefatshe tse e neng e le nagagae ya bone e e tlwaelegileng jaanong di a tlhabololwa gore e nne bonno jwa diphologolo tsa naga kgotsa go agiwa matlo mo go tsone le go lema gore go tle go tlhokomelwe palo e e ntseng e gola ya batho. Komelelo le mathata a ikonomi di patelela Bamasai ba le bantsi gore ba rekise dikgomo tsa bone tse ba di ratang thata gore ba tle ba kgone go tshela. Fa ba ntse ba fudugela kwa ditoropong tse dikgolo, ba kopana le mathata a batho mo lefatsheng lotlhe le le ba dikologileng la segompieno ba nang le one.
Gompieno jaana setšhaba sa Bamasai sa kwa Afrika Botlhaba se fitlhelelwa ka bodiredi jwa Basupi ba ga Jehofa. Go gatisitswe dikhopi di feta 6 000 tsa boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng ka puo ya Semasai. Ka jalo, Bamasai ba thusiwa go bona pharologanyo fa gare ga ditumelobotlhodi tse di se nang motheo le boammaaruri jwa Baebele. Ruri go a itumedisa go bona gore Mmopi wa rona, e bong Jehofa Modimo, o neile batho ba ba tlhomologileng le ba ba mebalabala bano sebaka sa gore e nne bangwe ba bontsi jwa ‘merafe le ditso le ditšhaba le diteme’ ba ba tla falolang tshenyego ya tsamaiso e e tletseng mathata eno ya dilo.—Tshenolo 7:9.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Legae le le tlwaelegileng la Bamasai
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bamasai ba kopana mmogo go tla go bina
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Basupi ba babedi ba Bamasai