Barutabana—Ke ka Ntlha Yang Fa re Ba Tlhoka?
Barutabana—Ke ka Ntlha Yang Fa re Ba Tlhoka?
“Letsatsi le le nosi le morutabana yo o itseng go ruta le botoka go na le malatsi a le sekete o ithuta ka tlhoafalo.”—Seane sa Sejapane.
AO GAKOLOGELWA morutabana yo o go kgatlhileng tota kwa sekolong? Kgotsa fa e le gore o sa ntse o le moithuti, a o na le morutabana yo o mo ratang thata go gaisa ba bangwe? Fa go le jalo, ke ka ntlha yang?
Morutabana yo o nang le bokgoni o dira gore morutwana a itshepe e bile o dira gore go ithuta e nne kgwetlho e e kgatlhang. Rre mongwe yo o nang le dingwaga di le 70 kwa Engelane o gakologelwa ka lorato morutabana wa gagwe wa Seesemane kwa a neng a tsena sekolo gone kwa Birmingham. “Rre Clewley o ne a dira gore ke lemoge bokgoni jo ke neng ke sa itse gore ke na le jone. Ke ne ke le ditlhong e bile ke sa kgone go bua, mme le fa go ntse jalo o ne a nthotloetsa gore ke tlhagelele mo kgaisanong ya terama ya sekolo. Mo ngwageng wa me wa bofelo, ke ne ka fenya sekgele sa terama. Ke ne ke se kitla ke kgona fa e ne e se ka ntlha ya kgothatso ya gagwe. Se se utlwisang botlhoko ke gore ga ke a kgona go mmona gape mo dingwageng tsa moragonyana gore ke lebogele boineelo jwa gagwe mo baithuting ba gagwe.”
Margit, mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50, go tswa ka Munich, Jeremane, o bolela jaana: “Go ne go na le morutabana mongwe yo ke neng ke mo rata thata. O ne a na le tsela e ntle ya go tlhalosa dilo tse di raraaneng thata ka mokgwa o o motlhofo. O ne a re kgothaletsa go botsa dipotso fa re sa kgone go tlhaloganya sengwe. E ne e se motho yo o itshelelang fela a le esi mme go na le moo, o ne a le botsalano. Seno se ne sa dira gore dithuto e nne tse di itumedisang thata.”
Peter, wa kwa Australia, o gakologelwa morutabana wa dipalo yo jaaka a bolela, “a neng a re thusa go lemoga botlhokwa jwa se re se ithutang ka go ntsha dikai tse di thusang. Fa re ne re ithuta dipalo, o ne a re bontsha kafa re ka lekanyang boleele jwa kago kwantle ga go e kgoma, ka go dirisa fela melaometheo ya dipalo. Ke gakologelwa ke ipolelela ke re: ‘Ke sengwe se se kgatlhang tota!’”
Pauline, go tswa kwa bokone jwa Engelane, o ne a dumela jaana mo morutabaneng wa gagwe: “Ke na le bothata ka dipalo.” Morutabana o ne a botsa jaana: “A o ka rata go tokafatsa mo go tsone? Nka go thusa.” Pauline o tswelela pele jaana: “Mo dikgweding di se kae tse di latelang, o ne a nthusa thata, le eleng go nthusa morago ga sekolo. Ke ne ke itse gore o ne a batla gore ke atlege—le gore o ne a amega ka nna. Go itse seno go ne ga dira gore ke bereke thata mme ke ile ka tokafatsa.”
Angie, go tswa kwa Scotland, yo gone jaanong a leng mo dingwageng tsa bo30, o gakologelwa Rre Graham, morutabana wa gagwe wa hisitori. “O ne a dira gore hisitori e kgatlhe tota! O ne a bolela ditiragalo tseno jaaka e kete o re tlotlela kgang nngwe e bile o ne a tlhagafalela serutwa sengwe le sengwe. O ne a dira gore hisitori e kgatlhe.” Angie o gakologelwa le Mmè Hewitt ka lorato, morutabana wa gagwe yo o godileng wa mophato wa ntlha. “O ne a le pelonomi e bile a amega ka batho. Ka letsatsi lengwe mo tlelaseng, ke ne ka mmotsa potso. O ne a ntshwara ka diatla. O ne a dira gore ke ikutlwe gore o ne a amega tota ka nna.”
Timothy, go tswa kwa borwa jwa Greece, o ne a tlhalosa tsela e a anaanelang ka teng. “Ke sa ntse ke gakologelwa morutabana wa me wa saense. O ne a fetola gotlhelele tsela e ke lebang lefatshe leno le botshelo ka yone. O ne a dira gore seemo e nne se se jesang kgakge le se se gakgamatsang mo tlelaseng. O ne a dira gore re eletse go itse re bo re rate go tlhaloganya.”
Ramona, go tswa California, U.S.A., ke sekai se sengwe. O kwala jaana: “Morutabana wa me wa kwa sekolong se segolo o ne a rata Seesemane. Tlhagafalo ya gagwe e ne e dira gore le rona re tlhagafale! O ne a dira gore le eleng dilo tse di thata di bonale di le motlhofo.”
Jane, go tswa kwa Canada, o ne a bua ka tlhagafalo ka morutabana wa thuto ya go ikatisa yo “o neng a na le dikgopolo di le dintsi ka go itapolosa le go ithuta. O ne a re isa kwa mafelong a a itumedisang a go intsha le go re isa kwa mafelong a go relela mo kapokong kwa nageng le go tshwara ditlhapi mo metsing a a suleng dikgapetla. Re ile ra bo ra dira borotho jo bo sepapetla, borotho jwa Seindia, re orile molelo mo kampeng e re e ikagetseng. Seno sotlhe e ne e le selo se se itumedisang tota mo mosetsaneng yo o tlwaetseng go dula mo gae yo gantsi a neng a rata go bala!”
Helen ke mosetsana yo o ditlhong yo o tsaletsweng kwa Shanghai mme o ne a tsena sekolo kwa Hong Kong. O gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke le mo mophatong wa botlhano ke ne ke na le morutabana, Rre Chan, yo o neng a ruta go ikatisa le botaki. Ke ne ke le mosesane e bile ke sa kgone go tshameka volleyball le baseketebolo. O ne a se ka a ntlhabisa ditlhong. O ne a ntetlelela go tshameka badminton le metshameko e mengwe e ke neng ke e kgona. O ne a akanyetsa e bile a le bonolo.
“Go ne go tshwana le mo kgannyeng ya botaki—ke ne ke sa kgone go taka ditshwantsho tsa dilo kgotsa batho. Ka jalo o ne a dira gore ke dire ditshwantsho tsa dilo tse di setseng di tshwantshitswe le dilo tse di toroilweng, e leng selo se ke neng ke kgona go se dira sentle. Ka gonne ke ne ke le mmotlana mo baithuting ba bangwe, o ne a mpontsha gore ke tshwanetse go boeletsa mophato ono gape mo ngwageng o o latelang. Seno se ne sa fetola botshelo jwa me fela thata. Ke ne ka kgona go itshepa e bile ka gatela pele. Ke tla nna ke mo leboga ka metlha.”
Ke barutabana bafe ba go bonalang ba ama barutwana ba bone thata? William Ayers o araba jaana mo bukeng ya gagwe ya To Teach—The Journey of a Teacher: “Go ruta sentle go tlhoka gore sa botlhokwatlhokwa morutabana e nne motho yo o akanyetsang, yo o amegang e bile a rata baithuti ba gagwe. . . . Go ruta ka tsela e e molemo ga se kgang ya go latela mekgwa e e rileng kgotsa setaele se se rileng, dithulaganyo kgotsa ditiro tse di rileng . . . Go ruta go batla gore thatathata o bo o na le lorato.” Ka jalo morutabana yo o atlegileng ke ofe? O bolela jaana: “Morutabana yo o amileng pelo ya gago, yo o neng a go tlhaloganya kgotsa yo o neng a amega ka wena jaaka motho, morutabana yo lorato lwa gagwe mo sengweng—mo mminong, mo dipalong, mo Selatineng, mo dikhaeteng—lo neng lwa fetela le mo go wena e bile lo go tlhotlheleditse le wena.”
Kwantle ga pelaelo, barutabana ba le bantsi ba amogetse mafoko a ditebogo go tswa mo baithuting ba bone le eleng le go tswa mo batsading mme seno se ba kgothaleditse go tswelela pele ba ruta le mororo go na le mathata. Selo sengwe se se tshwanang ka dikakgelo tse dintsintsi tseno ke tsela e morutabana a neng a kgatlhegela moithuti ka tsela ya mmatota ka teng le bopelonomi jo a neng a bo bontsha.
Mme gone ga se barutabana botlhe ba ba kgatlhegelang baithuti jalo. Mme selo se sengwe gape ke gore barutabana gantsi ba lebana le dikgatelelo tse dintsi tse di lekanyetsang se ba ka se direlang baithuti ba bone. Seno se tsosa potso ya gore, Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhopha tiro e e thata jalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
“Go ruta go batla gore thatathata o bo o na le lorato”