Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diabolo—A ke Motho wa Mmatota yo o Boikepo?

Diabolo—A ke Motho wa Mmatota yo o Boikepo?

Diabolo—A ke Motho wa Mmatota yo o Boikepo?

MO DITUMELONG di le dintsi, Diabolo o setse a tsewa e le selo fela sa tumelabotlhodi—selo se se itlhametsweng ke batho. Ka jalo Dionigi Tettamanzi, e bong bishopomogolo wa kwa Genoa—yo e leng mongwe wa bakadinale ba ba di gogang kwa pele kwa Italy—o ne a tsosa kgang ya moruthutha ka lekwalo la gagwe la ditsebe di le 40 le a neng a le kwaletse baruti, le le neng le bua ka ditsela tsa go lwantsha Diabolo. Le ne le na le lenaane leno la “melao e le 10.”

Wa Ntlha: “O se ka wa lebala gore diabolo o teng,” ka gonne “maaka [a gagwe] a ntlha” ke go “dira gore re dumele gore ga a yo.”

Wa Bobedi: “O se ka wa lebala gore diabolo ke moraedi. . . . O se ka wa akanya gore ga a ka ke a go dira sepe.”

Wa Boraro: “O se ka wa lebala gore diabolo o botlhale thata e bile o boferefere. O ntse a tsietsa batho ka go ba raela, fela jaaka a ile a dira ka motho wa ntlha.”

Wa Bonè: “Nna o thantse: mo matlhong le mo pelong. Mme o nonofe: mo moyeng le mo boitshwarong.”

Wa Botlhano: “Dumela ka nitamo gore Keresete o tlile go fenya moraedi yono” ka gonne seno “se tla go sireletsa le go dira gore o nne o ritibetse le fa go ka runya ditlhaselo tse di maatla thata go le kana kang kgatlhanong le wena.”

Wa Borataro: “Gakologelwa gore Keresete o dira gore o nne le seabe mo phenyong ya gagwe.”

Wa Bosupa: “Nna o reetse Lefoko la Modimo.”

Wa Borobedi: “Ikokobetse o bo o rate go kokobediwa.”

Wa Borobongwe: “Rapela ka metlha, o sa kgaotse,” gore o kgone go fenya thaelo.

Wa Bolesome: “Tlotla Morena Modimo wa gago mme o obamele ene fela.”

Lekwalo leno le le neng le kwaletswe baruti le ile la nna le diphelelo dife? Kgakololo ya lone ga e a ka ya amogelwa sentle ke Setheo sa Dithuto Tsa Bodumedi sa kwa Milan. Setheo seno se ne sa bolela gore “tshedimosetso [eno] ya dithuto tsa bodumedi e ne e utlwala jaaka dikgopolo tsa metlha ya bogologolo.” Go ya ka mmueledi wa sone, “go pega diabolo molato otlhe go ka dira gore batho ba se ka ba tlhola ba ikarabelela melato [ya bone].”

Le mororo Baebele e sa golole batho mo maikarabelong a ditiro tsa bone, e tlhalosa Satane Diabolo sentle e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” yo o neng a raela Jesu. Gape e senola maatla a ga Satane le boikaelelo jwa gagwe jwa go ‘foufatsa megopolo ya ba ba sa dumeleng.’—2 Bakorintha 4:4; Mathaio 4:1-11.

Eleruri, fela jaaka moaposetoloi Petere a ne a kwala, Satane o ntse “jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Johane a ile a gakolola badumedi jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Go ka nna molemo thata gore re se ka ra itlhokomolosa ditlhagiso tseno tsa Dikwalo.