Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ruta—Kgotsofalo le Boitumelo Jwa Gone

Go Ruta—Kgotsofalo le Boitumelo Jwa Gone

Go Ruta—Kgotsofalo le Boitumelo Jwa Gone

“Ke eng se se dirang gore ke tswelele ke le morutabana? Le fa go ruta go ka ne go le thata e bile go lapisa, go bona bana botlhe ba itumelela go ithuta le go bona botswelelopele jwa bone ke gone go go nthotloetsang go tswelela pele.”—Leemarys, morutabana wa kwa New York City.

GO SA kgathalesege mathata otlhe a gone, dikgoreletsi le maswabi, barutabana ba le dimilione mo lefatsheng ka bophara ba itshoka mo tirong eno e ba e tlhophileng. Mme ke eng se se rotloetsang diketekete tsa baithuti gore ba lekele go nna barutabana fa ba itse gore se ba se dirang ga se na go anaanelwa go le kalo? Ke eng se se dirang gore ba tswelele?

Inna, morutabana wa Mo-Russia, o ne a tlhalosa jaana: “Ke selo se se itumedisang tota go bona baithuti ba o neng o ba ruta ba setse ba godile, go ba utlwa ba tlhalosa gore se ba se ithutileng mo go wena se itshupile se le mosola. Go a kgothatsa tota fa ba bolela gore ba gakologelwa ka boitumelo dingwaga tse o neng o na le bone ka tsone.”

Giuliano, morutabana yo o nopotsweng mo ditlhogong tse di fetileng, o ne a bolela jaana: “Selo sengwe se o se kgotsofalelang thata ke go lemoga gore o kgonne go dira gore baithuti ba kgatlhegele serutwa se o ba rutang sone. Ka sekai, fa ke sena go tlhalosa ntlha nngwe ya hisitori, baithuti bangwe ba ne ba bolela jaana: ‘O se ka wa emisa. Re bolelele mo go oketsegileng!’ Dikakgelo tseno tse ba di buang di dira gore motho a itumelele letsatsi la gagwe kwa sekolong ka gonne o lemoga gore o dirile gore basha ba kgatlhegele dilo tse ba neng ba sa di itse pele. O ikutlwa o itumetse fa o ba bona ba itumela ka ntlha ya gore ba tlhalogantse serutwa.”

Elena, morutabana kwa Italy, o ne a bolela jaana: “Ke dumela gore kgotsofalo e bonwa gantsi mo dilong tse dipotlana tsa letsatsi le letsatsi, mo dilong tse dinnye tse ngwana yono a di fitlhelelang, e seng mo dilong tse dikgolo thata tse a di fitlhelelang, tse go diregang sewelo fela gore a di fitlhelele.”

Connie, Mo-Australia yo o mo dingwageng tse di simololang tsa bo30, o ne a bolela jaana: “Go itumedisa tota fa moithuti yo o neng wa nna le kamano e e itumedisang le ene a ipha nako ya go kwala lekwalo go bontsha gore o anaanela maiteko a gago.”

Oscar, go tswa kwa Mendoza, Argentina, o ne a bolela se se tshwanang: “Go dira gore ke ikutlwe ke dirile sengwe se se molemo fa baithuti ba me ba kopana le nna mo seterateng kgotsa go sele mme ba bontsha gore ba anaanela se ke ba rutileng sone.” Angel, wa kwa Madrid, Spain, o ne a bolela jaana: “Ntle le pelaelo selo se se nkgotsofatsang thata ke gore, e re ke sena go fetsa karolo ya botshelo jwa me ke ineetse mo tirong eno e e itumedisang mme e le boima, ke bo ke bona bana ba ba bannye ba ke ba rutileng ba nna banna le basadi ba ba siameng, ka tsela nngwe e le ka ntlha ya maiteko a me.”

Leemarys, yo o nopotsweng kwa tshimologong, o ne a bolela jaana: “Totatota ke akanya gore barutabana ke mofuta mongwe o o kgethegileng wa batho. Selo se sengwe ke gore e batla e le selo se se sa tlwaelegang gore re tseye boikarabelo jo bo ntseng jalo jo bogolo. Mme fa e le gore o kgona go fetola sengwe—e ka ne e le mo baneng ba le lesome kgotsa mo go a le esi fela—o dirile tiro ya gago, mme seno se itumedisa tota. O dira tiro ya gago ka boipelo.”

A o Lebogile Barutabana ba Gago?

A wena, jaaka moithuti kgotsa motsadi, o kile wa tsamaya wa leboga morutabana ka ntlha ya nako, maiteko le kgatlhego e a e bontshitseng? Kgotsa le fa e le go romela ditebogo kgotsa lekwalo? Arthur, wa kwa Nairobi, Kenya, o ne a bua ntlha eno ya botlhokwa: “Barutabana le bone ba itumela fa ba akgolwa. Puso, batsadi le baithuti ba tshwanetse go ba tseela kwa godimo le se ba se dirang.”

Morutabana yo gape e leng mokwadi wa dibuka e bong LouAnne Johnson o ne a kwala jaana: “Mo lekwalong lengwe le lengwe le le nyatsang le ke le amogelang ka morutabana, ke amogela makwalo a le lekgolo a a akgolang, se se dirang gore ke dumele gore go na le barutabana ba le bantsi ba ba siameng go na le ba ba sa siamang.” Sengwe se se kgatlhang ke gore batho ba le bantsi ba hira letseka gore “le ba thuse go batla motho mongwe yo e kileng ya bo e le morutabana. Batho ba batla go bona barutabana ba bone le go ba leboga.”

Barutabana ba aga motheo wa botlhokwa mo thutong ya motho. Le eleng boporofesa ba ba gaisang kwa diyunibesithing tse di tlotlegang ba se ba leng sone ka ntlha ya barutabana ba ba neng ba ipha nako ba bo ba tsaya matsapa go tlhotlheletsa le go tlhagolela keletso ya bone go bona thuto, kitso le tlhaloganyo. Arthur, kwa Nairobi, o bolela jaana: “Badiredi ba bagolo botlhe mo setšhabeng le mo ditheong tsa poraefete ba ile ba rutiwa ke morutabana ka nako nngwe mo botshelong jwa bone.”

A bo re tshwanetse go leboga basadi le banna bao jang ne, ba ba neng ba dira gore re batle go nna le kitso, ba ba neng ba tlhotlheletsa megopolo le dipelo, ba ba re bontshitseng ka fa re ka kgotsofatsang lenyora la rona la kitso le go tlhaloganya ka teng!

A bo re tshwanetse go leboga Morutisi yo Mogolo thata jang ne, Jehofa Modimo, yo o tlhotlheleditseng mafoko a Diane 2:1-6: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaelo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.”

Ela tlhoko “fa” yo o tlhagelelang makgetlo a le mararo mo temaneng eno e e dirang gore motho a akanye. Akanya, fa re rata go amogela kgwetlho eo, re ka “bona e e leng kitso ya Modimo”! Seo, eleruri ke thuto e e di gaisang tsotlhe.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Motsadi yo o Itumetseng

Lekwalo le le latelang le ne la amogelwa ke morutabana wa kwa New York City:

“Ke rata go go leboga ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe ka se o se diretseng bana ba me. Ka tlhokomelo ya gago, bopelonomi le bokgoni, o ba thusitse go fitlhelela dilo tse di siameng tse ke tlhomamisang gore ba ne ba se kitla ba di dira fa e ne e se ka wena. O dirile gore ke nne motlotlo ka bana ba me—boitemogelo jo ke se kitlang ke bo lebala le ka motlha. Ka bopeloephepa, S. B.”

A o itse morutabana yo o ka mo kgothatsang?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

‘Ke selo se se itumedisang go bona bana ba itumela ka ntlha ya gore ba tlhalogantse serutwa sengwe.’—GIULIANO, ITALY

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

‘Ke selo se se molemo fa moithuti a ipha nako ya go kwala lekwalo la go leboga.’—CONNIE, AUSTRALIA