Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ruta—Mathata le Dikotsi Tsa Gone

Go Ruta—Mathata le Dikotsi Tsa Gone

Go Ruta—Mathata le Dikotsi Tsa Gone

“Go lebeletswe dilo di le dintsi thata mo barutabaneng, le fa go ntse jalo go le gantsi barutisi ba ba ineetseng mo dikolong tsa rona ba amogela dikakgolo tse dinnye mo bathong ka kakaretso ka maiteko a bone.”—Ken Eltis, Yunibesithi ya Sydney, Australia.

GO TSHWANETSWE ga dumelwa gore tiro eno “e e botlhokwa thata,” jaaka e ile ya bidiwa, e na le dikgwetlho di le dintsi—go simologa ka tuelo e potlana go ya go maemo a a sa itumediseng mo ditlelaseng; go simologa ka tiro e ntsi go ya go bana ba bantsi mo tlelaseng; go simologa ka go tlhoka tlotlo le thubakanyo go ya go go sa kgathale ga batsadi. Barutabana bangwe ba lebana jang le mathata ano?

Go Tlhoka Tlotlo

Re ne ra botsa barutabana ba le banè go tswa kwa New York City gore ba akanya gore bothata jo bogolo ke eng. Ba ne ba araba jaana ka bongwefela: “Go tlhoka tlotlo.”

Go ya ka William, wa kwa Kenya, dilo di fetogile mo ntlheng eno le mo Afrika. O ne a bolela jaana: “Bana ga ba tlhole ba laolega jaaka pele. Fa ke ne ke gola [gone jaanong o mo dingwageng tsa bo40], barutabana e ne e le batho ba ba tlotliwang thata mo setšhabeng mo Afrika. Morutabana o ne a lebiwa ka dinako tsotlhe ke basha le bagolo e le motho yo batho ba ka ratang go tshwana nae. Tlotlo eno ga e tlhole e le teng. Setso sa Bophirima se tlhotlheletsa basha ka iketlo, le eleng kwa metseng ya selegae ya Afrika. Dibaesekopo, dibidio le dibuka di bontsha go tlhoka go tlotla taolo e le selo se se bontshang bopelokgale.

Giuliano, yo o rutang kwa Italy, o boletse jaana a hutsafetse: “Bana ba amiwa ke moya wa botsuolodi, go se ineele le go tlhoka kutlo mo go tletseng mo setšhabeng sotlhe.”

Diokobatsi le Thubakanyo

Ka maswabi, diokobatsi e setse e le bothata kwa dikolong—mo eleng gore morutabana mongwe wa kwa United States le mokwadi LouAnne Johnson o kwadile jaana: “Go thibela go dirisiwa ga diokobatsi ka tsela e e sa siamang e setse e le karolo ya dithuto mo e ka nnang mo sekolong sengwe le sengwe, go simologa kwa keretšheng. [Mokwalo o o sekameng ke wa rona.] Bana ba itse go le gontsi ka diokobatsi . . . go gaisa bontsi jwa batho ba ba godileng.” O oketsa jaana: “Baithuti ba ba ikutlwang ba sa thuse sepe, ba sa ratiwe, ba jewa ke bodutu, ba lapile pelo kgotsa ba sa babalesega gantsi ba ka rata go dirisa diokobatsi.”—Two Parts Textbook, One Part Love.

Ken, morutabana wa kwa Australia, o ne a botsa jaana: “Barutabana ba rona ba tshwanetse go ruta jang ngwana yo o nang le dingwaga di le robongwe yo o rutilweng diokobatsi ke batsadi ba gagwe ka namana mme di setse di mo tshwakgotse?” Michael, yo o mo dingwageng tsa bo30, o ruta mo sekolong sa kwa Jeremane. O kwala jaana: “Malebana le kgwebo ya diokobatsi mo sekolong, re itse sentle gore e teng; ke fela gore e lemogiwa sewelo.” O bolela gape le ka go tlhaela ga kotlhao mme o bolela gore go “bonala ka tsela e e kotsi e baithuti ba itshwarang ka yone,” e bile o okeditse jaana: “Ditafole le mabota di tladitswe leswe le fanitšhara e senyegile. Bangwe ba baithuti ba me ba ile ba tshwarwa ke mapodise ka ntlha ya go thuba mabenkele kgotsa go dira dilo tse di tshwanang le tseo. Ga go gakgamatse go bo go utswa go tletse jaana kwa sekolong!”

Amira o ruta kwa Guanajuato State, kwa Mexico. O dumela jaana: “Re lebana le mathata a bothubaki le go tshwakgolwa ke diokobatsi mo lelapeng, e leng mathata a a amang bana ka tlhamalalo. Ba dikaganyeditswe ke tikologo e ba ithutang puo e e leswe le mekgwa e mengwe e e leswe mo go yone. Bothata jo bongwe jo bogolo ke lehuma. Le fa go tsena sekolo mono e le mahala, batsadi ba tshwanetse go reka dibuka tsa go kwala, dipene le dilo tse dingwe tsa sekolo. Mme dijo di tshwanetse go tla pele.

A go Na le Ditlhobolo Kwa Sekolong?

Kwa United States, dithuntshano tsa bosheng kwa sekolong di gateletse gore thubakanyo e e amanang le tiriso ya dithunya ga se bothata jo bonnye mo nageng eo. Pego nngwe e bolela jaana: “Go fopholediwa gore ditlhobolo di le 135 000 di tlisiwa mo dikolong di le 87 125 tse di mo nageng eno letsatsi le letsatsi. Go fokotsa palo ya ditlhobolo kwa dikolong, badiredi ba dirisa metšhine ya eleketeroniki, dikhamera, dintša tse di thapisitsweng gore di dupe ditlhobolo, go phuruphutsha dilokara tsa baithuti, dikarata tsa boitshupo le go ba kganela gore ba se ka ba tla ka dikgetsana tsa dibuka kwa sekolong.” (Teaching in America) Dikgato tse di ntseng jalo tsa pabalesego di dira gore motho a ipotse, A re bua ka dikolo kgotsa dikgolegelo? Dipego di oketsa ka gore baithuti ba feta 6 000 ba ile ba lelekiwa ka ntlha ya go tla ka ditlhobolo kwa sekolong!

Iris, morutabana kwa New York City, o boleletse Tsogang! jaana: “Baithuti ba tla ka dibetsa mo sekolong ka bokhukhuntshwane. Metšhine e e dupelelang ga e kgone go thibela dibetsa tseno. Bosenyi kwa sekolong ke bothata jo bongwe jo bogolo.”

Maemo a ntse a le maswe jalo, barutabana ba ba kelotlhoko ba kgaratlha thata go ruta le go tsenya mekgwa e mentle mo baneng. Ga go gakgamatse go bo barutabana ba le bantsi ba tshwenyega thata mo maikutlong e bile ba na le letsapa le le tseneletseng. Rolf Busch, poresidente wa Mokgatlho wa Barutabana kwa Thuringia, kwa Jeremane, o ne a bolela jaana: “Mo e ka nnang nngwetharong ya barutabana ba le milione kwa Jeremane ba lwadiwa ke go ikutlwa ba gateletswe thata mo maikutlong le mo mogopolong. Ba ikutlwa ba na le letsapa le le tseneletseng ka ntlha ya tiro.”

Bana ba ba Nnang le Masea

Bothata jo bongwe jo bogolo ke go tlhakanela dikobo ga bana ba dingwaga tsa bolesome. George S. Morrison, mokwadi wa Teaching in America, o bolela jaana ka naga eo: “Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba ka nnang milione o le mongwe (diperesente di le 11 tsa basetsana ba dingwaga tse 15 go ya go tse 19) ba a ima ngwaga le ngwaga.” United States e na le palo e e kwa godimo thata ya basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba imang mo dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng.

Boemo jono bo tlhomamisiwa ke Iris, yo o neng a re: “Basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba bua fela ka tlhakanelodikobo le diphati. Dilo tseno di ba tsentsha tota. Mme gone jaanong re na le Internet mo dikhomputareng tsa sekolo! Seno se bolela go tlotla ka khomputara le ditshwantsho tse di hepisang.” Angel, go tswa Madrid, Spain, o begile jaana: “Boitsholo jo bo botlhaswa jwa tlhakanelodikobo ke selo se baithuti ba se dirang. Re nnile le baithuti ba le bannye ba ba imang.”

“Batlhokomedi ba Maemo a a Kwa Godingwana Fela ba Bana”

Barutabana bangwe ba ngongorega ka gore batsadi ba le bantsi ga ba sikare maikarabelo a bone a gore ba rute bana ba bone mo magaeng a bone. Barutabana ba na le maikutlo a gore batsadi e tshwanetse gore e nne bone ba ntlha go ruta bana ba bone. Maitseo le botho di tshwanetse go simolola kwa gae. Ga go gakgamatse go bo Sandra Feldman, poresidente wa Lekgotla la Barutabana la Amerika, a bolela gore “barutabana . . . ba tlhoka go tshwarwa jaaka barutegi ba bangwe mme eseng jaaka batlhokomedi ba maemo a a kwa godingwana fela ba bana.”

Batsadi gantsi ga ba tshegetse kotlhao e e ntshiwang kwa sekolong. Leemarys, yo o nopotsweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Fa o bolelela mogokgo wa sekolo ka bana ba ba diganana, nako e e latelang o tlhaselwa ke batsadi!” Busch, yo o nopotsweng pelenyana, o ne a bolela jaana kaga go dirisana le bana ba ba tshwarisang bothata: “Go godisa lelapa ke selo se se nyelelang. O ka se tlhole o tsaya gore bana ba le bantsi ba tswa mo malapeng a a siameng, le a a ba godisang ka tsela e e molemo. Estela, go tswa Mendoza, Argentina, o ne a bolela jaana: “Rona barutabana re tshaba baithuti. Fa re ba naya maduo a a kwa tlase, ba re konopa ka maje kgotsa ba a re tlhasela. Fa re na le sejanaga, ba a se senya.”

A go a gakgamatsa he gore mo dinageng di le dintsi barutabana ba bo ba tlhaela sekanakana? Vartan Gregorian, poresidente ya Lekgotla la Carnegie la New York, o ne a tlhagisa jaana: “Dikolo tsa rona [tsa United States] di tla tlhoka barutabana ba basha ba le dimilione di le 2,5 mo lesomeng la dingwaga le le latelang.” Ditoropo tse dikgolo “di batla barutabana go tswa India, West Indies, Afrika Borwa, Yuropa le gope fela mo barutabana ba ba molemo ba ka bonwang gone.” Mme gape seno se bolela gore mafelo ao le one a ka tlhoka barutabana.

Ke ka Ntlha Yang fa go Tlhokega Barutabana?

Yoshinori, morutabana wa kwa Japane yo o nang le boitemogelo jwa dingwaga di le 32, o ne a bolela gore “go ruta ke tiro e ntle e e dirwang ka maikaelelo a mantle, e bile ke tiro e e tlotlegang thata mo bathong ba Japane.” Ka maswabi, ga go a nna jalo mo ditsong dingwe le dingwe. Gregorian, yo o nopotsweng pelenyana, le ene o boletse gore barutabana “ga ba newe tlotlo, kamogelo le tuelo tse di tshwanelang maemo a bone. . . . Mo dinageng di le dintsi tsa [United States] go ruta go duela madi a mannye go feta ditiro tse dingwe tse di tlhokang dikirii ya bachelor kgotsa master.”

Ken Eltis, yo o nopotsweng kwa tshimologong, o ne a kwala jaana: “Go direga eng fa barutabana ba fitlhela gore bontsi jwa ditiro tse di tlhokang ditshwanelego tse di kwa tlase di duela madi a a kwa godimo go gaisa go ruta? Kgotsa fa baithuti ba ba ba rutileng dikgwedi di le lesome le bobedi fela tse di fetileng . . . ba amogela madi a mantsi go ba feta kgotsa gongwe e bile ba tlile go amogela madi a mantsi mo dingwageng di le tlhano tse di tlang? Fa morutabana a ka lemoga seno se ka dira gore a ikutlwe e se wa sepe.”

William Ayers o ne a kwala jaana: “Barutabana ba duelwa madi a a kwa tlase thata . . . Ka kakaretso re amogela kwatara fela ya madi a babueledi ba a amogelang, halofo ya a diakhaontente di a amogelang, a a kwa tlase ga a bakgweetsi ba dillori le badiri ba kwa mafelong a dikepe ba a amogelang. . . . Ga go na tiro epe e e batlang go le gontsi jaana mme e amogele madi a le mannye jaana.” (To Teach—The Journey of a Teacher) Mo go yone kgang eno, Janet Reno, yo e kileng ya bo e le agente ya puso ya United States, o ne a bolela jaana ka November 2000: “Re kgona go romela batho kwa ngweding. . . . Re duela baatleletiki ba rona madi a mantsi. Ke ka ntlha yang fa re sa kgone go duela barutabana ba rona madi a a oketsegileng?”

“Barutabana ka kakaretso ba duelwa madi a a kwa tlase,” go bolela jalo Leemarys. “Ka dingwaga tsotlhe tsa dithuto tsa me, ke sa ntse ke amogela madi a mannye thata ngwaga le ngwaga mono mo New York City, mo godimo ga dikgatelelo le mathata a botshelo jwa mo toropong.” Valentina, morutabana kwa St. Petersburg, Russia, o ne a bolela jaana: “Tiro ya morutabana ga e tseelwe kwa godimo fa re leba tsela e ba duelwang ka yone. Ka metlha madi a teng a ntse a le kwa tlase.” Marlene, go tswa Chubut, Argentina, o ikutlwa ka tsela e e tshwanang: “Dituelo tse di kwa tlase di re pateletsa gore re bereke kwa mafelong a le mabedi kgotsa a le mararo, re taboga go tswa kwa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Seno eleruri se dira gore re se ka ra kgona go ruta ka tsela e e molemo go le kalo.” Arthur, morutabana go tswa kwa Nairobi, Kenya, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ka ntlha ya maemo a a yang kwa tlase a tsa itsholelo, botshelo jwa me jaaka morutabana e ntse e se jo bo motlhofo. Fela jaaka badirikanna ba ka dumela, madi a a kwa tlase a re a amogelang a kgoba batho marapo ka metlha fa ba tshwanetse ba tlhophe tiro ya rona.”

Diana, morutabana go tswa New York City, o ne a ngongorega ka tiro e ntsi e e tsayang bontsi jwa nako ya barutabana. Ngongorego e nngwe e ne e le: “Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa, tse di sa thuseng ka sepe—letsatsi lotlhe.”

Barutabana ba ba Mmalwa, Baithuti ba le Bantsi

Berthold, go tswa Düren, Jeremane, o ne a tlhaga ka ntlha e nngwe e gantsi go ngongoregwang ka yone: “Baithuti ba bantsi! Bangwe fano ba na le baithuti ba le 34. Seno se raya gore ga re kgone go tlhokomela baithuti ba ba nang le mathata. Ga ba lemogiwe. Ga o lemoge dilo tse ba di tlhokang.”

Leemarys, yo o nopotsweng pelenyana, o tlhalositse jaana: “Ngwaga o o fetileng bothata jo bogolo jo ke neng ke na le jone, kwantle ga jwa batsadi ba ba sa kgathaleng, e ne e le gore ke ne ke na le bana ba le 35 mo tlelaseng ya me. A ko o akanye o leka go bereka ka bana ba le 35 ba ba nang le dingwaga di le thataro!”

Iris o ne a re: “Go na le tlhaelo ya barutabana mono mo New York, segolo ba ba rutang dipalo le saense. Ba kgona go bona ditiro tse di botokanyana kwa mafelong a mangwe. Ka jalo puso e hirile barutabana ba le bantsi ba ba tswang kwa ntle.”

Go a bonala gore go ruta ke selo se se batlang mo gontsi. Ka jalo he ke eng se se dirang gore barutabana ba nne ba ntse ba dira tiro eno ya bone? Ke ka ntlha yang fa ba tswelela pele le go itshoka? Setlhogo sa rona sa bofelo se tla tlotla ka dipotso tseno.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Go fopholediwa gore go tliwa ka ditlhobolo di le 135 000 kwa dikolong tsa United States letsatsi le letsatsi

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke Eng se se Dirang Gore Morutabana a Atlege?

O tlhalosa jang morutabana yo o molemo? A ke motho yo o ka kgonang go bopa mogopolo wa ngwana gore a kgone go boeletsa dintlha le go falola diteko? Kgotsa a ke motho yo o rutang ngwana gore a ipotse dipotso, a akanye le go ntsha mabaka? A ke motho yo o thusang ngwana gore a nne moagi yo o botoka?

“Fa rona barutabana re lemoga gore re balekane le baithuti ba rona mo botshelong jono jo boleele le jo bo raraaneng, fa re simolola go dirisana le bone ka seriti le tlotlo tse ba di tlhokang jaaka batho, he re mo tseleng ya gore re nne barutabana ba ba molemo. Go motlhofo fela jalo—e bile go boima fela jalo.”—To Teach—The Journey of a Teacher.

Morutabana yo o molemo o lemoga bokgoni jwa moithuti mongwe le mongwe e bile o itse kafa a ka dirang ka gone gore bo gole sentle. William Ayers o lemogile jaana: “Re tshwanetse go bona tsela e e molemo, e e agang mo nonofong, mo boitemogelong, mo botswerereng le mo bokgoning . . . Ke gakologelwa selelo sa motsadi mongwe wa Amerika yo morwawe wa dingwaga tse tlhano a ileng a bidiwa ‘moithuti yo o bonya’: ‘Wind-Wolf o itse maina le go fuduga ga dinonyane tse di fetang masomeamanè. O itse gore go na le diphuka di le lesometharo mo mogatleng wa ntsu e e itekanetseng. Se a se tlhokang ke morutabana yo o itseng bokgoni jwa gagwe.’”

Gore morutabana a bone molemo go tswa mo ngwaneng mongwe le mongwe, o tshwanetse go lemoga gore ke eng se se kgatlhang ngwana kgotsa se se mo rotloetsang le gore ke eng se se dirang gore ngwana a akanye le go itshwara ka tsela e e rileng. Mme morutabana yo o ineetseng o tshwanetse go rata bana.

[Motswedi wa Setshwantsho]

United Nations/Photo by Saw Lwin

[Lebokoso mo go tsebe 11]

A go Ithuta go Tshwanetse ga Itumedisa ka Metlha?

Morutabana William Ayers o ne a dira lenaane la dilo di le lesome tse batho ba di akanyetsang ka go nna morutabana. E le nngwe ya tsone ke: “Barutabana ba ba molemo ba dira gore go ithuta go itumedise.” O tswelela pele jaana: “Go dira gore selo se itumedise go dira gore motho a se ka a baya tlhokomelo mo go se tota a tshwanetseng go e baya mo go sone, go tshegisa ngwana fela. Batho ba ba dirang metlae ba a itumedisa. Metlae e a itumedisa. Go ithuta go ka batla gore motho a tlhome mogopolo, a ineele mo go se a se ithutang, go ka gakgamatsa, go ka dira gore a sale a sa bone se a se dirang e bile gantsi go a itumedisa. Fa go ithuta go itumedisa, go gontle. Mme ga go tlhokege gore go itumedise.” O oketsa jaana: “Go ruta go tlhoka gore o bo o itse dilo tse dintsi tse di farologaneng, o na le bokgoni, botswerere, temogo le tlhaloganyo mo dilong tse dintsi—mme go tlhoka motho yo o akanyetsang, yo o tlhaloganyang, le yo o amegang.”—To Teach—The Journey of a Teacher.

Sumio, wa kwa Nagoya City, Japane, o lemoga bothata jono mo baithuting ba gagwe: “Baithuti ba le bantsi ba sekolo se segolo ba batla fela dilo tse di ba jesang monate le go dira dilo tse di sa tlhokeng matsapa ape.”

Rosa, moithuti wa moitsemolao go tswa kwa Brooklyn, New York, o ne a re: “Maikutlo a baithuti ba le bantsi ke gore go ithuta go a lapisa. Morutabana o a lapisa. Ba akanya gore sengwe le sengwe se tshwanetse go itumedisa. Ba palelwa ke go lemoga gore se o se bonang mo go ithuteng se ikaegile ka matsapa a o a tsayang.”

Go tshela fela ka go ja monate go dira gore go nne thata mo basheng go tseela dilo matsapa le go itima dilo dingwe. Sumio, yo o nopotsweng pelenyana, o ne a re: “Ntlha ya botlhokwa ke gore ga ba kgone go akanyetsa nako e e tlang. Go na le ba sekae fela ba baithuti ba dikolo tse dikgolo ba ba akanyang gore fa ba dira ka natla gone jaanong, seno se tla ba solegela molemo mo nakong e e tlang.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

DIANA, U.S.A.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

‘Go go gweba ka diokobatsi go aname mme ga go bonwe motlhofo.’—MICHAEL, JEREMANE

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

“Re lebana le mathata a bothubaki le tiriso ya diokobatsi mo lelapeng.”—AMIRA, MEXICO

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

“Barutabana . . . ba tlhoka go tshwarwa jaaka barutegi ba bangwe mme e seng jaaka batlhokomedi ba maemo a a kwa godingwana fela ba bana.”—SANDRA FELDMAN, PORESIDENTE WA LEKGOTLA LA BARUTABANA LA AMERIKA