Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tweng fa ke Kopana le Mongwe yo ke Tsenang Sekolo le Ene?

Go Tweng fa ke Kopana le Mongwe yo ke Tsenang Sekolo le Ene?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Tweng fa ke Kopana le Mongwe yo ke Tsenang Sekolo le Ene?

“Go boela sekolong ka Mantaga e ne e le mathata. Fa ditsala dingwe tsa me di ne di mpone, ke ne ke di bolelela ditlhamane fela. Ka sekai, ke ne ke bolelela ditsala tsa me gore ke ne ke ile go koleka madi a Labour Party.”—James, Engelane.

“Bana ba ba neng ba mpone ba ne ba ntshotla kwa sekolong. Ke ne ke ikutlwa ke le kafa tlase ga kgatelelo e kgolo.”—Débora, Brazil.

KE KA ntlha yang fa basha bano ba ne ba tshaba go bonwa ke ditsala tsa bone go le kanakana? A ba ne ba dira tiro nngwe e e seng kafa molaong? Go fapaana le seo, ba ne ba dira tiro e e tlotlegang le e e botlhokwa go di feta tsotlhe e e dirwang mo lefatsheng gompieno. Ba ne ba dira tiro e Jesu a laetseng gore e dirwe fa a ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Go ya ka patlisiso ya United States ya Gallup, basha ba feta diperesente di le 90 ba dumela mo Modimong. Mo e ka nnang halofo ya bone ba ya kerekeng beke le beke. Mme le fa basha ba bantsi ba tsaya karolo mo ditirong tse di etleediwang ke kereke, jaaka go opela mo khwaereng, ke ba le mmalwa fela ba ba buang le batho ba ba tsenang sekolo le bone ka Modimo. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba itsege go dikologa lefatshe lotlhe ka tiro ya bone ya go rera ka ntlo le ntlo. Basupi ba babotlana ba le diketekete ba nna le seabe mo tirong eno.

Fa o le Mosupi yo mmotlana, ga go na pelaelo gore le wena o setse o dira tiro eno ya go rera. Mme seno ga se reye gore o go fitlhela go le motlhofo go dira jalo. Jaaka basha ba ba nopotsweng kwa tshimologong, o ka nna wa tswa o tshwenngwa ke go akanya gore o ka nna wa kopana le motho yo o tsenang sekolo le ene. Mosha mongwe wa kwa Boritane, yo o bidiwang Jennie, o dumela jaana: “Sengwe sa dilo tse di botlhoko go di feta tsotlhe e ne e le fa mongwe yo ke tsenang sekolo le ene a mpona ke apere sentle, ke apere sekete, ke tshotse beke ya dibuka—ke apere sentle go feta fa ke le kwa sekolong.”

Go tshaba go kopana le motho yo o tsenang sekolo le ene go ka fekeetsa Bakeresete bangwe ba babotlana fela thata moo ba swetsang ka gore ba iphitlhe. Mosha mongwe yo o bidiwang Leon, o bolela jaana: “Ke itse Mosupi mongwe yo mmotlana yo o aparang baki e e nang le kapinyana fa a le mo bodireding, gore a tle a ipipe sefatlhego ka yone fa a kopana le ditsala tsa gagwe tsa kwa sekolong.” Mme basha ba bangwe bone ba tila go rera mo mafelong a a rileng. Mosha mongwe yo o bidiwang Simon, o gakologelwa jaana: “Ke gakologelwa ke rapela gore re se ka ra ya go bereka fa mmileng mongwe, ka gonne ke ne ke itse gore go na le batho ba bantsi mo go one ba ke tsenang sekolo le bone.”

Ke selo se se tlwaelegileng go ikutlwa o sa gololesega malebana le go kopana le mongwe yo o mo itseng fa o dule o ile go rera. Le fa go ntse jalo, o tla ikutlwisa botlhoko fa o letla poifo e e ntseng jalo gore e go laole. Mosha mongwe wa Mojeremane yo o bidiwang Alicia, o dumela jaana: “Ke ne ke na le boikutlo jo bo maswe ka go rera mo e leng gore go ne ga ama bomoya jwa me ka tsela e e sa siamang.”

Mme gone ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go rera—segolobogolo fa go dira jalo go go thatafalela? Go araba seno, a re sekasekeng gore ke ka ntlha yang fa Modimo a go naya maikarabelo ano. Mme go tswa foo re tla bontsha kafa go ka kgonegang ka teng gore o fenye poifo ya gago, fa o dira maiteko e bile o ikemiseditse.

Boikarabelo Jwa go Rera

Sa ntlha, o ka thusiwa ke go sekaseka lebaka la gore ga go na sepe se sesha kgotsa se se sa tlwaelegang ka go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago. Go simolola mo metlheng ya bogologolo, banna le basadi ba ba boifang Modimo ba ne ba dira jalo. Ka sekai, Noa o itsege e le moagi wa araka e kgolo thata. (Genesise 6:14-16) Mme go ya ka 2 Petere 2:5, gape e ne e le “moreri wa tshiamo.” Noa o ne a ikutlwa a patelesega go tlhagisa ba bangwe ka tshenyego e e neng e tla.—Mathaio 24:37-39.

Moragonyana, le fa Bajuda ba ne ba sa newa ditaelo tse di tlhamaletseng tsa gore ba se ka ba rerela batho ba e neng e se Bajuda, ba bantsi ba ne ba bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone. Ka jalo, motswakwa yo o bidiwang Ruthe o ne a ithuta ka Jehofa. Ka gonne Ruthe a ne a leboga matsalaagwe wa Mojuda, e bong Naomi, o ne a mo raya a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Moragonyana Kgosi Solomone o ne a bontsha gore batho ba bantsi ba e neng e se Bajuda ba ne ba tla utlwa ka ‘leina le legolo’ la ga Jehofa mme ba mo obamele mo tempeleng ya Gagwe.—1 Dikgosi 8:41, 42.

Jaanong fa e le gore batlhanka bano ba Modimo ba bogologolo ba ne ba bua le ba bangwe—le fa go ne go se na taelo e e tlhamaletseng ya gore ba dire jalo—a bo Bakeresete ba gompieno ba tshwanetse go ikutlwa ba patelesega go rera jang ne! Tota kana, re laetswe go rera “dikgang tseno tse di molemo tsa bogosi.” (Mathaio 24:14) Re tshwana le moaposetoloi Paulo, ka gore re patelesega go bolela dikgang tseno tse di molemo. (1 Bakorintha 9:16) Poloko ya rona e a amega. Baroma 10:9, 10 ya re: “Fa o bolela ‘lefoko leo le le mo molomong wa gago’ phatlalatsa, gore Jesu ke Morena, . . . o tla bolokwa. Gonne motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.”

O ka dira kae ‘polelo eo ya phatlalatsa’? Le fa o tshwanetse go rera ka tsela e e seng ya ka tlwaelo, bodiredi jwa ka ntlo le ntlo e sa ntse e le jone tsela e e nang le matswela ya go kopana le batho. (Ditiro 5:42; 20:20) A ga go a lebelelwa gore o nne le seabe mo tirong eno fela ka gonne o le mmotlana? Le e seng. Baebele e ntsha taelo eno mo go Pesalema 148:12, 13: “Lona makau le lona makgarebane, lona bannabagolo mmogo le basimane. A ba bake leina la ga Jehofa.”

Kgwetlho ya go Rerela Balekane

Go a utlwala gore go ka tlhabisa ditlhong gore fa o le mo bodireding o bo o kopana le mongwe yo o tsenang sekolo le ene. Ke boammaaruri gore ke ga tlholego fela go batla go amogelwa ke ba bangwe. Ga go na ope yo o batlang go sotlwa kgotsa go kgobiwa. Mme jaaka mosha yo o bidiwang Tanya a bolela, “bana ba sekolo ba kgona go nna setlhogo tota!” Ka jalo o ka ipotsa gore batho ba o tsenang sekolo le bone ba tla reng fa ba go bona o apere sentle o tshotse Baebele ka seatla. Se se utlwisang botlhoko ke gore gone ba tla go sotla. Mosha mongwe wa kwa Brazil, yo o bidiwang Felipe, o gakologelwa jaana: “Go ne go na le mosimane mongwe mo tlelaseng ya rona yo o neng a nna mo kagong e ke neng ke nna mo go yone. O ne a na le gore, ‘O a bo o ntse o tshotse Baebele! O tsentse eng mo bekeng eo?’”

Go tshwenngwa ka tsela e e ntseng jalo ga go monate le e seng. Baebele e re bolelela gore Isake, morwa Aborahame, o ne a tshwenngwa setlhogo ke kgaitsadie, e bong Ishemaele. (Genesise 21:9) Moaposetoloi Paulo o ne a sa tseye go tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo motlhofo. Mo go Bagalatia 4:29, moaposetoloi o ne a go bitsa sentle a re ke go “bogisa.”

Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a tlhagisa gore batho bangwe ba ne ba tla nna kgatlhanong le balatedi ba gagwe. O ne a re: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo a itse gore le ntlhoile pele ga le tlhoa lona. Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.”—Johane 15:18, 19.

Ka jalo, jaaka Mokeresete o tshwanetse gore o bo o ipaakanyeditse go bogisiwa ka selekanyo se se rileng. (2 Timotheo 3:12) Le fa o ne o sa umake sepe ka Baebele mo balekaneng ba gago, bangwe ba bone ba ne ba ntse ba tla go bogisa ka gonne o ngaparetse melao e e kwa godimo ya boitsholo mme o sa kopanele le bone mo boitshwarong jo bo sa tshwanelang. (1 Petere 4:4) Le fa go ntse jalo, Jesu o bolela mafoko ano a a gomotsang: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me.” (Mathaio 5:11) Go rumolwa kgotsa go kgobiwa tota go ka go itumedisa jang? Ka gonne o a itse gore o itumedisa pelo ya ga Jehofa Modimo! (Diane 27:11) Mme ka go itumedisa Modimo, o ipaya mo tseleng ya go bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng!—Luke 10:25-28.

Ka lesego, ga go lebege go ka direga gore batho botlhe ba o tsenang sekolo le bone kgotsa bontsi jwa bone ba tlhoke botsalano mo go wena fa o ka kopana le bone mo bodireding. Mosha mongwe wa kwa Boritane yo o bidiwang Angela o re gakolola jaana: “Fa o kopana le motho yo o tsenang sekolo le ene kwa kgorong, gantsi o a bo a tshogile go go feta!” Tota e bile, ba bangwe ba ka nna ba bo ba batla go itse gore o tlile go reng. Go sa kgathalesege gore go diragala eng, Bakeresete ba bantsi ba basha ba a atlega fa ba neela batho ba ba tsenang sekolo le bone bosupi. Setlhogo sa rona se se latelang se tla bua ka ditsela tse le wena o ka atlegang go dira jalo ka tsone.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Basha ba bantsi ba tshaba go kopana le motho yo ba tsenang sekolo le ene fa ba le mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

O se ka wa letla go rumolwa ga dira gore tumelo ya gago e go tlhabise ditlhong