Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pono e e Lekalekaneng ka Tiro

Pono e e Lekalekaneng ka Tiro

Pono e e Lekalekaneng ka Tiro

MOOFISIRI mongwe yo o ineetseng wa sesole o ne a bereka ka nako ya gagwe ya dijo tsa motshegare e le gore a fetse tiro e e neng e batliwa ka bonako ke moofisiri yo mongwe yo mogolwanyane mo go ene ka maemo. Fa badirimmogo le ene ba boa go tswa kwa dijong tsa motshegare, ba ne ba mo fitlhela a wetse mo godimo ga tiro e e mo desekeng ya gagwe—a sule.

Morago ga nako e e kwa tlase ga diura tse pedi, baofisiri mmogo le ene ba ne ba gakgamala fa mookamedi wa bone a ba leletsa mogala a bo a re: “Go utlwisa botlhoko ka ———, mme ke tlhoka mongwe yo o ka tsayang maemo a gagwe ka moso mo mosong!” Go ne ga dira gore ba ba reeditseng ba ipotse gore, A mookamedi yono o ne a rata moofisiri yono fela ka ntlha ya tiro e a neng a e dira?

Tiragalo eno ya mmatota e gatelela boammaaruri bongwe—gore gantsi motho o tsewa a le botlhokwa go ikaegile fela ka gore o molemo go le kana kang mo mothaping wa gagwe. Seno se ka nna sa dira gore motho a ipotse jaana: A ke tshela gore ke bereke kgotsa a ke bereka gore ke tshele? Ke dilo dife mo botshelong jwa me tse ke di itimang ka ntlha ya tiro ya me?

Go Dira Ditshwetso Tse di Tshwanetseng

Dilo di le pedi tse ba bangwe ba akanyang gore ke ditshwetso tse di botlhokwa thata mo botshelong gantsi di dirwa ka go tseega maikutlo—go tlhopha molekane wa lenyalo le go tlhopha mmereko. Ka bobedi mmereko le lenyalo di kile tsa bo di lebiwa e le dilo tse di nnelang ruri. Ka jalo sengwe le sengwe sa tsone se ne se akanyediwa ka kelotlhoko. Gantsi, go ne go batliwa kgakololo go tswa mo ditsaleng tse di godileng kgotsa mo batsading.

Le fa go ntse jalo, mo malatsing ano, ba le bantsi go bonala ba tlhopha balekane ba lenyalo ka ntlha ya tebego ya mmele fela, ba ipolelela gore fa dilo di sa tsamaye sentle, ba tla ya go batla molekane yo mongwe. Ka tsela e e tshwanang, ba le bantsi ba tlhopha mmereko fela ka gonne ba bona e kete o a kgatlha, ba sa akanyetse dilo tse dingwe tse di kotsi ka one. Kgotsa dilo tseo tse di kotsi ka one ba di kgapela fela kwa thoko ka bonako ba ipolelela gore, ‘Ke tla kgona go di rarabolola.’

Ka maswabi, basadi mo dinageng tse di humanegileng go le gantsi ba amogela ditiro tse di gogelang tse ba di solofetswang tse ba bonang e kete di tlile go ba naya botshelo jo bo itumedisang golo gongwe go sele. Le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa nageng e nngwe, gantsi ba romelwa kwa mafelong a diaka, mo botshelo jwa bone e le diaka bo leng maswe go feta jo ba neng ba bo tshela pele. Mofuta ono o o tlhabisang ditlhong wa bokgoba jwa segompieno ke “sebetsa se se se kitlang se fela,” go ya ka setlhogo sengwe sa World Press Review.

A gape batho ba ka raelesega go amogela tiro e e siameng mme e re kwa morago ba feleletse ba le mo seemong se ba ikutlwang ba dirilwe makgoba mo go sone? Selo se se tshwanang le seno se kile sa direga! Ka sekai, dikhampani dingwe, di solofetsa badiri ba tsone dilo tse di manobonobo. Tseno di ka nna tsa akaretsa mafelo a go jela a a ka dirisiwang ke ba lelapa le ditsala, go ba baakanyetsa dikoloi mahala le go ba tlhatswetsa diaparo mahala, ba tla tlhokomelwa meno, go dirisa didirisiwa tsa dijiminase mahala le go ja kwa diresetšhurenteng tse di turang ka ditlhwatlhwa tse di fokoditsweng.

“Khampani e nngwe e ne ya bo ya duela ditshenyegelo tsa batho ba yone ba ba berekang thata ba ba neng ba ikitshitse,” go bega jalo mmegadikgang Richard Reeves. Le fa go ntse jalo tlhokomela! O tlhalosa jaana: “Difeme tseno di go bolelela ka dithulaganyo tsa go dira botshelo jwa gago motlhofo, fa o ka ba direla selo se le sengwe fela—gore o ba letla gore ba laole botshelo jwa gago; gore o bereka diura di le 18 letsatsi le letsatsi le ka mafelobeke, o ja, o ikatisa, o tshameka, o bo o robala mo ofising mme bone ba bone lotseno.”

Go Tlhopha Tiro e e Botoka

Seane sa bogologolo se balega jaana: “Ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng.” (Moreri 9:4) Seane se se ntseng jalo se tsosa potso, A tiro ya me e botlhokwa mo nka nnang ka latlhegelwa ke botshelo jwa me kgotsa boitekanelo jwa me ka ntlha ya yone? Go araba potso eno, ba le bantsi ba sekasekile boemo jwa bone mme ba bone tsela e ba ka itlamelang ka yone sentle—mmogo le ba malapa a bone fa e le gore ba na le one—mme gape ba ntse ba tshela botshelo jo bo itumedisang, jo bo molemo.

Ke boammaaruri, go dira seno gantsi go tlhoka boingotlo e bile go ka tlhoka gore motho a bone se tota a se tlhokang, e seng se a se batlang mme se se botlhokwa. Ba ba batlang go itsege e bile ba batla maemo a a kwa godimo ba ka gana go tlhopha dilo tse di lekanetseng gongwe e bile ba bo ba lebe ba ba di tlhophang e le dieleele. Mme tota ke eng se se botlhokwa mo botshelong? A o kile wa ema go sekae go akanya ka seno bosheng jaana?

Kgosi Solomone yo o botlhale, yo o kwadileng seane se se nopotsweng fa godimo, o ne a na le dithoto di le dintsi go gaisa motho ope fela. Mme fa a ne a sobokanya se se botlhokwa tota, o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.

Go ntse go le jalo Solomone o ne a rata tiro. “Ga go na sepe se se botoka,” o ne a kwala jalo, “fa e se gore [motho] a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” (Moreri 2:24) Jesu Keresete, Solomone yo Mogolwane, le ene ka tsela e e tshwanang o rata tiro, fela jaaka Rraagwe wa selegodimo. “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira,” Jesu o ne a tlhalosa jalo.—Johane 5:17; Mathaio 12:42.

Le fa go ntse jalo, gone jaanong botshelo jo batho ba bo tshelang bo bokhutshwane thata. (Dipesalema 90:10) Mme Keresete o ne a itse gore batho ba tla itumelela botshelo jo bo nnelang ruri mo lefatsheng mo pusong ya Bogosi, e a neng a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela. Ke ka ntlha ya moo a neng a kgothaletsa jaana mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo], mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:9, 10, 33.

Malebana le botshelo mo pusong eo ya Bogosi, Baebele e solofetsa jaana: “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; . . . batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.

A bo e le tebelelo e e itumedisang jang ne—ya go itumelela botshelo jo bosakhutleng jo bo nang le tiro e e kgotsofatsang! Go tlhatlhoba maemo a rona ka kelotlhoko go ka supa gore re tlhoka go akanyetsa dilo dingwe gape malebana le tiro ya rona gompieno gore re se ka ra tlhagelwa ke dikotsi tse di ka amang thata go itumelela ga rona “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo tlang mo Bogosing jwa Modimo. (1 Timotheo 6:19) Ka jalo a re bontsheng ka ditiro tsa rona kgotsa ka sengwe le sengwe se re se dirang, gore re tlotla Ene yo o re neileng botshelo.—Bakolosa 3:23.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Mo Pusong ya Modimo, batho ba tla itumelela tiro e e babalesegileng le e e itumedisang