Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswine ya Dinotshe—Phodiso e e Botshe

Tswine ya Dinotshe—Phodiso e e Botshe

Tswine ya Dinotshe—Phodiso e e Botshe

BABATLISISI bangwe ba tsa kalafi ba itumeletse gore tswine ya dinotshe e na le dibolayamegare e bile e fokotsa thurugo. Lokwalodikgang lwa Canada lwa The Globe and Mail lo bega jaana: “Go farologana le dibolayadibaketeria tsa maemo a a kwa godimo tse di palelwang ke go bolaya megare e e palelang dibolayadibaketeria, tswine ya dinotshe e kgona go fenya mengwe ya yone mo dinthong tse di tšhatšhamang.”

Ke eng se se mo tswineng ya dinotshe se se dirang gore e kgone go fodisa? Karabo e amana le notshe e e phuthang matute mo dithunyeng. Mathe a notshe a na le sukiri e e bidiwang glucose-oxidase, e leng ensaeme e e botlhokwa e e kgaoganyang sukiri e e mo matuteng ka dikarolo tsa yone. Fa e sena go e kgaoganya jalo go nna le hydrogen peroxide e ka tlwaelo e dirisiwang go tlhatswa dintho le go bolaya megare mo go tsone. Ka tlwaelo, hydrogen peroxide e bereka ka nako e khutshwane fa e tshasitswe mo nthong; mme tswine ya dinotshe yone e bereka ka tsela e e farologaneng. Pego ya The Globe ya re: “Fa tswine ya dinotshe e tshasitswe mo nthong, e timolwa ka selekanyo se se rileng ke diedi tsa mmele, mme seno se fokotsa asiti e e mo tswineng. Ensaeme e simolola go bereka fa go se na asiti e ntsi. Go bola ga sukiri e e mo tswineng go direga ka bonya mme ga go fetofetoge. Tiragalo eno e ntsha hydrogen peroxide ka bonya ka dilekanyo tse di lekaneng go bolaya baketeria e e mo nthong mme ka fa letlhakoreng le lengwe e sa ame thishu e e itekanetseng e e dikologileng ntho.

Go ya ka The Globe, tswine e na le dinonofo di le mmalwa tse di ka amang go fola ga ntho. “Boalo jo bonnye jwa tswine bo dira gore go nne bongola go dikologa ntho mme seno se sireletsa letlalo e bile se thibela gore go se ka ga nna le legogo le le thata. Tswine e dira gore ditšhupu tse disha tsa madi di gole mme gape e dira gore disele tse di dirang letlalo le lesha di gole.” Mo godimo ga moo, dilo tse di bidiwang anti-oxidants tse di mo tswineng di kgona “go fokotsa borurugo, di tokafatsa go elela ga madi le go dira gore ntho e se ka ya kekela.’”

Le fa go ntse jalo, pego eo e tlhagisa jaana: “Tswine ya dinotshe ga e a siamela mongwe le mongwe.” Go fopholediwa gore go na le botlhole jo bo bidiwang botulin mo diperesenteng di ka nna 5 tsa tswine. Dikemedi tse di tshwanang le Botulism Reference Service ya Health Canada mmogo le makgotla a malwetse a bana di akantsha gore bana ba ba kafa tlase ga ngwaga o le mongwe ba se ka ba jesiwa tswine ka gonne “masea ga a ise a nne le ditshedi tse dinnye tse di lekaneng tsa mo maleng go a sireletsa mo baketerieng.”