Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Lebelela Gore Modimo a ba Sireletse?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Lebelela Gore Modimo a ba Sireletse?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Lebelela Gore Modimo a ba Sireletse?

Gantsi Baebele e bua ka bokgoni jwa Modimo jwa go sireletsa baobamedi ba gagwe gore ba se ka ba utlwisiwa botlhoko. Kgosi Dafide o ne a bolela jaana: “Ao tlhe Jehofa, nnamole mo bathong ba ba bosula; e kete o ka ntibela le mo mothong wa ditiro tsa thubakanyo.” (Pesalema 140:1) Baobamedi ba le bantsi ba Modimo gompieno ba ba diragaletsweng ke thubakanyo, bokebekwa kgotsa masetlapelo a tlholego ba ne ba falola loso kgotsa go gobala, ka tshoba la mogodu fela. Bangwe ba ne ba ipotsa gore a Modimo o ne a ba sireleditse ka kgakgamatso mo dipakeng tseo, segolobogolo e re ka go na le makgetlho a mangwe mo batho ba ba boifang Modimo ba neng ba se ka ba falola mme ba welwa ke bomadimabe jo bogolo, le e leng go swa setlhogo.

A JEHOFA MODIMO o sireletsa batho bangwe gore ba se utlwe botlhoko mme ba bangwe bone a ba tlogele fela? A re tshwanetse go lebelela gore re tla gololwa ka kgakgamatso mo thubakanyong le mo dikotsing tsa masetlapelo gompieno?

Tshireletso e e Gakgamatsang mo Dipegong Tsa Baebele

Baebele e na le dipego di le dintsi tse Modimo a neng a tsereganya ka kgakgamatso mo go tsone go thusa baobamedi ba gagwe. (Isaia 38:1-8; Ditiro 12:1-11; 16:25, 26) Dikwalo di bolela gape ka tsela e mo makgetlhong a mangwe batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba se ka ba gololwa ka yone mo masetlapelong. (1 Dikgosi 21:1-16; Ditiro 12:1, 2; Bahebera 11:35-38) Go phepafetse he gore Jehofa a ka swetsa go sireletsa motho ka ntlha ya lebaka kgotsa boikaelelo jo bo rileng fa a tlhopha go dira jalo ka nako le fa e le efe e a e tlhophang. Ka gone, fa Bakeresete bangwe ba sa gololwe mo ditekong, ga ba a tshwanela go swetsa ka gore Modimo o ba latlhile. Re tshwanetse go amogela boammaaruri jwa gore dilo tse di maswe di tla diragala, le e leng mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?

Lebaka La go Bo Batlhanka ba ba Ikanyegang ba Modimo ba Diragalelwa ke Dilo Tse di Bosula

Lebaka le lengwe ke gore rotlhe re ruile boleo le bosaitekanelang go tswa kwa go Adame le Efa. Ka jalo, re a itse gore nako nngwe re tlile go utlwa botlhoko, go boga le go swa. (Baroma 5:12; 6:23) Lebaka le lengwe ke gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Baebele e tlhalosa batho ba mo motlheng wa rona e le “ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo.” (2 Timotheo 3:1-5) Re lemoga seno fa re bona tsela e petelelo, go tsaya ka dikgoka, dipolao le ditlolomolao tse dingwe tse di setlhogo di anameng ka yone.

Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba le bantsi ba tshela le go bereka gareng ga batho ba ba tletseng thubakanyo e bile ka dinako tse dingwe ke bone ba ba direlwang thubakanyo eno. Re ka nna ra iphitlhela re le mo boemong jo bo tsenyang botshelo jwa rona mo kotsing fela ka gonne re le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. Mo godimo ga moo, re bona boammaaruri jwa mafoko a a boletsweng ke Solomone fa a ne a bolela gore “botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Gape, moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore Bakeresete ba ne ba tla bogisiwa ka ntlha ya gore ba obamela Modimo. O ne a bolela jaana: “Tota e bile, botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Mo dingwageng tsa bosheng seno se itshupile se le boammaaruri mo dinageng di le mmalwa.

Ka jalo, batho ba ba boifang Modimo le bone ba angwa ke thubakanyo, bokebekwa, dikotsi tsa tlholego tsa masetlapelo kgotsa loso lo lo tlhagileng ka kotsi. Satane o lekile go dira gore re dumele gore Jehofa o tlhoma legora go dikologa batho ba Gagwe gore ba se ka ba utlwisiwa botlhoko gope. (Jobe 1:9, 10) Ga go a nna jalo. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore le fa Jehofa a sa golole batho ka tsela e e gakgamatsang go tswa mo boemong bongwe, gone o sireletsa batho ba gagwe.

Kafa Jehofa a Sireletsang Batho ba Gagwe ka Teng Gompieno

Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go kaela batho ba gagwe ka tsela e e tla ba sireletsang. Go rata dilo tsa semoya le go itse Baebele go ka dira gore re kgone go atlhola dilo sentle ga ba ga re thusa go itekanela sentle mo mogopolong, e leng dilo tse di ka re thusang go se dire diphoso tse di sa tlhokegeng le go dira ditshwetso tse di botlhale. (Pesalema 38:4; Diane 3:21; 22:3) Ka sekai, go utlwa kgakololo ya Baebele ka boitsholo jwa tlhakanelodikobo, bopelotshetlha, bogale le thubakanyo go sireleditse Bakeresete gore ba se ka ba tlhagelwa ke masetlapelo a magolo. Gape, ka go sa itsalanye thata le batho ba ba bosula, go ka direga thata gore re se ka ra nna mo masetlapelo a ka tlang gone—go nna mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. (Pesalema 26:4, 5; Diane 4:14) Batho ba ba tshelang ka melaometheo ya Baebele ba itumelela botshelo jwa maemo a a kwa godimo, jo gantsi bo felelang ka boitekanelo jo bo molemo jwa tlhaloganyo le mmele.

Se se gomotsang thata ke go itse gore le fa Modimo a letlelela dilo tse di bosula go diragala, o tla naya baobamedi ba gagwe maatla a a tlhokegang gore ba di itshokele. Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:13) Gape Baebele e solofetsa “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go re thusa go itshokela masetlapelo.—2 Bakorintha 4:7.

Modimo o Dira Go ya Ka Thato ya Gagwe

A Bakeresete ba tshwanetse go lebelela gore Modimo a ba golole ka kgakgamatso mo masetlapelong mangwe le mangwe a a tlileng go diragala? Pego ya Baebele ga e tshegetse kgopolo ya gore re ka lebelela jalo.

Ee ruri, Jehofa Modimo a ka tlhopha go tsereganya ka tlhamalalo mo boemong jwa mongwe wa batlhanka ba gagwe. Mme fa mongwe a dumela gore o falotse ka thuso ya Modimo, ga a tshwanela go tshwaiwa phoso. Mme fa Modimo a tlhopha gore a se ka a tsenya letsogo go thusa motho, ga go a tshwanela go tsewa gore ke sesupo sa gore ga a mo itumelele.

A re nne le tshepo ya gore le fa re ka tshwanelwa ke go lebana le teko kgotsa boemo bofe, Jehofa o tla sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, e ka ne e le ka go tlosa boemo joo, ka go re fa maatla a go bo itshokela kgotsa fa re swa, ka go re tsosetsa botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha.—Pesalema 37:10, 11, 29; Johane 5:28, 29.