Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena

Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena

Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena

PELE ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo le maemo a a neng a tla supa gore lefatshe leno le tsene mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.’ O ne a bolela gore nako eo e ne e tla bonwa ka dilo tse di jaaka dikgogodi tsa bolwetse, ditlhaelo tsa dijo le dintwa tse di boitshegang. Gape o ne a umaka “dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo” tse di neng di tla nna gone “mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:10, 11) A Jesu o ne a bua ka motlha wa rona?

Ba le bantsi ba re nnyaa. Ba gatelela gore palo ya dithoromo tsa lefatshe ga e a oketsega thata mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana. Tota e bile, mokgatlho wa United States wa National Earthquake Information Center o bega gore dithoromo tsa lefatshe tsa bogolo jwa 7,0 le go feta moo “di ile tsa direga ka selekanyo se se batlileng se tshwana” go ralala lekgolo la bo20 la dingwaga. *

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore boporofeti jwa ga Jesu ga bo bolele gore palo kgotsa maatla a dithoromo tsa lefatshe a tshwanetse go oketsega gore bo diragadiwe. Se Jesu a neng a se bua fela e ne e le gore go tla nna le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana. Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa gore ditiragalo tseno di ne di tla tshwaya “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” (Mathaio 24:8) Tlalelo ga e bontshiwe ke palo ya dithoromo tsa lefatshe kgotsa gore ke tsa bogolo jo bo kana kang go ya ka sekale sa Richter, mme e bontshiwa ke diphelelo tse di nnang le tsone mo bathong.

Ruri dithoromo tsa lefatshe di bakile tlalelo e e seng kana ka sepe mo motlheng wa rona. Tota e bile, mo lekgolong la bo20 la dingwaga, masetlapelo ano a ile a bolaya dimilione tsa batho kgotsa a ba tlogela ba se na magae. Baitse bangwe ba re bontsi jwa dintsho tseno di ne di ka thibelwa. Dikgang tsa BBC di bega jaana: “Kwa dinageng tse di tlhabologang, melao ya go aga gantsi ga e tsewe e le botlhokwa ka gonne batho ba gagamalela go aga matlo a maemo a a kwa tlase ka lobelo lo logolo gore ba age motsesetoropo ka bofefo.” Fa Ben Wisner, e bong moitse wa masetlapelo a metsesetoropo a akgela ka masetlapelo a mabedi a a diregileng bosheng jaana, o bolela jaana: “Batho bano ga ba a bolawa ke dithoromo tsa lefatshe. Ba bolailwe ke diphoso tse di dirilweng ke batho, go sa kgathale ga bone, boferefere le bogagaru jwa bone.”

Ee, ka dinako tse dingwe, dilo tse di bolayang batho fa go nna le thoromo ya lefatshe ke bopelotshetlha jwa batho le go nna botlhaswa ga bone. Se se kgatlhang ke gore boporofeti jo bongwe jwa Baebele jo bo buang ka “metlha ya bofelo” ya tsamaiso eno bo bua ka dinonofo tse di ntseng jalo. Baebele e bolela gore mo nakong eo, batho ba tla nna “pelotshetlha, barati ba madi,” e bile ba tla “nna pelo e logwadi.” (2 Timotheo 3:1-5, The Amplified Bible) Boporofeti jono, mmogo le mafoko a ga Jesu a a buang ka bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, bo re naya bosupi jo bo phepafetseng sentle jwa gore re gaufi le nako e ka yone Modimo a tla gololang batho ba ba tshwenyegileng mo dilong tsotlhe tsa gone jaanong tse di ba bakelang matlhoko le mathata—go akaretsa le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe.—Pesalema 37:11.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofelo eno e e theilweng mo Baebeleng? Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno, kgotsa kwalela kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bangwe ba bolela gore dipego dipe fela tse di bolelang gore dithoromo tsa lefatshe di oketsegile di bakwa ke kgatelopele ya botegeniki, e e dirang gore batho ba kgone go lemoga dithoromo tse di oketsegileng tsa lefatshe.