Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tse di Garolang Pelo, Matlhasedinyana a Tsholofelo

Ditiragalo Tse di Garolang Pelo, Matlhasedinyana a Tsholofelo

Ditiragalo Tse di Garolang Pelo, Matlhasedinyana a Tsholofelo

“DIKAGO TSE DI NENG DI NTIKOLOGILE DI NE DI ROROMA E BILE GO RUNYA DIKGABO TSA MOLELO. FA KE NTSE KE TABOGA, BATHO GOTLHE FELA BA NE BA LELA, BA RAPELA E BILE BA GOA BA KOPA THUSO. KE NE KE ITHAYA KE RE BOKHUTLO JWA LEFATSHE BO GOROGILE.”—G. R., MOFALODI WA THOROMO YA LEFATSHE.

NGWAGA mongwe le mongwe, dithoromo tsa lefatshe di le dimilionemilione di gagautla polanete ya rona e e sa iketlang. Ke boammaaruri gore bontsi jwa tsone re ka se di utlwe. * Le fa go ntse jalo, palogare ya dithoromo tsa lefatshe tse di ka nnang 140 ka ngwaga di maswe thata mo di tlhalosiwang e le tse di “nonofileng,” tse “dikgolo,” kgotsa tse di “boitshegang.” Go ralala hisitori yotlhe, di bolaile dimilione tsa batho le go senya dikago tse di se nang palo.

Gape, dithoromo tsa lefatshe di utlwisa bafalodi ba tsone botlhoko thata mo maikutlong. Ka sekai, fa dithoromo tse pedi tsa lefatshe di sena go tshikinya El Salvador setlhogo thata mo masimologong a 2001, mookamedi wa komiti ya bogakolodi ya boitekanelo jwa tlhaloganyo ya lephata la boitekanelo la naga eo o ne a bolela jaana: “Batho ba tsenwa ke mathata a tlhaloganyo a a bonwang ka go hutsafala, go itlhoboga le go galefa.” Ga go gakgamatse go bo badiri ba tsa boitekanelo kwa El Salvador ba ile ba bega gore go na le koketsego ya diperesente di le 73 tsa balwetse ba ba nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong le go tlhobaela. Tota e bile, babatlisisi ba ile ba bontsha gore mo dilong tse di tlhokwang ke batho ba ba mo dikampeng tsa namolo, go tlhoka kalafi ya bothata jwa tlhaloganyo go ne go tsaya maemo a bobedi fa go bapisiwa le go tlhoka metsi.

Le fa go ntse jalo, kgang ya dithoromo tsa lefatshe ga e amane fela le loso, tshenyo le go hutsafala. Mo makgetlong a le mantsi, masetlapelo ano a ile a tlhotlheletsa batho gore ba bontshe bopelonomi jo bo sa tlwaelegang le moya wa go intsha setlhabelo. Ke boammaaruri gore bangwe ba ile ba dira ka natla go baakanya dikago tse di senyegileng le go tlhokomela batho ka dilo tse ba di tlhokang. Jaaka fa re tla bona, ditiro tse di ntseng jalo di ile tsa dira gore batho ba ba amilweng ke tiragalo eo ba nne le tsholofelo go sa kgathalesege gore ditiragalo tseno di ne di ba garotse pelo go le kana kang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Seno se akaretsa le dithoromo tse dinnye thata tsa lefatshe, tse diketekete tsa tsone di diregang letsatsi lengwe le lengwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kwa Athens, Greece, rre mongwe o itumetse tota go bo morwadie wa dingwaga di le tlhano a namotswe

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photos/Dimitri Messinis