Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiro Tse Dintsintsi Tsa Bommè

Ditiro Tse Dintsintsi Tsa Bommè

Ditiro Tse Dintsintsi Tsa Bommè

4:50 a.m. Alex wa lesea, o a lela a ntse a le mo maibing a boroko, a palamela mo letlhakoreng la ga mmaagwe, e bong Helen. Bana ba bangwe ba babedi—Penny (5) le Joanna (12)—le monna wa gagwe, Nick, ba robetse. Helen o pega Alex mo bolaong gore a tsene mo dikobong a bo a mo anyisa. Ga a tlhole a kgona go thulamela.

5:45 a.m. Helen o nanabela kwa kitsing, o dira kofi a bo a bala.

6:15–7:20 a.m. Nick o a tsoga. Helen o tsosa Penny le Joanna, o baakanya sefitlholo, a bo a dira ditiro dingwe tsa mo ntlong. Ka 7:15, Nick o ya tirong, a bo a folosa Joanna kwa sekolong. Mmagwe Helen o a fitlha gore a tle go sala a tlhokomela Alex.

7:30 a.m. Helen o folosa Penny kwa keretšheng. Fa Helen a le mo tseleng a ya tirong o akanya ka se go nna mmè go se kayang tota. A re: “Ke tiro e e boima thata go di gaisa tsotlhe tse nkileng ka di dira.”

8:10 a.m. Helen o fa pele ga deseke ya gagwe e e tletseng ka tiro. O tshwenyegile ka gore fa a ka ima gape go ka nna ga raya gore o tla latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Mme lelapa le tlhoka madi a a oketsegileng.

10:43 a.m. Fa Helen a sena go baya founo fa fatshe—founo e e neng e le malebana le bana ba gagwe—modirimmogo le ene, e bong Nancy, o mo gomotsa jaana: “O dira tiro e ntle tota ka tsela e o tlhokomelang bana ba gago ka yone.” Dikeledi di elela mo sefatlhegong sa ga Helen.

12:05 p.m. Helen o tsaya sementšhisi a bo a akanya ka nako ya pele ga morwadie wa ntlha a tsholwa. Ka nako eo o ne a rulaganya ditiro tse a tla di dirang ka nako ya gagwe “e a sa direng sepe ka yone.” O swetsa ka gore, ‘A bo e ne e le go ijesa dijo tsa ditoro fela!’

3:10 p.m. Fa Helen a sena go amogela megala e sekae go tswa kwa gae e e tlhalosang mathaithai a ga Alex, o tlhalosa jaana ka kamano e e gaufi e a nang le yone le bana ba gagwe: “Ga ke ise nko ke rate motho ope yo mongwe jalo.” Lorato lo logolo lono lo ile lwa mo thusa go fenya mathata a a neng a simolola a na le one a a neng a sa a lebelela.

5:10 p.m. Fa Helen a sena go ya go tsaya Joanna kwa sekolong, o dira ditironyana tse dingwe. O founela Nick go mo gopotsa gore ke ene a tshwanetseng go ya go tsaya Penny.

6:00–7:30 p.m. Fa Helen a fitlha kwa gae, o golola Nkoko mo ‘tirong ya gagwe ya go tlhokomela Alex,’ o dira tiro ya ntlo, o apaya dijo tsa maitseboa. Fa Helen a bodiwa ka dilo tse lesea leno le di batlang, o bua jaana morago ga go kgwa mowa thata: “Lesea ga le batle sepe fa e se mmalone fela: matsogo a gagwe, mmele le mashi le go mo tlhokisa boroko.”

8:30–10:00 p.m. Helen o thusa Joanna ka tiro ya sekolo a bo a anyisa Alex. Fa Nick a ntse a balela Penny ka sebaka sa halofo ya ura, Helen o dira tiro e e oketsegileng ya ntlo.

11:15 p.m. Fa Penny le Joanna ba ile go robala, Alex o sa ntse a tsogile a le mo matsogong a ga mmagwe, mme kgabagare o tshwarwa ke boroko. Helen o raya Nick yo o otselang a re: “Ke akanya gore o batla go ya go robala jaanong.”