Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Mmè

Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Mmè

Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Mmè

E re ka bana e tla nna kokomana ya isagwe, he bommè ba bone ba tlhoka go tlotlwa, le go engwa nokeng. Le fa gone lefatshe gompieno le na le ditlhaloso tse di farologaneng malebana le go nna mmè, Baebele e tlhomamisa gore bana ke lesego le le tswang go Modimo e bile ba ka dira gore batsadi ba itumele. (Pesalema 127:3-5) Le fa go ntse jalo, Dikwalo ga di itlhokomolose boammaaruri jwa go nna mmè. Baebele e na le pego ya dikgwetlho di le dintsi tsa go nna mmè.

Ditshwetso tse batsadi ba di dirang malebana le go godisa bana le go nna mmè di na le tlhotlheletso e kgolo le e e nnelang ruri mo botshelong le mo bothong jwa bana ba bone. Ditshwetso tseno di ka tlisa diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa batsadi, ka gone ba tlhoka go di dira ka kelotlhoko. Di akaretsa dipotso tse di jaaka: A mmè o tshwanetse go dira tiro ya boitshediso? Fa e le gore o tla e dira, e tla nna e kana kang? Ke mang yo o tshwanetseng go tlhokomela bana fa mmè a ile tirong? Mme mo godimo ga tsotlhe, batsadi ba tshwanetse go dira se ba akanyang gore se tla solegela bana ba bone molemo le se se siameng mo pele ga Modimo.

Le fa go ntse jalo, bommè ga ba a tshwanela go ikutlwa ba le bosi mo ntweng eno ya go lwela go dira ditshwetso tse di siameng. Ba ka gomodiwa thata ke mafoko a a mo go Isaia 40:11 a a bontshang gore Modimo o amega thata ka dilo tse bommè ba ba nang le masea ba di tlhokang, ba a tla ba “[etelelang] pele ka tlhoko.” Modimo o bontsha fa a amega thata jalo ka gore a neele dikaelo tse dintsi mo Baebeleng tse di tla dirang gore bommè ba itumelele go nna bommè le gore ba atlege.

Nna tekatekano: Bakeresete ba tshwanetse go itsege e le batho ba ba tekatekano. (Bafilipi 4:5) Janet Penley, yo e leng mokwadi e bile gape e le mmè, o ne a ithuta botlhokwa jwa molaomotheo ono. O bolela jaana: “Ke ne ka simolola go nna mmè ke na le ditebelelo tse di kwa godimo thata. Ke ne ke batla go nna mmè yo o botoka go gaisa ope fela yo nkileng ka utlwa ka ene. Ke ne ka bala dibuka tsotlhe ka ba ka reetsa sengwe le sengwe se se buiwang ke baitse botlhe. Go na le gore ke ikutlwe ke atlegile e bile ke na le bokgoni, ke ne ka feleletsa ke ikutlwa ke sa kgone sepe e bile ke tlaletswe.” O tlhalosa gore “go batla go dira se batho ba bangwe ba se lebeletseng mo go wena le go leka go itira ‘sekao’ sa mofuta mongwe go go fetsa maatla e bile go ka dira gore o tshwenyege le gore o ikutlwe o le molato.”

Tlhofofatsa dilo: Makasine wa Newsweek o ne wa re: “Se malapa a ipayang mo kotsing ya go latlhegelwa ke sone mo lefatsheng le le tlhakatlhakaneng leno ke boitemogelo jo bo kgethegileng jwa go nna le ngwana le boitumelo jwa botshelo jwa lelapa.” Ke ka lebaka leo bommè ba le bantsi ba eletsang go tshela botshelo jo bo motlhofonyana. O ka fitlhelela jang seno? Sa ntlha, rulaganya dilo tse di tlang pele gore e nne tsone di tlang pele, o tlhokomela “dilo tse di botlhokwa thata,” go akaretsa go naya bana ba gago nako le tlhokomelo e ba e tlhokang. (Bafilipi 1:10, 11) Sa bobedi, sekaseka tsela e o tshelang ka yone. O ka nna wa tlhoka go tlogela dilo le dithoto dingwe tse di sa tlhokegeng tota.

Ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong jwa gago? A ke go nna le sengwe le sengwe ka nako e le nngwe, kana a mekgele mengwe e o ipeetseng yone e ka beelwa nako e nngwe fa o ntse o leka go fitlhelela e mengwe? Carolyn, mmè mongwe yo o dikobo dikhutshwane, o bolela kafa a ileng a lebana le boemo jono ka teng: “Ke dira gore dilo di nne motlhofo mme ke fokotsa ditshenyegelo.” Gloria, mmè wa bana ba bararo, o gakologelwa jaana: “Re ne re se na madi a go reka diaparo tsa maemo a a kwa godimo, mme ke ne ka rokela bana ba me diaparo, mme ka ba bolelela gore diaparo tseno di kgethegile ka gonne ga go na ope yo o nang le tsone.”

Lefoko la Modimo le bolela gore motho yo o “disang temogo o tla bona molemo.” (Diane 19:8) Temogo e a tlhokega gore a kgone go sekaseka ditiro tse dintsintsi tsa boitlosobodutu, didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo le difeshene tse di hupetsang bommè le bana. Judith, mmè mongwe wa mo Afrika Borwa, a re: “Gangwe le gape re bona didirisiwa tse disha, boranyane jwa saense jo bo botoka le ditirelo tse di oketsegileng!” Angela, mmè yo mongwe wa bana ba le banè wa kwa Jeremane o tlhalosa jaana go bontsha kafa ene a lebanang ka teng le kgwetlho eno: “O tshwanetse gore o lemoge gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa mo go wena e bile di le molemo mme o thuse le bana ba gago go dira jalo.”

Dira diphetogo tse di kgonegang: Baebele e kgothaletsa jaana: “Dirisa tlhaloganyo le temogo e e utlwalang.” (Diane 3:21, Contemporary English Version) Fa e le gore gone jaanong o dira tiro ya boitshediso, a lelapa la gago le ka kgona go tshela ka lotseno lwa monna wa gago fela? Go go thusa go araba potso eno, leka go bona gore o salelwa ke madi a le kana kang fa o sena go ntsha madi a a duelelwang makgetho, tlhokomelo ya ngwana, madi a o a dirisetsang go ya tirong le go boa, madi a diaparo, madi a go ya go ja kwa diresetšhurenteng le ditshenyegelo tse dingwe. Mo godimo ga moo, madi a monna wa gago a a amogelang a ka nna a duedisiwa lekgetho le le kwa godimo fa e le gore fa madi a lo a amogelang a kopanngwa a dira gore lo wele mo gare ga batho ba ba tshwanetseng go duela lekgetho le le kwa godimo. O tla gakgamala go bona gore go sala madi a mannye go le kana kang.

Bangwe ba bereka diura tse di kwa tlase kana go bereka gautshwane le legae, se se rayang gore ba tla amogela madi a a kwa tlase mme ba nne le nako e e oketsegileng le bana. Fa e le gore o swetsa go tlogela go bereka mme tiro ya gago e ne e le botlhokwa mo go wena e bile e dira gore o ikutlwe o le botlhokwa le go dira gore o ikutlwe o fitlheletse sengwe, akanya gore o tla kgona jang go nna le dilo tseno o ntse o le kwa gae.

Kopa thuso: Lefoko la Modimo gangwe le gape le bontsha gore go “kopa thuso” go ka tlisa matswela. (Ekesodo 2:23, 24; Pesalema 34:15) Fa mmè a kopa thuso, monna wa gagwe o tshwanetse go arabela ka go mo thusa. Fa a dirisana mmogo le wena lo ka nna lwa kgona go dira thulaganyo ya gore lo thusane ditiro tsa ntlo gore lo nne le nako ya go fitlhelela mekgele e lo ipeetseng yone mmogo—e e jaaka go nna le nako le bana ba lona. Fa go kgonega, mmè o tshwanetse go senka thuso ya batho ba bangwe gape, go akaretsa ba lelapa, ditsala tse di ikanyegang, ba ba nang le dikeletso le mekgele e e tshwanang le ya gagwe.

Bommè ba bantsi ba bona thuso e e molemo go tswa mo phuthegong ya Bokeresete e ba leng mo go yone ya badumedi ka bone. María, yo e leng mmè wa bana ba bararo, o ne a lemoga gore “go atamelana le phuthego” ke nngwe ya ditsela tse “Modimo a bontshang ka tsone gore o a re rata le go re tlhomogela pelo le go bontsha gore o amega ka rona.”

Dira gore o nne le nako ya go ikhutsa: Tota le Jesu, monna yo o itekanetseng yo o nang le maatla a mantsi, o ne a laletsa barutwa ba gagwe gore ba ye “kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme [ba] ikhutse go sekae.” (Mareko 6:30-32) Go atlega jaaka mmè go ikaegile ka gore o nne o ntse o le tekatekano ka dinako tsotlhe fa go na le mathata. Gone ke boammaaruri gore bana ba gago ba a go tlhoka, mme gape ba batla gore o itumele le go kgotsofala. O tlhoka go ikhutsa ka tsela e e lekalekaneng.

Angela, yo o umakilweng pelenyana, o na le thulaganyo ya go itapolosa: “Ke ipeela nako kwa thoko ya go nna ka tidimalo mo mosong. Ke ipha bobotlana ura le sephatlo. Mme nna le monna wa me re nna le maitseboa a le mangwe kana a le mabedi mo bekeng fa ka nako eo go lebeletswe gore bana ba rona ba ye gongwe go sele mo ntlong mme ba dire sengwe koo ka tidimalo. Ka go dira jalo re kgona go nna le ura re le rosi fela.”

Dira gore bomoya bo tle pele: Go ile ga lemogiwa gore dikgwetlho tsa go nna mmè di okediwa ke go sa tlhomama le go sa rulaganye gore dilo tse di tlang pele di tle pele. Malapa a Bakeresete a itumela fa a dirisana mmogo go dira gore go rata ga Modimo go tle pele mo matshelong a bone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” (1 Timotheo 4:8) Lelapa le le tshelang ka boineelo jwa bomodimo e bile le latela kaelo ya Modimo e e mo Baebeleng le tla itumela. Tota le fa e le leloko le le lengwe fela la lelapa le le dirisang melaometheo ya Baebele, dilo di nna botoka go na le fa go se na ope yo o e dirisang.

Adele, yo e leng mmè wa Mokeresete yo o dirang tiro ya boitshediso ya ka metlha, o bone melemo ya go nna motho yo o ratang dilo tsa semoya. O bolela jaana: “Re na le kaelo le tshedimosetso e ntsi mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng tse di re bontshang gore bana ba rona ba lebana le eng le gore re ka ba thusa jang. Fa o bona bana ba gago ba arabela fa o ba ruta ka dilo tsa semoya go molemo thata. Fa o bona ba dira diphetogo tse dinnye tse di siameng mo boitshwarong jwa bone le tsela e ba akanyang ka yone, o lemoga gore ba tlhaloganya tshedimosetso e o ba e nayang le gore ba amogela kaelo ya gago.” *

Ee, go a kgonega go siana lobelo lwa maparego lwa go nna mmè ka katlego. Modimo ka boene o re naya tlhomamisetso e e gomotsang ya gore maiteko a magolo le go intsha setlhabelo ga bommè ba ba mo ikanyang e ka se ka ya nna tsa lefela. Bommè ba ba lekang go nna le kamano e e gaufi le ene ba ka gomodiwa ke tsholofetso ya gagwe ya gore o tla ‘naya yo o lapileng maatla.’—Isaia 40:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dikgatiso tse dintsi tse di theilweng mo Baebeleng tse di diretsweng go thapisa bana. Ke tse di akaretsang Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Tlhotlheletso ya ga Mmè

Fa o le mmè, go ka direga gore ka dinako tse dingwe o ipotse gore o na le tlhotlheletso e kana kang mo botshelong jwa ngwana wa gago. Ka dinako tse dingwe, go ka nna ga bonala e kete tlhotlheletso ya bankana, barutabana, boitlosobodutu, metshameko ya bidio le mmino ke yone e kgolo go gaisa ya gago.

Akanya ka sekao sa ga Jokebede, mmaagwe Moshe. O ne a tshela mo metlheng e e boima mme o ne a se na taolo e kalo malebana le se se tla diragalang ka morwawe. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa ditshono tse a neng a na le tsone go mo tlhotlheletsa malebana le tsela e a neng a tla gola ka yone. Sa ntlha, o ne a bontsha tumelo ya bopelokgale ka go gana go letla gore Moshe a bolawe. Modimo o ne a mo duela ka ntlha ya tumelo ya gagwe e seng fela ka go boloka botshelo jwa lesea la gagwe mme gape ka go rulaganya maemo gore Jokebede a nne moamusi wa gagwe—le mmaagwe.—Ekesodo 1:15, 16; 2:1-10.

Ga go na pelaelo gore Jokebede o ne a na le seabe mo go tlhotlheletseng botho jwa morwawe. Lebaka la go bo Moshe yo o neng a setse a godile a ne a rata Bahebera le Modimo wa bone thata le fa gone a ne a na le dikamano tsa segosi kwa Egepeto go supa kafa batsadi ba gagwe ba ileng ba mo tlhotlheletsa ka teng fa a ne a sa ntse a gola.—Bahebera 11:24-26.

Jaaka mmè, gongwe o na le ditshono tse dintsi go gaisa Jokebede tse o ka di dirisang go tlhotlheletsa ngwana wa gago. A o dirisa dingwaga di le mmalwa tse dikhutshwane tsa ngwana wa gago ka tsela e e molemo go mo naya kaelo ya bomodimo e e tla nnelang ruri? Kana a o dira gore mekgwa ya segompieno e nne yone e e tlhotlheletsang thata tsela e ngwana wa gago a golang ka yone?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Dira gore ba bangwe ba thuse ka tiro ya ntlo, ipeele nako ya go nna o le esi, mme o dire gore dilo tsa semoya di tle pele