Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sekaseka Thoromo ya Lefatshe

Go Sekaseka Thoromo ya Lefatshe

Go Sekaseka Thoromo ya Lefatshe

“RE TLWAETSE THATA GO TSHELA MO LEFATSHENG LE LE SA TSHIKINYEGENG MO E LENG GORE FA LE SIMOLOLA GO ROROMA, RE TSENWA KE TSEBETSEBE.”—“THE VIOLENT EARTH.”

“DITHOROMO tsa lefatshe ke mangwe a maatla a a senyang le a a nonofileng go gaisa otlhe a tlholego,” go bolela jalo The World Book Encyclopedia. Mafoko ao ga a feteletse dilo ka gonne maatla a thoromo e e bogale thata ya lefatshe e nang le one a ka feta a bomo ya ntlha ya atomo makgetlo a le 10 000! Se se tshosang le go feta ke gore dithoromo tsa lefatshe di ka nna teng mo tlelaemeteng epe fela, ka paka epe fela le ka nako epe fela ya letsatsi. Mme le mororo borasaense ba ka tswa ba na le lesedinyana la gore ke kae kwa go ka diregang gore go nne le dithoromo tse di maatla tsa lefatshe gone, ga ba kgone go tlhalosa ka tlhamalalo gore di tla nna teng leng.

Dithoromo tsa lefatshe di bakwa ke go suta ga matlapa a a ikadileng kafa tlase ga lefatshe. Matlapa ano a suta a sa kgaotse. Gantsi, go tshikinyega ga lefatshe mo go bakwang ke go suta ga one ga go maatla thata gore batho ba ka go utlwa mo godimo ga lefatshe, mme go ka lemogiwa ga bo ga lekanngwa bogolo ka sedirisiwa sa seismograph. * Ka dinako tse dingwe, matlapa a le mantsi a a thubega a bo a suta thata mme seno se bo se baka thoromo e kgolo ya lefatshe.

Mme ke ka ntlha yang fa karolo e e fa godimo ya lefatshe e nnela go tshikinyega e sa kgaotse jaana? National Earthquake Information Center (NEIC) e bolela jaana: “Re bona karabo ya potso eno fa re leba kgopolo ya gore matlapa a a ikadileng a na le go suta, kgopolo e e fetotseng gotlhelele tsela e borasaense ba akanyang ka yone ka Lefatshe.” NEIC e oketsa jaana: “Jaanong re a itse gore go na le matlapa a le supa a magolo a a dirwang ke matlapa a le mmalwa a mannye, mme otlhe a nnela go suta le lengwe le fapaana le le lengwe, a suta ka selekanyo se se sa tshwaneng, go tswa go dimilimetara di le 10 go ya go di le 130 ka ngwaga.” NEIC e bolela gore dithoromo di le dintsi tsa lefatshe di direga thata mo mafelong a le mangwe fela ao a bontshang fa matlapa ano a a ikadileng a felelang gone. Ke mafelo a mo go one diperesente di le 90 tsa dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe di ka nnang tsa direga mo go one.

Bogolo le Maatla a Tsone

Bogale jwa thoromo ya lefatshe bo ka lekanngwa ka bogolo jwa yone kgotsa ka maatla a yone. Ka dingwaga tsa bo1930, Charles Richter o ne a dira sekale se se dirisediwang go lekanya bogolo jwa dithoromo tsa lefatshe. E ne ya re fa go nna le mafelo a le mantsi a a nang le seismograph, ga dirwa dikale tse disha ka tsela e e tshwanang le e Richter a neng a se dirile ka yone. Ka sekai, sekale se se bidiwang moment magnitude se lekanya maatla a a duleng kwa thoromo ya lefatshe e simolotseng teng.

Gone ke boammaaruri gore ga se gantsi dikale tseno di bontshang gore thoromo ya lefatshe e bakile tshenyo e e kana kang. Akanya ka thoromo ya lefatshe e e neng ya direga kwa bokone jwa Bolivia ka June 1994, ya bogolo jwa 8,2 e go begwang gore e ne ya bolaya batho ba le batlhano fela. Le fa go ntse jalo, thoromo ya lefatshe e e neng ya direga ka 1976 kwa Tangshan, kwa China—ya bogolo jwa 8,0 fela—e ne ya bolaya batho ba le dikete di le makgolokgolo!

Selekanyo sa maatla a thoromo ya lefatshe se farologane le sa bogolo jwa yone ka gonne sa maatla se bontsha kafa thoromo ya lefatshe e amileng batho, dikago le tikologo ka gone. Tsela eno e tlhalosa botoka bogale jwa thoromo ya lefatshe malebana le kafa e amang batho ka gone. Totatota, dithoromo tsa lefatshe ka botsone ga se gantsi di gobatsang batho. Go na le moo, dikgobalo tse dintsi le go swa ga batho go bakwa ke go wa ga dipota, go kgaoga ga mathumpu a gase kgotsa megala ya motlakase, dilo tse di wang kwa godimo, le tse dingwe fela jalo.

Mokgele mongwe wa batho ba ba ithutang ka thoromo ya lefatshe ke gore ba kgone go tlhagisa batho go sa le gale gore go tlile go nna le thoromo ya lefatshe. Go sa ntse go dirwa sedirisiwa sengwe sa dipalopalo se se bidiwang Advanced Seismic Research and Monitoring System. Go ya ka pego ya CNN, sedirisiwa seno—mmogo le go kgona go amogela tshedimosetso ya sone ka bonako le go dirisiwa ga dithulaganyo tse di maatla thata tsa khomputara—go tla thusa badiredibagolo gore “ba kgone go bona ka bonako gore ke mafelo afe a a ileng a tshikinyega thata mo thoromong ya lefatshe.” Mme seno le sone se tla dira gore go nne motlhofo gore balaodi ba romele thuso kwa mafelong a a amilweng ke thoromo eo ya lefatshe.

Ga go na pelaelo gore go ipaakanyetsa thoromo ya lefatshe go ka fokotsa dikgobalo, ga dira gore go se ka ga senyega dikago tse dintsi mme—se se botlhokwa le go feta—go ka boloka matshelo. Le fa go ntse jalo, dithoromo tsa lefatshe di tswelela pele go direga. Ka jalo go tsoga potso e e reng: Batho ba ile ba thusiwa jang go lebana le ditlamorago tsa tsone?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Seismograph ke sedirisiwa se se lekanyang se bo se bega gore fa go na le thoromo ya lefatshe, le tshikinyega go le kana kang. Sa ntlha se ne sa dirwa ka 1890. Gompieno, go na le mafelo a feta 4 000 mo lefatsheng lotlhe a go nang le di-seismograph kwa go one.

[Tšhate mo go tsebe 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go Nnile le Dithoromo Tse Kae Tsa Lefatshe?

Mofuta wa Yone Bogolo Palogare ya Tsone ka Ngwaga

E a Boitshega 8 le go feta 1

E Kgolo Thata 7-7,9 18

E Maatla 6-6,9 120

E mo Magareng 5-5,9 800

E Nnye go Sekae 4-4,9 6,200*

E Nnye 3-3,9 49,000*

E Nnye Thata <3,0 Tsa Bogolo Jwa 2-3:

mo e ka nnang di le 1 000 ka letsatsi

Tsa Bogolo Jwa 1-2:

mo e ka nnang di le 8 000 ka letsatsi

* E fopholeditswe.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: National Earthquake Information Center By permission of USGS/National Earthquake Information Center, USA

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Seismogram on pages 18 and 19: Figure courtesy of the Berkeley Seismological Laboratory