Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Swetswe ke Ngwana a Ise a Tsholwe

Ke Swetswe ke Ngwana a Ise a Tsholwe

Ke Swetswe ke Ngwana a Ise a Tsholwe

MANTAGA, April 10, 2000, letsatsi le ne le tlhabile sentle, go le bothitho, ka jalo ke ne ka tswa go dira ditiro dingwe tsa legae. Ke ne ke sa tswa go simolola fela kgwedi ya bonè ya go ima ga me, mme le fa gone ke ne ke sa ikutlwe ke le matlhagatlhaga go le kalo, ke ne ke itumeletse go tswela kwa ntle. Mme fa ke ntse ke letile mo moleng wa go duela mo lebentleleng la korosari, ke ne ka utlwa e kete go na le sengwe se se phoso ka nna.

Fa ke fitlha kwa gae ke ne ka bona gore ee go ntse jalo. Ke ne ke dutla—selo se se iseng se direge mo makgetlong a mabedi a go ima ga me ga nako e e fetileng—mme seno se ne sa ntshosa thata! Ke ne ka founela ngaka, mme o ne a akantsha gore ke lete pele mme ke tle mo letsatsing le le latelang, ka gonne tota e bile e ne e le yone nako e ke neng ke tshwanetse go tla go mmona ka yone. Pele nna le monna wa me re ya go robatsa bana ba rona ba babedi mo bosigong joo, re ne ra rapela mmogo, re kopa Jehofa gore a re fe maatla ka tsela le fa e le efe e re neng re tla a tlhoka ka yone. Kgabagare ke ne ka robala.

Mme mo e ka nnang ka ura ya bobedi, ke ne ka tsoswa ke setlhabi se se neng se tsipa botlhoko thata. Setlhabi seno se ne sa kokobela ka iketlo, mme fela fa ke re ke tshwarwa ke dikgofa gape, sa tsoga, se uba jaanong. Go dutla le gone go ne go oketsega, mme ka lemoga gore mesifa ya me e simolola go gagamala. Mogopolo wa me o ne wa simolola go kgarakgatshega, ke ipotsa gore ke dirileng go baka bothata jono, mme ke ne ke sa kgone go akanya ka sepe se ke se dirileng se se phoso.

Ka ura ya botlhano mo mosong, ke ne ke itse gore ke tshwanetse go ya bookelong. Fa nna le monna wa me re fitlha teng, re ne ra wela makgwafo fa re ne re amogelwa ke badiri ba bookelo ba ba berekang mo lephateng la maemo a tshoganyetso, ba ba neng ba le pelonomi, ba le molemo e bile ba le kutlwelobotlhoko. Mme e ne ya re diura di le pedi moragonyana, ngaka ya re bolelela tsone dikgang tse re neng re tshogile go di utlwa: ngwanake o sule.

Ka ntlha ya matshwao a ke neng ka a utlwa pelenyana, ke ne ke ipaakanyeditse seemo seno mme ke ne ka amogela dikgang tseno sentle. Mo godimo ga moo, monna wa me o ne a na le nna mo nakong eno yotlhe mme o ne a nkeme nokeng tota. Mme e re ka re ne re tlile go boela gae re sa tshwara ngwana, re ne re ipotsa gore re tla bolelela bana ba rona ba babedi, e bong Kaitlyn, yo o neng a na le dingwaga di le thataro, le David, yo o neng a na le dingwaga di le nnè, re reng.

Re Raya Bana ba Rona re Reng?

Bana ba rona ba ne ba ya go robala ba itse gore go ne go na le sengwe se se phoso, mme re ne re tla ba bolelela jang gore yo e neng e tlile go nna monnaabone o tlhokafetse? Re ne ra fetsa ka gore re bue boammaaruri fela. Mmè o ne a re thusa thata mo ntlheng eno ka go bolelela bana gore re ne re se kitla re tla le lesea. Fa re goroga, ba ne ba taboga go tla go re kgatlhantsha mme ba re tlamparela le go re atla. Potso ya bone ya ntlha e ne ya nna gore, “A ngwana o siame?” Ke ne ka palelwa ke go araba, mme monna wa me, a re tlamparetse rotlhe, o ne a re: “Ngwana o sule.” Re ne ra lela re tshwarane jalo, mme seno sa re thusa go alafa botlhoko jo re neng re na le jone.

Le fa go ntse jalo, re ne re sa ipaakanyetsa sentle tsela e bana ba rona ba neng ba tlile go tsibogela seno ka teng moragonyana. Ka sekai, mo e ka nnang dibeke di le pedi morago ga go senyegelwa ke mpa, go ne ga dirwa kitsiso mo phuthegong ya rona ya Basupi ba ga Jehofa gore mokaulengwe mongwe yo o neng a godile wa Mosupi e bile e le tsala ya rona e kgolo o tlhokafetse. David, yo o nang le dingwaga di le nnè, o ne a sisa pelo fela thata, ka jalo monna wa me a mo tseela kwa ntle. Fa David a sena go ritibala, o ne a botsa gore ke ka ntlha yang fa tsala ya gagwe e sule. Go tswa foo a botsa gore ke ka ntlha yang fa lesea le ne la swa. Morago ga moo o ne a botsa rraagwe jaana: “A le wena o tlile go swa?” Gape o ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa Jehofa Modimo a ne a ise a senye Satane mme a simolola go “baakanya dilo.” Ee ruri, re ne ra gakgamala go bona se se neng se le mo mogopolonyaneng wa gagwe.

Kaitlyn le ene o ne a botsa dipotso tse dintsi thata. E ne e re fa a tshameka ka bompopi ba gagwe, gantsi o ne a dira jaaka e kete mpopi yo mongwe o a lwala, fa bompopi ba bangwe e le baoki kgotsa maloko a lelapa. O ne a dira gore lebokoso le lengwe e nne bookelo jwa bompopi mme nako le nako o ne a tle a dire jaaka e kete mongwe wa bompopi ba gagwe o ne a sule. Dipotso tsa bana ba rona le metshameko ya bone e ne ya re naya dibaka di le dintsi tsa go ba ruta dithuto tse di botlhokwa ka botshelo le gore Baebele e ka re thusa jang go itshokela diteko. Gape re ne ra ba gakolola ka boikaelelo jwa Modimo jwa go dira gore lefatshe e nne paradaise e ntle, moo go se nang pogo yotlhe le botlhoko—tota le lone loso.—Tshenolo 21:3, 4.

Kafa ke Neng ka Itshokela go Senyegelwa Gono ka Teng

Fa ke ne ke boela gae lantlha go tswa kwa bookelong, e ne e kete ke sule bogatsu, ke sa tlhaloganye gore go diregang ka nna. Ke ne ke potapotilwe ke dilo tse ke neng ke tshwanetse go di dira, mme ke ne ke sa itse gore ke simolole kae. Ke ne ka founela ditsala di le mmalwa tse di neng di diragaletswe ke se se tshwanang, mme ba ne ba nkgomotsa fela thata. Tsala nngwe e re e ratang thata e ne ya re romelela dithunya mme ya ithaopela go tsaya bana ba rona e tsamaye le bone mo thapameng eo. Ke ne ka itumelela go amega ga gagwe ka lorato le thuso ya gagwe e e molemo!

Ke ne ka rulaganya dinepe tsa lelapa go di tsenya mo alebamong. Ke ne ka leba le go tshwara diaparo tsa lesea tse di sa aparwang—tsone fela dilo tse ke neng ke na le tsone tse di neng di nkgakolola ka lesea la me le le suleng. Ke ne ka fetsa dibeke di le mmalwa ke tlhakatlhakane tota mo maikutlong. Malatsi mangwe ke ne ke tlhola ke leletse ruri—tota le fa ditsala le ba losika ba ne ba nkeme nokeng jaana. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ithaya ke re ke tla tsenwa. Go ne go le boima tota go nna gaufi le ditsala tse di imileng. Pele ke ne ke ithaya ke re go senyegelwa ke mpa e ne e le “selonyana fela se se sa reng sepe” mo botshelong jwa mosadi, selo se re ka kgonang go feta mo go sone kwantle ga mathata a makalo. Ke ne ke fositse tota! *

Lorato—Kalafi E e Di Gaisang Tsotlhe

Fa nako e ntse e ile, kalafi e e molemo e ne e le lorato lwa monna wa me le Bakeresete mmogo le nna. Kgaitsadi mongwe wa Mosupi o ne a dira dijo mme a tla le tsone. Mogolwane wa phuthego le mosadi wa gagwe ba ne ba re tlisetsa dithunya le karata e e neng e na le mafoko a lorato, mme ba nna le rona mo maitsiboeng ao. Re ne re itse gore ba tshwaregile go le kana kang, ka jalo re ne ra itumedisiwa thata ke tsela e ba bontshitseng go amega ka rona ka yone. Ditsala tse dingwe tse dintsi le tsone di ne tsa re romelela dikarata kgotsa dithunya. Mafoko fela a a reng “Re akanya ka lona” a ne a bua go le gontsi tota! Leloko lengwe la phuthego le ne la kwala jaana: “Re leba botshelo ka tsela e Jehofa a bo lebang ka yone—e le sengwe se se botlhokwa thata. Fa a itse fa thaga e wela fa fatshe, he o tshwanetse a bo a itse fa leseanyana le le iseng le tsholwe le wa.” Ntsalake ene o ne a kwala jaana: “Re gakgamadiwa tota ke kgakgamatso ya tsalo le botshelo, mme fa e sa atlege le teng re ntse re a gakgamala.”

E ne ya re fa re le mo Holong ya Bogosi dibeke di sekae moragonyana, ke ne ka utlwa gore ke lele mme ka tswela kwa ntle pele fela ga pokano e simolola. E ne ya re fa ditsala tse pedi tse di rategang thata di bona ke tswa ke batla go lela tsa tla go nna le nna mo koloing, tsa ntshwara ka seatla, mme tsa dira gore ke tshege. Go ise go ye kae ke fa re boela mo teng gape ka boraro jwa rona. A bo go itumedisa jang go nna le ditsala tse di go ngaparelang “go gaisa morwarra motho”!—Diane 18:24.

Jaaka fa dikgang tse di ka ga go swa ga ngwanake di ntse di anama, ke ne ka gakgamala go bona gore ke Basupi ka nna ba bantsi jang ba ba neng ba diragalelwa ke se se ntiragaletseng. Tota le bangwe ba ba neng ba se gaufi thata le nna ba ne ba kgona go nkgomotsa ka tsela e e kgethegileng le go nkgothatsa. Tshegetso ya bone e e lorato ka nako ya fa ke ne ke e tlhoka e ne ya nkgakolola ka polelo eno ya Baebele: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Kgomotso ya Lefoko la Modimo

Segopotso sa loso lwa ga Keresete se ne sa tla beke fela morago ga go senyegelwa ga me ke mpa. Maitseboa mangwe fa re ntse re bala dipego tsa Baebele ka malatsi a bofelo a ga Jesu, go ne ga tla ka tshoganyetso fela mo mogopolong wa me: ‘Jehofa o itse botlhoko jwa go swelwa. O swetswe ke morwawe ka namana!’ Gonne Jehofa e le Rraarona wa selegodimo, ka dinako tse dingwe ke a lebala gore o a tlhaloganya le gore o na le kutlwelobotlhoko e e kana kang mo batlhankeng ba gagwe—ba banna le ba basadi. Ka yone nako eo ke ne ka utlwa ke wela makgwafo. Ke ne ka utlwa ke le gaufi le Jehofa go feta le fa e le leng pele.

Gape ke ne ka kgothatswa thata ke dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, bogolo jang dimakasine tsa nako e e fetileng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di neng di bua ka go swelwa ke yo o mo ratang. Ka sekai, ditlhogo tse di neng di bua ka “Go Lebana le go Swelwa ke Ngwana” tse di mo makasineng wa August 8, 1987 (ka Seesemane), di ne tsa nthusa thata, mmogo le boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. *

Go Fela ga Kutlobotlhoko

Fa nako e ntse e ile, ke ne ka lemoga gore ke a fola fa ke bona ke kgona go tshega kwantle ga gore ke utlwe ke dirile sengwe se se phoso le fa ke kgona go tlotla le motho kwantle ga gore ke umake ngwanake yo o suleng. Le fa go ntse jalo, nako le nako ke ne ke na le go nna ke tlhakatlhakana mo maikutlong, jaaka fa ke bona ditsala tsa me tse di neng di ise di utlwe sepe ka go senyegelwa ga me ke mpa kgotsa fa lelapa lengwe le le nang le ngwana yo monnye le ne le ka etela mo Holong ya rona ya Bogosi.

Mme ga direga moso mongwe fa ke tsoga, ka utlwa maikutlo ale a a letobo a apogile. Tota le pele ga ke bula matlho, ke ne ka utlwa gore ke fodile—ka utlwa kagiso le thethebalo e ke ntseng ke se na yone dikgwedi di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa ke iphitlhela ke imile gape mo e ka nnang ngwaga morago ga gore ke swelwe ke ngwana, dikakanyo tsa go senyegelwa ke mpa di ne tsa tla gape. Ka lesego ke ne ka tshola leseanyana la mosimane le le itekanetseng sentle ka October 2001.

Ke sa ntse ke lelela leseanyana la me le le tlhokafetseng. Le fa go ntse jalo, tiragalo eno yotlhe e dirile gore ke anaanele botshelo, lelapa la rona, Bakeresete mmogo le nna, le Modimo—yo o re gomotsang. Tiragalo eno gape e gateletse mo go nna boammaaruri jo bo ka se ganediweng jwa gore Modimo ga a tseye bana ba rona mme go na le moo gore “botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

A bo ke lebile pele jang ne go bona nako ya fa Modimo a tlile go fedisa khutsafalo yotlhe, selelo, le botlhoko, go akaretsa le botlhoko jwa mo mmeleng le mo maikutlong jwa go senyegelwa ke mpa! (Isaia 65:17-23) Ka nako eo, batho botlhe ba ba kutlo ba tla kgona go re: “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?”—1 Bakorintha 15:55; Isaia 25:8.—E neetswe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Dipatlisiso di bontsha gore mongwe le mongwe o tsiboga ka tsela e e sa tshwaneng le ya yo mongwe fa a senyegelwa ke mpa. Bangwe ba ikutlwa ba tlhakane tlhogo, ba bangwe ba swabile, fa ba bangwe bone ba utlwile botlhoko thata. Ke selo sa tlholego fela go utlwa botlhoko thata fa o tlhagetswe ke matlhotlhapelo a a tshwanang le go senyegelwa ke mpa, babatlisisi ba rialo, e bile ke karolo ya gore botlhoko jwa gago bo alafege.

^ ser. 20 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Se se Bakang go Senyegelwa ke Mpa le Makgetlho a go Diregang ka One

The World Book Encyclopedia e bolela gore: “Dipatlisiso di bontsha gore diperesente di le 15 go ya go di le 20 tsa batho botlhe ba ba imileng ba felela ba senyegetswe ke mpa. Mme kotsi ya go senyegelwa ke mpa e kwa godimo thata mo dibekeng tse pedi tsa ntlha morago ga go ima (go kopana ga peo le lee), ka nako e basadi ba bantsi ba sa itseng le gore ba imile.” Buka e nngwe e bolela gore “diperesente di feta 80 tsa go senyegelwa ke mpa go direga mo dibekeng tsa ntlha tse 12 tsa boimana,” tse mo e ka nnang halofo ya tsone di bakwang ke bogole mo dikoromosomong tsa leseanyana le le iseng le tsholwe. Bogole jono ga bo bakwe ke bogole jo bo mo dikoromosomong tsa ga mmè kgotsa tsa ga rre.

Dilo tse dingwe tse di bakang go senyegelwa ke mpa di ka nna tsa bakwa ke botsogo jwa ga mmè. Ba tsa kalafi ba bolela gore go bakwa ke malwetse a dihoromone le a thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse, go tshwaediwa ke megare mengwe, le mathata mangwe mo molomong wa popelo kgotsa mo popelong ya ga mmè. Malwetse a seemera jaaka bolwetse jwa sukiri (fa bo sa laolwe ka tshwanelo) le kgatelelo e e kwa godimo ya madi le tsone di ka baka bothata jono.

Go ya ka baitse ga se tota gore go senyegelwa ke mpa go bakwa ke go itshidila mmele, go tsholetsa dilo tse di bokete kgotsa go tlhakanela dikobo. Ga go lebege go wa, go thulwa ke sengwe go sekae kgotsa go garoga pelo go ka baka go senyegelwa ke mpa. Buka nngwe ya re: “Loseanyana lo lo iseng lo tsholwe lo ka se gobadiwe ke go gobala ga gago kwantle ga fa kgobalo eo e le masisi mo e ka tsenyang botshelo jwa gago mo kotsing.” A bo tsela e popelo e dirilweng ka yone e le bosupi jo bontle jwa gore go na le Mmopi yo o botlhale le yo o lorato jang ne!— Pesalema 139:13, 14.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]

Kafa ba Lelapa le Ditsala ba ka Thusang ka Teng

Ka dinako tse dingwe go thata go itse gore o reng kgotsa o dire eng fa leloko la lelapa kgotsa tsala e senyegelwa ke mpa. Batho ba itshwara ka ditsela tse di farologaneng fa ba latlhegelwa ka tsela e e ntseng jalo, ka jalo ga go na tsela e le nngwe fela ya go gomotsa le ya go thusa. Le fa go ntse jalo, sekaseka dikakantsho tse di latelang. *

Dilo tse o ka di dirang go thusa:

◆ Ithaopele go tlhokomela bana ba bagolwane.

◆ Apeela lelapa leo dijo mme o le isetse.

◆ Emang le rre nokeng. Jaaka rre mongwe a kile a bua, “ga go na dikarata tse di diretsweng borre ba ba mo boemong jono.”

Dilo tse di thusang tse o ka di buang:

“Ke maswabi thata go utlwa ka go senyegelwa ga gago.”

Mafoko ano a a mmalwa a ka gomotsa fela thata, mme a ka bula tsela ya gore o bue a mangwe a a oketsegileng a a gomotsang.

“Go siame fa o lela.”

Gantsi motho o ikutlwa a batla go lela mo dibekeng tsa ntlha kgotsa dikgwedi tsa ntlha fa a sena go senyegelwa ke mpa. Tlhomamisetsa motho yoo gore o ka se mo nyatse fa a bontsha gore o utlwile botlhoko.

“A nka go founela beke e e tlang ke tlhole gore dilo di ntse di go tsamaela jang?”

Kwa tshimologong, batho ba ba senyegetsweng ke mpa ba ka nna ba utlwelwa botlhoko ke batho ba bantsi, mme fa nako e ntse e tsamaya ba sa ntse ba utlwile botlhoko jalo, ba ka nna ba nna le maikutlo a gore bangwe ba ba lebetse. Go monate fa ba itse gore o tla nna a ntse o ba eme nokeng. Kutlobotlhoko eno e ka nna ya tsoga gape morago ga dibeke kgotsa dikgwedi tse dintsi. E bile e ka nna ya tsoga fa motho a sena go ima mme tsotlhe di tsamaya sentle.

“Ruri ga ke itse gore ke reng.”

Fa o bua jalo ga go tshwane le fa o sa bue sepe. Go nna peloephepa le go nna teng ga gago go bontsha gore o amegile.

Se o sa tshwanelang go se bua:

“Lo tla nna le ngwana yo mongwe.”

Le fa seno se ka tswa se le boammaaruri, se ka lejwa jaaka tsela ya go sa bontshe kutlwelobotlhoko. Batsadi bao ba ne ba sa batle ngwana mongwe le mongwe fela, ba ne ba batla ngwana yoo. Pele ga ba ka akanya ka go nna le yo mongwe, ba tla tlhoka go hutsafalela ngwana yo o tlhokafetseng.

“Gongwe o ne a le segole.”

Le fa seno se ka tswa se le boammaaruri, ga se gomotse. Mmè, mo tlhaloganyong ya gagwe, o itse a ne a imile ngwana yo o itekanetseng.

“Go botoka ka gore tota lo ne lo sa itse losea loo. Go ne go ka nna maswe le go feta fa seno se ka bo se diragetse moragonyana.”

Basadi ba le bantsi ba rata bana ba bone fela thata ba ba iseng ba tsholwe fa ba sena go ba ima. Ka jalo fa losea loo lo tlhokafala, ba utlwa botlhoko. Kutlobotlhoko eno e okediwa ke fa go se na motho ope yo mongwe yo o neng a “itse” ngwana jaaka mmaagwe a ne a mo itse.

“Ga go tshwane ka gore lo na le bana ba bangwe.”

Mo batsading ba ba hutsafetseng, seno se ka tshwana le go raya mongwe yo o latlhegetsweng ke letsogo kgotsa leoto o re: “Ga go tshwane o ntse o na le le lengwe.”

Ee, re tshwanetse go dumela gore le batho ba ba amegang thata ka ba bangwe le ba ba peloephepa ba na le go bua dilo tse di sa rategeng. (Jakobe 3:2) Ka jalo, basadi ba ba nang le temogo ba ba senyegetsweng ke mpa ba tshwanetse go bontsha lorato lwa Bokeresete mme ba se ka ba tenwa ke batho ba ba buang dilo tse di sa tshwanelang, mme ba dira jalo ka maikemisetso a mantle.—Bakolosa 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 36 Di tserwe mo go A Guide to Coping With Miscarriage, e e kwadileng ke Miscarriage Support Group ya Wellington, kwa New Zealand.