Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lobelo Lwa Maparego Lwa go Nna Mmè

Lobelo Lwa Maparego Lwa go Nna Mmè

Lobelo Lwa Maparego Lwa go Nna Mmè

Go nna mmè ke selo se se raraaneng le se se itumedisang. Bommè ba itumelela dinako tse di monate tse ba ka se kang ba di ananya ka sepe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, bangwe ba ikutlwa e kete ba tla tloga ba thubega. Helen o bapisa botshelo jwa gagwe jwa go nna mmè le lobelo lo lo tletseng maparego. Mme go bonala e kete fa nako e ntse e tsamaya, maparego ano a a oketsega e bile a nna kwa godimonyana.

Bommè ba ka nna ba ithontsha nako ya bone ya go itapolosa le ya go nna le ditsala gore ba tlhomamise gore bana ba bone ba tlhokometswe sentle. Esther, mmè mongwe wa bana ba le batlhano o bolela jaana: “Ke nna ke letetse go bidiwa nako nngwe le nngwe. Ga ke tlhole ke itapolosa ka go tlhapa ke iketlile mo bateng mme mo boemong jwa moo ke shawara ka bonako, ga ke tlhole ke intsha le monna wa me go ya go ja dijo tse di monate tsa maitseboa mme go na le moo ke ja dijo tsa lepotlapotla tse di apewang ka microwave. Mo go nna go na le maeto a ke sa kgoneng go ya kwa go one, mafelo a ke sa kgoneng go a bona le dilo tse ke sa kgoneng go di dira. Mme diaparo di tlhatswitswe e bile di phuthilwe!”

Le fa go ntse jalo, bommè ba le bantsi ba ka kgona go bua ka dinako tse di kgethegileng tsa boipelo tse ba nnileng le tsone fa ba ntse ba godisa bana ba bone. Esther a re: “Monyenyo o o o fiwang nako le nako, le mafoko a a monate a a reng ‘Ke a leboga, Mama,’ le go tlamparelwa ka lorato—ke tsone dilo tse di go nayang maatla a go tswelela pele.” *

Mmè o Ile go Theogela

Leparego le legolo le le ileng la dira gore go nna mmè e nne tiro e e raraaneng ke la gore ba le bantsi ba rwala boikarabelo jo bo tlwaelegileng jwa lelapa ba ntse ba lebana le mathata a tiro ya boitshediso go thusa lelapa ka madi. Bontsi jwa bommè bano ba bereka kgakala le legae, e seng ka go bo ba rata mme e le ka go bo ba patelesega. Ba itse gore fa ba ka nna mo gae, malapa a bone, segolobogolo bana ba bone, ba tla tlhoka dilo tse dintsi. Madi a ba a amogelang—ao gantsi a leng kwa tlase ga a banna ba ba dirang tiro e e tshwanang ba a amogelang—a botlhokwa thata.

Ka sekai, kwa São Paulo, Brazil, diperesente di le 42 tsa batho ba ba berekang ke basadi. Lokwalodikgang longwe lwa koo lo ile lwa re bommè ba ba godisang bana ba bone ba ntse le bone ka dinako tsotlhe ke “mofuta wa ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela.” Mo metseselegaeng ya Afrika, ke selo se se tlwaelegileng go bona mmè yo o rweleng ngatana ya dikgong mo tlhogong mme a bofile ngwana mo mokwatleng wa gagwe.

Lefelo la Tiro le le Lopang mo Gontsi

Selo se sengwe se se oketsang maparego ano ke gore mafelo a ditiro a ka nna a batla gore bommè ba bereke diura tse dintsi. Mme ga se gone fela go go batlegang. Fa Maria, yo o nnang kwa Gerika, a ne a hiriwa, mothapi wa gagwe o ne a mo kopa go saena lekwalo lengwe le mo go lone a neng a solofetsa gore a ka se ka a ima ka dingwaga di le tharo. Fa a ka ima, o ne a tla tshwanelwa ke gore a duele ka tsela nngwe. Maria o ne a saena lekwalo leo. Mme le fa go ntse jalo, ngwaga le sephatlo moragonyana, o ne a ima. Mme mothapi wa ga Maria o ne a mmontsha lekwalo leo, mme ene o ne a ya kgotlatshekelo go ya go lwa kgatlhanong le melao ya khampani ya gagwe mme gone jaanong o sa ntse a letetse tshwetso ya kgotla.

Mo maemong a a seng thata jalo, bathapi ba ka nna ba gatelela bommè gore ba boele tirong ka bonako fa ba sena go tshola ngwana. Gantsi ga ba ke ba fokolediwa diura tse ba berekang ka tsone fa ba boela tirong. Ka gone, kgang ya gore jaanong ba na le maikarabelo a go tlhokomela ngwana yo o sa ntseng a le monnye thata ga e akanyediwe. Ga ba kgone go nna kwa gae ba sa lebane le mathata ape a madi. Bommè gape ba ka nna ba tshwanelwa ke go isa bana ba bone kwa mafelong a go tlhokomela bana a maemo a a kwa tlase le go bona thuso e e sa lekaneng ya puso.

Kafa letlhakoreng le lengwe, bommè bangwe ba bereka e seng ka go bo ba tlhoka madi mme e le ka go bo ba batla go ikutlwa ba fitlheletse sengwe mo botshelong. Sandra o ne a swetsa gore o boela tirong morago ga go tsholwa ga bana ba gagwe ba babedi. O gakologelwa gore fa a ne a iphitlhela a le kwa gae a le esi le lesea, “ka dinako tse dingwe o ne a tle a eme a lebelele kwa ntle ka fensetere a ipotsa gore batho ba bangwe botlhe ba dira eng.” Mme bommè ba bangwe bone ba batla go tswa mo tlalelong ya botshelo jwa lelapa ka go ya tirong. Daily Telegraph ya kwa Boritane e ne ya bega jaana: “Batsadi bangwe ba batla go bereka diura tse di oketsegileng kwa tirong kwa ba kgonang go nna le thethebalo e e rileng gone. Se se gakatsa dilo le go feta, se fokotsa thata nako e ba e dirisang ba na le bana ba bone ba ba nnelang maswe go ya pele, ba ba ratang ntwa le ba ba lonyatso.”

Morabaraba

Go lekalekanya tiro le legae ga go motlhofo. Mmè mongwe wa kwa Netherlands o tlhalosa maikutlo a bommè ba le bantsi jaana: “Letsapa, letsapa, letsapa. Ke tsoga ke ntse ke lapile. Fa ke fitlha kwa gae ke tswa tirong, ke a bo ke sule ke letsapa. Bana ba setse ba re, ‘Mama o a bo a ntse a lapile fela,’ mme seo se dira gore ke ikutlwe ke le molato. Ga ke batle go tlogela tiro mme le fa go ntse jalo ke batla go nna mmè yo o ratwang yo o ka dirang gore sengwe le sengwe se kgonege. Le fa go ntse jalo, ga ke mmè yo o itekanetseng yo ke ratang go nna ene.”

Ke mongwe wa bommè ba ba dimilione ba ba berekang ba ba akanyang gore go nna le ‘nako e e mosola’ le bana ba gago ka tsela nngwe go tla thiba nako e ba e fetsang ba seyo mo gae ka yone—mme ba fitlhetse gore kakanyo eno ga e ba kgotsofatse. Bommè ba le bantsi gompieno ba re go leka go kopakopanya mathata a kwa tirong le maikarabelo a lelapa go ba lapisa thata, go ba bolaisa letsapa le le tseneletseng mme ga ba bone maduo a a lekaneng a gone.

Fa basadi ba fetsa nako e telele ba sa nne le bana ba bone, bana ga ba bone se ba se tlhokang thata—nako le tlhokomelo ya bommè ba bone. Fernanda A. Lima, yo e leng moithutatlhaloganyo wa bana go tswa kwa Brazil, a re ga go na ope yo o ka dirang tiro ya ga mmè sentle jaaka ene mmè ka boene. A re: “Dingwaga tsa ntlha tse pedi mo botshelong jwa ngwana di botlhokwa thata. Ngwana o sa ntse a le monnye thata go ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mmè a seyo.” Motho yo mongwe yo o emelang mmè a ka dira gore ngwana a se ka a tlhoka mmaagwe mme a ka se ka a kgona go tsaya boemo jwa ga mmaagwe. Lima a re: “Lesea le lemoga gore ga le bone tlhokomelo e e lorato ya mmaalone.”

Kathy yo e leng mmè yo o dirang tiro ya boitshediso e e tsayang nako yotlhe, yo o nang le morwadi yo monnye o ne a bolela jaana: “Ke ne ka ikutlwa molato thata, ke utlwa e kete ke a mo latlha [fa a ya kwa keretšheng]. Go thata go itse gore ga o kgone go bona ngwana wa gago a gola le fa a tlhalefa mme ga go monate go akanya gore o tlwaelane thata le keretšhe go na le kafa a tlwaelaneng le wena ka teng.” Molebeledi mongwe wa sefofane wa mosadi wa kwa Mexico o ne a dumela jaana: “Morago ga nakwana, ngwana wa gago ga a tlhole a go itse, ga a go tlotle ka gonne ga se wena o mo godisang. Ba itse gore ke wena mmaabone, mme ka tshoganyetso fela, ba rata go nna le mosadi yo o ba tlhokomelang.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, bommè ba ba tlhokomelang bana ba bone ka dinako tsotlhe ba re ba tshwanetse go itshokela go tseelwa kwa tlase le go sotliwa ke setšhaba se se ratang go tlotlomatsa tiro ya boitshediso e e duelang. Mo ditšhabeng tse dingwe go nna mosadi wa ntlo ga e tlhole e le boemo jo bo tlotlegang, ka gone, basadi ba gatelelwa gore ba ipatlele tiro, tota le fa go sa tlhokege madi a a oketsegileng.

Ba Tlogelwa Gore ba Ikgaratlhele ba le Bosi

Selo se sengwe se se oketsang maparego a go nna mmè ke se: Fa mmè a tswa kwa tirong ya boitshediso ya letsatsi lotlhe, o tla gae e seng go tla go ikhutsa, mme e le go tla go tswelela ka ditiro tse di tlwaelegileng tsa legae. Go sa kgathalesege gore a bommè ba dira tiro ya boitshediso kana nnyaa, gantsi go sa ntse go lebeletswe gore e nne bone ba ba ikarabelelang thata go tlhokomela ntlo le bana.

Le fa bommè ba le bantsi ba bereka diura tse di oketsegileng, ga se gantsi borre ba thusang. The Sunday Times ya Lontone e ne ya kwala jaana: “Boritane ke setšhaba se mo go sone borre ba seyong, go ya ka patlisiso nngwe e e bontshang gore banna ba dirisa metsotso e e kana ka 15 fela ka letsatsi le bana ba bone. . . . Banna ba bantsi ga ba itumelele go ipha nako le malapa a bone. . . . Fa kafa letlhakoreng le lengwe, mmè yo o dirang tiro ya boitshediso kwa Boritane o tla dirisa metsotso e le 90 ka letsatsi le bana ba gagwe.”

Banna bangwe ba ngongorega ka gore basadi ba bone ga ba kgone go abela ba bangwe ditiro ka gonne ba batla gore sengwe le sengwe se dirwe fela ka tsela e bone ba tlholang ba se dira ka yone. Banna bano ba re: “Fa o sa dire jalo, ga o dire dilo sentle.” Kwantle ga pelaelo, gore mmalapa yo o lapileng a tle a solegelwe molemo ke thuso ya monna wa gagwe, o tla tshwanelwa ke gore a ikemisetse go dira diphetogo dingwe malebana le tsela e ditiro dingwe tsa lelapa di dirwang ka yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, monna ga a tshwanela go dirisa lebaka leno go nna seipato sa gore a se ka a dira sepe.

Se se Oketsang Maparego

Ditlwaelo tse di nweleletseng le tsone di ka nna tsa oketsa maparego. Kwa Japane bommè ba lebeletswe gore ba godise bana ba bone gore ba tshwane le ba bangwe ba ba lekanang le bone. Fa bana bangwe ba ithuta go tshameka piano kana ba ithuta go taka, mmè o ikutlwa a patelesega go dira gore bana ba gagwe le bone ba dire jalo. Dikolo di gatelela batsadi gore ba dire gore bana ba bone ba dire ditiro tsa morago ga sekolo tse bana ba bangwe ba di dirang. Go farologana le ba bangwe go ka dira gore bana ba tshwenngwe ke bana bangwe, barutabana, batsadi ba bangwe le ba losika. Go ntse jalo le kwa dinageng tse dingwe.

Diphasalatso le go rata go reka go ka dira gore bana ba batle go rekelwa dilo tse dintsi. Mo dinageng tse di tlhabologileng bommè ba ka nna ba ikutlwa ba tshwanetse go naya bana ba bone se ba se batlang ka gonne ba bona bommè ba bangwe ba dira jalo. Fa ba sa kgone, ba ka nna ba ikutlwa ba paletswe.

Kgang eno e e malebana le bommè ba segompieno ga e a tshwanela go re kgoreletsa go bona se se dirwang ke dimilione tsa bommè ba ba dirang tiro ya bonatla, ba ba intshang setlhabelo, ba ba dirang gotlhe mo ba ka go kgonang go diragatsa maikarabelo a bone a mantle thata—a go godisa dikokomana tsa isagwe tsa lelapa. Ke tshiamelo. Baebele ya re: “Bana ke tshegofatso le mpho e e tswang go MORENA.” (Pesalema 127:3, Contemporary English Version) Miriam, yo e leng mmè wa bana ba le babedi, o bua se se neng se ka buiwa ke bommè bano fa a bolela jaana: “Le mororo go na le dikgwetlho, go nna mmè go lere boipelo jo bo ka se kang jwa bapisiwa le bope. Go dira gore rona bommè re ikutlwe re kgotsofetse fa re bona bana ba rona ba tsibogela thapiso e re ba e fileng mme e nna batho ba ba nang le boikarabelo mo setšhabeng.”

Ke eng se se ka thusang bommè go ipelela mpho e ba nang le yone le go feta? Setlhogo se se latelang se tla re neela dikakantsho tse di molemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Ditlhogo tseno di bua thata ka bommè ba ba nyetsweng. Mo nakong e e tlang, Tsogang! e tla bua ka dikgwetlho tsa bommè ba ba bosi le ba ba sa nyalwang.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

“Letsatsi la Bommè”

Bommè mo borwa jwa Afrika ba tlhasetswe ke lehuma le legolo, ba nna le banna ba ba se nang maikarabelo, ba sotliwa ka metlha e bile ba tlhasetswe le ke leroborobo la AIDS. Ka Letsatsi la Bommè la bosheng jaana, lokwalodikgang longwe lwa mo Afrika Borwa lwa The Citizen, lo ile lwa bega jaana: “Diketekete tsa basadi di sotliwa ke balekane ba bone mme bangwe ba bone ba tla latlhegelwa ke matshelo a bone ka Letsatsi la Bommè.” Mathata a a ntseng jalo a dirile gore diketekete tsa bommè mo Afrika Borwa di latlhe masea a tsone ngwaga le ngwaga. Mo dingwageng tse pedi tsa bosheng jaana, go ile ga nna le koketsego ya diperesente di le 25 tsa masea a a latlhilweng. Selo se se kgobang marapo le go feta ke palo e e ntseng e oketsega ya basadi ba ba ipolayang. Bosheng jaana, mosadi mongwe wa kwa lefelong lengwe le le humanegileng o ne a tlamparetse bana ba gagwe ba bararo fa a ntse a eme fa pele ga terena e e tlang. Ba ne ba swa botlhe. Ka go leka go itshedisa, bommè bangwe ba nna diaka le go rekisa diokobatsi tse di sa letlelelweng kafa molaong kana ba kgothaletsa bomorwadiabone gore le bone ba dire jalo.

Go tswa kwa Hong Kong go begiwa gore “bommè bangwe ba basha ba bolaya masea a bone fa ba ba tshola kana ba ba latlhela mo teng ga motomo wa matlakala ka go bo ba sa kgone go itshokela mathata.” Lokwalodikgang lwa South China Morning Post lo ile wa bolela gore basadi bangwe ba basha ba ba nyetsweng kwa Hong Kong “ba tlaleletswe thata jaana [mo e leng gore] boitekanelo jwa tlhaloganyo ya bone bo ka senyega go ya bokgakaleng jwa gore ba ipolaye.”

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Go Nna Mmè mo Dinageng Tse di Farologaneng

Nako e nnye thata

❖ Patlisiso nngwe kwa Hong Kong e ile ya bontsha gore diperesente di le 60 tsa bommè ba ba berekang ga di dirise nako e ba tsayang gore ke e e lekaneng le bana ba bone. Mme mo gare ga beke diperesente di le 20 tsa bana ba ba nang le dingwaga di le tharo ba batsadi ba bone ba berekang ga ba nne mo gae, gantsi ba nna le bommèmogolo fa go ilwe tirong.

❖ Basadi kwa Mexico ba dirisa dingwaga di ka nna 13 ba tlhokomela bobotlana ngwana a le mongwe yo o kwa tlase ga dingwaga di le tlhano.

Bommè le tiro

❖ Kwa Ireland diperesente di le 60 tsa basadi di nna kwa gae go tlhokomela bana. Diperesente di le 40 tsa basadi kwa Gerika, Italy, le Spain le tsone di dira jalo.

Go thusa ka ditiro tsa legae

❖ Kwa Japane, diperesente di le 80 tsa bommalapa di ile tsa bolela gore di eletsa e kete leloko lengwe la lelapa le ka ba thusa ka ditiro tsa legae, segolobogolo fa ba lwala.

❖ Kwa Netherlands banna ba dirisa diura di le 2 ka letsatsi le bana ba bone le diura di le 0,7 ba dira ditiro tsa legae. Basadi ba dirisa diura tse di ka nnang 3 le bana ba bone le diura di le 1,7 ba dira ditiro tsa legae.

Bommè ba ba ngomogileng pelo

❖ Kwa Jeremane diperesente tse di fetang 70 tsa bommè di ikutlwa di ngomogile pelo. Diperesente tse di ka nnang 51 di lela ka botlhoko jwa monyetsane le marapo a mokokotlo. Ba ba fetang nngwe tharong ba nna ba lapile ka metlha e bile ba kgobegile marapo. Mo e ka nnang diperesente di le 30 di tshwenngwa ke go opiwa ke tlhogo e e feteletseng.

Bommè ba ba sotliwang

❖ Kwa Hong Kong, diperesente di le 4 tsa basadi ba ba ileng ba botsolodiwa ba ile ba bolela gore ba kile ba sotliwa fa ba ne ba imile.

❖ Patlisiso nngwe e e dirilweng ke makasine wa Focus kwa Jeremane e ile ya bontsha gore mo e ka nnang mmè a le 1 mo go ba le 6 o ile a dumela gore o kile a tlhaselwa mo mmeleng ke ngwana wa gagwe bobotlana ka lekgetlo le le lengwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go nna mmè go ka ngomola pelo thata, e re ka basadi ba le bantsi ba tshwanetse go kgaratlhela go lekalekanya tiro ya bone ya boitshediso le botshelo jwa lelapa