Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puo ya Diphologolo Tse di Tlhaga—Masaitsiweng a Tsela ya Diphologolo ya go Buisana

Puo ya Diphologolo Tse di Tlhaga—Masaitsiweng a Tsela ya Diphologolo ya go Buisana

Puo ya Diphologolo Tse di Tlhaga—Masaitsiweng a Tsela ya Diphologolo ya go Buisana

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

KWANTLE ga pelaelo, nngwe ya dimpho tse dintlentle tse motho a di filweng ke go kgona go bua. Ka puo re fetisetsana tshedimosetso e e botlhokwa thata e ka tswa e le ka mafoko kgotsa ka mekgwa e mengwe e e sa diriseng lentswe, e e tshwanang le go bua ka diatla. Tota e bile, kgololesego ya puo ke kgang e go ngangisanwang thata ka yone mo lefatsheng lotlhe. Ka gone, bangwe ba bile ba tsaya gore ke batho fela ba ba kgonang go bua.

Le fa go ntse jalo, patlisiso e bontsha gore diphologolo di buisana ka ditsela tse di raraaneng thata tse gantsi di tlogelang batho ba akabetse. Ee, di a “bua,” e seng ka mafoko, mme ka ditshupo tse di bonalang tse di tshwanang le go tsokotsa mogatla, go emisa ditsebe, kgotsa go phaphasetsa diphuka. Ditsela tse dingwe tsa go buisana di ka nna tsa akaretsa go dirisa lentswe, jaaka go bogola, go kurutla, go rora, kgotsa go opela ga nonyane. Batho ba kgona go lemoga “dipuo” dingwe sentle, mme tse dingwe di tlhoka gore o di batlisise sentle gore o kgone go di lemoga.

Dibatana!

Ke mo gare ga July. Kwa Serengeti National Park e kgolo e e kwa Tanzania, diketekete tsa motlhape wa dikgokong di mo loetong go ya kwa bokone kwa Serapeng sa Diphologolo sa Masai Mara kwa Kenya, e le fa di batlana le mafulo a matalana. Fa di le mo loetong lono lwa ngwaga le ngwaga di fudugela koo, go utlwala fela modumo wa ditlhakwana. Le fa go ntse jalo, di tla di kopana le dikotsi mo tseleng. Mo tseleng go na le dibatana tse di tshwanang le ditau, matlotse, diphiri le mangau. Dikgokong tseno gape di tla leka go kgabaganya Noka ya Mara e e tletseng dikwena. Dikgokong di dira jang go itshireletsa mo dibataneng tseno?

Gore kgokong e tlhakanye mmaba wa yone tlhogo, e tla ragoga e taboge sekgalanyana se sekhutshwanyane ka lobelo go tswa foo e bo e retologa go lebana le mmaba wa yone, e dira jalo e ntse e thukuthela tlhogo kafa le kafa. E tla nna e tlolatlola ka tsela e e sa laolegeng, e dira dilo tsa boeleele fela. Tota le sebatana se se ithayang se re ga se kgathale se tla ema se gakgamaletse go bona tanse eno e e sa tlwaelegang. Fa sebatana seno se ka nna sa atamela fela, kgokong e tla nna e tswelela pele ka motshameko wa yone. Seno se tlile go tlhakanya sebatana tlhogo mo e leng gore se ka nna sa e tlogela fa e sena go bina jalo fa pele ga yone. Motantsho ono o o sa bonaleng kwa o yang teng o dirile gore kgokong e lejwe e le phologolo ya mo nageng e e tshegisang fela thata.

Bontsalae dikgokong ba babotlanyana, e bong diphala, ba itsiwe ka go tlolela ga bone kwa godimo. Mo go ba le bantsi, go tlolela kwa godimo jalo go ka raya gore e a ikgantsha le gore e lobelo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsa mathata tshephe eno e dirisa matlhajana a yone a go tlolela kwa godimo go dira gore sebatana se se ka sa kgona go e tshwara ka maoto a yone. Fa e tlola jalo, sekgala sa dimetara di le robongwe, e naya sebatana molaetsa o o utlwalang sentle, “Tlaa fa e le gore o ka kgona go ntshwara.” Ke dibatana di sekae fela tse di tla ratang go tsena mo lobelong loo gore fela di tshware phala eno e go seng motlhofo go e tshwara!

Nako Ya go Ja

Dibatana di le dintsi tse di mo sekgweng di tshwanetse go godisa botswerere jwa tsone jwa go tsoma gore e nne batsomi ba ba molemo. Bana ba tshwanetse go leba ka kelotlhoko fa batsadi ba bone ba ntse ba ba bontsha mekgwa ya go tsoma. Kwa serapeng sengwe sa diphologolo sa mo Afrika, letlotse lengwe le le bidiwang Saba le ne la bonwa le ruta bana ba lone dithuto tse di botlhokwa thata tse di tla ba thusang go itshedisa. E ne ya re fa le sena go nna le ratela tshepe nngwe ka sebaka se se fetang ura, le ne la tsapogela kwa pele mme la tshwara tshephe e e neng e tlhokile lesego eno la e kgama—mme la se ka la e bolaya. Moragonyana, Saba a latlhela phologolo e e neng e tseane eno mo pele ga bana ba gagwe, ba go neng go gakgamatsa go bo ba ne ba okaoka go kgomogela sejo se ba se newang. Matlotse a mannye ano a ne a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Mmaaone a ne a a tlisetsa phologolo e e tshelang. O ne a batla gore a itse go ipolaela tshepe. Nako le nako fa tshephe eno e ne e re e leka go ema e tshabe, bana ba ba itumetseng bano ba ne ba e tshwara ba e digela fa fatshe. Ka jaanong tshepe eno e ne e lapile, e ne ya tlogela go tlhola e kgaratlha. Saba yo o neng a emetse fale a lebeletse, o ne a itumelela se bana ba gagwe ba se dirileng.

Diphologolo dingwe tsone di rata go tlhodia fela thata fa di senka dijo. Diphiri tse di thamaga di tla kgorotla, di rore le go khinkhinyega fa di lelekisa phologolo e di batlang go e tshwara. Fa e setse e tshwerwe e bolailwe, diphiri tse dingwe di tla lalediwa go tla moketeng ka go “khinkhinyega” ga tsone. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha diphiri di itsomelang dijo tsa tsone. Mo diphologolong tsa naga ke dingwe tsa diphologolo tse di maswe thata tse di itsegeng ka go tseela diphologolo tse dingwe dijo tsa tsone—di dirisa mekgwa yotlhe e e letshwenyo go tseela dibatana tse dingwe dijo tsa tsone. Aitsane e bile di itsiwe ka go rata go tshosa ditau gore di tlogele dijo tsa tsone! Di dira seno jang? E re ka e le diphologolo tse di ratang go tsosa tlhatlharuane, di tla leka go tsosa tlhakatlhakano go leka go itaya ditau tsebe fa di ntse di ja. Fa ditau tseno di itlhokomolosa tlhatlharuane eno, diphiri di tla bo di gakala ka modumo wa tsone e bile di nna pelokgale go feta pele. Ka go tenega, gantsi ditau di tlogela setoto di tswe di tsamaye.

Mo dinotsheng, go batla dijo ke tiro e e batlang e raraane. Dipatlisiso tse di tseneletseng tsa saense di bontshitse gore ka go bina ga yone, notshe e e dirang mamepe e itsise tse dingwe tse di mo mosimeng gore e bone dijo kae, ke dijo tsa mofuta mang le gore ke dijo tsa boleng bofe. Notshe eno e tla tshwara dijonyana dingwe mo mmeleng wa yone, tse di tshwanang le tswina kgotsa mmudula, go ya go bontsha dinotshe tse dingwe tse di mo mosimeng. Ka go bina e fofa jaaka e kete e kwala nomoro ya robedi, e bontsha tse dingwe gore dijo di kae le gore di bokgakala jo bo kae. O bone koo! Notshe eo e e ntseng e bokaboka go go dikologa e ka nna ya bo e tsaya tshedimosetso nngwe e e botlhokwa go e isa gae. E ka nna ya re fa e utlwa monko wa senkgisamonate sa gago ya ithaya ya re e tlile go ja mo go wena mo nakong e e tlang!

Go Bontsha Gore e sa Ntse e le Teng fa Gaufi

Ga se medumo e mentsi jalo e e tshosang jaaka wa tau fa e kurutla bosigo go didimetse. Go ile ga akantshiwa gore go na le mabaka a le mmalwa a go bo e kurutla jalo. Go kurutla go gogolo ga tau e tonanyana ke go tlhagisa tse dingwe tsotlhe gore e teng fa gaufi; go tla tsena e e sebete. Le fa go ntse jalo, e re ka tau e le phologolo e e ratang gore e bo e na le tse dingwe ka dinako tse dintsi, go kurutla ga yone gape ke ga go buisana le tse dingwe tse di mo lesomong. Fa e dira jalo gantsi go kurutla ga yone ke go go bonolo go go sa bontsheng bogale. Bosigo bongwe tau e ne ya utlwiwa e kurutla metsotso mengwe le mengwe e le 15 go fitlha ntsalaayone a araba golo gongwe kgakala le yone. Ba ne ba nna ba tswelela ba “bua” jalo sebaka sa metsotso e le 15 gape go fitlhelela ba kopana. Ba bo ba tlogela go kurutla.

Go golagana ka ditsela tseno go dira gore di nne le dikamano tse dintle gape go di sireletsa mo maemong a a maswe thata a bosa. Koko e namagadi e ntsha medumo e le mmalwa go naya dikokwana tsa yone melaetsa e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, modumo o o tlhomologileng thata ke o moleele o o kwa tlase o e o dirang maitseboa, o o bontshang gore e tlile gae go tla go robala. Fa dikokwana tse di phatlaletseng di utlwa mokgosi ono wa Mmaatsone, di phuthegela mo tlase ga diphuka tsa gagwe di bo di robala.—Mathaio 23:37.

Go Bona Molekane

A o kile wa ema fela go reetsa dinonyane fa di opela? A ga o kgatlhiwe ke bokgoni jwa tsone jwa go opela dinoto? Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore tota ka go dira jalo ga di direle wena? Dipina tsa tsone ke mekgwa e di e dirisang go fetisa melaetsa e e botlhokwa. Le mororo go opela ga tsone ka dinako tse dingwe e le go tlhomamisa lefelo la tsone la bonno, gape go dirisiwa thata go gogela e e tlileng go nna molekane wa yone. Go ya ka The New Book of Knowledge, “selekanyo se e opelang ka sone se fokotsega ka diperesente di le 90” fa e tonanyana le e namagadi di bonane.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga se kgang ya go opela monate fela gore e gape molekane. Dinonyane dingwe tse di namagadi di batla gore go duelwe “bogadi” pele, pele ga di ka dumela e tonanyana. Ka gone nonyane e tonanyana e e agang sentlhaga e tla tshwanelwa ke gore e bontshe bokgoni jwa yone jwa go aga sentlhaga pele ga e ka ya gope fela ka go ratana le e namagadi. Dinonyane tse dingwe tse ditonanyana di tla tshwanelwa ke go bontsha bokgoni jwa tsone jwa go tlamela ka go fepa e namagadi.

Tsela e e raraaneng e diphologolo di buisanang ka yone ga e dire fela gore di kgone go bona dilo tse di di tlhokang tsa mmele mme gape e dira gore di se ka tsa lwa mme go nne le kagiso mo nageng. Re sa ntse re tla tlhoka go dira patlisiso e ntsinyana malebana le tsela e diphologolo di buisanang ka yone gore re tlhaloganye sentle tsela e “diphologolo tsa naga di buang ka yone.” Mme le fa re ka nna ra se ka ra kgona go di tlhaloganya sentle, gone di baka yo o di dirileng, e bong Jehofa Modimo.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

“Modumo wa Tidimalo” wa Ditlou

Mo thapameng e e fisang kwa Amboseli National Park e kgolo kwa Kenya, motlhape o mogolo wa ditlou o bonala o sa tshwenngwe ka gope ke go tsena ga ditshedi tse dingwe mo legaeng la tsone. Le fa go ntse jalo, mo moweng go tletse “puo ya ditlou,” go simolola ka go dumela ga tsone kwa tlase go fitlha ka go tlerebetsa, go rora, go uba, go korotla, le go gona. Mengwe ya mekgosi eno e na le medumo e e sa utlwaleng mo ditsebeng tsa motho mme le fa go ntse jalo e le maatla mo e leng gore e kgona go utlwiwa ke tlou e nngwe e e bokgakala jwa dikilometara di le mmalwa.

Bomankge ba diphologolo ba sa ntse ba jesiwa kgakge ke tsela e e raraaneng e ditlou di fetisang melaetsa e e botlhokwa ka yone. Joyce Poole o feditse dingwaga di feta 20 a ithuta tsela e ditlou tsa Afrika di buisanang ka yone. O sweditse ka gore ditshedi tseno tse dikgolo, tse di itsiweng ka dinaka tsa tsone tse di rategang, di na le maikutlo a a seng teng mo diphologolong di le dintsi. “Fa o bona tsela e ditlou di itshwarang ka yone fa di kopana le ditlou tse dingwe tsa maloko a lelapa go tla di di dumedisa kgotsa tse di tsalanang le tsone [kgotsa fa] go tsholwa ngwana yo mosha mo lapeng . . . o kgona go bona sentle gore di nna le maikutlo a a ka tlhalosiwang fela ka mafoko a a tshwanang le boipelo, boitumelo, lorato, botsala, go sa tshwarege, ditshego, monate, kutlwelobotlhoko, go wela makgwafo le tlotlo,” go rialo Poole.

Fa di kopana mmogo morago ga go kgaogana ka lobaka lo loleele, go tsoga pheretlhego, jaaka fa di tabogelana di emisitse ditlhogo di menne ditsebe e bile di di udubatsa. Ka dinako tse dingwe, tlou e nngwe e tla feleletsa e tsentse selopo sa yone mo molomong wa e nngwe. Go dumedisana gono go bonala go itumedisa ditlou tseno thata jaana jaaka e kete di a re, “Utlwa fela gore go monate jang go boa re kopana gape!” Dikamano tse di ntseng jalo di tsosolosa go tshegetsana goo di go tlhokang gore di tswelele di tshela.

Go bonala ditlou di kgona go jesana monate gape. Poole o tlhalosa a bona ditlou di taolosa dintlha tsa melomo ya tsone mo go se a neng a se bitsa go nyenya, di thukutha ditlhogo ka tsela e e bontshang gore di kgatlhegile. Nako nngwe o ne a simolola motshameko o mo go one diphologolo tseno di neng tsa tla go tshameka le ene mme tsa fetsa metsotso e le 15 di itshwere ka tsela e e sa tlwaelegang gotlhelele. Dingwaga di ka nna pedi moragonyana, dingwe tse a neng a tshameka le tsone go ne go bonala e kete di “tshega” le ene gape, gongwe di gakologelwa tsela e a neng a tshameka le tsone ka yone. Ditlou ga di jesane monate fela fa di tshameka mme gape di kgona go etsa medumo ya dilo dingwe. Fa a ne a dira patlisiso, Poole o ne a utlwa modumo mongwe o o neng o sa tshwane le medumo e mengwe e e tlwaelegileng ya ditlou. E ne ya re fa go sekasekwa, ga fitlhelwa gore ditlou tseno di ne di etsa modumo o o neng o dirwa ke dilori tse di fetang fa gaufi. Mme go bonala di ne di dira jalo go ijesa monate fela! Go ntse jaaka e kete ditlou di dirisa sebaka sengwe le sengwe go itumela.

Go ile ga buiwa dilo di le dintsi thata ka tsela e ditlou di bonalang di hutsafalela matlhotlhapelo a a tlhagetseng mongwe mo lapeng. Nako nngwe Poole o ne a lebile tlou nngwe e namagadi e eme malatsi a le mararo e lebeletse ngwana wa yone yo o tsetsweng a sule mme a go tlhalosa jaana: Mo “sefatlhegong” e ne e “tshwana fela le motho yo o hutsafetseng, yo o utlwileng botlhoko thata mo maikutlong: tlhogo ya yone le ditsebe tsa yone di obegile, dintlha tsa molomo wa yone di lepeletse.”

Batho ba ba bolayang ditlou gore ba tseye dinaka tsa tsone ga nke ba akanya ka ‘kutlobotlhoko ya mo mogopolong’ ya dikhutsana tse di ka tswang di bone fa mmaatsone a bolawa. Maseanyana ano a fetsa malatsi a sekae a ntlha a le mo lefelong la dikhutsana a leka go itshokela “khutsafalo” ya one. Motlhokomedi mongwe o ne a bega gore o ne a utlwa dikhutsana tseno di “goa” mo mosong. Motho o kgona go bona matswela a a botlhoko a seno dingwaga di le mmalwa morago ga loso lwa gagwe. Poole a re ditlou di kgona go bona gore motho ke ene a di bogisang sekanakana. Re lebeletse pele mo nakong e ka yone motho le phologolo ba tla tshelang mmogo ka kagiso.—Isaia 11:6-9.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dinonyane tsa “Cape gannet” di a dumedisana

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kgokong e bina ka tsela e e sa tlwaelegang go tlhakanya mmaba tlhogo

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Go khinkhinyega” ga phiri

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Joe McDonald

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go bina ga notshe